Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsogo ya Baswi—Thuto E e Go Amang

Tsogo ya Baswi—Thuto E e Go Amang

Tsogo ya Baswi—Thuto E e Go Amang

“Ke na le tsholofelo mo Modimong . . . gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—DITIRO 24:15.

1. Tsogo ya baswi e ne ya nna kgangkgolo jang fa pele ga Sanehederine?

MOAPOSETOLOI Paulo o weditse loeto lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa ka 56 C.E., a le kwa Jerusalema. Fa a sena go tshwarwa ke Baroma, o ne a letlelelwa go tla fa pele ga lekgotla le legolo la Bajuda la Sanehederine. (Ditiro 22:29, 30) Fa Paulo a ntse a lebeletse maloko a lekgotla leo, o ne a lemoga gore bangwe e ne e le Basadukae mme ba bangwe e le Bafarasai. Ditlhopha tseno tse pedi di ne di farologana ka tsela e le nngwe e e tlhomologileng. Basadukae ba ne ba sa dumele gore go na le tsogo ya baswi; mme Bafarasai bone ba ne ba dumela gore e teng. Paulo o ne a bolela jaana a bontsha se ene a se dumelang: “Banna, bakaulengwe, ke Mofarasai, morwa Bafarasai. Ke atlholwa ka ntlha ya tsholofelo ya tsogo ya baswi.” Fa a rialo, go ne ga tsoga mmudubudu mo gare ga batho ba ba neng ba phuthegile!—Ditiro 23:6-9.

2. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a ikemiseditse go buelela dilo tse a di dumelang malebana le tsogo?

2 Dingwaga di le mmalwanyana pele ga foo, fa Paulo a ne a le mo tseleng a ya Damaseko, o ne a bona ponatshegelo e a neng a utlwa lentswe la ga Jesu mo go yone. Paulo o ne a ba a botsa Jesu a re: “Ke direng, Morena?” Jesu o ne a araba a re: “Nanoga, tsamaya o ye mo Damaseko, mme koo o tla bolelelwa sengwe le sengwe se o laoletsweng go se dira.” Fa Paulo a tsena kwa Damaseko, o ne a bonwa ke morutwa mongwe wa Mokeresete yo o neng a mo thusa e bong Ananiase, yo o neng a tlhalosa a re: “Modimo wa borraaronamogologolwane o go tlhophile gore o itse thato ya gagwe le go bona Mosiami [Jesu yo o tsositsweng] le go utlwa lentswe la molomo wa gagwe.” (Ditiro 22:6-16) Ga go gakgamatse he, go bo Paulo a ne a ikemiseditse go buelela dilo tse a di dumelang malebana le tsogo.—1 Petere 3:15.

Go Bolela Tsholofelo ya Tsogo Phatlalatsa

3, 4. Paulo o ne a itshupa jang e le mmueledi yo mogolo wa tsogo ya baswi, mme re ka ithuta eng mo sekaing sa gagwe?

3 Moragonyana Paulo o ne a tla fa pele ga Molaodi Felise. Ka nako eo, Teretulo, yo e neng e le “sebui sa phatlalatsa” e bile e le ene a rolang kgang ya Bajuda kgatlhanong le Paulo, o ne a mo latofatsa a re ke moeteledipele wa lekoko lengwe e bile a mo pega molato wa go epa puso. Paulo o ne a araba jaana a sa okaoke: “Ke ipolela seno mo go wena, gore, go ya ka tsela e ba e bitsang ‘lekoko,’ ka mokgwa ono ke direla Modimo wa borremogologolwane.” Go tswa foo o ne a tswelela jaana ka kgang ya konokono: “Ke na le tsholofelo mo Modimong, tsholofelo e banna bano ka bobone le bone ba nang le yone, gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 23:23, 24; 24:1-8, 14, 15.

