Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!

Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!

Samesone o Fenya ka Maatla A a A Newang ke Jehofa!

BATHO ba ba mo tshwerweng ba ba neng ba ipusulosetsa ba ne ba mo gonya matlho mme ba mmerekisa tiro e e boima. Morago ga moo ba mo ntsha mo ntlong ya kgolegelo ba bo ba mo tsenya mo teng ga tempele ya boheitane gore boidiidi bo tle go mo ja ditshego. Ba sotla ka ene ka go mo tsamaisa fa pele ga babogedi ba le diketekete. Legolegwa leno ga se sekebekwa kgotsa moeteledipele wa masole a baba ba bone. Ke moobamedi wa ga Jehofa mme e nnile moatlhodi mo Iseraele ka dingwaga di le 20.

Go tlile jang gore Samesone—monna yo o nonofileng thata yo a kileng a tshela—a feleletse a le mo boemong jono jwa go mo tlhabisa ditlhong? A maatla a gagwe a magolo a tla mmoloka? Samesone o ne a tsaya kae maatla a kanakana? A go na le sengwe se re ka se ithutang mo kgannyeng ya botshelo jwa gagwe?

O Tla ‘Etelela Pele go Boloka Iseraele’

Bomorwa Iseraele ba ne ba fapogile kobamelo ya boammaaruri ka makgetlho a le mantsi. Ka jalo fa ba ne ba ‘boa gape ba dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa, . . . Jehofa o ne a ba tsenya mo seatleng sa Bafilisitia dingwaga di le masome a manè.’—Baatlhodi 13:1.

Pego ya ga Samesone e ne ya simolola fa moengele wa ga Jehofa a ne a bonala mo mosading wa moopa wa Moiseraele yo o bidiwang Manoa mme a mmolelela gore o ne a tla tshola ngwana wa mosimane. Moengele o ne a mo laela jaana: “Go se ka ga tla legare lepe mo tlhogong ya gagwe, ka gonne ngwana o tla nna Monasirite wa Modimo fa a tswa mo sebopelong; mme ke ene yo o tla etelelang pele go boloka Iseraele mo seatleng sa Bafilisitia.” (Baatlhodi 13:2-5) Pele ga Samesone a imiwa, Jehofa o ne a ikaeletse gore Samesone a newe tiro e e kgethegileng. Go tloga ka nako e a tshotsweng ka yone, e ne e tla nna Monasirite—Motho yo o tlhophetsweng mofuta o o kgethegileng wa tirelo e e boitshepo.

O ‘Siame Tota mo Matlhong a Me’

Fa Samesone a ntse a gola, “Jehofa a tswelela pele go mo segofatsa.” (Baatlhodi 13:24) Letsatsi lengwe Samesone o ne a tla kwa go rraagwe le mmaagwe mme a re: “Go na le mosadi yo ke mmoneng kwa Temena wa bomorwadia Bafilisitia, mme jaanong mo mpatleleng gore e nne mosadi wa me.” (Baatlhodi 14:2) Akanya kafa ba neng ba gakgametse ka gone. Go na le gore morwaabone a golole Iseraele mo diatleng tsa bagateledi, o ne a batla go dira kgolagano ya lenyalo le bone. Go nyala mosadi yo o neng a obamela medimo ya boheitane go ne go le kgatlhanong le Molao wa Modimo. (Ekesodo 34:11-16) Ka jalo, batsadi ba gagwe ba ne ba gana ba re: “A ga go na mosadi ope mo go bomorwadia bomorwarrago le mo bathong botlhe ba gaetsho, gore o ye go tsaya mosadi kwa Bafilisiteng ba ba sa rupang?” Le fa go le jalo, Samesone o ne a gatelela jaana: “Ntlele ene fela, ka gonne ke ene yo o siameng tota mo matlhong a me.”—Baatlhodi 14:3.

Ke ka tsela efe e mosadi yono wa Mofilisitia a neng a ‘siametse’ Samesone? Cyclopedia ya ga McClintock le Strong ya re ga se gore o ne a le “montle” fela, “mme o ne a siametse gore a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe.” Maikaelelo afe? Baatlhodi 14:4 e tlhalosa gore Samesone “o ne a batla sebaka sa go tsogologela Bafilisitia.” Samesone o ne a kgatlhegela mosadi yono ka boikaelelo joo. Fa Samesone a gola, “moya wa ga Jehofa wa simolola go mo tlhotlheletsa,” kgotsa wa mo tlhotlheletsa go tsaya kgato. (Baatlhodi 13:25) Ka jalo moya wa ga Jehofa ke one o o neng o tlhotlheletsa Samesone go dira kopo eno e e sa tlwaelegang ya go batla mosadi e bile ke one o o neng o mo kaela mo nakong yotlhe e a neng a le moatlhodi mo Iseraele ka yone. A Samesone o ne a bona sebaka se a neng a se batla? Sa ntlha, a re sekasekeng kafa Jehofa a neng a mo tlhomamisetsa ka gone gore o tla mo thusa.

