Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Lefoko la ga Jehofa

Ikanye Lefoko la ga Jehofa

Ikanye Lefoko la ga Jehofa

“Ke ikantse lefoko la gago.”—PESALEMA 119:42.

1. O ka re mokwadi wa Pesalema 119 e ne e le mang mme o ne a na le maikutlo afe?

MOTLHAMI wa Pesalema 119 o ne a rata lefoko la ga Jehofa. Pina eno e e tlhotlheleditsweng e ka tswa e tlhamilwe ke Kgosana ya kwa Juda e bong Hesekia. E tlhalosa maikutlo a a tshwanang le a ga Hesekia, yo o neng “a nna a ngaparela Jehofa” ka nako ya fa a ne a le kgosi kwa Juda. (2 Dikgosi 18:3-7) Re ka tlhomamisega ka selo se le sengwe fela: Motlhami wa pina eno o ne a tshwenyegile ka se a se tlhokang semoyeng.—Mathaio 5:3.

2. Kgangkgolo ya Pesalema 119 ke eng, mme pina eno e rulagantswe jang?

2 Ntlha ya konokono e go buiwang ka yone mo go Pesalema 119 ke kafa lefoko la Modimo, kgotsa molaetsa wa gagwe o leng mosola ka teng. * Mokwadi wa pina eno o ne a dira gore ditlhaka tse di simololang ditemana tsa yone di tlhomagane jaaka di latelana mo alefabeteng, gongwe e le gore motho a kgone go di gopola motlhofo. Ditemana tsa yone tse 176 di simolotswe ka ditlhaka ka go latelana ga tsone mo alefabeteng ya Sehebera. Mo Sehebereng sa ntlhantlha, nngwe le nngwe ya dikarolo tse 22 tsa pesalema eno e na le mela e le 8 e e simololang ka tlhaka e e tshwanang. Pesalema eno e bua ka lefoko la Modimo, molao wa gagwe, dikgakololo tsa gagwe, ditsela, ditaelo, ditshwetso tsa boatlhodi le mafoko a gagwe. Mo setlhogong seno le se se latelang, Pesalema 119 e tla sekasekiwa go dirisiwa thanolo e e nepileng ya mafoko a Baebele a Sehebera. Go akanya ka maitemogelo a batlhanka ba ga Jehofa ba nako e e fetileng le ba gone jaanong go tshwanetse ga oketsa tsela e re anaanelang ka yone pina eno e e tlhotlheleditsweng ke Modimo le tsela e re ratang ka yone Lefoko la gagwe le le kwadilweng e leng Baebele.

Ikobele Lefoko la Modimo Mme o Itumele

3. Tlhalosa o bo o tshwantshe gore go tlhoka molato go kaya eng.

3 Re ka bona boitumelo jwa boammaaruri fa re tsamaya ka molao wa Modimo. (Pesalema 119:1-8) Fa re dira jalo, Jehofa o tla re tsaya re ‘se na molato mo tseleng ya rona.’ (Pesalema 119:1) Go nna ba ba se nang molato ga go reye gore re itekanetse, mme gone go supa gore re leka ka natla go dira thato ya ga Jehofa Modimo. Noa “o ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe” ka gonne ke motho yo o neng “a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” Monna yoo yo o ikanyegang yo e neng e le tlhogo ya lotso mmogo le lelapa la gagwe ba ne ba falola Morwalela ka gonne o ne a tshela ka tsela e Jehofa a e laetseng. (Genesise 6:9; 1 Petere 3:20) Le rona re ka falola bofelo jwa lefatshe leno fa re ‘boloka ditaelo tsa Modimo ka kelotlhoko,’ ka go rialo re dira thato ya gagwe.—Pesalema 119:4.

