Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Batho ba ka Fedisa Lehuma?

A Batho ba ka Fedisa Lehuma?

A Batho ba ka Fedisa Lehuma?

BATHO ba le bantsi ba godile ba ise ba ko ba humanege. Ga ba ise ba ko ba robale ba sa ja sepe kgotsa ba thulamela ba roroma ka ntlha ya serame. Mme bontsi jwa batho ba ba ntseng jalo ba utlwela bahumanegi botlhoko e bile ba leka ka natla go ba thusa.

Le fa go ntse jalo, mo bathong ba ba nnang mo mafelong a a kgautlhantsweng ke dintwa tsa selegae, merwalela, mauba le mathata a mangwe, lehuma ke botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Dilo tseno di tshwenya batho ba mo Afrika ba ba itlamelang ka go lema. Bangwe ba bone ba ile ba tshwanelwa ke go tlogela magae a bone mme ba fudugela kwa ditoropong tse dikgolo kana ba ya go tshela e le batshabi kwa nageng e sele. Batho ba bangwe ba ba nnang mo metseng ya selegae ba fudugela kwa ditoropong tse dikgolo ka tsholofelo ya gore ba tla tshela botoka fa ba le koo.

Gantsi ditoropo tse di nang le batho ba bantsi thata di tletse ka batho ba ba humanegileng. Fa go lemiwang teng go gonnye thata fa e le gore gone go teng. Gantsi go thata go bona tiro. Batho ba bantsi ba dira ditiro tsa bokebekwa ka gonne ba itlhobogile. Batho ba ba nnang mo ditoropong ba a ikuela mme dipuso tsa batho ga di kgone go rarabolola bothata jo bo ntseng bo oketsega jwa lehuma. Fa The Independent ya kwa Lontone e ne e bua ka pego ya Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e ntshitsweng ka November 2003, e ne ya re: “Go na le batho ba le bantsi ba ba se nang dijo mo lefatsheng.” E ne ya oketsa ka gore: “Mo lefatsheng lotlhe go fopholediwa gore batho ba ka nna dimilione di le 842 ga ba a otlega sentle—mme palo eo e ntse e oketsega, mme ngwaga le ngwaga go na le batho ba bangwe gape ba le dimilione di le 5 ba ba se nang dijo.”

Ka dinako tse dingwe ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa e amogela makwalo a a tswang kwa bathong ba ba humanegileng. Ka sekai, monna mongwe wa kwa Bloemfontein o ne a kwala jaana: “Ga ke bereke, mme nako le nako fa ke bulegelwa ke sebaka ke utswa kwa toropong. Fa ke sa dire jalo, re tlhoka dijo beke yotlhe e bile re bolawa ke serame se se boitshegang. Ga go na tiro gope. Go na le batho ba le bantsi ba ba ebelang mo mebileng ba batla tiro le dijo. Ke itse bangwe ba ba batlang dijo mo metemeng e go latlhelwang matlakala mo go yone. Bangwe ba a ipolaya. Batho ba bantsi ba ba tshwanang le nna ba tshwenyegile thata mo maikutlong e bile ga ba na tsholofelo. Go lebega e kete ga go na tsholofelo epe ka isagwe. A Modimo yo o re bopileng re na le keletso ya go ja le go ikapesa ga a bone dilo tseno?”

Go na le dikarabo tse di gomotsang malebana le dilo tse monna yono a tshwenyegileng ka tsone. Jaaka setlhogo se se latelang se tla bontsha, dikarabo tseno di fitlhelwa mo Lefokong la Modimo, Baebele.