Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letla Lefoko la Modimo e Nne Lesedi la Tsela ya Gago

Letla Lefoko la Modimo e Nne Lesedi la Tsela ya Gago

Letla Lefoko la Modimo e Nne Lesedi la Tsela ya Gago

“Lefoko la gago ke . . . lesedi la tsela ya me.”—PESALEMA 119:105.

1, 2. Lefoko la ga Jehofa le tla nna lesedi la tsela ya rona fa re ka dira eng?

LEFOKO la ga Jehofa le tla bonesa tsela ya rona fa re le letla go dira jalo. Gore re bone lesedi le le ntseng jalo la semoya, re tshwanetse go nna baithuti ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo le le kwadilweng mme re dirise kgakololo ya lone. Fa re dirile jalo, ke gone fela re ka ikutlwang jaaka mopesalema fa a ne a re: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.”—Pesalema 119:105.

2 Jaanong a re sekasekeng Pesalema 119:89-176. A bo ditemana tseno tse di rulagantsweng ka dikarolo di le 11 di na le tshedimosetso e ntsi jang ne! Di ka re thusa gore re nne re le mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng.—Mathaio 7:13, 14.

Ke Eng fa o Tshwanetse go Rata Lefoko la Modimo?

3. Pesalema 119:89, 90 e bontsha jang gore re ka tshepa lefoko la Modimo?

3 Go rata lefoko la ga Jehofa go felela ka gore re ikemele sentle semoyeng. (Pesalema 119:89-96) Mopesalema o ne a opela jaana: “Ka bosakhutleng, tlhe Jehofa, lefoko la gago le emisitswe kwa magodimong. . . . O tlhomamisitse lefatshe ka thata, gore le nne le eme.” (Pesalema 119:89, 90) Ka ntlha ya lefoko la Modimo—“melao [ya gagwe] ya magodimo”—masedi a magodimo a dikologa a sa kgorelediwe ke sepe mo ditselaneng tsa one mme lefatshe le tlhomamisitswe ka bosakhutleng. (Jobe 38:31-33; Pesalema 104:5) Re ka tshepa lefoko lengwe le lengwe le le buiwang ke Jehofa; lefoko le Modimo a le buang “ruri le tla atlega” gore le diragatse boikaelelo jwa gagwe.—Isaia 55:8-11.

4. Batlhanka ba Modimo ba ba bogisiwang ba thusiwa jang ke go rata lefoko la gagwe?

4 Mopesalema o ka bo a ‘nyeletse mo pogisegong ya gagwe fa a ne a sa rate molao wa Modimo.’ (Pesalema 119:92) O ne a sa bogisiwe ke batswakwa; o ne a tlhoilwe ke Baiseraele ba ba tlolang molao. (Lefitiko 19:17) Mme seno ga se a ka sa mo kgoba marapo, ka gonne o ne a rata molao wa Modimo o o neng o mo nonotsha. Fa moaposetoloi Paulo a le kwa Korintha, o ne a le “mo dikotsing mo gare ga bakaulengwe ba maaka,” gongwe ba akaretsa ‘baaposetoloi ba ba molemo go feta selekanyo’ ba ba neng ba batla se ba ka mo latofatsang ka sone. (2 Bakorintha 11:5, 12-14, 26) Le fa go ntse jalo, Paulo ga a ka a swa semoyeng ka gonne o ne a rata lefoko la Modimo. E re ka re rata Lefoko la ga Jehofa le le kwadilweng e bile re diragatsa se le se buang, re rata bakaulengwe ba rona. (1 Johane 3:15) Tota le letlhoo la lefatshe ga le dire gore re lebale epe ya ditaelo tsa Modimo. Re nna re dira thato ya gagwe re utlwana ka lorato le bakaulengwe ba rona fa re ntse re lebile pele kwa go direleng Jehofa ka bosakhutleng re itumetse.—Pesalema 119:93.