4. Re ka itumela ra ba ra atlega fa re dira eng?

4 Le ka motlha Jehofa a ka se ka a re latlha fa re ‘mmaka ka pelo e e thokgameng mme re nna re boloka melao ya gagwe.’ (Pesalema 119:7, 8) Modimo ga a ka a latlha moeteledipele wa Baiseraele e bong Joshua, yo o neng a dirisa kgakololo ya gore a ‘bale buka ya molao motshegare le bosigo gore a dire sotlhe se se kwadilweng mo go yone.’ Seo se ne sa dira gore a atlege a bo a kgone go dira dilo ka botlhale. (Joshua 1:8) Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe, Joshua o ne a sa ntse a baka Modimo mo a neng a ka gopotsa Baiseraele jaana: “Lo itse sentle ka dipelo tsa lona tsotlhe le ka meya ya lona yotlhe gore ga go na lefoko le le lengwe le le sa diragadiwang mo mafokong otlhe a a molemo a Jehofa Modimo wa lona a a buileng le lona.” (Joshua 23:14) Fela jaaka Joshua le mokwadi wa Pesalema 119, re ka itumela ra ba ra atlega fa re baka Jehofa e bile re ikanya lefoko la gagwe.

Lefoko la ga Jehofa le Dira Gore re Nne re le Phepa

5. (a) Tlhalosa gore motho a ka kgona jang go nna a le phepa semoyeng. (b) Mosha yo o dirileng boleo jo bo masisi a ka thusega jang?

5 Re ka nna phepa semoyeng fa re nna re itebeletse kafa lefokong la Modimo. (Pesalema 119:9-16) Seo se ka direga tota le fa batsadi ba rona ba sa re tlhomela sekao se se molemo. Le fa rraagwe Hesekia a ne a obamela ditshwantsho, Hesekia o ne a ‘ntlafatsa tsela ya gagwe,’ gongwe ka go tlosa dilo tse di amanang le boheitane. A re re mosha yo o direlang Modimo gompieno o dira boleo jo bo masisi. Go ikwatlhaya, go rapela, go thusiwa ke batsadi le thuso e e lorato ya bagolwane ba Bakeresete di ka mo thusa gore a nne jaaka Hesekia mme a ‘ntlafatse tselana ya gagwe a bo a nne a itebeletse.’—Jakobe 5:13-15.

6. Ke basadi bafe ba ba neng ba ‘ntlafatsa tselana ya bone mme ba nna ba itebeletse kafa lefokong la Modimo’?

6 Le fa Rahabe le Ruthe ba ne ba tshela lobaka lo loleele pele Pesalema 119 e tlhamiwa, ba ne ba ‘ntlafatsa tselana ya bone.’ Rahabe e ne e le Mokanana wa seaka, mme kgabagare o ne a itsege ka tumelo e a neng a na le yone e le moobamedi wa ga Jehofa. (Bahebera 11:30, 31) Ruthe wa Momoabe o ne a tlogela medimo ya gabone, a direla Jehofa, mme a ikobela Molao o Jehofa a neng a o neile Baiseraele. (Ruthe 1:14-17; 4:9-13) Basadi bano ba e seng Baiseraele ka bobedi ba ne ba ‘itebeletse kafa lefokong la Modimo’ mme ba nna le tshiamelo e e molemo ya go nna bagologolwane ba ga Jesu Keresete.—Mathaio 1:1, 4-6.

7. Daniele le basha ba bangwe ba bararo ba Bahebera ba ne ba tlhoma sekao se se molemo jang sa go nna ba le phepa semoyeng?

7 “Tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele,” mme basha ba ka latela tsela e e phepa, tota le mo lefatsheng leno le le bosula le le laolwang ke Satane. (Genesise 8:21; 1 Johane 5:19) Fa Daniele le basha ba bangwe ba bararo ba Bahebera ba ne ba isitswe botshwarwa kwa Babelona, ba ne ba ‘nna ba itebeletse kafa lefokong la Modimo.’ Ka sekai, ba ne ba gana go ikgotlela “ka dijo tsa maemo tsa kgosi.” (Daniele 1:6-10) Bababelona ba ne ba a ja diphologolo tse di itshekologileng, tse di neng di ilediwa ke Molao wa ga Moshe. (Lefitiko 11:1-31; 20:24-26) Ba ne ba sa itlwaetsa go nna ba tsholola madi a diphologolo fa ba di tlhaba, mme ka go ja nama e e sa tshololwang madi ba ne ba tlola molao wa Modimo wa madi. (Genesise 9:3, 4) Ke gone ka moo Bahebera ba banè ba neng ba sa batle go ja dijo tsa maemo tsa kgosi! Basha bao ba ba ratang Modimo ba ne ba nna ba le phepa semoyeng mme ka jalo ba tlhoma sekao se se molemo.

