Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tla Tsosiwa Bomang?

Go Tla Tsosiwa Bomang?

Go Tla Tsosiwa Bomang?

“Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.”—JOHANE 5:28, 29.

1. Moshe o ne a utlwa mafoko afe a a tlhomologileng mo setlhatshaneng se se mitlwa se se tukang, mme ke mang yo o neng a boeletsa mafoko ao moragonyana?

GO NE ga direga sengwe se se sa tlwaelegang tota dingwaga di feta 3 500 tse di fetileng. Moshe o ne a tlhokometse dinku tsa ga Jethero tlhogo ya lotso. Moengele wa ga Jehofa o ne a bonala kwa go Moshe gaufi le thaba ya Horeba, a le mo kgabong ya molelo mo gare ga setlhatshana se se mitlwa. Pego ya Ekesodo ya re: “E rile a ntse a lebile, bona, setlhatshana se se mitlwa sa bo se tuka molelo mme le fa go ntse jalo setlhatshana se se mitlwa seno se ne se sa she.” Mme ga tswa lentswe mo gare ga setlhatshana se se mitlwa le mmitsa. Le ne le re: “Ke nna Modimo wa ga rrago, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.” (Ekesodo 3:1-6) Moragonyana, ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., mafoko ao a ne a boelediwa ke Morwa Modimo e bong Jesu ka boene.

2, 3. (a) Go tla diragala eng ka Aborahame, Isake le Jakobe? (b) Go tsoga dipotso dife?

2 Jesu o ne a tlotla le Basadukae bangwe ba ba neng ba sa dumele gore go na le tsogo. O ne a re: “Gore baswi ba a tsosiwa le e leng Moshe o ne a go bolela, mo polelong ka ga setlhatshana se se mitlwa, fa a bitsa Jehofa ‘Modimo wa ga Aborahame le Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe.’ Ke Modimo, e seng wa baswi, mme wa batshedi, gonne botlhe ba a tshela mo go ene.” (Luke 20:27, 37, 38) Ka go bua mafoko ano, Jesu o ne a tlhomamisa gore go ya kafa Modimo a lebang dilo ka teng, Aborahame, Isake le Jakobe ba ba sa bolong go swa ba sa ntse ba tshela mo mogopolong wa Modimo. Fela jaaka Jobe, ba emetse bofelo jwa ‘tiro ya bone e e patelediwang,’ e leng nako ya fa ba sule. (Jobe 14:14) Ba tla tsosiwa mo lefatsheng la Modimo le lesha.

3 Le fa go ntse jalo, go tweng ka dibilione tsa ba bangwe ba ba suleng go ralala hisitori ya motho? A le bone ba tla tsosiwa? Pele re bona karabo e e kgotsofatsang ya potso eo, a re boneng mo Lefokong la Modimo gore go diragalang ka batho fa ba a swa.

Baswi ba Kae?

4. (a) Batho ba ya kae fa ba a swa? (b) Sheole ke eng?

4 Baebele e bolela gore baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” Fa batho ba a swa, ga ba tlhokofadiwe mo molelong wa dihele, ga ba lete lobaka lo loleele kwa lefelong le go tweng Limbo, mme ba boela fela mo loroleng. Ka jalo, Lefoko la Modimo le gakolola batshedi jaana: “Sotlhe se seatla sa gago se se bonang go se dira, se dire ka maatla a gago, gonne ga go na tiro le fa e le go loga maano le fa e le kitso le fa e le botlhale kwa Sheole, lefelo le o yang kwa go lone.” (Moreri 9:5, 10; Genesise 3:19) “Sheole” ke lefoko le batho ba le bantsi ba sa le tlwaelang. Ke lefoko la Sehebera le go sa tlhomamisegeng gore le simologile kae. Madumedi a le mantsi a ruta gore baswi ba ntse ba a tshela, mme jaaka Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le bontsha, ba ba mo Sheole ba sule, ga ba itse sepe. Sheole ke lebitla le le tlwaelegileng la batho.

5, 6. Fa Jakobe a swa, o ne a ya kae, mme o ne a fitlhwa gaufi le mang koo?