5. Kgosi Asa o ne a batla Jehofa jang?

5 Re ka bontsha go ineela mo go Jehofa ka go rapela jaana: “Ke wa gago. Mpoloka tlhe, ka gonne ke batlile ditaelo tsa gago.” (Pesalema 119:94) Kgosi Asa o ne a batla Modimo mme a fedisa botlhanogi mo Juda. Ka ngwaga wa bo15 wa puso ya ga Asa (963 B.C.E.), go ne ga nna le phuthego e kgolo mme banni ba Juda “ba tsena mo kgolaganong ya go batla Jehofa.” Modimo o ne a “dira gore ba mmone” mme “a tswelela go ba naya boikhutso mo tikologong yotlhe.” (2 Ditiragalo 15:10-15) Sekai seno se tshwanetse sa kgothaletsa bape ba ba tlogetseng phuthego ya Bokeresete gore ba batle Modimo sesha. O tla segofatsa a bo a sireletse bao ba boang gape ba kopanela sentle le batho ba gagwe.

6. Ke eng se re ka se dirang gore re sireletsege semoyeng?

6 Lefoko la ga Jehofa le re naya botlhale jo bo ka re sireletsang semoyeng. (Pesalema 119:97-104) Melao ya Modimo e dira gore re nne botlhale go feta baba ba rona. Go utlwa dikgakololo tsa gagwe go re naya temogo, mme ‘go boloka ditaelo tsa gagwe go dira gore re kgone go itshwara ka tlhaloganyo e kgolwane go feta banna ba ba godileng.’ (Pesalema 119:98-100) Fa mafoko a ga Jehofa a le ‘boleta mo magalapeng a rona go feta tswina ya dinotshe mo molomong wa rona,’ re tla tlhoa re bo re fapoge “tselana nngwe le nngwe ya maaka.” (Pesalema 119:103, 104) Go dira jalo go tla re sireletsa semoyeng fa re kopana le batho ba ba mabela, ba ba bogale jo bo tshabegang le ba ba boikepo ba metlha eno ya bofelo.—2 Timotheo 3:1-5.

Lobone Lwa Dinao Tsa Rona

7, 8. Re tshwanetse ra dirang go dumalana le Pesalema 119:105?

7 Lefoko la Modimo le re naya lesedi la semoya ka metlha. (Pesalema 119:105-112) Le fa re ka tswa re le Bakeresete ba ba tloditsweng kgotsa re le balekane ba bone ba “dinku tse dingwe,” re bolela jaana: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Johane 10:16; Pesalema 119:105) Lefoko la Modimo le ntse jaaka lobone lo lo bonesang tsela ya rona, gore re se ka ra kgopiwa mme ra wa semoyeng. (Diane 6:23) Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse a letla lefoko la ga Jehofa gore e nne lobone lwa dinao tsa gagwe.

8 Re tshwanetse go nitama fela jaaka motlhami wa Pesalema 119. O ne a ititeile sehuba gore a se ka a fapoga ditaelo tsa Modimo. O ne a re: “Ke dirile maikano, mme ke tla a diragatsa, gore ke boloke ditshwetso tsa [ga Jehofa] tse di siameng tsa boatlhodi.” (Pesalema 119:106) A le ka motlha re se ka ra tseela kwa tlase mosola wa go ithuta Baebele ka metlha le go nna le seabe mo dipokanong tsa Bokeresete.

9, 10. Re itse jang gore batho ba ba ineetseng mo go Jehofa ba ka ‘fapoga ditaelo tsa gagwe,’ mme re ka tila seo jang?

9 Mopesalema ga a ka a ‘fapoga ditaelo tsa Modimo,’ mme seo se ka diragalela motho yo o ineetseng mo go Jehofa. (Pesalema 119:110) Kgosi Solomone o ne a fapoga, le fa e ne e le mongwe wa setšhaba se se ineetseng mo go Jehofa mme a simolotse a dira tumalanong le botlhale jo a bo neilweng ke Modimo. “Basadi ba sele ba ne ba mo dira gore a leofe” ka go mo tlhotlheletsa gore a obamele medimo ya maaka.—Nehemia 13:26; 1 Dikgosi 11:1-6.