Lefoko la Modimo le re Thusa go Ikanyega

8. Re tshwanetse go nna le boikutlo bofe le kitso efe fa re batla go tlhaloganya molao wa Modimo le go o dirisa?

8 Go rata lefoko la Modimo ke sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang go nna re ikanyega mo go Jehofa. (Pesalema 119:17-24) Fa re tshwana le mokwadi yo o tlhotlheleditsweng ke Modimo wa pina eno, re tla eletsa go tlhaloganya “dilo tse di gakgamatsang” tsa molao wa Modimo. Ka metlha re tla ‘tlhologelelwa ditshwetso tsa ga Jehofa tsa boatlhodi’ mme re bontshe gore re ‘rata dikgakololo tsa gagwe.’ (Pesalema 119:18, 20, 24) Fa e le gore re ntse re ineetse mo go Jehofa le fa e le ka nako e khutshwane, a ‘re tlhoafalela mashi a a sa tswakanngwang a e leng a lefoko’? (1 Petere 2:1, 2) Re tshwanetse go tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele gore re kgone go tlhaloganya molao wa Modimo sentle le go o dirisa.

9. Re tshwanetse ra dira jang fa dilo tse batho ba batlang re di dira di thulana le molao wa Modimo?

9 Re ka tswa re rata dikgakololo tsa Modimo, mme go tweng fa “dikgosana” di bua kgatlhanong le rona ka mabaka mangwe? (Pesalema 119:23, 24) Gompieno, batho ba ba nang le taolo gantsi ba leka go re pateletsa go tsaya melao ya batho e le botlhokwa go feta molao wa Modimo. Fa dilo tse batho ba batlang re di dira di thulana le thato ya Modimo, re tla dirang? Go rata lefoko la Modimo go tla re thusa gore re nne re ikanyega mo go Jehofa. Re tla bolela jaana, fela jaaka go ne ga bolela baaposetoloi ba ga Jesu Keresete ba ba neng ba bogisiwa: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

10, 11. Tshwantsha gore re ka nna re ikanyega mo go Jehofa jang le fa maemo a le thata.

10 Re ka tswelela re ikanyega mo go Jehofa le fa maemo a le thata tota. (Pesalema 119:25-32) E le gore re kgone go tswelela re ikanyega mo Modimong, re tshwanetse ra iketleeletsa go rutiwa ke ene mme ra rapela ka tlhoafalo gore a re rute. Gape re tshwanetse ra tlhopha “tsela ya boikanyegi.”— Pesalema 119:26, 30.

11 Hesekia, yo o ka tswang a kwadile Pesalema 119, o ne a tlhopha “tsela ya boikanyegi.” O ne a dira jalo le fa a ne a nna mo gare ga baobamedi ba maaka e bile gongwe a sotliwa ke maloko a ntlo ya segosi. Maemo ano e tshwanetse ya bo e le one a a neng a dira gore ‘moya wa gagwe o tlhorege boroko ka ntlha ya khutsafalo.’ (Pesalema 119:28) Mme Hesekia o ne a ikanya Modimo, e le kgosi e e molemo, e bile a dira “se se siameng mo matlhong a ga Jehofa.” (2 Dikgosi 18:1-5) Fa re ikaega ka Modimo, le rona re ka itshokela diteko mme ra nna re ikanyega.—Jakobe 1:5-8.

Lefoko la ga Jehofa le re Dira Pelokgale

12. Re ka dirisa Pesalema 119:36, 37 jang mo matshelong a rona?

12 Go latela kaelo ya lefoko la Modimo go re naya bopelokgale jo re bo tlhokang gore re lebane le diteko tsa botshelo. (Pesalema 119:33-40) Re batla ka boikokobetso gore Jehofa a re rute e le gore re boloke molao wa gagwe “ka pelo yotlhe.” (Pesalema 119:33, 34) Fela jaaka mopesalema, re kopa Modimo jaana: “Retololela pelo ya me mo dikgakololong tsa gago, e seng mo dipoelong,” ke gore e seng mo dipoelong tse di sa siamang. (Pesalema 119:36) Fela jaaka moaposetoloi Paulo, re “itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Fa mothapi wa rona a batla re dira sengwe sa boferefere, re nna pelokgale gore re latele ditaelo tsa Modimo—mme Jehofa ka metlha o segofatsa mokgwa o o ntseng jalo. E bile tota, o re thusa go laola dikeletso tsotlhe tse di bosula. Ka jalo a re rapeleng jaana: “Dira gore matlho a me a fete a sa bona se se se nang mosola.” (Pesalema 119:37) Le ka motlha re ka se batle go eletsa go dira sepe fela se se se nang mosola se Modimo a se tlhoileng. (Pesalema 97:10) Gareng ga tse dingwe, seno se re thusa go tila ditshwantsho tse di hepisang le mekgwa ya go dirisana le meya.—1 Bakorintha 6:9, 10; Tshenolo 21:8.