4 Dingwaga di ka nna pedi moragonyana, motlhatlhami wa ga Felise e bong Porekio Feseto, o ne a kopa Kgosi Herode Ageripa gore a mo thuse go botsolotsa Paulo wa legolegwa. Feseto o ne a tlhalosa gore balatofatsi ba ne ba sa dumalane le Paulo fa a re “Jesu mongwe yo o neng a sule . . . o a tshela.” Fa Paulo a ipuelela o ne a botsa a re: “Ke ka ntlha yang fa lo go tsaya e le selo se lo ka se kang lwa se dumela gore Modimo o tsosa baswi?” Go tswa foo o ne a bolela jaana: “Ka gonne ke bone thuso e e tswang kwa Modimong ke tswelela go fitlha mo letsatsing leno ke naya bosupi mo go ba bannye le ba bagolo, mme ke sa bue sepe fa e se dilo tse Baporofeti mmogo le Moshe ba neng ba bolela gore di ne di tlile go diragala, gore Keresete o ne a tshwanetse go boga mme, jaaka wa ntlha go tsosiwa mo baswing, o ne a tlile go itsise lesedi phatlalatsa mo bathong bano le mo ditšhabeng.” (Ditiro 24:27; 25:13-22; 26:8, 22, 23) A bo Paulo e ne e le mmueledi yo mogolo jang ne wa tsogo! Fela jaaka Paulo, le rona re ka bolela re tlhatswegile pelo gore go tla nna le tsogo ya baswi. Mme re ka lebelela gore batho ba itshware jang fa ba utlwa seo? Re ka lebelela gore le bone ba ka itshwara ka tsela e batho ba neng ba itshwara ka yone fa ba utlwa Paulo a bua ka kgang eno.

5, 6. (a) Batho ba ne ba itshwara jang fa baaposetoloi ba ne ba tlhalosa thuto ya tsogo? (b) Fa re ntse re bolela tsholofelo ya rona ka tsogo, ke eng se se botlhokwa?

5 Ela tlhoko se se neng sa direga pelenyana ga foo ka loeto lwa bobedi lwa borongwa lwa ga Paulo (mo e ka nnang ka 49-52 C.E.) fa a ne a etela Athena. O ne a buisana le batho ba ba neng ba dumela mo medimong e mentsi mme a ba rotloetsa gore ba lemoge boikaelelo jwa Modimo jwa gore o tla atlhola ka tshiamo lefatshe le le nang le banni a dirisa motho yo o tlhomilweng ke Modimo. Yono e ne e le ene Jesu. Paulo o ne a tlhalosa gore Modimo o ne a tlhomamisitse gore seno se tla diragala ka go tsosa Jesu. Batho ba ne ba itshwara jang? Re bala jaana: “Ebu, e rile ba utlwa ka tsogo ya baswi, bangwe ba simolola go sotla, fa ba bangwe bone ba ne ba re: ‘Ruri re tla go utlwa kaga seno ka nako e nngwe.’”—Ditiro 17:29-32.

6 Tsela eo e batho ba neng ba itshwara ka yone e tshwana le e ba bangwe ba ileng ba itshwara ka yone mo go Petere le Johane moragonyana fela ga foo ka Pentekosete ya 33 C.E. Le koo Basadukae ba ne ba di goga kwa pele mo kganetsanong. Ditiro 4:1-4 e tlhalosa se se neng sa diragala: “Jaanong fa ba babedi bano ba ntse ba bua le batho, baperesiti ba bagolo le molaodi wa tempele le Basadukae ba tla mo go bone, ba betilwe ke pelo ka gonne ba ne ba ruta batho e bile ba ne ba bolela tsogo ya baswi ka tlhamalalo ka ga Jesu.” Le fa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba itshwara ka tsela e sele. “Ba le bantsi ba bao ba neng ba reeditse puo eno ba dumela, mme palo ya banna ya nna dikete di ka nna tlhano.” Go bonala sentle gore re ka lebelela gore batho ba itshware ka ditsela tse di farologaneng fa re ba bolelela ka tsholofelo ya tsogo. Ka jalo, go botlhokwa gore re nonotshe tumelo ya rona malebana le thuto eno.