5 Mo Baebeleng, lefoko “Sheole” le tlhaga la ntlha mo go Genesise 37:35. Fa go ne go lebega e kete Josefa yo o ratiwang thata, morwa wa tlhogo ya lotso e bong Jakobe o ne a sule, Jakobe o ne a gana go gomodiwa, a re: “Gonne ke tla fologela kwa go morwaake mo teng ga Sheole ke hutsafetse!” E re ka Jakobe a ne a dumela gore morwawe o sule, o ne a batla gore le ene a swe a ye kwa Sheole. Moragonyana, bana ba ga Jakobe ba bagolwane ba le robongwe ba ne ba batla go tsamaya le morwawe yo mmotlana thata e bong Benjamine ba ya Egepeto go ya go batla dijo ka gonne go ne go le leuba. Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a gana a re: “Morwaake ga a kitla a tsamaya le lona, ka gonne morwarraagwe o sule mme o setse a le esi. Fa a ka tlhagelwa ke kotsi e e ka mmolayang mo tseleng e lo tla e tsamayang, ruri lo tla folosetsa meriri ya me e mesweu ka khutsafalo mo teng ga Sheole.” (Genesise 42:36, 38) Ditemana tseno tse pedi di amanya Sheole le loso, e seng le mofuta mongwe wa botshelo morago ga loso.

6 Pego ya Genesise e re bolelela gore Josefa e ne e setse e le motlhokomedi wa dijo kwa Egepeto. Ka jalo Jakobe o ne a kgona go ya koo mme a itumelela go kopana gape le Josefa. Morago ga moo, Jakobe o ne a nna mo nageng eo go fitlha a swa a setse a godile tota a na le dingwaga di le 147. Bomorwawe ba ne ba diragatsa kopo e a e dirileng fa a ne a swa, ka go tsaya marapo a gagwe mme ba a fitlha mo logageng lwa Makapela mo nageng ya Kanana. (Genesise 47:28; 49:29-31; 50:12, 13) Ka jalo, Jakobe o ne a fitlhwa gaufi le Isake rraagwe le Aborahame rraagwemogolo.

‘Ba Phuthelwa Kwa go Borraabonemogologolwane’

7, 8. (a) Aborahame o ne a ya kae fa a swa? Tlhalosa. (b) Ke eng se se bontshang gore ba bangwe le bone ba ne ba tsena mo Sheole fa ba a swa?

7 Pelenyana, fa Jehofa a ne a tlhomamisa kgolagano ya gagwe le Aborahame mme a solofetsa gore losika lwa gagwe lo tla ntsifala, o ne a bontsha se se neng se tla diragalela Aborahame. Jehofa o ne a re: “Fa e le wena, o tla ya kwa go borragomogologolwane ka kagiso; o tla fitlhwa o tsofetse thata.” (Genesise 15:15) Mme go ne ga diragala fela jalo. Genesise 25:8 ya re: “Mme Aborahame a fela mme a swa a tsofetse thata, a godile e bile a kgotsofetse, mme a phuthelwa kwa bathong ba gagabo.” Batho bano e ne e le bomang? Genesise 11:10-26 e thathamisa bagologolwane ba gagwe go ya go fitlha ka morwa Noa e bong Sheme. Ka jalo fa Aborahame a swa, o ne a phuthelwa mo bathong bano ba ba neng ba setse ba robetse mo Sheole.

8 Polelwana e e reng “a phuthelwa kwa bathong ba gagabo” e tlhaga gantsi mo Dikwalong tsa Sehebera. Ka jalo, go a utlwala go konela ka gore morwa Aborahame e bong Ishemaele le morwarraagwe Moshe e bong Arone, botlhe ba ne ba ya kwa Sheole fa ba sena go swa, mme ba emela tsogo koo. (Genesise 25:17; Dipalo 20:23-29) Ka jalo, Moshe le ene o ne a ya kwa Sheole, le fa go ne go se ope yo o itseng kwa lebitla la gagwe le leng teng. (Dipalo 27:13; Duteronome 34:5, 6) Ka tsela e e tshwanang, Joshua, yo o ileng a tlhatlhama Moshe ka go etelela Baiseraele pele, le ene o ne a fologela kwa Sheole fa a swa, mmogo le batho botlhe ba ba neng ba tshela mo motlheng wa gagwe.—Baatlhodi 2:8-10.

9. (a) Baebele e bontsha jang gore lefoko la Sehebera e leng “Sheole” le lefoko la Segerika e leng “Hadese” a kaya lefelo le le lengwe? (b) Go tla diragala eng ka ba ba kwa Sheole kgotsa Hadese?