13. Barutwa ba ga Jesu ba ba neng ba bogisiwa ba ne ba bona jang maatla a gore ba rere ka bopelokgale?

13 Fa re na le kitso e e tlhomameng ya lefoko la Modimo re a itshepa mme re kgona go rera ka bopelokgale. (Pesalema 119:41-48) Mme tota re tlhoka bopelokgale gore re ‘arabe ene yo o re kgobang.’ (Pesalema 119:42) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra nna jaaka barutwa ba ga Jesu ba ba neng ba bogisiwa, mme ba rapela ba re: “Jehofa, . . .[dira] gore batlhanka ba gago ba nne ba bue lefoko la gago ka bopelokgale jotlhe.” Thapelo eo e ne ya felela ka eng? “Botlhe fela ba tladiwa moya o o boitshepo e bile ba bua lefoko la Modimo ka bopelokgale.” Le rona Morena Molaodimogolo o re naya maatla a go bua lefoko la gagwe ka bopelokgale.—Ditiro 4:24-31.

14. Ke eng se se re thusang go rera ka bopelokgale jaaka Paulo a ne a dira?

14 Fa re rata “lefoko la boammaaruri” mme re ‘boloka molao wa Modimo ka metlha,’ re tla nna le bopelokgale jo re bo tlhokang go rera mme re sa tshabe go tlhabiwa ke ditlhong. (Pesalema 119:43, 44) Go ithuta ka tlhoafalo Lefoko la Modimo le le kwadilweng go dira gore re kgone go ‘bua kaga dikgakololo tsa gagwe fa pele ga dikgosi.’ (Pesalema 119:46) Thapelo le moya wa ga Jehofa le tsone di tla re thusa gore re bue dilo tse di tshwanetseng ka tsela e e siameng. (Mathaio 10:16-20; Bakolosa 4:6) Paulo o ne a bua le babusi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ka bopelokgale, a bua ka dikgakololo tsa Modimo. Ka sekai, o ne a rerela Mmusi wa Moroma e bong Felise, mme o ne “a mo reetsa kaga tumelo mo go Keresete Jesu.” (Ditiro 24:24, 25) Gape Paulo o ne a rera fa pele ga ga Mmusi Feseto le Kgosi Ageripa. (Ditiro 25:22–26:32) Ka thuso ya ga Jehofa, le rona re ka rera ka bopelokgale, le ka motlha re sa “tlhabisiwe ditlhong ke dikgang tse di molemo.”—Baroma 1:16.

Lefoko la Modimo Le a Re Gomotsa

15. Lefoko la Modimo le ka re gomotsa jang fa ba bangwe ba re sotla?

15 Lefoko la ga Jehofa le re gomotsa ka dinako tsotlhe. (Pesalema 119:49-56) Go a tle go nne le dinako tse ka tsone re tlhokang go gomodiwa tota. Le fa re rera ka bopelokgale jaaka re le Basupi ba ga Jehofa, ka dinako tse dingwe batho “ba ba boikgodiso”—ba ba ikgodisetsang Modimo—‘ba re sotla mo go feteletseng.’ (Pesalema 119:51) Le fa go ntse jalo, fa re ntse re rapela, re ka nna ra gopola dilo tse di molemo tse di buiwang mo Lefokong la Modimo, mme ka jalo ‘ra iponela kgomotso.’ (Pesalema 119:52) Fa re ntse re rapela, re ka nna ra gopola molao kgotsa molaomotheo mongwe wa Dikwalo o o re nayang kgomotso le bopelokgale jo bo tlhokegang mo seemong se se ngomolang pelo.