Samesone o ne a le mo tseleng e e yang kwa motseng wa gaabo mosadi yo a neng a tlile go mo nyala mo isagweng, motse wa Temena. Pego ya Dikwalo e bolela jaana: “E rile a fitlha fa masimong a mofine a Temena, bonang! tawana e e seriri ya mo kgatlhantsha e kurutla. Foo moya wa ga Jehofa wa dira mo go ene, mo a neng a e kgaoganya sebedi.” Samesone o ne a nna le maatla a a sa tlwaelegang ano fa a ne a le nosi. Go ne go se na basupi bape ba ba neng ba iponela seno ka matlho. A eno e ne e le tsela ya ga Jehofa ya go tlhomamisetsa Samesone gore ene jaaka Monasirite o ne a na le bokgoni jwa go diragatsa thomo e a e neilweng ke Modimo? Baebele ga e bolele, mme Samesone o tshwanetse a bo ile a lemoga gore maatla ao a a sa tlwaelegang e ne e se a gagwe. A tshwanetse a bo a ne a tswa kwa Modimong. O ne a ka ikaega ka Jehofa go mo thusa mo tirong e a neng a sa ntse a tlile go e dira. A nonotshitswe ke se a neng a se dira ka tau, Samesone “a tswelela mo tseleng ya gagwe a ba a simolola go bua le mosadi; mme a bo a sa ntse a siame mo matlhong a [gagwe].”—Baatlhodi 14:5-7.

Moragonyana fa Samesone a boa a isa mosadi gae, “a fapoga go ya go leba setoto sa tau, foo ga bo go na le motshitshi wa dinotshe mo setotong sa tau, le tswina ya dinotshe.” E ne ya re fa Samesone a gakologelwa seno, a botsa bapati ba monyadi ba le 30 ba Bafilisitia thamalakane eno kwa lenyalong la gagwe: “Ga tswa sengwe sa go jewa mojing, mme mo go yo o nonofileng ga tswa sengwe se se botshe.” Fa ba ne ba ka tshwara se se bolelwang ke thamalakane eno, Samesone o ne a tla ba naya diaparo tsa kafa teng di le 30 le diaparo tsa kafa ntle. Fa e ba palela, e ne e tla nna bone ba tshwanelwang ke go mo naya diaparo tseo. Bafilisitia ba ne ba sa kgone go tlhalosa thamalakane eno malatsi a le mararo. Ka letsatsi la bonè, ba ne ba simolola go tshosetsa mosadi. Ba ne ba mo raya ba re: “Tsietsa monna wa gago gore a re bolelele thamalakane. E seng jalo re tla fisa wena le ntlo ya ga rrago ka molelo.” A bo ba le setlhogo jang ne! Fa Bafilisitia ba ne ba tshwara batho ba bone ka tsela eno, akanya ka boemo jo Baiseraele ba ba gateletsweng ba neng ba le mo go jone!—Baatlhodi 14:8-15.

E re ka mosadi wa gagwe a ne a tshogile, o ne a pateletsa Samesone gore a mmolelele karabo. O ne a bontsha go tlhoka lorato le se go ikanyege mo go Samesone ka go bolelela bapati ba monyadi. Ba ne ba rarabolola thamalakane eno mme Samesone o ne a itse gore go ne go tlile jang. O ne a ba raya a re: “Fa lo ka bo lo sa lema ka kgongwana ya me, lo ka bo lo sa rarabolola thamalakane ya me.” Jaanong sebaka se Samesone a neng a se letetse se ne sa itlhagisa. “Moya wa ga Jehofa wa dira mo go ene, mo a neng a fologela kwa Ashekelona mme a kgemetha banna ba bone ba le masome a mararo mme a tsaya se a neng a se ba apola mme a naya ba ba boletseng thamalakane diaparo tsa kafa ntle.”—Baatlhodi 14:18, 19.

A se Samesone a neng a se dira kwa Ashekelona se ne se tlhotlhelediwa ke go bo a ne a batla go ipusolosetsa? Nnyaa. E ne e le tiro ya Modimo ka mogolodi yo a mo tlhophileng. A dirisa Samesone, Jehofa o ne a simolola ntwa kgatlhanong le bagateledi ba ba setlhogo ba batho ba gagwe. Go ne go le botlhokwa go tsweletsa letsholo leno. Sebaka se sengwe se ne sa nna gone fa Samesone a ne a etela mosadi wa gagwe.