10 “Motshwaradinonyane” e bong Satane o thaisa dirai tse dintsi. (Pesalema 91:3) Ka sekai, mongwe yo o kileng a bo a obamela le rona a ka nna a leka go re tlhotlheletsa gore re fapoge tsela e e nang le lesedi la semoya mme re tsene mo lefifing la botlhanogi. Mo Bakereseteng ba kwa Thiatira, go ne go na le “mosadi yoo Jesebele,” yo e ka tswang e ne e le setlhopha sa basadi ba ba neng ba ruta batho ba bangwe go obamela medingwana le go dira kgokafalo. Jesu o ne a tlhoile ditiro tse di bosula tseo, mme le rona re tshwanetse ra di tlhoa fela jalo. (Tshenolo 2:18-22; Jude 3, 4) Ka jalo a re rapeleleng gore Jehofa a re thuse gore re se ka ra fapoga ditaelo tsa gagwe mme re nne re le mo leseding la Modimo.—Pesalema 119:111, 112.

Re Nonotshiwa ke Lefoko la Modimo

11. Go ya ka Pesalema 119:119, Modimo o leba baikepi jang?

11 Fa re sa fapoge ditaolo tsa Modimo, o tla re nonotsha. (Pesalema 119:113-120) Ga re amogele batho “ba ba pelopedi,” fela jaaka Jesu a sa amogele batho ba ba mololo ba ba ipitsang Bakeresete gompieno. (Pesalema 119:113; Tshenolo 3:16) E re ka re direla Jehofa ka pelo yotlhe, ke ene ‘lefelo la rona la go iphitlha’ mme o tla re nonotsha. O tla ‘kgaphela kgakala botlhe ba ba fapogang melao ya gagwe’ ka go fetogela mo tsietsong le mo maakeng. (Pesalema 119:114, 117, 118; Diane 3:32) O leba batho ba ba boikepo jalo e le “manyelo”—leswe le le ntshitsweng mo dimetaleng tse di botlhokwa tse di jaaka selefera le gouta. (Pesalema 119:119; Diane 17:3) E kete ka metlha re ka bontsha go rata dikgakololo tsa Modimo, ka gonne ruri ga re batle go akarediwa le baikepi ba ba ntseng jaaka mokoa wa leswe fa ba senngwa!

12. Ke ka ntlha yang fa go boifa Jehofa go le botlhokwa?

12 Mopesalema o ne a re: “Nama ya me e nnile le go tsitsibana ka ntlha ya go go boifa [Jehofa].” (Pesalema 119:120) Fa re batla gore Modimo a re nonotshe jaaka batlhanka ba gagwe, re tshwanetse ra mmoifa ka tsela e e siameng, re bontsha seo ka go tila dilo tse a sa di amogeleng. Go boifa Jehofa ka tlotlo go ne ga dira gore Jobe a dire tshiamo botshelo jwa gagwe jotlhe. (Jobe 1:1; 23:15) Go boifa Modimo go ka re thusa gore re kgone go itshoka mo tseleng e Modimo a e amogelang, le fa re ka tswa re tshwanelwa ke go itshokela dilo tsa mofuta ofe. Le fa go ntse jalo, go itshoka go tlhoka gore motho a rapele ka tlhoafalo a na le tumelo.—Jakobe 5:15.

Rapela ka Tumelo

13-15. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka nna le tumelo ya gore dithapelo tsa rona di tla arabiwa? (b) Go ka diragala eng fa re sa itse se re ka se buang fa re rapela? (c) Tshwantsha kafa Pesalema 119:121-128 e ka amanang ka teng le ‘go fegelwa ga rona mo go sa buiweng’ fa re rapela.

13 Re ka rapela re na le tumelo ya gore Modimo o tla re thusa. (Pesalema 119:121-128) Fela jaaka mopesalema, re tlhomamisa gore dithapelo tsa rona di tla arabiwa. Ka ntlha yang? Ka gonne re rata melao ya Modimo “go feta gouta, le eleng gouta e e itshekileng.” Mo godimo ga moo, ‘re tsaya ditaelo tsotlhe tsa Modimo kaga dilo tsotlhe di siame.’—Pesalema 119:127, 128.

