Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Bobedi

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Bobedi

Lefoko la ga Jehofa le a Tshela

Dintlhakgolo Tsa Buka ya Samuele wa Bobedi

A GO tlotla bolaodi jwa ga Jehofa go tlhoka gore re mo ikobele ka botlalo? A motho yo o thokgameng o dira se se siameng ka dinako tsotlhe mo matlhong a Modimo? Ke motho wa mofuta mang yo Modimo wa boammaaruri a mo fitlhelang ‘a amogelwa ke pelo ya gagwe’? (1 Samuele 13:14) Buka ya Baebele ya Samuele wa Bobedi e re neela dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno.

Samuele wa Bobedi e kwadilwe ke Gada le Nathane, baporofeti ba babedi ba ba neng ba atamalane le Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo. * Buka eno e feditswe go kwalwa mo e ka nnang ka 1040 B.C.E., go ela kwa bokhutlong jwa bogosi jwa ga Dafide jwa dingwaga tse 40, mme e tlotla segolobogolo ka Dafide le botsalano jwa gagwe le Jehofa. Pego eno e e itumedisang thata e bolela kafa setšhaba se se kgaogantsweng ke ntwa se nnang ka gone bogosi jo bo kopaneng jo bo atlegang kafa tlase ga kgosi e e pelokgale. Pego eno e e kgatlhang e re bontsha maikutlo a a boteng a batho ba nang le one.

DAFIDE O TSWELELA “A GOLA THATA”

(2 Samuele 1:1–10:19)

Tsela e Dafide a itshwarang ka yone fa a utlwa gore Saulo le Jonathane ba tlhokafetse di bontsha gore o ne a amega ka bone le ka Jehofa. Kwa Heberone, Dafide o tlhomiwa go nna kgosi ya lotso lwa Juda. Morwawe Saulo e bong Ishe-boshethe o dirwa kgosi mo ditsong tse dingwe tsotlhe tsa Iseraele. Dafide o tswelela “a gola thata” mme morago ga dingwaga tse di ka nnang supa le sephatlo, o dirwa kgosi mo Iseraele yotlhe.—2 Samuele 5:10.

Dafide o gapa Jerusalema mo Bajebuseng a bo a dira Jerusalema motsemogolo wa bogosi jwa gagwe. Maiteko a gagwe a ntlha a go isa letlole la kgolagano kwa Jerusalema a felela ka masetlapelo. Le fa go ntse jalo, maiteko a gagwe a bobedi a atlega, mme Dafide o bina ka boitumelo. Jehofa o dira kgolagano ya bogosi le Dafide. Dafide o fenya baba ba gagwe jaaka fa Modimo a tswelela pele go nna le ene.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

2:18—Ke ka ntlha yang fa Joabe le bomorwarraagwe ba babedi ba bidiwa barwa ba bararo ba ga Seruia, mmaabone? Mo Dikwalong Tsa Sehebera, gantsi tlhatlhamano ya losika e ne e balwa ka losika lwa rre. Monna wa ga Seruia a ka ne a tlhokafetse pele ga nako kgotsa a ka ne a tserwe a sa tshwanelege go tsenngwa mo Dikwalong Tse di Boitshepo. Go ka direga gore Seruia o ne a tsenngwa mo lenaaneng ka gonne e ne e le kgaitsadie Dafide kgotsa e le kgaitsadie ka rraagwe. (1 Ditiragalo 2:15, 16) Go buiwa fela ka rraagwe bomorwa ba bararo malebana le lefelo la gagwe la go fitlhela kwa Bethelehema.—2 Samuele 2:32.

3:29—Polelwana e e reng “monna yo o tshwarang thobane ya selogi e e dikologang ka bofefo” e bolelang? Basadi ke bone ba neng ba tlwaetse go loga letsela. Ka jalo, polelwana eno e ka tswa e bua ka banna ba ba neng ba sa tshwanelege go dira ditiro tse di tshwanang le go ya ntweng ba ka ntlha ya moo ba neng ba patelesega go dira ditiro tse gantsi di neng di dirwa ke basadi.

5:1, 2—Dafide o ne a dirwa kgosi mo Iseraele yotlhe morago ga lobaka lo lo kae fa Ishe-boshethe a sena go bolawa? Go lebega go utlwala go konela ka gore Ishe-boshethe o ne a simolola puso ya gagwe ya dingwaga tse pedi ka bonako fela morago ga loso lwa ga Saulo, nako e e batlang e tshwana le e Dafide a neng a simolola go busa ka yone kwa Heberone. Dafide o ne a busa Juda go tswa kwa Heberone dingwaga di le supa le sephatlo. Ka bonako fela fa a sena go dirwa kgosi mo Iseraele yotlhe, o ne a fudusetsa motsemogolo wa gagwe kwa Jerusalema. Ka jalo, go ne ga feta dingwaga tse di ka nnang tlhano morago ga loso lwa ga Ishe-boshethe pele Dafide a nna kgosi ya Iseraele yotlhe.—2 Samuele 2:3, 4, 8-11; 5:4, 5.

