Go Nna le Tsholofelo mo Lefelong Le go Se Nang Tsholofelo mo go Lone—Kopano mo Kampeng ya Batshabi
Go Nna le Tsholofelo mo Lefelong Le go Se Nang Tsholofelo mo go Lone—Kopano mo Kampeng ya Batshabi
KAMPA ya batshabi ya Kakuma e kafa karolong ya bokone jwa Kenya, gaufi le molelwane wa Sudan. Go na le batho ba ba fetang 86 000 ba ba nnang koo. Lefelo leo le omeletse thata, mme fa go le motshegare themperetšha ya teng e ka fitlha mo go 50°C. Go tlwaelegile gore go nne le dintwa mo gare ga batshabi. Mo batshabing ba le bantsi kampa eno ke lefelo fela le go se nang tsholofelo epe mo go lone. Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba na le tsholofelo.
Mo gare ga batshabi bano, go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhagafalo. Ba bopa karolo ya phuthego nngwe e nnye e e kwa Lodwar, e e leng dikilometara di le 120 go ela kwa borwa. Phuthego e nngwe e bokgakala jwa mosepele wa koloi wa diura di le robedi.
E re ka batshabi ba sa kgone go tswa mo kampeng, ba le bantsi ga ba kgone go ya kwa dikopanong tse dinnye le tsa kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya seno, go ne ga rulaganngwa gore go nne le kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe mo kampeng.
Go Tsaya Mosepele go ya Bokone
Go tshegetsa kopano eo, Basupi ba le 15 ba kwa motseng wa Eldoret, o o ka nnang dikilometara di le 480 kafa borwa jwa kampa eno, ba ne ba ithaopa go tsaya mosepele o o lapisang go ya kwa karong e e omileng e e kwa bokone, ba tsamaya le moithuti mongwe wa Baebele yo o neng a ba naya bese ya gagwe e nnye mmogo le mokgweetsi wa yone gore ba tsamaye ka yone. Ba ne ba eletsa thata go ya go kgothatsa le go nonotsha bakaulengwe ba bone.
Loeto lwa bone lo ne lwa simolola mo mosong o o tsididi mo kgaolong e e dithaba kafa bophirima jwa Kenya. Tsela e e makgawekgawe e ne e palamela mo dipolaseng le mo dikgweng pele e fologela mo karolong e e mogote ya sekaka. Matsomane a dipodi le dikamela a ne a fula mo nageng eno e e omeletseng. Banna ba motse ba ne ba tsamaya ba apere diaparo tsa bone tsa setso, ba le bantsi ba tshotse dithobane, bora le metsu. Fa Basupi bano ba sena go tsamaya diura di le 11, ba ne ba fitlha kwa Lodwar, motse o o mogote e bile o le lorole wa baagi ba ba ka nnang 20 000. Fa Basupi ba sena go amogelwa ka lorato ke Basupi ba bangwe ba ba neng ba ba etetse, ba ne ba ya go robala, gore ba ipaakanyetse tiro e ntsi e ba neng ba lebane le yone mo mafelobekeng ao.
Mo mosong o o latelang baeng ba ne ba ya go bona mafelo mangwe a a mo nageng eo. Lefelo le baeng ba neng ba batla go le bona thata e ne e le letsha le legolo go a feta otlhe mo Kenya le le bidiwang Lake Turkana. Letsha leno le dikologilwe ke sekaka sa dikilometara di le dintsintsi se se nang le ditlhatshana, mme ke teng koo go fitlhelwang dikwena di le dintsi go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.