Samesone o Tlhabana le Bone a le Nosi

Fa Samesone a boela kwa Temena, o fitlhela gore rraagwe mosadi o neetse monna yo mongwe mosadi wa gagwe, a dumela gore Samesone o ne a mo tlhoile. Go bonala Samesone a ne a kgopisiwa ke seo. O ne a tshwara bophokoje ba le 300 mme a ba bofa ka bobedi le bobedi a tsentse serumola mo gare ga megatla ya tsone. Fa ba gololwa, ba ne ba tshuba masimo, masimo a mofine le dikgwa tsa motlhware, mme ba senya ditshimo tseno tse tharo tsa Bafilisitia tse di neng di tla ba tshwarelela ngwaga otlhe. Bafilisitia ba ba neng ba galefile ba ne ba bontsha bosetlhogo jwa bone. Ba ne ba akanya gore mosadi wa ga Samesone le rraagwe e ne e le bone ba ba molato mme ba ba fisa. Tsela e e setlhogo e ba neng ba ipusolosetsa ka yone e ne ya dira gore Samesone a fitlhelele boikaelelo jwa gagwe. O ne a ba kgemetha ka polao e e setlhogo.—Baatlhodi 15:1-8.

A Baiseraele ba ne ba tlhaloganya gore Jehofa Modimo o ne a segofatsa Samesone mme ka jalo ba kopane le ene go fedisa puso ya Bafilisitia? Nnyaa. Gore ba se ka ba tsena mo mathateng, banna ba Juda ba ne ba romela banna ba le 3 000 go ya go tshwara moeteledipele yono yo o tlhophilweng ke Modimo ba bo ba mo tsenya mo diatleng tsa baba ba gagwe. Le fa go ntse jalo, go sa ikanyege ga Baiseraele bano go ne ga naya Samesone sebaka sa go utlwisa baba ba gagwe botlhoko. Fa a ne a le gaufi le go tsenngwa mo diatleng tsa Bafilisitia, “moya wa ga Jehofa wa dira mo go ene, mme megala e e neng e le mo mabogong a gagwe ya nna jaaka ditlhale tsa leloba tse di fisitsweng ka molelo, mo mehiri ya gagwe e neng ya nyerologa mo diatleng tsa gagwe.” Morago ga moo, o ne a bona lotlhaa lwa esele mme a itaya dira di le sekete ka lone.—Baatlhodi 15:10-15.

Samesone o ne a rapela Jehofa a re: “Ke wena yo o neng wa naya motlhanka wa gago poloko eno e kgolo mo seatleng, a mme jaanong ke tla swa ka ntlha ya lenyora e bile a ke tshwanetse go wela mo seatleng sa ba ba sa rupang?” Jehofa o ne a utlwa thapelo ya ga Samesone mme a e araba. “Modimo a fatola khuti e e bopegileng jaaka kika . . . , mme metsi a simolola go tswa mo go yone, a nwa, morago ga moo moya wa gagwe wa boa mme a rula.”—Baatlhodi 15:18, 19.

Ga go na sepe se Samesone a neng a akanya ka sone fa e se go lwantsha Bafilisitia. Go nna ga gagwe kwa ntlong ya seaka sengwe kwa Gasa e ne e le ka boikaelelo jwa go lwantsha baba ba Modimo. Samesone o ne a tlhoka lefelo la borobalo mo motseng wa baba ba gagwe mme o ne a ka le bona fela kwa ntlong ya seaka. Samesone o ne a se na boikaelelo bope jwa go nna le seabe mo boitsholong jo bo sa siamang. O ne a tswa mo ntlong ya mosadi yono bosigogare mme a tshwara ditswalo tsa kgoro ya motse le dikota tse pedi tse di kafa thoko mme a tsamaya a di sikere go ya kwa godimo ga thaba e e fa gaufi le Heberone, e e neng e le dikilometara tse di ka nnang 60. Modimo o ne a mo letla go dira jalo a bo a mo naya maatla.—Baatlhodi 16:1-3.

Tsela e moya o o boitshepo o neng wa dira ka yone mo go Samesone e ne e sa tlwaelega ka go bo le maemo a gagwe a ne a sa tlwaelega. Batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo gompieno ba ka ikaega ka one moya ono gore o ba neye maatla. Jesu o ne a tlhomamisetsa balatedi ba gagwe gore Jehofa o tla “naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.”—Luke 11:13.

Ke ka Ntlha Yang Jehofa ‘a Ile a Tlogela Samesone’?

Go ne ga direga gore Samesone a ratane le mosadi mongwe yo o bidiwang Delila. Barena ba le batlhano ba kgolagano ba Bafilisitia ba ne ba eleditse thata go fenya Samesone mo ba neng ba kopa thuso ya mosadi wa gagwe. Ba ne ba ya kwa go Delila mme ba mo raya ba re: “Mo tsietse mme o bone gore maatla a gagwe a magolo a mo go eng le gore re ka mo fenya.” Mongwe le mongwe wa barena ba le batlhano ba kgolagano o ne a mo naya pipamolomo ya “dipapetla tsa selefera di le sekete le lekgolo.”—Baatlhodi 16:4, 5.