9 Makgolokgolo a dingwaga moraganyana, Dafide o ne a nna kgosi ya ditso tse 12 tsa Iseraele. Fa a swa, o ne a “lala le borraagwemogologolwane.” (1 Dikgosi 2:10) A le ene o ne a le kwa Sheole? Se se kgatlhang ke gore, ka letsatsi la Pentekosete, 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a bua ka loso lwa ga Dafide mme a nopola Pesalema 16:10: “Ga o na go tlogela moya wa me mo Sheole.” Fa Petere a sena go umaka gore Dafide o ne a sa ntse a le mo lebitleng, o ne a dirisa mafoko ao go bua ka Jesu mme a bontsha gore Dafide “o ne a bona go sa le pele a ba a bua kaga tsogo ya ga Keresete, gore o ne a sa latlhwa mo Hadese le gone nama ya gagwe e ne ya se ka ya bola. Jesu yono Modimo o ne a mo tsosa mo losong, tiragalo e rotlhe re leng basupi ba yone.” (Ditiro 2:29-32) Fano Petere o ne a dirisa lefoko “Hadese,” e leng lefoko la Segerika le ka Sehebera e leng “Sheole.” Ka jalo, ba go tweng ba mo Hadese ba mo seemong se se tshwanang le sa ba go tweng ba mo Sheole. Ba robetse, ba emetse tsogo.

A go Na le Batho Ba ba Sa Siamang Kwa Sheole?

10, 11. Ke ka ntlha yang fa re ka re bangwe ba ba sa siamang ba ya kwa Sheole, kgotsa Hadese fa ba a swa?

10 Fa Moshe a sena go etelela setšhaba sa Iseraele pele gore se tswe mo Egepeto, bangwe ba ne ba tsuologa fa setšhaba seno se sa ntse se le mo nageng. Moshe o ne a raya batho a re ba ikgaoganye le baeteledipele ba ditsuolodi—Kora, Dathane le Abirame. Ba ne ba tla swa botlhoko. Moshe o ne a tlhalosa jaana: “Fa e le gore batho bano ba tla swa loso lwa batho botlhe le gore ba tla tlisediwa kotlhao ka kotlhao ya batho botlhe, foo ga se Jehofa yo o nthomileng. Mme fa e le gore Jehofa o tla dira selo se se sa tlwaelegang, le gore lefatshe le bule molomo wa lone le ba kometse le sengwe le sengwe sa bone mme ba fologele mo teng ga Sheole ba tshela, foo ruri lo tla itse gore banna bano ba tshwere Jehofa ka go tlhoka tlotlo.” (Dipalo 16:29, 30) Ka jalo, ditsuolodi tseno tsotlhe di ne tsa felela kwa Sheole kgotsa Hadese e ka tswa e le ka gore lefatshe le bulege mme le ba kometse kgotsa ka go fisiwa ka molelo jaaka go ne ga direga ka Kora le Balefi ba ba 250 ba ba neng ba mo ema nokeng.—Dipalo 26:10.

11 Shimei, yo o neng a hutsitse Kgosi Dafide, o ne a otlhaiwa ke motlhatlhami wa ga Dafide e bong Solomone. Dafide o ne a laela jaana: “O se ka wa mo tlogela a sa otlhaiwa, gonne o monna yo o botlhale e bile o itse sentle gore o tshwanetse go mo dira eng, mme o folosetse meriri ya gagwe e mesweu mo Sheole ka madi.” Solomone o ne a dira gore Benaia a diragatse katlholo eo. (1 Dikgosi 2:8, 9, 44-46) Motho yo mongwe gape yo o neng a bolawa ke tšhaka ya ga Benaia e ne e le Joabe yo pele e neng e le ramasole wa Iseraele. Meriri ya gagwe e mesweu ga e a ka ya “fologela mo Sheole ka kagiso.” (1 Dikgosi 2:5, 6, 28-34) Dikai tseno ka bobedi di supela boammaaruri jwa pina eno ya ga Dafide e e tlhotlheleditsweng: “Baikepi ba tla boela kwa Sheole, le ditšhaba tsotlhe tse di lebalang Modimo.”—Pesalema 9:17.

