Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsholofelo ya Tsogo—E Kaya Eng mo go Wena?

Tsholofelo ya Tsogo—E Kaya Eng mo go Wena?

Tsholofelo ya Tsogo—E Kaya Eng mo go Wena?

“O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.”—PESALEMA 145:16.

1-3. Batho ba bangwe ba solofetse eng ka isagwe? Tshwantsha.

CHRISTOPHER wa dingwaga tse robongwe le mogolowe ba ne ba feditse moso le mmangwaneabone le ngwana wa gagwe le malomaabone le ngwana wa gagwe ba tsena ntlo le ntlo ba le mo bodireding jwa bone jwa Bokeresete gaufi le Manchester, kwa Engelane. Makasine o o tsamaisanang le ono, o o bidiwang Tsogang!, o ne wa tlhalosa se se ileng sa diragala. “E rile tshokologo ba bo ba tswa botlhe ba tsamaya ba bona mafelo a a kgatlhang kwa Blackpool, e leng lefelo la boitapoloso le le gaufi le lewatle. Botlhe ba le 6 ba ne ba nna mo kotsing ya koloi e e neng ya bolaya batho ba le 12 gone fela foo, mme mapodise a tlhalosa kotsi eo a re e ne e le ‘segajaja tota.’”

2 Bosigo jwa pele ga masetlapelo ao, lelapa leno le ne le ile kwa Thutong ya Buka ya Phuthego, mme go ne go buiwa ka kgang ya loso koo. Rraagwe Christopher o ne a anela jaana: “E ne e le mosimane yo o akanyetsang dilo kwa teng. Mo bosigong joo, o ne a bua go utlwala kaga lefatshe le lesha le se a se solofetseng mo isagweng. Go tswa foo, fa motlotlo o ntse o tsweletse, Christopher o ne a re: ‘Se se monate ka go nna Mosupi wa ga Jehofa ke gore, le fa loso lo le botlhoko, re itse gore re tla boa re kopana gape mo lefatsheng letsatsi lengwe.’ Ga go ope wa rona yo o neng a lemoga gore mafoko ao a ne a tla nna lobaka lo loleele jaana mo megopolong ya rona.” *

3 Dingwaga di le dintsi pele ga foo, ka 1940, Franz, yo e neng e le Mosupi wa kwa Austria, o ne a lebana le katlholo ya go bolawa ka go kgaolwa tlhogo ka gonne a ne a gana go fetogela Jehofa. Franz o ne a kwalela mmaagwe jaana a le kwa kgolegelong kwa Berlin: “Go ya kafa ke itseng ka teng, fa nkabo ke dirile maikano [a go tsenela bosole], nkabo ke dirile boleo jo motho a tshwanelwang ke loso fa a bo dirile. Seo e ne e tla bo e le boikepo mo go nna. Ke ne ke se kitla ke tsosiwa mo baswing. . . . Mme jaanong, Mmè yo o rategang mmogo le bomorwarre botlhe le bokgaitsadiake, ke boleletswe katlholo ya me gompieno, mme lo se ka lwa boifa, ke ya loso, ke tlile go bolawa ka moso mo mosong. Modimo ke ene a nnayang maatla, fela jaaka go ile ga nna ka Bakeresete botlhe ba ba ikanyegang ba metlha ya bogologolo. . . . Fa lo ka nna lo nitame go fitlha lo swa, re tla boa re kopana gape ka nako ya tsogo ya baswi. . . . Go fitlha re kopana gape.” *

4. Maitemogelo a a tlhalositsweng fano a go ama jang, mme jaanong re tla sekaseka eng?

4 Tsholofelo ya tsogo e ne e le botlhokwa thata mo go Christopher le mo go Franz. Ba ne ba bona e le sengwe sa mmatota. Ruri dipego tseno di re ama pelo! E le gore re nonotshe tsela e re anaanelang Jehofa ka yone le tsholofelo ya rona ya gore go tla nna le tsogo ya baswi, a re sekasekeng mabaka a go bo go tla nna le tsogo le gore seno se tshwanetse sa ama mongwe le mongwe wa rona jang.

Ponatshegelo ya go Tsosiwa ga Baswi mo Lefatsheng

5, 6. Ponatshegelo e e kwadilweng ke moaposetoloi Johane mo go Tshenolo 20:12, 13 e senola eng?

