Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A moaposetoloi Paulo o ne a sa itatole tumelo ya gagwe ya Bokeresete fa a ne a bolela jaana fa pele ga lekgotla la Sanehederine: “Ke Mofarasai”?

Gore re kgone go tlhaloganya mafoko ano a ga Paulo a a fitlhelwang mo go Ditiro 23:6, re tshwanetse go sekaseka gore tota o ne a bua jalo mo maemong afe.

Fa Paulo a sena go tlhaselwa ke segongwana sa Bajuda kwa Jerusalema, o ne a bua le boidiidi. O ne a umaka gore ene o ne a ‘rutetswe mo motseng wa Jerusalema fa dinaong tsa ga Gamaliele, a rutwa Molao o o gagametseng wa bagologolwane.’ Le fa gone boidiidi bo ne jwa mo reetsa ka lobakanyana fa a ntse a iphemela, kgabagare ba ne ba shakgala mme molaodi wa masole yo o neng a na le Paulo o ne a mo tlosa fa pele ga bone mme a mo isa kwa lefelong le masole a nnang kwa go lone. Paulo o ne a bolela jaana pele ba mo kgwathisa: “A go kafa molaong gore lo kgwathise motho yo e leng Moroma e bile a sa bonwa molato?”—Ditiro 21:27–22:29.

Mo letsatsing le le latelang, molaodi o ne a tsaya Paulo mme a mo isa fa pele ga kgotlatshekelokgolo ya Bajuda e leng Sanehederine. Paulo o ne a ba leba ka kelotlhoko mme a lemoga gore lekgotla la Sanehederine le ne le dirilwe ka Basadukae le Bafarasai. Mme morago ga moo o ne a re: “Banna, bakaulengwe, ke Mofarasai, morwa Bafarasai. Ke atlholwa ka ntlha ya tsholofelo ya tsogo ya baswi.” Mme ka ntlha ya seo go ne ga tsoga komano fa gare ga Bafarasai le Basadukae “gonne Basadukae ba re ga go na tsogo ya baswi le fa e le moengele le fa e le moya, mme Bafarasai bone ba di bolela phatlalatsa tsotlhe.” Banna bangwe ba lekoko la Bafarasai ba ne ba bua jaana ba galefile: “Re bona go se na sepe se se phoso mo monneng yono.”—Ditiro 23:6-10.

E re ka Paulo a ne a itsiwe e le Mokeresete yo o tlhagafetseng, o ne a ka seka a kgona go tlhomamisetsa lekgotla la Sanehederine gore e ne e le mongwe wa lekoko la Bafarasai. Bafarasai ba ba neng ba le gone ba ne ba se kitla ba amogela Mofarasai ope yo o neng a sa dumele dithuto tsotlhe tsa bone. Ka jalo mafoko a ga Paulo a gore e ne e le Mofarasai a tshwanetse a bo a ne a na le bokao bongwe jo bo rileng, mme Bafarasai ba ba neng ba le gone ka nako eo ba tshwanetse ba bo ba tlhalogantse gore tota Paulo o ne a raya goreng.

Fa Paulo a ne a re o ne a atlholwa ka ntlha ya tsholofelo ya baswi, tota o ne a raya gore mo kgannyeng eno o ne a dumalana le Bafarasai. Fa go ganetsanwa ka kgang ya tsogo, Paulo o ne a tla amanngwa le Bafarasai go na le Basadukae ba ba neng ba sa dumele mo tsogong ya baswi.

Se Paulo a neng a se dumela jaaka Mokeresete se ne se sa ganetsane le ditumelo tsa Bafarasai mo dikgannyeng tse di jaaka tsogo ya baswi, baengele le dintlha dingwe tsa Molao. (Bafilipi 3:5) Ka jalo mo dikgannyeng tseno, Paulo o ne a ka ikamanya le Bafarasai, mme maloko a a neng a le gone a Sanehederine a ne a tlhaloganya bokao jwa mafoko a gagwe ka yone tsela eo. Ka jalo o ne a dirisa go nna Mojuda ga gagwe go lebana le kgotlatshekelo ya makgaolakgang ya Sejuda e e neng e gobelela.

Le fa go ntse jalo, bosupi jo bogolo jo bo bontshang gore Paulo o ne a sa itatole tumelo ya gagwe bo bontshiwa ke go bo a ile a tswelela a ntse a amogelwa ke Jehofa. Bosigo jo bo latelang jo Paulo a neng a bua mafoko ano a go tlotlwang ka one, Jesu o ne a re: “Nna le bopelokgale jo bogolo! Gonne fela jaaka o ntse o neela bosupi ka botlalo ka dilo tse di leng kaga me mo Jerusalema, jalo o tshwanetse go naya bosupi le kwa Roma.” E re ka Paulo a ne a amogelwa ke Modimo, re ka konela ka gore ga a ka a itatola tumelo ya gagwe ya Bokeresete.—Ditiro 23:11.