12. Ahitofele e ne e le mang, mme o ne a ya kae fa a swa?

12 Ahitofele e ne e le mogakolodi wa ga Dafide. Kgakololo ya gagwe e ne e tseelwa kwa godimo jaaka e kete e tswa kwa go Jehofa ka boene. (2 Samuele 16:23) Ka maswabi, motlhanka yono yo o neng a ikanngwa o ne a fetoga mooki mme a kopanela mo botsuoloding jo bo neng bo eteletswe pele ke morwa Dafide e bong Abesalome. Go lebega Dafide a ne a bua ka go oka gono fa a ne a kwala jaana: “E ne e se mmaba yo o neng a nkgoba; go seng jalo ke ne ke tla go itshokela. E ne e se yo o ntlhoileng thata yo o neng a nna boikgodiso thata mo go nna; go seng jalo ke ne ke ka mo iphitlhela.” Dafide o ne a tswelela pele jaana: “A kgakgabalo e ba wele! A ba fologele mo Sheole ba tshela; gonne dilo tse di bosula di ntse di le mo go bone fa ba ne ba agile e le baeng.” (Pesalema 55:12-15) Fa Ahitofele le balekane ba gagwe ba a swa, ba ne ba ya kwa Sheole.

Ke Bomang ba ba Kwa Gehena?

13. Ke ka ntlha yang fa Judase a bidiwa “morwa tshenyego”?

13 Bapisa seemo sa ga Dafide le se Jesu, Dafide yo Mogolwane, a neng a le mo go sone. Mongwe wa baaposetoloi ba ba 12 ba ga Keresete e bong Judase Isekariota, o ne a nna mooki jaaka Ahitofele. Boferefere jwa ga Judase bo ne bo le masisi thata go feta jwa ga Ahitofele. Judase o ne a oka Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo. Fa Morwa Modimo a ne a rapela ka nako ya fa a ne a wetsa bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, o ne a bega jaana kaga balatedi ba gagwe: “Fa ke ne ke na le bone ke ne ke tle ke ba tlhokomele ka ntlha ya leina la gago le o le nneileng; e bile ke ba bolokile, mme ga go na le fa a le mongwe wa bone yo o sentsweng fa e se morwa tshenyego, gore lokwalo lo tle lo diragadiwe.” (Johane 17:12) E re ka fano Jesu a ne a bitsa Judase a re ke “morwa tshenyego,” o ne a bontsha gore fa Judase a swa, go ne go sena tsholofelo epe ya gore o tla boa. Modimo ga a ka a nna a mo gakologetswe. O ne a ya kwa Gehena, e seng kwa Sheole. Gehena ke eng?

14. Gehena e emela eng?

14 Jesu o ne a kgala baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ka gonne ba ne ba dira gore mongwe le mongwe wa barutwa ba bone a nne yo “o lebanweng ke Gehena.” (Mathaio 23:15) Mo metlheng eo, batho ba ne ba itse Mokgatšha wa Hinoma, lefelo le le neng le dirisediwa go latlhela matlakala, mme kwa go lone go ne go isiwa ditopo tsa dikebekwa tse di bolailweng tse di neng di sa tshwanelwe ke go fitlhwa sentle. Pelenyana ga foo, Jesu ka boene o ne a umakile Gehena mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng. (Mathaio 5:29, 30) Ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba tlhaloganya bokao jwa tshwantshetso jwa lefoko leno sentle. Gehena e ne e tshwantshetsa go senngwa gotlhelele go sena tsholofelo ya tsogo. Kwantle ga ga Judase Isekariota wa motlha wa ga Jesu, a go na le ba bangwe ba e rileng ba a swa ba ya kwa Gehena, go na le go ya kwa Sheole, kgotsa Hadese?

15, 16. Ke bomang ba ba ileng Gehena fa ba a swa, mme ke ka ntlha yang fa ba ile koo?

15 Batho ba ntlha e bong Adame le Efa, ba bopilwe ba itekanetse. Ba ile ba leofa ka boomo. Ba ne ba ka tlhopha botshelo jo bo sa khutleng kgotsa loso. Ga ba a ka ba utlwa Modimo mme ba ne ba ema Satane nokeng. Fa ba a swa, ba ne ba se na tsholofelo epe ya go solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. Go na le moo, ba ile ba ya kwa Gehena.