5 Fa moaposetoloi Johane a ne a bona ponatshegelo ya dilo tse di tla diragalang ka Puso ya ga Keresete Jesu ya Dingwaga Tse di Sekete, o ne a bona tsogo ya mo lefatsheng e diragala. O ne a bega jaana: “Ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, . . . mme lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone.” (Tshenolo 20:12, 13) Batho botlhe ba ba mo Hadese (Sheole), lebitla le le tlwaelegileng la batho, ba tla ntshiwa mo go yone, le fa ba ka tswa e le ba seemo sefe—e ka tswa ba le “bagolo” kgotsa ba le “bannye.” Ba ba swetseng kwa lewatleng le bone ba tla boa ba tshela ka nako eo. Tiragalo eno e e molemo ke karolo ya boikaelelo jwa ga Jehofa.

6 Puso ya ga Keresete ya dingwaga tse di sekete e simolola ka gore Satane a golegwe a bo a latlhelwa mo moleteng. Ga go na ope mo go ba ba tsositsweng kgotsa ba ba falotseng pitlagano e kgolo ba ba tla faposiwang ke Satane ka nako ya puso eo, ka gonne o tla bo a sa kgone go dira sepe. (Tshenolo 20:1-3) Dingwaga tse di sekete di ka lebega e le nako e telele mo go wena, mme tota Jehofa o di tsaya “jaaka letsatsi le le lengwe.”—2 Petere 3:8.

7. Batho ba tla atlholwa go ya ka eng mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete?

7 Go ya ka ponatshegelo eo, Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete e tla bo e le nako ya katlholo. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Ka bona baswi, ba bagolo le ba bannye, ba eme fa pele ga setulo sa bogosi, mme dikwalo tsa momeno tsa bulwa. Mme lokwalo lwa momeno lo longwe lo ne lwa bulwa; ke lokwalo lwa momeno lwa botshelo. Mme baswi ba ne ba atlholwa go ya ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong tseno tsa momeno go ya ka ditiro tsa bone. . . . Mme ba atlholwa mongwe le mongwe go ya ka ditiro tsa bone.” (Tshenolo 20:12, 13) Ela tlhoko gore motho ga a atlholwe ka gore o dirile eng kgotsa ga a dira eng pele a swa. (Baroma 6:7) Go na le moo, katlholo e dirwa go ya ka ‘dikwalo tsa memeno’ tse di tla bulwang. Ditiro tse motho a di dirang fa a sena go itse se se mo teng ga memeno ke tsone di tla laolang gore a leina la gagwe le kwalwa mo ‘lokwalong lwa momeno lwa botshelo.’

‘Tsogo ya Botshelo’ Kgotsa ‘Tsogo ya Katlholo’

8. Ke dilo dife tse pedi tse di ka diragalelang batho ba ba tsosiwang mo baswing?

8 Pelenyana mo ponatshegelong ya ga Johane, Jesu o tlhalosiwa a tshotse “dilotlolo tsa loso le tsa Hadese.” (Tshenolo 1:18) Ke “Moemedi yo Mogolo wa botshelo” wa ga Jehofa yo o filweng maatla a go atlhola “batshedi le baswi.” (Ditiro 3:15; 2 Timotheo 4:1) O tla dira seno jang? Ka go tsosa ba ba robetseng mo losong gore ba boe ba tshele gape. Jesu o ne a raya boidiidi jwa batho ba a neng a ba rerela a re: “Lo se gakgamalele seno, ka gonne nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la gagwe ka yone mme ba tla tswa.” Mme o ne a oketsa jaana: “Ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo, ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tswela kwa tsogong ya katlholo.” (Johane 5:28-30) Ka jalo go tla diragalang mo isagweng ka banna le basadi ba ba ikanyegang ba bogologolo?

9. (a) Batho ba le bantsi ba tla lemoga eng fa ba sena go tsosiwa? (b) Go tla dirwa tiro efe e kgolo ya go ruta?

