Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka e e Thusang mo Tirong ya Boranodi

Buka e e Thusang mo Tirong ya Boranodi

Buka e e Thusang mo Tirong ya Boranodi

JEHOFA MODIMO, yo e leng mokwadi wa Baebele, o batla gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe di bolelwe mo “setšhabeng sengwe le sengwe le lotso le teme le batho.” (Tshenolo 14:6) O batla gore batho botlhe ba nne le Lefoko la gagwe. Ka ntlha ya moo, Baebele e ile ya ranolelwa mo dipuong tse dintsi go gaisa buka epe fela mo lefatsheng. Diketekete tsa baranodi ba dirisitse nako e ntsi le go tsaya matsapa a magolo go ranolela dikakanyo tsa Modimo mo puong e nngwe.

Le fa go ntse jalo, Baebele ga se buka fela e e tshwanetseng go ranolwa. Gangwe le gape Baebele e ne ya dirisiwa mo go ranoleng mekwalo e mengwe. Baranodi ba le bantsi ba ile ba bapisa tsela e mafoko mangwe a Baebele a ranoletsweng ka yone mo dipuong tse di farologaneng gore ba kgone go ranola mafoko mangwe sentle. Yone ntlha eno ya gore Baebele e kgona go dirisiwa mo thanolong e setse e dirisiwa gape le mo go thuseng khomputara go ranola.

Go thata go dira gore khomputara e ranole. Tota e bile baitse bangwe ba lemogile gore khomputara e ka se ranole. Ka ntlha yang? Puo ga se fela mafoko a a kopantsweng. Puo nngwe le nngwe e na le tsela e e rulaganyang mafoko a yone ka yone, melao ya yone, diane le dilo dingwe tse e di buang go kaya sengwe se e sa se buweng ka tlhamalalo. Maiteko a go dira gore khomputara e lemoge dilo tseno tsotlhe ga a ka a atlega. Bontsi jwa dilo tse di ranotsweng ke khomputara ga di kgone go tlhaloganngwa.

Le fa go ntse jalo, gone jaanong baitsesaense ba dikhomputara ba leka go tla ka ditsela tse dingwe tse di ka dirisiwang go ranola. Franz Josef Och, yo o di gogang kwa pele mo go direng thulaganyo ya khomputara e e e thusang go ranola a re: “Re dirisa mokgwa o mo go one khomputara e tlhophang lefoko le go ka diregang thata gore ke thanolo ya le re le batlang go tswa mo ditseleng di le dintsi tse le ranotsweng ka tsone. A re re gongwe o batla go ranolela Se-Hindi mo Seesemaneng. Sa ntlha, batla mokwalo o o setseng o le gone mo dipuong tsoopedi. Morago ga moo, o tsenye mo khomputareng. Khomputara e tla bapisa mekwalo eo e mebedi. Ka sekai, fa khomputara e fitlhela lefoko le le rileng ka makgetlo a le mmalwa mo mokwalong wa Se-Hindi mme e bo e re nako le nako fa e le bapisa le la Seesemane e bo e fitlhela le raya “ntlo,” e tla bo e tsaya gore lefoko leo le tshwanetse la bo le raya “ntlo.” Mme go ka direga gore mafoko a mangwe a a bapileng le lone e ka nna ya bo e le matlhaodi a a jaaka “kgolo,” “nnye,” “kgologolo” kana “ntšha.” Ka jalo, khomputara e dira lenaane la mafoko le dipolelwana tse di tsamaelanang mo dipuong tsoopedi. Fa khomputara e setse e dirile lenaane le le lekaneng, mo go ka e tsayang malatsi a le mmalwa fela kana dibeke, ke gone jaanong e ka kgonang go dirisa mafoko ao mo dipolelong tse disha. Le fa gone thanolo eo e ka nna ya maemo a a kwa tlase fa go tla mo go tsa thutapuo le mokgwa o e kwadilweng ka yone, gantsi e kgona go balega mo motho a ka kgonang go bona dintlha tsa botlhokwa.

Boleng jwa thanolo gantsi bo ikaegile thata ka gore go tsentswe mafoko a a kana kang mo khomputareng le gore ke a boleng jo bo kana kang. Ke teng fa jaanong Baebele e tsenelelang gone. E ile ya ranolelwa mo dipuong di le dintsi, e kgona go bonwa motlhofo mme e na le mokwalo o montsi. Ka jalo, Baebele e ile ya nna buka ya ntlha e babatlisisi ba ileng ba e dirisa go thusa khomputara go ranola.