Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fenya ka Tsela e e Kgethegileng

Go Fenya ka Tsela e e Kgethegileng

Go Fenya ka Tsela e e Kgethegileng

A O GANEDIWA ka ntlha ya tumelo ya gago—gongwe kwa tirong, kwa sekolong, ke ba lelapa kana ka ntlha ya dithibelo tse puso e di beileng? O se ka wa kgobega marapo. Ba le bantsi ba Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lebana le diteko tse di tshwanang, mme le fa go ntse jalo, ba ile ba fenya. Ka sekai, akanya ka Erna Ludolph.

Erna o tsholetswe kwa Lübeck, kwa Jeremane, ka 1908. E ne e le ene fela mo lelapeng la gaabo yo o neng a direla Jehofa. Fa Hitler a simolola go busa ka 1933, botshelo bo ne jwa simolola go thatafalela Basupi ba ga Jehofa. Badirimmogo le Erna ba ne ba mo kgoba ka gonne a ne a sa tlotlomatse Hitler, mme seno se ne sa felela ka gore a tshwarwe ke Banasi. O ne a fetsa dingwaga di le robedi a le mo dikgolegelong tse di farologaneng le dikampa tsa pogisetso kwa Hamburg-Fuhlsbüttel, Moringen, Lichtenburg le Ravensbrück. Fa Erna a ne a le kwa Ravensbrück, go ne ga direga sengwe se se neng sa dira gore a fenye.

Motlhokomedi wa Ntlo Yo o Sa Tshwaneng le Botlhe ba Bangwe

Porofesa Friedrich Holtz le mosadi wa gagwe Alice, ba ne ba nna kwa Berlin. E ne e se maloko a lekoko la Banasi e bile ba sa dumalane le dikgopolo tsa lone. Le fa go ntse jalo, ba ne ba amana ka losika le modiredimogolo mongwe wa SS yo o neng a okame magolegwa mo kampeng nngwe ya pogisetso. Ka jalo, e ne ya re fa porofesa yono le mosadi wa gagwe ba batla motlhokomedi wa ntlo, modiredimogolo yono wa SS o ne a ba letla gore ba tlhophe mosadi mongwe wa legolegwa. Ka jalo, ka March 1943, Alice o ne a etela kwa Ravensbrück go ya go tlhopha motlhokomedi wa ntlo. O ne a tlhopha mang mo gare ga bone? O ne a tlhopha Erna Ludolph. Erna o ne a simolola go nna le lelapa la booraHoltz, ba ba neng ba mo tshwara sentle. Fa ntwa e sena go khutla, o ne a fuduga le lone lelapa leo go ya kwa Halle, gaufi le noka ya Saale. Fa Erna a le koo o ne a simolola go bogisiwa gape, mo lekgetlhong leno a bogisiwa ke badiredibagolo ba Basoshialise kwa Jeremane Botlhaba. Ka 1957, lelapa la booraHoltz le ne la patelediwa go fudugela kwa Jeremane Bophirima, mme Erna o ne a fuduga le bone. Kgabagare Erna o ne a gololesega go tshela go dumalana le tumelo ya gagwe.

Erna o ne a fenya jang ka tsela e e kgethegileng? E re ka Erna a ne a itshwara ka tsela e e molemo e bile a rera molaetsa wa Baebele ka botswerere, Alice Holtz le bana ba gagwe ba batlhano ba ne ba nna Basupi ba ga Jehofa ba ba kolobeditsweng. Mo godimo ga moo, ba le 11 ba ditlogolwana tsa ga Alice le bone ke Basupi. Gone jaanong, ba le babedi ba bone ba direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Selters, kwa Jeremane. Susanne, mongwe wa barwadia Alice a re: “Lelapa la rona le mo boammaaruring segolobogolo ka ntlha ya sekao sa ga Erna.” Boitshoko jwa ga Erna bo ne jwa duelwa fela thata. Go tweng ka wena? Ka tsela e e tshwanang, le wena o ka fenya fa o itshoka ka boikanyegi fa o le mo maemong a a thata. Ee, go nna le boitshwaro jo bo molemo le go rera ka botswerere go ka go thusa go fenya ka tsela e e kgethegileng. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Fa setlhogo seno se ne se sa ntse se baakanyediwa go gatisiwa, Erna Ludolph o ne a tlhokafala a na le dingwaga tse 96. O ile a ikanyega go ya fela kwa bokhutlong.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Erna Ludolph (yo o dutseng) le bangwe ba lelapa looraHoltz