Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu Keresete O na Le Tlhotlheletso Efe mo go Wena?

Jesu Keresete O na Le Tlhotlheletso Efe mo go Wena?

Jesu Keresete O na Le Tlhotlheletso Efe mo go Wena?

FA RE akanya ka se re se ithutileng mo setlhogong se se fetileng, a go ka nna le pelaelo ya gore dithuto tsa ga Jesu di ne di na le tlhotlheletso e kgolo mo bathong mo lefatsheng lotlhe? Le fa go ntse jalo, potso ya botlhokwa e mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go ipotsa yone ke gore, “Dithuto tsa ga Jesu di na le tlhotlheletso e e kana kang mo go nna ka bonna?”

Dithuto tsa ga Jesu di ne di akaretsa dilo tse dintsi tse di farologaneng. Dithuto tsa botlhokwa tse di fitlhelwang mo dilong tse a neng a bua ka tsone di ka ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa gago. A re tlhomeng mogopolo mo go se Jesu a neng a se ruta malebana le go baya dilo tsa botlhokwa kwa pele mo botshelong, go tlhagolela kamano ya botsala le Modimo, go dirisana sentle le ba bangwe, go rarabolola mathata, le go ithiba mo ditirong tsa thubakanyo.

Dira Gore Dilo Tsa Botlhokwa di Tle Pele mo Botshelong

E re ka re tshelela mo lobelong gompieno, re dirisa nako ya rona e ntsi le maatla mo re felelang re se na nako ya go dira dilo tsa semoya. Akanya ka monna mongwe yo o mo dingwageng tsa bo20 yo re tla mmitsang Jerry. Le fa Jerry a itumelela go tlotla ka dilo tsa semoya e bile a tseela kwa godimo se a se ithutang mo metlotlong eo, o ngongorega jaana: “Ga ke na nako e e lekaneng ya go tshwara metlotlo eo ka metlha. Ke bereka malatsi a le marataro mo bekeng. Sontaga ke lone fela letsatsi le ke sa yeng tirong ka lone. Mme fa ke sena go dira dilo tse ke tshwanetseng go di dira, ke a bo ke lapile thata.” Fa o iphitlhela o le mo boemong jo bo tshwanang, o ka solegelwa molemo ke se Jesu a se rutileng mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng.

Jesu o ne a raya boidiidi jwa batho ba ba neng ba phuthegile go tla go mo reetsa a re: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng. A moya ga o botlhokwa go feta dijo le mmele go feta diaparo? Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone? . . . Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.” (Mathaio 6:25-33) Ke eng se re se ithutang mo go seno?

Jesu o ne a sa reye gore ga re a tshwanela go itlhokomela le go tlhokomela ba malapa a rona ka dilo tsa nama tse ba di tlhokang. Baebele ya re: “Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a solofetsa gore fa re dira gore dilo tsa botlhokwa di tle pele, mme re baya dilo tsa semoya kwa pele, Modimo o tla tlhomamisa gore re nna le dilo tse dingwe tse re di tlhokang. Se re se ithutang fano ke gore re beye dilo tsa botlhokwa kwa pele. Go latela kgakololo eno go a itumedisa, ka gonne “go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3.

Tlhagolela Botsalano le Modimo

Batho ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng ba lemoga gore go nna le kamano e e molemo le Modimo go botlhokwa. Re nna jang le kamano e e molemo le mongwe? A ga re dire jalo ka go leka go itse motho yoo botoka? Re tshwanetse go ipha nako ya go itse tsela e a lebang dilo ka yone, boikutlo jwa gagwe, bokgoni jo a nang le jone, dilo tse a di fitlheletseng, dilo tse a di ratang le tse a sa di rateng. Go ntse fela jalo le ka go tlhagolela botsalano le Modimo. Go tlhokega kitso e e tlhomameng ka ga gagwe. Fa Jesu a ne a rapela Modimo a bua ka barutwa ba gagwe, o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, go tlhokega gore re itse Modimo gore re nne ditsala tse di gaufi tsa gagwe. Motswedi o o esi wa kitso eo ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele. (2 Timotheo 3:16) Re tshwanetse go ipha nako ya go ithuta Dikwalo.

