Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna Pelokgale fa o Ganediwa

Go Nna Pelokgale fa o Ganediwa

Go Nna Pelokgale fa o Ganediwa

SEGOPA se se galefileng se ne se pateleditse ditsala tse pedi tsa ga moaposetoloi Paulo, e bong Gaio le Arisetareko, go tsena mo lefelong la bobogelo la kwa Efeso. Fa ba le koo, boidiidi jono jo bo galefileng bo ne jwa goa ka diura di le pedi bo re: “Go mogolo Aretemise wa Baefeso!” (Ditiro 19:28, 29, 34) A ditsala tsa ga Paulo di ne tsa ema di nitame fa di ganediwa jalo? Mme ke eng se se neng sa baka tlhakatlhakano eno kwa tshimologong?

Paulo o ne a feditse dingwaga di ka nna tharo a rera kwa Efeso. Ka ntlha ya seo, Baefeso ba le bantsi ba ne ba sa tlhole ba obamela medingwana. (Ditiro 19:26; 20:31) Modingwana o Baefeso ba neng ba o obamela e ne e le tempelana ya selefera ya ga Aretemise, modimogadi wa tsalo, yo tempele ya gagwe e ntle e neng e okame motse. Batho ba ne ba rwala ditempelana tseno e le dipheko kana ba kgabisa mo matlong ka tsone. Mme gone, Bakeresete bone ba ne ba sa reke medingwana eno.—1 Johane 5:21.

Dimeterio, yo e leng mothudi mongwe wa selefera, o ne a dumela gore bodiredi jwa ga Paulo bo ne bo tsenya kgwebo ya bone e e neng e dira madi a mantsi mo kotsing. Ka go bua maaka le ka go feteletsa dilo, o ne a dira gore bathudi mmogo le ene ba dumele gore batho go ralala Asia Minor ba ne ba tla tlogela go obamela Aretemise. Fa bathudi bano ba selefera ba ba galefileng ba simolola go goa ba galaletsa Aretemise, go ne ga tsoga dikhuduego mme motse otlhe wa tlhakatlhakana.—Ditiro 19:24-29.

Diketekete tsa batho di ne tsa kokoanela kwa lefelong la bobogelo, le le neng le kgona go tsaya babogedi ba le 25 000. Paulo o ne a leka go bua le setlhopha seno se se sa laolesegeng, mme badiredibagolo ba ba botsalano ba ne ba akantsha gore a se ka a dira jalo. Kwa bofelong, mokwaledi wa motse o ne a kgona go ritibatsa boidiidi jono, mme Gaio le Arisetareko ba ne ba kgona go tshaba kwantle ga dikgobalo.—Ditiro 19:35-41.

Gompieno batho ba Modimo le bone ba ka nna ba ganediwa kana ba tlhaselwa ke digopa fa ba ntse ba dira bodiredi jwa bone. Gantsi ba rera dikgang tse di molemo mo ditoropong tse mo go tsone go tletseng kobamelo ya medingwana, boitsholo jo bo sa siamang le go tlhoka molao. Le fa go ntse jalo, ba etsa moaposetoloi Paulo ka bopelokgale, yo o neng a ‘sa ithibe go ruta phatlalatsa le ka ntlo le ntlo’ mo motseng wa Efeso. (Ditiro 20:20) Mme le bone ba a itumela fa ba bona ‘lefoko la ga Jehofa le nna le gola e bile le fenya.’—Ditiro 19:20.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Marope a lefelo la bobogelo la kwa Efeso