16. Ke eng se batlhanka ba Modimo ba sa se direng le fa ba bogisiwa?

16 Batho ba ba boikgodiso ba ba neng ba sotla mopesalema e ne e le Baiseraele—maloko a setšhaba se se ineetseng mo Modimong. A matlhabisaditlhong! Le fa go ntse jalo, a re se ka ra tshwana le bone mme re ititeye sehuba gore le ka motlha re se tlogele molao wa Modimo. (Pesalema 119:51) Fa batlhanka ba Modimo ba ba diketekete ba ne ba bogisiwa ka nako ya Banasi le mo dingwageng tse di ileng tsa latela morago ga foo, ba ile ba gana go tlogela melao le melaometheo e e mo Lefokong la Modimo. (Johane 15:18-21) Mme go ikobela Jehofa ga se mokgweleo ka gonne melao ya gagwe e ntse jaaka dipina tse di gomotsang mo go rona.—Pesalema 119:54; 1 Johane 5:3.

Anaanela Lefoko la ga Jehofa

17. Go anaanela lefoko la Modimo go re tlhotlheletsa go dira eng?

17 Re supa gore re anaanela lefoko la Modimo ka go le ikobela. (Pesalema 119:57-64) Mopesalema o ne a ‘solofetsa go boloka mafoko a ga Jehofa,’ mme tota le ‘bosigogare o ne a tsoga a ntshetsa Modimo ditebogo ka ntlha ya ditshwetso tsa gagwe tsa boatlhodi tse di siameng.’ Fa re thanya bosigo, a bo re na le sebaka se se molemo jang ne sa go leboga Modimo ka thapelo! (Pesalema 119:57, 62) Fa re tseela lefoko la Modimo kwa godimo, seo se re tlhotlheletsa go batla go rutwa ke Modimo mme se dira gore re nne ‘balekane ba ba itumetseng ba batho ba ba boifang Jehofa’—batho ba ba boifang Modimo ka tlotlo. (Pesalema 119:63, 64) O ka ba bona kae batho ba ba molemo go feta bao mo lefatsheng?

18. Jehofa o araba dithapelo tsa rona jang fa ‘megala ya baikepi e re dikanyeditse’?

18 Fa re rapela ka pelo yotlhe ya rona e bile re kopa Jehofa ka boikokobetso gore a re rute, re ‘nolofatsa sefatlhego sa gagwe’ gore a re amogele. Re tlhoka go rapela bogolo jang fa ‘megala ya baikepi e re dikanyeditse.’ (Pesalema 119:58, 61) Jehofa a ka kgaola megala ya baba e e re kgoreletsang mme ra kgona go tswelela le tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Seno se bontshitswe gangwe le gape kwa dinageng tse tiro ya rona e thibetsweng kwa go tsone.

Nna le Tumelo mo Lefokong la Modimo

19, 20. Go bogisiwa go ka nna molemo jang?

19 Go nna le tumelo mo Modimong le mo lefokong la gagwe go re thusa go itshokela mathata le go dira thato ya gagwe. (Pesalema 119:65-72) Le fa batho ba ba boikgodiso ba ne ba ‘tshasitse mopesalema maaka,’ o ne a opela jaana: “Go molemo ka nna gore ke bo ke bogisitswe.” (Pesalema 119:66, 69, 71) Tota go ka nna molemo jang gore motlhanka ope wa ga Jehofa a bogisiwe?

20 Fa re bogisiwa, kwantle ga pelaelo re rapela Jehofa ka tlhoafalo, mme seo se re atametsa gaufi thata le ene. Re ka nna ra dirisa nako e e oketsegileng re ithuta Lefoko le le kwadilweng la Modimo ra ba ra dira maiteko a a oketsegileng go tshela ka lone. Seno se felela ka gore re itumele tota mo botshelong. Mme go tweng fa e re re bogisiwa re bo re nna le maikutlo a a sa rategeng, a a jaaka go fela pelo le boikgodiso? Fa re rapela ka tlhoafalo e bile re thusiwa ke Lefoko la Modimo le moya wa gagwe, re ka fenya makoa a a ntseng jalo mme ra ‘apara botho jo bosha’ ka botlalo. (Bakolosa 3:9-14) Mo godimo ga moo, tumelo ya rona e a nonofa fa re itshokela mathata. (1 Petere 1:6, 7) Paulo o ne a solegelwa molemo ke pitlagano ya gagwe ka gonne e ne e dira gore a ikaege thata ka Jehofa. (2 Bakorintha 1:8-10) A re letla gore go boga go re solegele molemo?