14 Jehofa o utlwa dikopo tsa rona ka gonne re rapela ka tumelo e bile re diragatsa ditaelo tsa gagwe ka kelotlhoko. (Pesalema 65:2) Mme go tweng fa ka dinako tse dingwe re nna le mathata a magolo mo re sa itseng gore re ka reng fa re rapela? Fa go le jalo, “moya ka boone o a re rapelela ka go fegelwa mo go sa buiweng.” (Baroma 8:26, 27) Ka dinako tse di ntseng jalo, Modimo o amogela dithapelo tsa rona le fa re dirisa mafoko a a mo Lefokong la gagwe go tlhalosa se re se tlhokang.

15 Mo Dikwalong go tletse dithapelo le dikakanyo tse di ka tsamaisanang le ‘go fegelwa ga rona mo go sa buiweng.’ Ka sekai, akanya ka Pesalema 119:121-128. Tsela e dilo di tlhalosiwang ka yone fano e ka tshwanela maemo a rona. Ka sekai, fa re boifa go tsiediwa, re ka nna ra kopa thuso ya Modimo jaaka mopesalema a ne a dira. (Ps 119 Temana 121-123) A re re gongwe re tlhoka go dira tshwetso nngwe e e boima tota. Fa go le jalo re ka rapelela gore moya wa ga Jehofa o re thuse go gopola le go dirisa dikgakololo tsa gagwe. (Ps 119 Temana 124, 125) Le fa re ‘tlhoile tselana nngwe le nngwe ya maaka,’ re ka nna ra tlhoka go kopa Modimo gore a re thuse gore re se ka ra wela mo thaelong nngwe mme ra tlola molao wa gagwe. (Ps 119 Temana 126-128) Fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi, re ka kgona go gopola ditemana tse di mosola jaaka tseno fa re rapela Jehofa.

Re Thusiwa ke Dikgakololo Tsa ga Jehofa

16, 17. (a) Ke ka ntlha yang fa re tlhoka dikgakololo tsa Modimo mme re tshwanetse go di leba jang? (b) Ba bangwe ba ka nna ba re leba jang, mme sa botlhokwa tota ke eng?

16 Fa re batla gore dithapelo tsa rona di utlwiwe le gore re amogelwe ke Modimo, re tshwanetse ra utlwa dikgakololo tsa Modimo. (Pesalema 119:129-136) E re ka re na le go lebala, re tlhoka dikgakololo tse di molemo tsa ga Jehofa tse di re gopotsang kaelo ya gagwe le ditaelo tsa gagwe. Gone ke boammaaruri, re anaanela lesedi la semoya le re nnang le lone nako le nako fa re tlhaloganya dilo tse disha tse re di ithutang mo mafokong a Modimo. (Pesalema 119:129, 130) Gape re itumelela go bo Jehofa a ‘dirile gore sefatlhego sa gagwe se re phatsimele’ ka gonne a re amogela, le fa ‘melatswana ya metse e elela mo matlhong a rona’ ka gonne batho ba bangwe ba tlola molao wa gagwe.—Pesalema 119:135, 136; Dipalo 6:25.

17 Ruri Modimo a ka tswelela pele a re amogela fa re dirisa dikgakololo tsa gagwe tsa tshiamo. (Pesalema 119:137-144) E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, re a dumela gore go tshwanetse gore a re bolelele dikgakololo tsa gagwe tse di siameng a bo a lebelele gore re di ikobele. (Pesalema 119:138) E re ka mopesalema a ne a utlwa ditaelo tsa Modimo, ke ka ntlha yang fa a ne a re: “Ga ke sepe e bile ke a nyatsega”? (Pesalema 119:141) Go lebega gore o ne a tlhalosa tsela e baba ba gagwe ba neng ba mo leba ka yone. Fa re nna re nitame mo tshiamong, ba bangwe ba ka nna ba re lebela kwa tlase. Le fa go ntse jalo, sa botlhokwa tota ke gore Jehofa o a re amogela ka gonne re tshela tumalanong le dikgakololo tsa gagwe tsa tshiamo.

Re Sireletsegile e Bile re mo Kagisong

18, 19. Fa re latela dikgakololo tsa Modimo, seo se felela ka eng?