Metsi a teng a a nang le kalaka a thusa batho ba le mmalwa ba ba nnang mo losing lwa lone. Baeng ba ne ba itumelela maitseboa ao ka go kopanela le phuthego ya lefelo leo mo thutong ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo le mo Pokanong ya Tirelo. Ba na le Holo e ntle ya Bogosi e e agilweng ka 2003 ka thulaganyo ya go aga e Basupi ba nang le yone e e diretsweng dinaga tse di humanegileng.Kopano e e Kgethegileng ya Letsatsi le le Lengwe
Letsatsi la Sontaga le ne le beetswe kwa thoko gore e nne la go tshwara kopano e e kgethegileng ya letsatsi le le lengwe. Bakaulengwe ba Phuthego ya Lodwar le ba bangwe ba ba etileng ba ne ba neilwe tetla ya go tsena mo kampeng ka ura ya borobedi mo mosong, ka jalo Basupi bano ba ne ba batla go simolola go sa ntse go le phakela. Tsela e ba neng ba tsamaya ka yone e ne e itsoketsa go kgabaganya lefelo le le kgakgabetseng e ya kwa molelwaneng wa Sudan. Go ne go na le dithaba tse di goletseng kwa godimo tse di motsu fa thoko ga tsela. Lefelo leno le ne la simolola go bulega fa ba goroga kwa motseng wa Kakuma. Pula e ne e nele mme tselana ya mmu e e tsenang mo kampeng e ne e tletse metsi a mantsi mo mafelong mangwe. Magae a le mantsi a ne a agilwe ka mmu mme a ruletswe ka disenke kgotsa ka seile. Go na le ditlhopha tsa Baethiopia, Basomalia, Basudane le ba bangwe mme mongwe le mongwe wa bone o nna mo lefelong la gabone. Batshabi bano ba ne ba dumedisa baeti ka boitumelo jo bogolo.
Kopano e ne e tshwaretswe mo lefelong le batho ba neng ba ikatisa mo go lone. Ditshwantsho tse di neng di le mo loboteng di ne di bontsha botshelo jo bo tshosang jwa batshabi, mme moya o o neng o
rena mo holong ka letsatsi leo, e ne e le o o nayang tsholofelo. Puo nngwe le nngwe e ne e neelwa ka Seesemane le Seswahili. Dibui dingwe di ne di kgona go bua dipuo tseno sentle ka bobedi mo ba neng ba kgona go neela dipuo ka tsone. Mokaulengwe mongwe wa motshabi yo o tswang kwa Sudan o ne a neela puo e e simololang ya setlhogo se se reng, “Go Sekaseka Pelo ya Rona ya Tshwantshetso.” Dipuo tse dingwe di ne tsa neelwa ke bagolwane ba ba neng ba etile.Tiragalo e e botlhokwatlhokwa mo kopanong nngwe le nngwe ke kolobetso. Kwa bofelong jwa puo ya kolobetso, matlho otlhe a ne a lebile moyakolobetsong a le mongwe fela fa a ema. Gilbert o ne a tshabile le rraagwe go tswa kwa nageng ya bone ka nako ya go gailwa ga morafe wa bone ka 1994. Kwa tshimologong, ba ne ba solofetse gore ba ne ba tla sireletsega kwa Burundi mme go ise go ye kae ba ne ba lemoga gore ba ne ba sa ntse ba le mo kotsing. Gilbert o ne a tshabela kwa Zaire, mme morago ga moo kwa Tanzania—ka dinako dingwe a iphitlha mo dikgweng—mme o ne a feleletsa a le kwa Kenya. Batho ba le bantsi ba ne ba geletse dikeledi fa sebui se mo amogela e le mokaulengwe mo phuthegong. Gilbert o ne a ema mo kopanong e nnye ya batho ba le 95 go araba dipotso di le pedi tse sebui se neng se di botsa, o ne a bua ka lentswe le le utlwalang sentle a re “Ndiyo!” mo go rayang “Ee!” ka Seswahili. Ene le bakaulengwe ba bangwe ba ne ba epile sediba se sennye ka diatla mme mo teng ga sone ba adile seile e a kileng a bo a ruletse ntlwana ya gagwe ya mo kampeng ka yone. Go bontsha gore ruri Gilbert o ne a batla go kolobediwa, mo mosong wa letsatsi la kolobetso o ne a tladitse metsi mo sedibeng seno ka kgamelo, mme o ne a dira jalo a le esi!
Nngwe ya dipuo tse di neng di kgatlha thata mo lenaneong la thapama e ne e le fa go anelwa maitemogelo a maemo a a tlhomologileng a Basupi ba batshabi ba lebanang le one. Mokaulengwe mongwe o ne a tlhalosa kafa a neng a buisana ka gone le monna yo o neng a ikhuditse kafa tlase ga setlhare.
“A ko o mpolelele, a o ikutlwa o sireletsegile ka dinako tsotlhe fa o dutse kafa tlase ga setlhare?”
Monna yono o ne a araba ka gore “Ee.” A bo a re, “Nnyaa, e seng bosigo.”
Mokaulengwe o ne a mmalela Mika 4:3, 4: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” A bo a mo tlhalosetsa jaana, “wa bona, mo lefatsheng le lesha la Modimo re tla nna re bolokesegile ka dinako tsotlhe.” Monna yono o ne a amogela kgatiso e e tla mo thusang go ithuta Baebele.