16 Morwa wa leitibolo wa ga Adame e bong Kaine, o ne a bolaya morwarraagwe e bong Abele mme morago ga moo a nna mofaladi. Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa Kaine e le “yo o neng a tswa mo go yo o boikepo.” (1 Johane 3:12) Go a utlwala go swetsa ka gore fela jaaka batsadi ba gagwe, o ne a ya kwa Gehena fa a swa. (Mathaio 23:33, 35) A bo seemo seno se farologane jang ne le sa ga Abele wa mosiami! Paulo o ne a tlhalosa a re: “Ka tumelo Abele o ne a isetsa Modimo setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine, e leng tumelo e go neng ga neelwa bosupi kaga gagwe ka yone gore o ne a siame, Modimo a naya bosupi mabapi le dimpho tsa gagwe; mme le mororo a sule, o sa ntse a bua ka yone.” (Bahebera 11:4) Ee, gone jaanong Abele o kwa Sheole o emetse go tsosiwa.

Tsogo ya “Ntlha” le Tsogo e e “Botoka”

17. (a) Mo ‘motlheng ono wa bofelo,’ ke bomang ba ba yang kwa Sheole? (b) Go tla diragalang ka ba ba kwa Sheole le ba ba kwa Gehena?

17 Batho ba le bantsi ba ba balang tshedimosetso eno ba tla ipotsa ka seemo sa batho ba ba swang ‘mo motlheng ono wa bofelo.’ (Daniele 8:19) Tshenolo kgaolo 6 e tlhalosa tatelano ya bapalami ba banè ba dipitse ba motlha ono. Se se kgatlhang ke gore, wa bofelo mo go bone o bidiwa Loso, mme o latelwa ke Hadese. Ka jalo, ba le bantsi ba ba swang go sa lebelelwa ka ntlha ya tiro ya bapalami ba dipitse ba ba tlileng pele ga yono, ba felela kwa Hadese, kwa ba letelang go tsosediwa mo lefatsheng le lesha la Modimo gone. (Tshenolo 6:8) Mme go tla diragalang he ka ba ba kwa Sheole (Hadese) le ba ba kwa Gehena? Ba ba kwa Sheole ba tla tsosiwa; ba ba kwa Gehena ba tla bona tshenyego ya bosakhutleng—ke gore ba ka se tlhole ba nna teng.

18. Go tla diragala eng ka ba ba bonang ‘tsogo ya ntlha’?

18 Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Go itumela e bile go boitshepo motho yo o nang le seabe mo tsogong ya ntlha; loso lwa bobedi ga lo na taolo mo go bone, mme ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” Batho ba ba tla busang mmogo le Keresete ba tsosiwa “mo tsogong ya ntlha,” mme go tla diragala eng ka batho ba bangwe botlhe?—Tshenolo 20:6.

19. Bangwe ba solegelwa molemo jang ke “tsogo e e botoka”?

19 Go tswa fela kwa metlheng ya batlhanka ba Modimo e bong Elija le Elisha, kgakgamatso ya tsogo e ne e dira gore batho ba kgone go tshela gape. Paulo o ne a tlhalosa jaana: “Basadi ba ne ba amogela baswi ba bone ka tsogo; mme banna ba bangwe ba ne ba tlhokofadiwa ka gonne ba ne ba ka se ka ba amogela kgololo ka thekololo nngwe, gore ba tle ba bone tsogo e e botoka.” Ee, babolokabothokgami bano ba ba ikanyegang ba ne ba lebile pele go bona tsogo e e se nang go dira gore ba tshele dingwaga tse dingwe di sekae fela ba bo ba a swa, mme e le e e tla ba nayang tsholofelo ya go tshelela ruri! Ruri eo e tla bo e le “tsogo e e botoka.”—Bahebera 11:35.

20. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa eng?

20 Fa re swa re ikanyega pele Jehofa a fedisa tsamaiso eno e e boikepo, re ka tlhomamisega gore re tla bona “tsogo e e botoka,” e le botoka ka gonne fa re sena go tsosiwa re ka solofela go tshelela ruri. Jesu o ne a solofetsa jaana: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Setlhogo sa rona se se latelang se tlhalosa boikaelelo jwa tsogo go ya pele. Se tla bontsha kafa tsholofelo ya tsogo e re nonotshang ka teng gore re nne re ikanyega le kafa e re thusang ka teng go nna le moya wa go intsha setlhabelo.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tlhalosiwa e le Modimo “wa batshedi”?

• Seemo sa batho ba ba kwa Sheole ke sefe?

• Go tla diragalang ka ba ba kwa Gehena?

• Bangwe ba tla solegelwa molemo jang ke “tsogo e e botoka”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Fela jaaka Aborahame, ba ba yang Sheole ba tla tsosiwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Ke ka ntlha yang fa Adame, Efa, Kaine le Judase Isekariota ba ile Gehena?