18 Go reetsa dikgakololo tsa Modimo go dira gore re nne re le gaufi le ene. (Pesalema 119:145-152) E re ka re reetsa dikgakololo tsa ga Jehofa, re ikutlwa re gololesegile gore re ka mo rapela ka pelo yotlhe, mme re ka lebelela gore a re utlwe. Re ka nna ra tsoga “ka makuku a moso” mme ra goa re kopa thuso. A bo eo e le nako e e molemo jang ne ya go rapela! (Pesalema 119:145-147) Gape Modimo o gaufi le rona ka gonne re fapoga boitsholo jo bo sa siamang mme re tsaya lefoko la gagwe e le boammaaruri, fela jaaka Jesu. (Pesalema 119:150, 151; Johane 17:17) Kamano ya rona le Jehofa e a re nonotsha mo lefatsheng leno le le nang le mathata mme e tla tswelela e re nonotsha jalo go ralala ntwa ya gagwe e kgolo ya Haramagedona.—Tshenolo 7:9, 14; 16:13-16.

19 E re ka re tseela lefoko la Modimo kwa godimo thata, re na le tshireletsego ya mmatota. (Pesalema 119:153-160) Rona ga re tshwane le baikepi ka gonne ‘ga re a fapoga mo dikgakololong tsa ga Jehofa.’ Re rata ditaelo tsa Modimo mme ka jalo o re bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato. (Pesalema 119:157-159) Dikgakololo tsa ga Jehofa di re gopotsa se a batlang re se dira mo maemong a a rileng. Melao ya Modimo yone e a re laela, mme re dumela gore Mmopi wa rona o na le tshwanelo ya go re kaela. Re amogela kaelo ya Modimo ka boitumelo ka gonne re itse gore ‘moko wa lefoko la Modimo ke boammaaruri,’ e bile re ka se ka ra kgona go kaela dikgato tsa rona ka borona.—Pesalema 119:160; Jeremia 10:23.

20. Ke ka ntlha yang fa re na le “kagiso e ntsi”?

20 Go rata molao wa ga Jehofa go re tlisetsa kagiso e ntsi. (Pesalema 119:161-168) Le fa re bogisiwa, ga re felelwe ke “kagiso ya Modimo” e e ka se tshwantshiweng le sepe. (Bafilipi 4:6, 7) Re anaanela ditshwetso tsa ga Jehofa tsa boatlhodi thata mo e leng gore re mmaka gantsi ka ntlha ya tsone—“ga supa mo letsatsing.” (Pesalema 119:161-164) Mopesalema o ne a opela a re: “Ba ba ratang molao wa gago ba na le kagiso e ntsi, mme ga ba na sekgopi.” (Pesalema 119:165) Fa mongwe le mongwe wa rona a rata molao wa ga Jehofa e bile a o boloka, ga re ne re kgopisiwa semoyeng ke se motho yo mongwe a se dirang kgotsa re kgopisiwa ke kgang epe fela.

21. Ke dikai dife tse di mo Dikwalong tse di bontshang gore ga re a tshwanela go kgopisega fa go tsoga mathata mo phuthegong?

21 Batho ba le bantsi ba go kwadilweng ka bone mo Baebeleng ga ba a ka ba letla sepe se ba kgoreletsa go ya go ile. Ka sekai, monna wa Mokeresete e bong Gaio ga a ka a kgopisega mme o ne a ‘tswelela a tsamaya mo boammaaruring’ le fa Dioterefese a ne a itshwara ka tsela e e sa bontsheng go tlotla Modimo. (3 Johane 1-3, 9, 10) Paulo o ne a kgothatsa basadi ba Bakeresete e bong Yudia le Sentike “gore ba nne ba mogopolo o o tshwanang mo Moreneng,” mme o tshwanetse a bo a ne a bua jalo ka ntlha ya kgotlhang e ba neng ba na le yone. Go lebega ba ne ba thusiwa go rarabolola bothata jwa bone, mme ba ne ba tswelela ba direla Jehofa ka boikanyegi. (Bafilipi 4:2, 3) Ka jalo ga re a tshwanela go kgopisega fa go tsoga mathata mangwe mo phuthegong. A re tlhomeng mogopolo mo go lateleng ditaelo tsa ga Jehofa, re gopola gore ‘ditsela tsotlhe tsa rona di fa pele ga gagwe.’ (Pesalema 119:168; Diane 15:3) Mme ga go na sepe se se tla tseelang ‘kagiso ya rona e ntsi’ ruri.

