Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Jesu a Tlhotlheleditseng Batho mo Lefatsheng Lotlhe ka Teng

Kafa Jesu a Tlhotlheleditseng Batho mo Lefatsheng Lotlhe ka Teng

Kafa Jesu a Tlhotlheleditseng Batho mo Lefatsheng Lotlhe ka Teng

“MORANODI wa Baebele Edgar Goodspeed o ne a kwala jaana: “Dilo tsotlhe tse di begilweng mo diefangeleng tse Jesu a neng a di bua kwa thoko le phatlalatsa o ne a ka di bua ka diura di le pedi. Mme bonnye jo a bo buileng joo bo ne bo rotloetsa, bo ama maikutlo e bile bo tlhotlheletsa mo re ka bolelang gore kwa ntle ga pelaelo batho ba bantsi ba dumela gore ga go na motho ope yo o nnileng le tlhotlheletso e e kalo mo lefatsheng.”

Fa Jesu Keresete a ne a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng ka ngwaga wa 33 C.E., balatedi ba gagwe e ne e le banna le basadi ba ka nna 120. (Ditiro 1:15) Gompieno batho ba feta dibilione tse pedi ba ipolela gore ke Bakeresete. Ba bangwe ba le dimilione di le makgolokgolo ba tsaya Jesu e le moporofeti. Eleruri dithuto tsa gagwe di ile tsa tlhotlheletsa batho ka tsela e e tlhomologileng thata.

Le e leng baeteledipele ba e seng Bakeresete ba ile ba dumela gore Jesu o na le tlhotlheletso mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, moruti wa Mojuda, Hyman Enelow, o ne a kwala jaana: “Jesu ke motho yo o itsegeng thata, yo go ithutiwang thata ka ene, yo o nang le tlhotlheletso e kgolo thata mo hisitoring ya batho ya bodumedi.” Enelow gape o ne a re: “Ke mang yo o ka lekanyang tlhotlheletso e Jesu a nnileng le yone mo bathong? Lorato lwa gagwe, tsela e a neng a gomotsa batho ka yone, bomolemo jwa gagwe, tsholofelo le boitumelo tse a neng a di naya batho—ga di ka ke tsa lekanngwa le sepe mo hisitoring ya batho. Mo dilong tsa botlhokwa le tse di molemo tse batho ba di dirileng, ga go na ope yo o dirileng sepe se se ka bapisiwang le se Jesu a se dirileng ka go tlhotlheletsa batho mo lefatsheng lotlhe. Ke motho yo o kgatlhang thata mo hisitoring.” Mme moeteledipele wa Mohindu, Mohandas K. Gandhi, o ne a re: “Ga ke itse ope yo o diretseng batho dilo tse dintsi go feta Jesu. Tota e bile ga go na sepe se se phoso ka Bokeresete.” Le fa go ntse jalo, o ne a oketsa jaana: “Mathata a na le lona Bakeresete. Ga lo dire se lo se rutang.”

Ditumelo tse di ipitsang tsa Bokeresete ga di bolo go itsiwe gore di palelwa ke go tshela go ya ka dithuto tsa ga Jesu. Cecil John Cadoux, mokwalahisitori ya Bokeresete, o ne a re: “Baeteledipele ba Bokeresete ga ba bolo go lemoga tsela e Kereke e simolotseng go repisa ka iketlo melao ya boitsholo ka yone ka . . . 140 A.D.” O ne a re: “Mokgwa ono wa go tlogela go gagamatsa molao mo boitsholong o ne wa dira gore batho ba simolole go dira dilo ka tsela ya lefatshe.”

Go senyega jalo ga boitshwaro go ile ga oketsega thata mo lekgolong la bonè la dingwaga, fa Mmusimogolo wa Roma e bong Constantine a ne a nna Mokeresete. Cadoux o ne a kwala jaana: “Bakwalahisitori ba ile ba lemoga, mme bangwe ba bone ba ile ba hutsafadiwa ke tsela e Kereke e ileng ya repisa dilo thata ka yone ka go dirisana le Constantinus.” Ka jalo, mo makgolong a dingwaga a a ntseng a feta, batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ile ba dira ditiro tse dintsi tse di tlhabisang ditlhong tse di tlontlololang leina la ga Keresete.

Ka jalo, dipotso tse re tshwenyegileng ka tsone ke tseno: Tota ke eng se Jesu a ileng a se ruta? Mme dithuto tsa gagwe di tshwanetse go nna le tlhotlheletso efe mo go rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Ga ke itse ope yo o diretseng batho dilo tse dintsi go feta Jesu.”—Mohandas K. Gandhi

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

“Ga go na motho ope yo o nnileng le tlhotlheletso e e kalo mo lefatsheng.”Edgar Goodspeed

[Motswedi wa Setshwantsho]

Culver Pictures