Ikanye Jehofa ka Metlha

21. Go diragalang fa Modimo a tlhabisa ba ba boikgodiso ditlhong?

21 Lefoko la Modimo le re naya lebaka le le utlwalang la go ikanya Jehofa. (Pesalema 119:73-80) Fa ruri re ikanya Mmopi wa rona, re ka se nne le lebaka la go tlhabiwa ke ditlhong. Le fa go ntse jalo, re tlhoka kgomotso ka ntlha ya dilo tse di dirwang ke batho ba bangwe, mme re ka nna ra ikutlwa e kete re ka rapela jaana: “A ba ba boikgodiso ba tlhabiwe ke ditlhong.” (Pesalema 119:76-78) Fa Jehofa a tlhabisa ba ba ntseng jalo ditlhong, seno se felela ka gore ditiro tsa bone tse di bosula di senoge mme leina la gagwe le le boitshepo le galalediwe. Ruri batho ba ba bogisang batho ba Modimo ga ba boelwe ke sepe. Ka sekai, ga ba ise ba ke ba kgone—e bile ba ka se tsoge ba kgonne—go fedisa Basupi ba ga Jehofa, ba ba ikanyang Modimo ka pelo yotlhe ya bone.—Diane 3:5, 6.

22. Mopesalema o ne a “ntse jaaka modutwana mo mosing” ka tsela efe?

22 Lefoko la Modimo le nonotsha tsela e re mo ikanyang ka yone fa re bogisiwa. (Pesalema 119:81-88) E re ka batho ba ba boikgodiso ba ne ba bogisa mopesalema, o ne a ikutlwa jaaka “modutwana mo mosing.” (Pesalema 119:83, 86) Mo metlheng ya Baebele, medutwana e e dirilweng ka letlalo la diphologolo e ne e dirisiwa go tshola metsi, beine, le diedi tse dingwe. Fa medutwana eno e sa dirisiwe, e ka kokoropana fa e beilwe gaufi le molelo kgotsa mo phaposing e e tletseng mosi. A mathata kgotsa pogiso e a tle e dire gore o ikutlwe “jaaka modutwana mo mosing”? Fa go ntse jalo, ikanye Jehofa mme o rapele jaana: “Mpoloka ke tshela kafa bopelonoming jwa gago jwa lorato, gore ke boloke kgakololo ya molomo wa gago.”—Pesalema 119:88.

23. Re sekasekile eng fa re ntse re tlotla ka Pesalema 119:1-88, mme re ka ipotsa eng jaaka fa re lebile pele go ithuta Pesalema 119:89-176?

23 Se re se sekasekileng mo halofong ya ntlha ya Pesalema 119 se bontsha gore Jehofa o bontsha bopelonomi jo bo lorato mo batlhankeng ba gagwe ka gonne ba ikanya lefoko la gagwe e bile ba rata melao ya gagwe, dikgakololo le ditaelo tsa gagwe. (Pesalema 119:16, 47, 64, 70, 77, 88) O itumelela gore ba ba ineetseng mo go ene ba nna ba itebeletse kafa lefokong la gagwe. (Pesalema 119:9, 17, 41, 42) Fa o ntse o lebile pele go ithuta karolo e e setseng ya pesalema eno e e lapolosang, o ka nna wa ipotsa jaana, ‘A tota ke letla lefoko la ga Jehofa e nna lesedi la tsela ya me?’

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Fano go buiwa ka molaetsa o o tswang kwa go Jehofa, e seng ka sotlhe se se fitlhelwang mo Baebeleng, e re e bitsang Lefoko la Modimo.

O ne O ka Araba Jang?

• Re ka bona jang boitumelo jwa boammaaruri?

• Lefoko la ga Jehofa le re thusa jang gore re nne re le phepa semoyeng?

• Lefoko la Modimo le re naya bopelokgale le kgomotso jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le tumelo mo go Jehofa le mo lefokong la gagwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Ruthe, Rahabe le basha ba Bahebera ba ba neng ba isitswe botshwarwa kwa Babelona ba ne ba ‘itebeletse kafa lefokong la Modimo’

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Paulo ka bopelokgale o ne a ‘bua ka dikgakololo tsa Modimo fa pele ga dikgosi’