9 Fa batho bano ba ba ikanyegang ba bogologolo ba sena go tsosiwa, ba tla lemoga go ise go ye kae gore ditsholofetso tse ba neng ba di ikantse jaanong di a diragala. A bo ba tla itumela jang go utlwa gore Losika lwa mosadi wa Modimo ke mang, jaaka fa a umakilwe mo boporofeting jwa ntlha jo bo mo Baebeleng, mo go Genesise 3:15! A bo ba tla itumela jang ne go utlwa gore Mesia yono yo o solofeditsweng e bong Jesu, o ne a ikanyega go fitlha losong, mme ka jalo a ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo sa thekololo! (Mathaio 20:28) Bao ba ba amogelang gape mo botshelong ba tla itumedisiwa thata ke go ba thusa go tlhaloganya gore thulaganyo eno ya thekololo e bontsha bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa ga Jehofa le bopelotlhomogi jwa gagwe. Fa batho ba ba tsosiwang ba lemoga gore Bogosi jwa Modimo bo dira eng go diragatsa boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe, ruri dipelo tsa bone di tla penologa ka mafoko a go baka Jehofa. Ba tla nna le sebaka se se lekaneng sa go bontsha gore ba ikanyega mo go Rraabone yo o lorato wa selegodimo le Morwawe. Mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela ka nako eo o tla ipelela go nna le seabe mo tirong e kgolo e e tlhokegang go ruta dibilione tsa batho ba ba tsogang kwa mabitleng, ba le bone ba tla tlhokang go amogela thulaganyo ya Modimo ya thekololo.

10, 11. (a) Puso ya Dingwaga tse di Sekete e tla naya botlhe ba ba mo lefatsheng tshono ya go dira dilo dife? (b) Seno se tshwanetse sa re ama jang?

10 Aborahame yo o tsositsweng o tla gomodiwa thata ke go bona kafa botshelo bo tla bong bo le ka teng fa go setse go busa “motse” oo o a neng a lebile pele kwa go one. (Bahebera 11:10) Jobe yo o ikanyegang wa metlha ya bogologolo o tla itumela thata fa a utlwa gore tsela e a neng a tshela ka yone e nonotshitse batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa fa boikanyegi jwa bone bo ne bo lekwa! Mme a bo Daniele a tla tlhoafalela go itse kafa dipolelelopele tse a neng a tlhotlhelediwa go di kwala di neng tsa diragadiwa ka teng!

11 Ee ruri, botlhe ba ba tla tshelang mo lefatsheng le lesha la tshiamo, e ka tswa e le ka gonne ba tsositswe mo baswing kgotsa ba falotse pitlagano e kgolo, ba tla ithuta go le gontsi ka boikaelelo jwa ga Jehofa ka lefatshe le banni ba lone. Tsholofelo ya go tshelela ruri le go baka Jehofa ka bosakhutleng ruri e tla dira gore thulaganyo ya thuto ya Puso ya Dingwaga tse di Sekete e nne e e itumedisang tota. Le fa go ntse jalo, sa botlhokwa e tla nna gore mongwe le mongwe wa rona o dira eng fa re ntse re ithuta se se mo memenong. A re tla dirisa se re se ithutang? Go tla bo go na le tshedimosetso ya botlhokwa e e tla re nonotshang gore re emelane le maiteko a ga Satane a bofelo a go leka go re faposa mo boammaaruring. A re tla tlhatlhanya ka yone re bo re e dirisa?

12. Ke eng se se tla thusang mongwe le mongwe gore a nne le seabe ka botlalo mo tirong ya go ruta le mo tirong ya go fetola lefatshe paradaise?

12 Se re sa tshwanelang go se lebala ke masego a magolo a a tla nnang teng fa go diragadiwa melemo ya setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. Batho ba ba tla tsosediwang mo botshelong ba ka se nne le bogole le makoa a batho ba nang le one gompieno. (Isaia 33:24) E re ka banni botlhe ba lefatshe le lesha ba tla bo ba na le mebele e e se nang makoa e bile ba na le tsholofelo ya go nna le botsogo jo bo itekanetseng, ba tla kgona go nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go ruta dibilione tsa batho ka tsela ya botshelo. Gape banni bao ba tla nna le seabe mo tirong e kgolo thata go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa mo lefatsheng—tiro ya go fetola lefatshe lotlhe paradaise e e tla tlisetsang Jehofa pako.

13, 14. Boikaelelo jwa go gololwa ga ga Satane ka nako ya teko ya bofelo ke bofe, mme ke eng se se ka nnang sa diragalela mongwe le mongwe wa rona?

13 Fa Satane a gololwa mo moleteng gore a tle go leka batho labofelo, o tla leka go timetsa batho gape. Go ya ka Tshenolo 20:7-9, katlholo ya ditšhaba tsotlhe kgotsa ditlhopha tsa batho tse di ‘timeditsweng’ tse di ineelang go tlhotlhelediwa ke tsela e e boikepo ya ga Satane e tla nna go senngwa: ‘Molelo o tla fologa kwa legodimong o tla go ba nyeletsa.’ Ba ba tla senngwang jalo mme e le gore ba ne ba tsositswe mo baswing ka Puso ya Dingwaga tse di Sekete, go tla bo go raya gore tsogo ya bone e ne e le tsogo ya katlholo. Mme babolokabothokgami ba ba tsositsweng bone ba tla amogela mpho ya botshelo jo bo sa khutleng. Eleruri, ya bone e tla bo e le ‘tsogo ya botshelo.’—Johane 5:29.