Kgaitsadi mongwe yo o neng a tsere loeto go tla mo Kakuma o ne a sa tswa go tlhokafalelwa ke maloko a le mararo a lelapa la gagwe a a neng a le gaufi thata le ene. Fa a akgela ka bakaulengwe ba ba nnang mo kampeng eno o ne a re: “Lefelo leno le tletse mathata; le fa go ntse jalo, bakaulengwe bano ba bolokile tumelo ya bone e nonofile. Ba nna mo lefelong le le se nang boitumelo mme gone ba direla Jehofa ba itumetse. Ba na le kagiso le Modimo. Ke ne ka kgothadiwa gore le nna ke nne ke na le kagiso mme ke direle Jehofa. Ga go se nka ngongoregang ka sone!”
Go ise go ye kae, kopano e ne ya tla kwa bokhutlong. Mo puong ya bofelo, sebui se ne sa bolela gore go na le baemedi ba ba tswang mo dinageng di le robedi. Mongwe wa Basupi ba batshabi o ne a bolela gore kopano eno e ne e le bosupi jwa kutlwano le lorato tse di renang mo gare ga Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng leno le le kgaoganeng. Bokaulengwe jwa bone jwa Bokeresete ke jwa boammaaruri.—Johane 13:35.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]
BASIMANE BA BA LATLHEGILENG BA BA TSWANG KWA SUDAN
Fa e sa le ntwa ya selegae e simologa kwa Sudan ka 1983, batho ba le dimilione di le tlhano ba ne ba lelekwa kwa magaeng a bone. Mo gare ga bone go ne go na le bana ba ka nna 26 000 ba ba kgaogantsweng le ba malapa a bone. Ba le diketekete ba bone ba ne ba tshabela kwa dikampeng tsa batshabi kwa Ethiopia kwa ba neng ba nna gone dingwaga di ka nna tharo. E re ka ba ne ba patelediwa gore ba fuduge gape, ba ne ba tsamaya ngwaga otlhe ba kgabaganya Sudan go ya kwa bokone jwa Kenya, ba tlhaselwa ke masole, dinokwane, malwetse le diphologolo tse di tlhaga. Ke halofo fela ya bana bano ba ba neng ba kgona go falola maeto ano a a boima mme kgabagare e ne ya nna bone ba bantsi thata mo kampeng ya Kakuma. Mekgatlho ya namolo e ba bitsa basimane ba ba latlhegileng ba kwa Sudan.
Gone jaanong kampa ya batshabi ya kwa Kakuma ke legae la batshabi ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe tsa kwa Sudan, Somalia, Ethiopia le kwa dinageng tse dingwe. Fa motshabi a goroga mo kampeng, o neelwa didirisiwa tse di tla mo thusang go ikagela legae le seile gore a rulele ka yone. Gabedi mo kgweding, motshabi mongwe le mongwe o neelwa dikilogerama di le thataro tsa bupi, kilogerama e le nngwe ya dinawa, oli ya go apaya le letswai. Bontsi jwa batshabi ba rekisa dilo tseno tse ba di abetsweng gore ba kgone go bona dilo tse dingwe tse ba di tlhokang.
Bangwe ba basimane bano ba ba latlhegileng ba kopantswe le ba malapa a bone kgotsa ba rometswe kwa dinageng tse dingwe. Mme go ya ka Ofisi e e Batlelang Batshabi Bonno, “basimane ba bangwe ba le diketekete ba setse mo kampeng ya Kakuma e e tletseng dithole le dintsi mme ba tshwanela ke go ipatlela dijo le go dira ka thata gore ba bone thuto.”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy Refugees International
[Mmapa mo go tsebe 23]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
KENYA
Kampa ya Kakuma
Lake Turkana
Lodwar
Eldoret
Nairobi
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Maemo a botshelo mo kampeng a boima
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Batho ba lekanyediwa metsi kwa kampeng ya Kakuma
[Setshwantsho mo go tsebe 23]
Basupi ba kwa Kenya ba tsaya loeto lo loleele lo lo lapisang go ya kwa bokone go kgothatsa bakaulengwe ba bone
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Morongwa o ranola puo e e neelwang ke mmulatsela yo o kgethegileng wa lefelo leo
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Sediba sa kolobetso
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 23]
Rationing water and Kakuma Refugee Camp: Courtesy Refugees International