Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Pime” e Ntsha Bosupi Jwa Gore Baebele e Boammaaruri

“Pime” e Ntsha Bosupi Jwa Gore Baebele e Boammaaruri

“Pime” e Ntsha Bosupi Jwa Gore Baebele e Boammaaruri

LEFOKO “pime” le tlhaga gangwe fela mo Baebeleng. Mo metlheng ya ga Kgosi Saulo, bathudi ba tshipi ba Bafilisitia ba ne ba lootsa didirisiwa tsa tshipi tsa Baiseraele. Baebele ya re: “Tlhwatlhwa ya go lootsa magale a megoma le dikepu le didirisiwa tse di menomararo le dilepe le go gagamatsa setlhabapholo e ne e le pime.”—1 Samuele 13:21.

Pime e ne e le eng? Karabo ya potso eo e ne ya se ka ya itsiwe go fitlha ka 1907 C.E. fa go ne go ribololwa leje la ntlha la bokete jwa pime kwa motseng wa bogologolo wa Gesere. Baranodi ba Baebele ba metlha ya bogologolo ba ne ba sa kgone go ranola lefoko “pime.” Ka sekai, King James Version, e ne ya ranola 1 Samuele 13:21 jaana: “Le fa go ntse jalo, ba ne ba na le sedirisiwa sa go lootsa dikepu, megoma, diforoko dilepe le ditlhabi.”

Gompieno bakanoki ba a itse gore pime e ne e le selekanyabokete sa palogare ya digerama di le 7,82 kgotsa e ne e ka nna peditharong ya shekele e le nngwe, e leng selekanyabokete se se tlwaelegileng sa Bahebera. Bafilisitia ba ne ba duedisa Baiseraele kgapetla ya selefera ya bokete jwa pime fa ba sena go lootsa didirisiwa tsa bone. Fa bogosi jwa Juda le motsemogolo wa jone, e leng Jerusalema bo sena go phutlhama ka 607 B.C.E., go ne ga se ka ga tlholwa go dirisiwa selekanyabokete sa shekele. Ka jalo selekanyo sa pime se bontsha jang gore ditemana tsa Sehebera di boammaaruri?

Bakanoki bangwe ba bolela gore Dikwalo Tsa Sehebera, go akaretsa le buka ya Samuele wa Ntlha, ke tsa motlha wa Bagerika le Baroma, kgotsa ke tsa lekgolo la bobedi go ya go la ntlha la dingwaga B.C.E. Ka jalo, go bolelwa gore “ga se tsa . . . ’boammaaruri,’ e bile ga di ka ke tsa thusa mo go re neeleng tshedimosetso e e boammaaruri ka ‘Baebele’ kgotsa ka ‘Iseraele wa bogologolo’ e leng dilo tsa bosheng jaana tse di itlhametsweng ke Bajuda le ke Bakeresete.”

Le fa go ntse jalo, fa a ne a bua ka selekanyabokete sa pime se se umakilweng mo go 1 Samuele 13:21, William G. Dever, porofesa wa thutamarope le thutomotho wa Near Eastern, a re: “Ga go ka ke ga direga gore di bo di ile tsa ‘itlhamelwa’ ke bakwadi ba ba neng ba tshela mo motlheng wa Bagerika le Baroma morago ga makgolokgolo a le mmalwa a dingwaga fa dilekanyabokete tseno di sena go nyelela le go lebalwa. Tota e bile, mokwalo ono wa Baebele . . . o ne wa tlhaloganngwa mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga A.D., fa go ne go ribololwa leje la ntlha, le le neng le kwadilwe pîm ka Sehebera.” Porofesa yono o tswelela jaana: “Fa e le gore dipolelo tsotlhe tsa Baebele di ‘itlhametswe’ ka motlha wa Bagerika le Baroma, go tla jang gore polelo eno e nne teng mo Baebeleng ya Sehebera? Mongwe a ka nna a ganela gore kgang e e amanang le pîm ke ‘ntlha e le nngwe fela.’ Ee ke boammaaruri; mme rotlhe re a itse gore ‘hisitori e na le dintlha tse dintsintsi.’”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Selekanyabokete sa pime e ne e ka nna peditharong ya shekele e le nngwe