14 Tsholofelo ya tsogo e ka re gomotsa jang le gone jaanong tota? Mme sa botlhokwa le go feta, re tshwanetse ra dira eng go tlhomamisa gore e tla re solegela molemo mo isagweng?

Dilo Tse Re ka Di Ithutang Gone Jaanong

15. Go dumela mo tsogong go ka thusa jang gone jaanong?

15 Gongwe o sa tswa go swelwa ke mongwe yo o mo ratang mme o sa ntse o leka go amogela seemo seno se se botlhoko. Tsholofelo ya tsogo e thusa gore o ritibale maikutlo o bo o nonofe go feta batho ba ba sa itseng boammaaruri. Paulo o ne a gomotsa Bathesalonika jaana: “Ga re batle gore lo nne lo se na kitso ka ga ba ba robalang mo losong; gore lo se ka lwa hutsafala fela jaaka ba bangwe botlhe ba ba se nang tsholofelo le bone ba hutsafala.” (1 Bathesalonika 4:13) A o kgona go ipona o le mo lefatsheng le lesha, o bona batho ba tsosiwa? Fa go le jalo, ikgomotse gone jaanong ka go tlhatlhanya ka tsholofelo ya gore o tla boa o kopana gape le batho ba o ba ratang.

16. Gongwe o tla bo o ikutlwa jang ka nako ya tsogo?

16 Gone jaanong o ka tswa o tshwerwe ke bolwetse bongwe jo e leng ditlamorago tsa botsuolodi jwa ga Adame. O se ka wa letla kutlobotlhoko e e bakwang ke seno e go lebatsa tsholofelo e e itumedisang ya gore o tla tsosiwa o bo o boa o tshela gape o na le botsogo jo bontle e bile o le matlhagatlhaga mo lefatsheng le lesha. Mme fa o bula matlho o bo o bona batho ba ba itumetseng ba go amogela ba tlhoafaletse go ipela le wena fa o tsosiwa, ruri o tla leboga Modimo ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato.

17, 18. Ke dilo dife tse pedi tse re ithutileng tsone tse re tshwanetseng go di gopola?

17 Fa go sa ntse go le jalo, akanyetsa dilo tse pedi tse re ka di ithutang tse re sa tshwanelang go di lebala. Se sengwe ke gore go botlhokwa go direla Jehofa ka moya otlhe gone jaanong. Botshelo jwa rona jwa go intsha setlhabelo bo bontsha gore re rata Jehofa le baagelani ba rona, fela jaaka Mong wa rona, Keresete Jesu a ne a ba rata. Fa kganetso kgotsa pogiso e dira gore re latlhegelwe ke tsela e re itshedisang ka yone kgotsa e re tseela kgololesego, re ikemisetsa go nna re nitame mo tumelong le fa re ka lebana le diteko dife. Fa baganetsi ba ka re tshosetsa ka loso, tsholofelo ya tsogo e a re gomotsa le go re nonotsha gore re nne re ikanyega mo go Jehofa le mo Bogosing jwa gagwe. Ee, go tlhoafalela tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa go dira gore re nne re lebeletse go bona masego a a sa feleng a Jehofa a tla a tlisetsang basiami.

18 Selo sa bobedi se re se ithutang se malebana le kafa re itshwarang ka teng fa re raelwa ka ntlha ya go sa itekanelang ga rona. Go itse ga rona ka tsholofelo ya tsogo le go anaanela bopelonomi jwa ga Jehofa jo bo sa re tshwanelang go nonotsha maikaelelo a rona a gore re nne re nitame mo tumelong. Moaposetoloi Johane o ne a tlhagisa jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng. Mo godimo ga moo, lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” (1 Johane 2:15-17) Tsela e lefatshe le re gogelang ka yone ka dilo tse di bonalang ga e kitla e re raela fa re di bapisa le “botshelo jwa mmatota.” (1 Timotheo 6:17-19) Fa re raelwa go dira boitsholo jo bo sa siamang, re tla gana re nitame. Re lemoga gore fa re ka swa pele ga Haramagedona, mme re ne re ntse re tshela ka tsela e e sa itumediseng Jehofa, re ka tshwana fela le batho ba ba se nang tsholofelo ya tsogo.