Le fa go ntse jalo, kitso e le nosi ga e a lekana. Mo go yone thapelo eo, Jesu o ne a re: “[Barutwa ba me] ba bolokile lefoko la gago.” (Johane 17:6) Ga re a tshwanela fela go nna le kitso ka Modimo mme gape re tshwanetse go dira tumalanong le kitso eo. Fa go sa nna jalo, re ka nna jang ditsala tsa Modimo? A tota re ka lebelela go tswelela re le tsala ya motho fa ka boomo re itshwara ka tsela e e sa dumalaneng le dikgopolo tsa motho yoo le melaometheo ya gagwe? Ka jalo tsela e Modimo a lebang dilo ka yone le melaometheo ya gagwe di tshwanetse go re kaela mo ditseleng tsotlhe mo botshelong jwa rona. Sekaseka kafa melaometheo ya gagwe e mebedi e dirang ka teng mo tseleng e re dirisanang le batho ba bangwe ka yone.

Dirisana Sentle le ba Bangwe

Letsatsi lengwe, Jesu o ne a anela polelo e khutshwane ka maikaelelo a go ruta thuto ya botlhokwa malebana le tsela e batho ba dirisanang ka yone le ba bangwe. O ne a bua ka kgosi e e neng e batla gore batlhanka ba yone ba e duele. Le fa go ntse jalo, mongwe wa batlhanka bano o ne a na le sekoloto se segolo mme a sa kgone go se duela. Kgosi e ne ya laela gore monna yoo, mosadi wa gagwe le bana ba gagwe ba rekisiwe gore a tle a bone tuelo. Motho yo o neng a kolota o ne a wela fa fatshe mme a kopa a re: “Nna pelotelele le nna mme ke tla go duela sengwe le sengwe.” Ka gonne kgosi e ne e tlhomoga pelo e ne ya phimola molato wa gagwe. Motlhanka yoo o ne a tswa mme a bona mongwe wa batlhankammogo le ene yo o neng a sa mo kolote madi a mantsi, mme a batla tuelo. Le fa motlhanka yo mongwe yoo a ne a kopa gore a mo utlwele botlhoko, motlhanka wa ntlha o ne a dira gore a tsenngwe mo kgolegelong go fitlha a mo duela madi otlhe a a neng a a mo kolota. Fa kgosi e ne e utlwa seno, e ne ya galefa. E ne ya re: “A le wena o ne o sa tshwanela go utlwela motlhankammogo le wena botlhoko, jaaka le nna ke ne ka go utlwela botlhoko?” Mme o ne a dira gore motlhanka yo o sa itshwareleng yo mongwe a tsenngwe mo kgolegelong go fitlha a duela gotlhe mo a neng a go kolota. Fa Jesu a bontsha se polelo eo e se rutang, o ne a re: “Rre wa selegodimo o tla dirisana le lona ka mokgwa o o tshwanang fa lo sa itshwarele mongwe le mongwe morwarraagwe go tswa mo dipelong tsa lona.”—Mathaio 18:23-35.

Jaaka re le batho ba ba sa itekanelang, re dira diphoso tse dintsi. Re ka se duele Modimo sekoloto se segolo se re nang le sone ka gonne re mo direla diphoso gantsi. Se re ka se dirang fela ke gore re kope gore a re itshwarele. Mme Jehofa Modimo o iketleeleditse go re itshwarela diphoso tsa rona tsotlhe fa le rona re itshwarela bakaulengwe ba rona diphoso tse ba di re diretseng. A bo eno e le thuto e e maatla jang ne! Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Re itshwarele melato ya rona, jaaka le rona re itshwaretse ba ba molato le rona.”— Mathaio 6:12.

Rarabolola Mathata go Tswa Kwa Moding wa One

Jesu e ne e le setswerere fa go tliwa mo kgannyeng ya go tlhaloganya tsela e batho ba leng ka yone. O ne a gakolola gore mathata a rarabololwe go tswa kwa moding wa one. Sekaseka dikai tse pedi tse di latelang.