Kafa Tumelo e Amanang ka Teng le Tsogo ya Baswi

7, 8. (a) Jaaka go bontshitswe mo lokwalong lo lo kwaletsweng phuthego ya Korintha ya lekgolo la ntlha la dingwaga, tumelo e ka nna ya lefela fa go rileng? (b) Go tlhaloganya tsholofelo ya tsogo ka tsela e e tshwanetseng go tlhaola Bakeresete ba boammaaruri jang?

7 Ga se botlhe ba ba neng ba nna Bakeresete ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ba neng ba fitlhela go le motlhofo go dumela gore go tla nna le tsogo ya baswi. Bangwe ba ba neng ba fitlhela go le thata ba ne ba kopanela le phuthego ya Korintha. Paulo o ne a ba kwalela jaana: “Mo dilong tsa ntlha, ke ne ka fetisetsa mo go lona se le nna ke neng ka se amogela, gore Keresete o ne a swela maleo a rona go ya ka Dikwalo; le gore o ne a fitlhwa, ee, gore o tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo.” Go tswa foo Paulo o ne a supela seo ka go bolela gore Keresete yo o tsositsweng o ne a ile a bonala “mo bakaulengweng ba ba fetang makgolo a matlhano,” ba Paulo a neng a oketsa ka gore bontsi jwa bone ba ne ba sa ntse ba tshela. (1 Bakorintha 15:3-8) O ne a tswelela ka go tlhalosa jaana: “Fa e le gore Keresete o a rerwa gore o tsositswe mo baswing, go tla jang gore bangwe mo gare ga lona ba re ga go na tsogo ya baswi? Fa e le gore, eleruri, ga go na tsogo ya baswi, le ene Keresete ga a tsosiwa. Mme fa e le gore Keresete ga a tsosiwa, eleruri go rera ga rona ke ga lefela, le tumelo ya rona ke ya lefela.”—1 Bakorintha 15:12-14.

8 Ee, thuto ya tsogo e botlhokwa mo e leng gore tumelo ya Bokeresete ke ya lefela fa tsogo ya baswi e sa tsewe e le ya mmatota. Ee ruri, go tlhaloganya tsogo ka tsela e e tshwanetseng go farologanya Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka. (Genesise 3:4; Esekiele 18:4) Ka jalo, Paulo o akaretsa thuto ya tsogo mo ‘thutong ya motheo’ ya Bokeresete. E kete re ka ititaya sehuba gore re tla ‘gagamalela kwa go goleng sentle.’ Paulo a re: “Mme seno re tla se dira, fa Modimo a letla.”—Bahebera 6:1-3.

Tsholofelo ya Tsogo

9, 10. Baebele e a bo e kayang fa e bua ka tsogo?

9 E le gore re nonotshetse pele tumelo ya rona mo tsogong ya baswi, a re sekasekeng dipotso tse di jaaka gore: Baebele e kaya eng fa e bua ka tsogo? Thuto ya tsogo e bontsha jang lorato lwa ga Jehofa? Dikarabo tsa dipotso tseno di tla re atametsa gaufi le Modimo mme gape di re thuse go ruta ba bangwe.—2 Timotheo 2:2; Jakobe 4:8.

10 Lefoko “tsogo” ke thanolo ya lefoko la Segerika le totatota le kayang “go ema gape.” Polelwana eno e akaretsa eng? Mo Baebeleng, tsholofelo ya tsogo ke tumelo ya gore motho yo o suleng a ka tshela gape. Gape Baebele e bontsha gore motho o tsosiwa e ka tswa e le ka mmele wa nama kgotsa wa semoya, go ikaegile ka gore a o na le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong. Re anaanela lorato, botlhale le maatla a ga Jehofa a a bontshiwang ke tsholofelo eno e e molemo ya tsogo.

11. Batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng ba solofediwa tsogo e e ntseng jang?

11 Jesu le barwarraagwe ba batlodiwa ba tsosiwa ba na le mmele wa semoya o o dirang gore ba tshwanelegele go direla kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:35-38, 42-53) Ba tla dira mmogo e le babusi ba Bogosi jwa ga Mesia, jo bo tla dirang gore lefatshe e nne Paradaise. Batlodiwa e nna baperesiti ba bogosi ba eteletswe pele ke Jesu e le Moperesiti yo Mogolo. Ba tla dira gore batho mo lefatsheng le lesha la tshiamo ba bone melemo ya setlhabelo sa ga Keresete sa thekololo. (Bahebera 7:25, 26; 9:24; 1 Petere 2:9; Tshenolo 22:1, 2) Gone jaanong, batlodiwa ba ba sa ntseng ba tshela mo lefatsheng ba eletsa go nna ba amogelesega mo Modimong. Fa ba swa, ba tla amogela “maduo” a bone ka go tsosediwa kwa legodimong e le ditshedi tsa semoya tse di sa sweng. (2 Bakorintha 5:1-3, 6-8, 10; 1 Bakorintha 15:51, 52; Tshenolo 14:13) Paulo o ne a kwala a re: “Fa e le gore jaanong re tshwaragane le ene mo losong lo lo tshwanang le lwa gagwe, eleruri gape re tla tshwaragana le ene mo tsogong e e tshwanang le ya gagwe.” (Baroma 6:5) Mme go tweng ka bao ba tla tsogelang go boa ba tshela gape mo lefatsheng? Tsholofelo ya tsogo e ka ba atametsa gaufi le Modimo jang? Re ka ithuta go le gontsi mo sekaing sa ga Aborahame.

Kafa Tsogo ya Baswi e Amanang ka Teng le Botsalano le Jehofa

12, 13. Aborahame o ne a na le lebaka lefe le le nonofileng la go dumela mo tsogong?

12 Aborahame, yo o neng a tlhalosiwa e le “tsala ya ga Jehofa,” e ne e le monna wa tumelo e e tlhomologileng. (Jakobe 2:23) Paulo o ne a umaka tumelo ya ga Aborahame gararo mo lenaaneng la banna le basadi ba ba ikanyegang le le kwadilweng mo kgaolong ya bo11 ya Bahebera 11. (Bahebera 11:8, 9, 17) O ne a e umaka lekgetlho la boraro fa a ne a tlhalosa ka tumelo e Aborahame a neng a e bontsha fa a ne a baakanyetsa ka kutlo go isa morwawe e leng Isake setlhabelo. Aborahame o ne a dumela a sa belaele gore le fa go ka nna jang, Jehofa o ne a tla diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore losika lo tle ka Isake. Le fa Isake a ne a ka swa e le setlhabelo, Aborahame “o ne a tsaya gore Modimo o ne a kgona go mo tsosa le eleng mo baswing.”

13 Go ne ga felela ka gore Jehofa a bone kafa tumelo ya ga Aborahame e neng e nonofile ka teng mme a rulaganya gore go nne le phologolo e e isiwang setlhabelo mo boemong jwa ga morwawe. Le fa go ntse jalo, tiragalo eno ya ga Isake e ne ya nna setshwantsho se se tlhalosang tsogo, jaaka Paulo a ne a tlhalosa: “Gape [Aborahame] o ne a mo amogela [Isake] go tswa mo go lone ka tsela ya tshwantshetso.” (Bahebera 11:19) Mo godimo ga moo, Aborahame o ne a setse a na le lebaka le le nonofileng la go dumela mo tsogong ya baswi. A Jehofa o ne a sa busetsa Aborahame maatla a go tshola, mo ene le mosadi wa gagwe, Sara, ba ileng ba kgona gore mo botsofeng jwa bone ba tshole ngwana wa bone wa mosimane, e bong Isake?—Genesise 18:10-14; 21:1-3; Baroma 4:19-21.

14. (a) Go ya ka Bahebera 11:9, 10, Aborahame o ne a letetse eng? (b) E le gore Aborahame a amogele masego a Bogosi mo lefatsheng le lesha, o sa ntse a tshwanetse go diragalelwa ke eng? (c) Re ka amogela masego a Bogosi jang?