19. Ke tshiamelo efe e kgolo go gaisa tsotlhe e re sa tshwanelang go e lebala?

19 Mo godimo ga tsotlhe, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala tshiamelo e kgolo go gaisa tsotlhe ya go ipedisa pelo ya ga Jehofa jaanong le ka bosakhutleng. (Diane 27:11) Fa re ikanyega go fitlha re swa kgotsa re boloka bothokgami go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno e e boikepo, seo se bontsha Jehofa gore re mo letlhakoreng lefe mo kgannyeng ya bolaodi jwa lobopo lotlhe. Mme a bo go tla itumedisa jang ne go tshela mo lefatsheng la Paradaise, e ka tswa e le ka go falola pitlagano e kgolo kgotsa ka go tsosiwa ka kgakgamatso!

Go Kgotsofatsa Dikeletso Tsa Rona

20, 21. Ke eng se se tla re thusang gore re nne re ikanyega le fa re na le dipotso tse di sa arabiwang malebana le tsogo? Tlhalosa.

20 Tshekatsheko ya rona ya tsogo ga e a araba dipotso tsotlhe. Jehofa o tla direlang batho ba ba suleng ba nyetse kgotsa ba nyetswe? (Luke 20:34, 35) A batho ba tla tsosiwa gone fa ba swetseng teng? A batho ba tla tsosiwa gaufi le ba malapa a bone? Go sa ntse go na le dipotso tse dingwe tse dintsi malebana le thulaganyo ya tsogo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re gopotse mafoko ano a ga Jeremia: “Jehofa o molemo mo go yo o solofetseng mo go ene, mo moyeng o o nnang o mmatla. Go molemo gore motho a lete poloko ya ga Jehofa, le eleng ka tidimalo.” (Dikhutsafalo 3:25, 26) Ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng, re tla senolelwa dilo tsotlhe gore re kgotsofale tota. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega ka seo?

21 Akanya ka mafoko a a tlhotlheleditsweng a mopesalema fa a ne a opelela Jehofa a re: “O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” (Pesalema 145:16) Fa re ntse re gola, dikeletso tsa rona di a fetoga. Ga re tlhole re eletsa se re neng re se eletsa fa re sa le bana. Tsela e re lebang botshelo ka yone e tlhotlhelediwa ke se se re diragalelang le se re se solofetseng. Le fa go ntse jalo, le fa re ka nna le dikeletso dife tse di siameng mo lefatsheng le lesha, Jehofa ruri o tla di kgotsofatsa.

22. Ke ka ntlha yang fa re na le lebaka le le utlwalang la go baka Jehofa?

22 Se mongwe le mongwe wa rona a amegang ka sone ga jaanong ke go ikanyega. “Se se batliwang mo balebeding ke gore motho a fitlhelwe a ikanyega.” (1 Bakorintha 4:2) Re balebedi ba dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Fa re rerela botlhe ba re kopanang le bone dikgang tseno tse di molemo ka tlhoafalo, seo se re thusa go nna re lebeletse go bona botshelo. O se ka wa lebala gore rotlhe re “diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Gore o fokotse tlhobaelo epe e e ka bakwang ke go se tlhomame ga botshelo, nna o ngangatletse tsholofelo e e molemo ya tsogo. Itse gore fa go lebega e kete o tla swa pele Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete e simolola, o ka gomodiwa ke go itse gore le fa go ka nna jang maemo a tlile go fetoga. Ka nako e Jehofa a e beileng, o tla kgona go bua jaaka Jobe fa a ne a bua le Mmopi a re: “O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba.” A go bakwe Jehofa, yo o eletsang go busetsa mo botshelong botlhe ba a ba gakologelwang!—Jobe 14:15.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Bona Tsogang! ya July 8, 1988, tsebe 10, ka Seesemane, e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 3 Basupi ba ga JehofaBaboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 662, e gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

A o A Gakologelwa?

• Batho ba tla atlholwa go ya ka eng mo Pusong ya Dingwaga tse di Sekete?

• Ke ka ntlha yang fa bangwe ba tla nna le ‘tsogo ya botshelo’ mme ba bangwe bone ‘tsogo ya katlholo’?

• Tsholofelo ya tsogo e ka re gomotsa jang gone jaanong?

• Mafoko a Pesalema 145:16 a re thusa jang malebana le dipotso tse di sa arabiwang kaga tsogo ya baswi?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Go dumela mo tsogong go ka re thusa jang gone jaanong?