Jesu o ne a re: “Lo utlwile gore ba dinako tsa bogologolo tala ba ne ba tewa go twe, ‘O se ka wa bolaya motho; mme le fa e le mang yo o bolayang motho o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso.’ Le fa go ntse jalo, ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o tswelelang a shakgaletse morwarraagwe o tla ikarabelela go kgotlatshekelo ya tshiamiso.” (Mathaio 5:21, 22) Fano Jesu o ne a bontsha gore fa motho a bolaya yo mongwe go a bo go na le sengwe se se bakileng tiro eo e e setlhogo. E bakwa ke boikutlo jo mmolai a nnang le jone mo pelong. Fa batho ba ne ba sa letle maikutlo a letlhoo kgotsa a kgalefo gore a gole mo go bone, thubakanyo ya ka boomo e ne e tla fela. Go ne go ka tilwa dipolao tse dintsi tota fa thuto eno e ne e ka dirisiwa!

Ela tlhoko kafa Jesu a simololang kwa moding wa bothata jo bongwe jo bo bakang mahutsana a magolo. O ne a raya boidiidi jwa batho a re: “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe. Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Mathaio 5:27-29) Jesu o ne a ruta gore bothata ga se fela boitsholo jo bo sa siamang. Ke se se tlang pele ga jone, e leng dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang. Fa motho a sa tlhome mogopolo mo dikeletsong tse di sa siamang mme a di ‘gonya’ mo mogopolong wa gagwe, o tla fenya bothata jo bo ka nnang teng jwa go dira boitsholo jo bo sa siamang.

“Busetsa Tšhaka ya Gago mo Lefelong la Yone”

Mo bosigong jo Jesu a neng a okiwa le go tshwarwa ka jone, mongwe wa balatedi ba gagwe o ne a ntsha tšhaka go mo sireletsa. Jesu o ne a mo laela a re: “Busetsa tšhaka ya gago mo lefelong la yone, gonne botlhe ba ba tsayang tšhaka ba tla nyelela ka tšhaka.” (Mathaio 26:52) Mo mosong o o latelang, Jesu o ne a raya Ponto Pilato a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) A thuto eno ga e solegele molemo?

Bakeresete ba pele ba ne ba na le boikutlo bofe malebana le se Jesu a neng a se ruta ka go se dire thubakanyo? Buka ya The Early Christian Attitude to War ya re: “Fela jaaka [dithuto tsa ga Jesu] di ne di iletsa thubakanyo yotlhe le go gobatsa ba bangwe, seo se ne se bontsha sentle gore go tsenela ntwa ga go a siama . . . Bakeresete ba pele ba ne ba latela mafoko a ga Jesu fela jaaka a ntse e bile ba tlhaloganya gore fa a ne a ruta gore ba nne bonolo le gore ba se ka ba lwa o ne a raya ka tsela ya mmatota. Ba ne ba amanya bodumedi jwa bone le kagiso; ba ne ba kgala ntwa gotlhelele ka ntlha ya madi a mantsi a a tshololwang.” Go ka bo go diragetse se se farologaneng thata mo hisitoring fa batho botlhe ba ba neng ba ipitsa Bakeresete ba ka bo ba ne ba latela thuto eno!

Dithuto Tsa ga Jesu Tsotlhe Di ka Go Solegela Molemo

Dithuto tsa ga Jesu tse re setseng re buile ka tsone di molemo tota, di motlhofo e bile di maatla. Batho ba ka solegelwa molemo ke go tlwaelana le dithuto tsa gagwe le go di dirisa. *

Basupi ba ga Jehofa mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go thusa go bona kafa o ka solegelwang molemo ka teng ke dithuto tse di botlhale go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa rutwa ke motho. O kopiwa gore o ikgolaganye le bone kgotsa o kwalele kwa atereseng e e mo tsebeng 2 ya makasine ono.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 22 Gore o kgone go sekaseka dithuto tsotlhe tsa ga Jesu ka go latelana ga tsone, bona buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

“Rraalona wa selegodimo o a di fepa”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Dithuto tsa ga Jesu di ka nna le tlhotlheletso e e molemo mo botshelong jwa gago