14 Paulo o ne a tlhalosa Aborahame e le moeng e bile e le motho yo o nnang mo megopeng yo o neng a “letetse motse o o nang le metheo ya mmatota, motse o moagi le modiri wa one e leng Modimo.” (Bahebera 11:9, 10) Ono e ne e se motse wa mmatota o o jaaka Jerusalema, kwa tempele ya Modimo e neng e le gone. Nnyaa, ono e ne e le motse wa tshwantshetso. E ne e le Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo jo babusi ba jone e leng Keresete Jesu le babusimmogo le ene ba ba 144 000. Gape ba ba 144 000 fa ba le mo kgalalelong ya bone ya selegodimo ba tlhalosiwa e le “motse o o boitshepo, Jerusalema yo Mosha,” “monyadiwa” wa ga Keresete. (Tshenolo 21:2) Ka 1914, Jehofa o ne a tlhoma Jesu go nna Kgosi e e leng Mesia ya Bogosi jwa selegodimo mme a mo laela gore a buse mo gare ga baba ba gagwe. (Pesalema 110:1, 2; Tshenolo 11:15) E le gore Aborahame, “tsala ya ga Jehofa,” a kgone go amogela masego a puso ya Bogosi, o tla tshwanelwa ke gore a tshele gape. Ka tsela e e tshwanang, e le gore re amogele masego a Bogosi, re tshwanetse gore re bo re tshela mo lefatsheng la Modimo le lesha, re le maloko a boidiidi jo bogolo jwa bafalodi ba Haramagedona kgotsa re le ba ba tsositsweng mo baswing. (Tshenolo 7:9, 14) Mme gone lebaka la konokono la go nna le tsholofelo ya tsogo ke lefe?

Lorato Lwa Modimo—Lebaka la Konokono la go Nna le Tsholofelo ya Tsogo

15, 16. (a) Boporofeti jwa ntlha mo Baebeleng bo re naya jang lebaka la konokono la go solofela tsogo ya baswi? (b) Go dumela mo tsogong go ka re atametsa gaufi le Jehofa jang?

15 Fa re na le kamano e e gaufi le Rraarona yo o lorato wa selegodimo, re na le tumelo e e nonofileng jaaka Aborahame, e bile re ikobela ditaelo tsa Modimo, re tla kgona go bolelwa re le batho ba ba siameng mme Jehofa a re tseye re le ditsala tsa gagwe. Seno se dira gore re tshwanelegele go solegelwa molemo ke puso ya Bogosi. Ee ruri, boporofeti jwa ntlha fela jo bo kwadilweng mo Lefokong la Modimo, mo go Genesise 3:15, bo re naya lebaka la konokono la go nna le tsholofelo ya tsogo le botsalano le Modimo. Ga bo bolelele pele fela ka go thubaganngwa ga tlhogo ya ga Satane, mme gape bo bua le ka go gobadiwa mo seretheng ga Losika lwa mosadi wa Modimo. Go swa ga ga Jesu mo thupeng ya tlhokofatso go ne go tshwantshediwa ke go gobadiwa mo seretheng. Go tsosiwa ga gagwe mo letsatsing la boraro go ne ga fodisa ntho eo mme ga dira gore a kgone go tsaya kgato ya makgaolakgang kgatlhanong le “ene yo o nang le dithata tsa go baka loso, ke gore, Diabolo.”—Bahebera 2:14.

16 Paulo o re gakolola gore “Modimo o supa lorato lwa gagwe mo go rona ka tsela ya gore, fa re ne re sa ntse re le baleofi, Keresete o ne a re swela.” (Baroma 5:8) Go anaanela bopelonomi jono jo bo sa re tshwanelang ruri go re atametsa gaufiufi le Jesu le Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong.—2 Bakorintha 5:14, 15.

17. (a) Jobe o ne a bontsha gore o na le tsholofelo efe? (b) Jobe 14:15 e senola eng ka ga Jehofa, mme seno se dira gore o ikutlwe jang?