22. (a) Fa re ikobela Modimo, re ka nna le tshiamelo efe? (b) Re tshwanetse go leba jang bangwe ba ba tlogetseng phuthego ya Bokeresete?

22 Fa re ikobela Jehofa ka metlha, re tla nna le tshiamelo ya go tswelela pele re mmaka. (Pesalema 119:169-176) Fa re tshela tumalanong le melao ya Modimo, ga re ipelele tshireletsego ya semoya fela mme gape ‘pako ya ga Jehofa e tswelela pele go tswa mo dipounameng tsa rona.’ (Pesalema 119:169-171, 174) Eno ke tshiamelo e kgolo go gaisa tsotlhe tse re ka nnang le tsone mo metlheng eno ya bofelo. Mopesalema o ne a batla go nna a tshela le go baka Jehofa, mme ka tsela nngwe e e sa tlhalosiwang, o ne a kile a ‘kgarakgatshega jaaka nku e e latlhegileng.’ (Pesalema 119:175, 176) Bangwe ba ba ileng ba kgarakgatshega ba tlogela phuthego ya Bokeresete ba ka tswa ba sa ntse ba rata Modimo e bile ba batla go mmaka. Ka jalo a re direng sotlhe se re ka se kgonang gore re ba thuse mme ba boe ba sireletsege semoyeng ba bo ba ipelele go baka Jehofa ba na le batho ba gagwe.—Bahebera 13:15; 1 Petere 5:6, 7.

Lesedi le le Nnelang Ruri la Tsela ya Rona

23, 24. O lemogile melemo efe mo go Pesalema 119?

23 Pesalema 119 e ka re solegela molemo ka ditsela tse di farologaneng. Ka sekai, e ka dira gore re ikaege thata ka Modimo ka gonne e bontsha gore motho a ka itumela tota ka go ‘tsamaya mo molaong wa ga Jehofa.’ (Pesalema 119:1) Mopesalema o re gakolola gore ‘moko wa lefoko la Modimo ke boammaaruri.’ (Pesalema 119:160) Ruri seno se tshwanetse sa oketsa tsela e re anaanelang ka yone Lefoko la Modimo lotlhe le le kwadilweng. Go tlhatlhanya ka Pesalema 119 go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go ithuta Dikwalo ka tlhoafalo. Mopesalema o ne a kopa Modimo jaana gangwe le gape: “Nthute melao ya gago.” (Pesalema 119:12, 68, 135) Gape o ne a mo rapela jaana: “Nthute se se molemo, tlhaloganyo le kitso, gonne ke bontshitse tumelo mo ditaolong tsa gago.” (Pesalema 119:66) Le rona re tshwanetse go rapela ka tsela e e tshwanang.

24 Thuto ya Modimo e dira gore re kgone go nna le kamano e e gaufiufi le Jehofa. Gangwe le gape mopesalema o ipitsa motlhanka wa Modimo. Tota e bile, o bua le Jehofa ka mafoko ano a a amang pelo: “Ke wa gago.” (Pesalema 119:17, 65, 94, 122, 125; Baroma 14:8) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go direla le go baka Jehofa jaaka mongwe wa Basupi ba gagwe! (Pesalema 119:7) A o direla Modimo o itumetse jaaka mmoledi wa Bogosi? Fa go ntse jalo, tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela pele a go nonotsha le go go segofatsa mo tirong eno ya botlhokwa fa o nna o ikanya lefoko la gagwe le go le letla le bonesa tsela ya gago.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rata lefoko la Modimo?

• Lefoko la Modimo le re nonotsha jang?

• Dikgakololo tsa ga Jehofa di re thusa ka ditsela dife?

• Ke ka ntlha yang fa batho ba ga Jehofa ba sireletsegile e bile ba le mo kagisong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Lefoko la Modimo le naya lesedi la semoya

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa re rata dikgakololo tsa ga Jehofa, le ka motlha a ka se re tseye re le “manyelo”

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi, re ka gopola ditemana dingwe tse di ka re thusang fa re rapela