Fa e le gore dipapetlana tsa selefera e ne e le dishekele, dishekele di le 5 500 e ne e le pipamolomo e kgolo. Aborahame o ne a duela dishekele di le 400 go reka lefelo la go fitlha mosadi wa gagwe mme motlhanka o ne a rekisiwa ka dipapetlana di le 30 fela. (Genesise 23:14-20; Ekesodo 21:32) Lebaka la go bo barena ba kgolagano—babusi ba metse e le metlhano ya Filisitia—ba ne ba mo naya pipamolomo, go na le gore ba batle gore a ikanyege mo setšhabeng sa gaabo go bontsha gore gongwe e ne e le mosadi wa Moiseraele. Le fa go le jalo, Delila o ne a amogela se ba mo nayang sone.

Samesone o ne a naya Delila dikarabo tse di seng boammaaruri gararo fa a ne a mmotsa mme o ne a leka go mo tsenya mo diatleng tsa baba ka makgetlo a le mararo. Mme “ga diragala gore ka gonne a ne a mo patelela ka mafoko a gagwe ka dinako tsotlhe mme a nna a mo emelela, moya wa gagwe o ne wa fela pelo go ya losong.” Samesone kgabagare o ne a senola boammaaruri—moriri wa gagwe o ne o ise o tsamaye o beolwe. Fa o ne o ka beolwa, o ne a tla nna bokoa mme o ne a tla tshwana le banna ba bangwe botlhe.—Baatlhodi 16:6-17.

Seo ke sone se se neng sa dira gore Samesone a fenngwe. Delila o ne a loga leano la gore a beolwe tlhogo. Le fa go ntse jalo, maatla a ga Samesone a ne a se mo moriring wa gagwe. Moriri wa gagwe o ne o emela fela kamano ya gagwe e e kgethegileng le Modimo jaaka Monasirite. Fa Samesone a ne a itetla go tsena mo boemong jo bo neng bo ama Bonasirite jwa gagwe ka gore moriri wa gagwe o beolwe, ‘Jehofa o ne a mo tlogela.’ Jaanong Bafilisitia ba ne ba fekeetsa Samesone, ba mo foufatsa mme ba mo tsenya mo kgolegelong.—Baatlhodi 16:18-21.

Seno se re ruta thuto e e maatla! A ga re a tshwanela go tsaya kamano ya rona le Jehofa e le sengwe se se botlhokwa? Fa re tlhokomologa boineelo jwa rona jwa Bokeresete ka tsela epe fela, re ka solofela jang gore Modimo a tswelele pele a re segofatsa?

“A Moya Wa me O Swe le Bafilisitia”

Bafilisitia ba ba itumetseng ba ne ba leboga modimo wa bone Dagone go bo ba fentse Samesone. Fa ba ne ba keteka mokete wa phenyo ya bone, ba ne ba isa legolegwa leno la bone kwa tempeleng ya ga Dagone. Mme Samesone o ne a itse lebaka la mmatota la go bo a fentswe. O ne a itse gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a mo tlogetse mme Samesone o ne a ikotlhaya ka go bo a paletswe. Fa Samesone a ne a le mo ntlong ya kgolegelo, moriri wa gagwe o ne o simolotse go gola thata. Jaanong ka a ne a le fa pele ga Bafilisitia ba le diketekete, o ne a tla tsaya kgato efe?

Samesone o ne a rapela jaana: “Morena Molaodimogolo Jehofa, nkgakologelwa tsweetswee, o bo o nnonotshe tsweetswee, gone jaanong fela, wena Modimo wa boammaaruri, mme o nte ke ipusolosetse mo Bafilisiteng ke busolosetse le le lengwe la matlho a me a mabedi.” Jaanong o ne a itshegeletsa ka dipilara tse pedi tse di fa gare ga kago, mme “a inama ka maatla.” Matswela e ne ya nna afe? “Ntlo ya wela mo godimo ga barena ba kgolagano le mo godimo ga batho botlhe ba ba neng ba le mo go yone, mo baswi ba a ba bolaileng fa a ne a swa ba neng ba le bantsi go feta ba a neng a ba bolaya ka nako ya fa a sa ntse a tshela.”—Baatlhodi 16:22-30.

Ga go na ope yo o neng a na le maatla a a lekanang le a ga Samesone. Ditiro tsa gagwe tsa bonatla di ne di itsege. Mme se se botlhokwa thata ke gore Lefoko la ga Jehofa le umaka Samesone e le mongwe wa batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng.—Bahebera 11:32-34.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Maatla a ga Samesone a ne a tswa kae?