17 Jobe, monna yo o ikanyegang wa metlha ya pele ga Bokeresete, le ene o ne a lebile pele kwa tsogong ya baswi. Satane o ne a mo tshedisa botlhoko thata. Jobe o ne a sa tshwane le ditsala tsa gagwe tsa maaka tse di neng di se ke di umaka tsogo, mme ene o ne a gomodiwa ke tsholofelo eno a bo a botsa jaana: “Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape?” Jobe ka boene o ne a araba ka go bolela jaana: “Ke tla leta malatsi otlhe a tiro ya bonatla e ke patelediwang go e dira, go fitlha kgololo ya me e tla.” O ne a bolela jaana a bua le Jehofa, Modimo wa gagwe: “O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba.” Jobe o ne a tlhalosa maikutlo a Mmopi wa rona yo o lorato jaana: “O tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gago.” (Jobe 14:14, 15) Ee, Jehofa o tlhoafaletse thata nako e ka yone batho ba ba ikanyegang ba tla boang ba tshela gape fa ba sena go tsosiwa. Ruri seno se re atametsa gaufiufi le ene fa re ntse re tlhatlhanya ka lorato le bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo a re bo bontshang le fa re sa itekanela!—Baroma 5:21; Jakobe 4:8.

18, 19. (a) Daniele o ne a na le tsholofelo efe ya go tshela gape? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Moporofeti Daniele, yo moengele wa Modimo a mo tlhalosang e le “monna yo o rategang thata,” o ne a tshela nako e telele a direla ka boikanyegi. (Daniele 10:11, 19) O ne a tswelela pele a ikanyega mo go Jehofa go tloga fa a ne a isiwa botshwarwa ka 617 B.C.E. go fitlha a swa nakwana morago ga gore a bone ponatshegelo ka 536 B.C.E., ka ngwaga wa boraro wa ga Kurose, kgosi ya Peresia. (Daniele 1:1; 10:1) Nako nngwe mo ngwageng oo wa boraro wa puso ya ga Kurose, Daniele o ne a bontshiwa ponatshegelo ya go latelana ga mebuso ya lefatshe mo go felelang ka pitlagano e kgolo e e tlang. (Daniele 11:1–12:13) E re ka Daniele a ne a sa tlhaloganye ponatshegelo eno sentle, o ne a kopa moengele yo o neng a romilwe go e tlisa a re: “Ao tlhe morena wa me, bokhutlo jwa dilo tseno e tla nna eng?” Moengele o ne a araba ka go bua ka ‘motlha wa bokhutlo,’ a re mo go one “ba ba nang le temogo ba tla tlhaloganya.” Fa e le Daniele ka boene, o ne a solofetse eng? Moengele o ne a bolela jaana: “O tla ikhutsa, mme o tla emela kabelo ya gago ka dinao kwa bokhutlong jwa metlha.” (Daniele 12:8-10, 13) Daniele o tla boa “mo tsogong ya basiami,” ka nako ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete.—Luke 14:14.

19 Re tshela mo nakong ya bokhutlo jwa metlha ya bofelo e bile re setse re le gaufi thata le tshimologo ya Puso ya ga Keresete ya Dingwaga tse di Sekete go feta fa re ne re nna badumedi. Ka jalo, re tshwanetse ra ipotsa jaana, ‘A ke tla bo ke le teng mo lefatsheng le lesha gore ke tlotle le Aborahame, Jobe, Daniele le banna le basadi ba bangwe ba ba ikanyegang?’ Re tla bo re le teng, fa fela re nna re le gaufi le Jehofa e bile re ikobela melao ya gagwe. Mo setlhogong sa rona se se latelang, re tla sekaseka tsholofelo ya tsogo go ya pele gore re bone gore ke bomang ba ba tla tsosiwang.

A o A Gakologelwa?

• Batho ba ne ba itshwara jang fa Paulo a bolela gore o na le tsholofelo ya tsogo?

• Ke ka ntlha yang fa tsholofelo ya tsogo e tlhaola Bakeresete ba boammaaruri mo go ba maaka?

• Re itse jang gore Aborahame, Jobe le Daniele ba ne ba na le tumelo mo tsogong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Paulo, fa a ne a le fa pele ga Molaodi Felise, o ne a bolela tsholofelo ya tsogo a tlhatswegile pelo

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke ka ntlha yang fa Aborahame a ne a na le tumelo mo tsogong ya baswi?

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jobe o ne a gomodiwa ke tsholofelo ya tsogo

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Daniele o tla boa fa go tsosiwa basiami