Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Thusa Kwa Makedonia

Go Thusa Kwa Makedonia

Go Thusa Kwa Makedonia

“TLA ka kwano mo Makedonia o re thuse.” (Ditiro 16:9) Mafoko ano a ne a buiwa ke monna mongwe yo moaposetoloi Paulo a neng a mmona mo ponatshegelong yo a neng a mo kopa gore a ye go thusa go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo mo tshimong e ntšha, mo ditoropong tse gone jaanong di leng kwa Gerika.

Kwa nageng ya segompieno ya Makedonia, go na le Mosupi wa ga Jehofa a le 1 fela mo baaging bangwe le bangwe ba le 1 840. Batho ba le bantsi ga ba ise ba tsamaye ba utlwele ka Jehofa Modimo. Ee, go potlakile thata gore batho ba naga eno ba utlwe molaetsa wa kagiso.—Mathaio 24:14.

Modimo o dirile gore thuso eo e nne gone. Letsatsi lengwe ka November 2003, ofisi ya Makedonia ya Basupi ba ga Jehofa kwa Skopje e ne ya amogela mogala. Mogala oo o ne o tswa kwa Setheong sa Makedonia sa Tirisanommogo ya Boditšhabatšhaba (Macedonian Center for International Cooperation), mme se ne se kopa Basupi gore ba rulaganye lefelo le ba tla tlhomang tente mo go lone kwa dipontshong tsa malatsi a le mararo tse di neng di tla simolola ka November 20. Ba ne ba tshwanetse go nna moo go araba dipotso tsa ba ba fetang ba tlile go bona se se bontshiwang mo tenteng ya bone. A bo ba ne ba na le tshono e ntle jang ya go kopana le dikete tsa batho ba ba neng ba ise ba ko ba utlwe ka molaetsa o o molemo wa Bogosi!

Baithaopi ba Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira ka natla go rulaganya lefelo la go bontsha batho dikgatiso tsa bone tse di farologaneng ka puo ya Semakedonia. Dingwe tsa dikgatiso tseno di ne tsa beelwa baeti gore ba di itseele fa ba batla. Pontsho eno e ne ya naya batho ba le bantsi tshono ya go bona metsi a mahala a a lapolosang a semoya.—Tshenolo 22:17.

Baeti ba ne ba batla segolobogolo dikgatiso tse di neng di ama matshelo a bone, tse di tshwanang le buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo le Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng. * Batho ba le 98 ba ne ba neela Basupi ba ga Jehofa diaterese tsa bone gore ba ba etele. Ba le bantsi ba ne ba bua bontle ka tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang le kafa dikgatiso tsa bone e leng tsa maemo a a kwa godimo ka gone.

Monna mongwe o ne a tla a tshwere morwawe yo mmotlana ka letsogo. Rre yono o ne a botsa gore a go na le buka nngwe e e kwaletsweng bana. Basupi ba ne ba mmontsha Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. * O ne a phetlha buka eno mme a botsa a itumetse gore ke bokae. Fa a utlwa gore tiro ya go ruta ya Basupi ba ga Jehofa e tshegediwa ka meneelo ya boithatelo, o ne a itumela le go feta. (Mathaio 10:8) O ne a bontsha morwawe buka a bo a re: “Buka eno e molemo tota! Papa o tla go balela polelo e le nngwe letsatsi le letsatsi!”

Porofesa mongwe wa filosofi le ene o ne a atamela Basupi. O ne a kgatlhegela bodumedi thata, mme segolobogolo se Basupi ba ga Jehofa ba se dumelang. Fa porofesa yono a ntse a phetlha buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo, * o ne a re: “Ruri buka eno e tlhalosa dilo ka tsela e e utlwalang sentle! E kwadilwe sentle tota ka tsela e ke akanyang gore dilo di tshwanetse go kwalwa ka yone.” Moragonyana baithuti bangwe ba sekolo sa gagwe le bone ba ne ba tla go kopa yone buka e porofesa wa bone a neng a e tsere. Le bone ba ne ba batla go ithuta yone buka eno. Ba ne ba akanya gore o tla e dirisa fa a ruta.

Pontsho eno e ne ya dira gore batho bangwe ba utlwe boammaaruri jwa Dikwalo le go bala ka jone lekgetlho la ntlha. Setlhopha sengwe sa basha ba bosusu se ne sa tla go bona gore a go na le sengwe se se tla ba kgatlhang. Mosupi mongwe o ne a nna le motlotlo o mokhutshwane le bone, a thusiwa ke mosetsana mongwe yo o neng a ranolela mo puong ya diatla. O ne a dirisa ditshwantsho tse di tswang mo bukeng ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba ba Kileng Ba Tshela * go tlhalosa gore Jesu o ne a fodisa balwetse, go akaretsa le bosusu. Ba ne ba itumelela go utlwa gore Baebele e solofetsa gore mo nakong e khutshwane Jesu o tla direla batho ba ba mo lefatsheng se se tshwanang. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba amogela dikgatiso tsa Baebele ba itumetse mme go ne ga rulaganngwa gore Mosupi mongwe yo o itseng puo ya diatla a ba etele.

Dibuka di ne di le gone le ka dipuo tse dingwe, e leng Se-Albania, Seesemane le Se-Turkey. Monna mongwe yo o neng a sa bue Semakedonia o ne a kopa dikgatiso dingwe tsa Seesemane. Fa a sena go newa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! o ne a tlhalosa gore o bua Se-Turkey. Fa ba mmontsha dikgatiso ka puo ya gagwe, o ne a sa dumele se a se bonang! O ne a lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba batla go thusa mongwe le mongwe.

A bo go ne ga newa bosupi jo bo molemo jang ne ka nako eo, mme go ne go kgothatsa tota go bona batho ba le bantsi jaana ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele! Ee, Jehofa o ne a bula sebaka sa gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi di anamisiwe kwa Makedonia.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Tsotlhe di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 7 Tsotlhe di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 8 Tsotlhe di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 9 Tsotlhe di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 9]

PHITLHELELO E KGOLO!

Maiteko a go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo a ne a dira kgatelopele e kgolo ka May 17, 2003. Ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya neelwa kwa Skopje. E ne ya wediwa morago ga dingwaga di le pedi, mme gone jaanong e kgolo go menagane ganè go gaisa pele.

Go na le dikago tse tharo tse di farologaneng tse mo go tsone go nang le diofisi tsa tsamaiso le tsa thanolo mmogo le mafelo a bonno, boapeelo le lefelo le go tlhatswiwang diaparo mo go lone. Guy Pierce, yo e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa, o ne a le gone go neela puo ya go neelwa ga dikago tseno. Go ne go na le baeti ba ba neng ba tswa kwa dinageng di le lesome. Botlhe ba ne ba itumeletse go bona dikago tse disha tse dintle.

[Mmapa mo go tsebe 8, 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

BULGARIA

MAKEDONIA

Skopje

ALBANIA

GERIKA

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Skopje, Makedonia