Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a kwala jaana malebana le mosadi yo o nyetsweng wa Mokeresete: “O tla bolokwa a babalesegile ka go tshola bana”?—1 Timotheo 2:15.
Ke eng se ditemana tse di dikologileng eno di se bontshang ka se Paulo a neng a se kaya fa a ne a bua mafoko a temana eno? O ne a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo go naya kgakololo ka seabe sa mosadi wa Mokeresete mo phuthegong. O ne a kwala jaana: “Ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo, e leng, ka ditiro tse di molemo.” (1 Timotheo 2:9, 10) Paulo o ne a rotloetsa bokgaitsadie ba Bakeresete gore ba nne bori, ba nne tekatekano fa ba ikgabisa mo mmeleng le go ‘ikgabisa’ ka ditiro tse di molemo.
Morago ga moo, Paulo o ne a tlhalosa ka thulaganyo ya botlhogo mo phuthegong, a bo a re: “Ga ke letle mosadi go ruta, kgotsa go dirisa taolo mo monneng, fa e se go nna ka tidimalo.” (1 Timotheo 2:12; 1 Bakorintha 11:3) O ne a tlhalosa lebaka la thulaganyo eno ka go bontsha gore, le fa Adame a sa tsiediwa ke Satane, Efa ene “o ne a tsiediwa ka botlalo mme a simolola go nna mo tlolong.” Mosadi wa Mokeresete a ka sirelediwa jang mo boleong jo Efa a ileng a wela mo go jone? Paulo o araba ka go re: “Le fa go ntse jalo, o tla bolokwa a babalesegile ka go tshola bana, fa fela ba tswelela mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong mmogo le ka mogopolo o o itekanetseng sentle.” (1 Timotheo 2:14, 15) Paulo o ne a kayang ka mafoko ano?
Go bonala baranodi bangwe ba kaya gore mosadi o tshwanetse gore a tshole bana gore a tle a bolokiwe. Ka sekai, thanolo ya Beibele (Tswana Central) ya re: “[Mosadi] o tlaa pholosiwa ka go belega bana.” Le fa go ntse jalo, go tla bo go le phoso go tlhalosa mafoko a ga Paulo jalo. Go na le ditemana di le dintsi tse di bontshang gore fa motho a batla go bolokiwa, o tshwanetse go itse Jehofa, a dumele mo go Jesu le go bontsha tumelo mo go ene, a bontsha tumelo eo ka ditiro. (Johane 17:3; Ditiro 16:30, 31; Baroma 10:10; Jakobe 2:26) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a sa tlhomamise gore basadi ba e leng badumedi ba ne ba tla tshola bana ka metlha kwantle ga mathata ape. Basadi ba tshotse bana kwantle ga mathata e ka ne e le badumedi kana e se bone. Mme ka maswabi, bangwe ba ile ba tlhokafala fa ba ntse ba tshola bana, e le badumedi kana e se bone.—Genesise 35:16-18.
Kgakololo e nngwe gape ya ga Paulo moragonyana mo go lone lekwalo leno malebana le basadi e re thusa go tlhaloganya se a neng a bua ka sone. O tlhagisa ka batlholagadi bangwe ba basha ba ba neng “ba sa dire sepe, ba dikologa le matlo; ee, e se fela gore ga ba dire sepe, mme gape e le basebi le ba ba itsenyatsenyang mo mererong ya batho ba bangwe, ba bua ka dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.” Paulo o ne a ba gakolola jang? O tswelela ka go re: “Jalo ke eletsa gore batlholagadi ba babotlana ba nyalwe, ba tshole bana, ba tlhokomele ba ntlo ya bone, ba se ka ba naya moganetsi tlhotlheletso ya go gobolola.”—1 Timotheo 5:13, 14.
Paulo o gatelela seabe se se molemo sa basadi mo thulaganyong ya lelapa. Fa mosadi a tshwarega mo dilong tse di tshwanang le go ‘tshola bana le go tlhokomela ntlo,’ e le mosadi yo o “tswelela[ng] mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong mmogo le ka mogopolo o o itekanetseng sentle,” ga a kitla a tshwarega ka dilo tse di sa ageng ba bangwe. Bomoya jwa gagwe bo tla sireletsega kana bo tla ‘bolokwa bo babalesegile.’ (1 Timotheo 2:15) Go dira jalo go ka thusa basadi ba bantsi ba basha go tila dirai tsa ga Satane.
Mafoko a Paulo a neng a a kwalela Timotheo a re gakolola rotlhe, banna le basadi, gore re tshwarege ka dilo tse di mosola. Lefoko la Modimo le gakolola Bakeresete botlhe jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale.”—Baefeso 5:15.