8:2—Go ne ga bolawa Bamoabe ba le kae fa Iseraele e sena go lwa le bone? Palo ya bone e ka tswa e ne e batlwa e seng ka go ba bala mme ka go ba lekanya. Go bonala Dafide a ile a robatsa Bamoabe fa fatshe a ba tlhomagantse. Morago ga moo, o ne a lekanya mola o ba robetseng mo go one ka mogala. Go bonala go ne go bolailwe Bamoabe ba ba dirang boleele jwa mela e mebedi kgotsa peditharong ya bone mme boleele jwa mola o le mongwe kgotsa nngwetharong ya bone e ne ya se ka ya bolawa.

Se re Ithutang Sone:

2:1; 5:19, 23. Dafide o ne a botsa Jehofa pele a nna kwa Heberone le pele ga a tlhasela baba ba gagwe. Le rona re tshwanetse go batla kaelo ya ga Jehofa pele ga re dira ditshwetso tse di amang bomoya jwa rona.

3:26-30. Go ipusolosetsa go lere matswela a a sa siamang.—Baroma 12:17-19.

3:31-34; 4:9-12. Go se batle go ipusolosetsa le go sa nne le letlhoo ga ga Dafide ke sekao mo go rona.

5:12. Ga re a tshwanela go lebala gore Jehofa o re rutile ditsela tsa gagwe e bile o dirile gore re kgone go nna le botsalano jo bo molemo le ene.

6:1-7. Le fa Dafide a ne a na le maikaelelo a a molemo, maiteko a gagwe a go tsamaisa Letlole ka koloi ya dikgomo a ne a le kgatlhanong le taolo ya Modimo mme go ne ga lere masetlapelo. (Ekesodo 25:13, 14; Dipalo 4:15, 19; 7:7-9) Go tshwara ga ga Usahe Letlole go bontsha gore maikaelelo a a molemo ga a fetole ditaelo tsa Modimo.

6:8, 9Fa Dafide a ne a le mo bothateng, la ntlha o ne a galefa mme kwa morago ga moo a boifa—gongwe e bile a pega Jehofa molato ka ntlha ya bomadimabe jono. Re tshwanetse go nna kelotlhoko gore ga re pege Jehofa molato ka ntlha ya mathata a a nnang gone ka go bo re itlhokomolosa ditaelo tsa gagwe.

7:18, 22, 23, 26. Boikokobetso jwa ga Dafide, go obamela Jehofa fela le go rata go tlotlomatsa leina la Modimo ke dinonofo tse re tshwanetseng go di etsa.

8:2. Boporofeti jo bo boletsweng dingwaga tse di ka nnang 400 e sa le pele bo a diragadiwa. (Dipalo 24:17) Ka dinako tsotlhe lefoko la ga Jehofa le a diragala.

9:1, 6, 7Dafide o ne a diragatsa tsholofetso ya gagwe. Le rona re tshwanetse go leka go dira se re se solofeditseng.

JEHOFA O TSOSETSA MOTLODIWA WA GAGWE MASETLAPELO

(2 Samuel 11:1–20:26)

Jehofa o raya Dafide a re: “Bona, ke go tsosetsa masetlapelo mo ntlong ya gago; mme ke tla tsaya basadi ba gago mo matlhong a gago ke ba neye mongwe ka wena, mme o tla lala le basadi ba gago fa pele ga matlho a letsatsi leno.” (2 Samuele 12:11) Lebaka la go bolela jaana ke lefe? Ke ka ntlha ya boleo jwa ga Dafide le Bathesheba. Le fa Dafide yo o ikwatlhaileng a itshwarelwa, ga a kgone go tila ditlamorago tsa boleo jwa gagwe.

Sa ntlha, ngwana yo o belegweng ke Bathesheba o a tlhokafala. Morago ga moo morwadie Dafide wa lekgarebana e bong Tamare o betelelwa ke Amenone morwarraagwe ka rraagwe. Mogoloe e bong Abesalome o ipusolosetsa ka go bolaya Amenone. Abesalome o logela rraagwe leano mme o ipolela gore ke kgosi kwa Heberone. Dafide o patelesega go tshaba go tswa mo Jerusalema. Abesalome o tlhakanela dikobo le bagadingwana ba ga rraagwe ba le lesome ba a ba tlogetseng kwa morago gore ba tlhokomele ntlo. Dafide o boela mo bogosing jwa gagwe fela fa Abesalome a sena go bolawa. Go tsuologa ga Mobenjamine Sheba go felela ka loso lwa ga Sheba.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

14:7—Ke eng se se tshwantshediwang ke “bohibidu jwa magala a me”? Bohibidu jwa magala a a tukang ka bonya bo dirisediwa go tshwantshetsa bana ba ba sa ntseng ba tshela.

19:29—Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a araba ka tsela eno fa Mefiboshethe a ne a mo tlhalosetsa? Fa Dafide a ne a reeditse Mefiboshethe, o tshwanetse a bo a ne a lemoga gore o ne a dira phoso ka go amogela se se buiwang ke Siba. (2 Samuele 16:1-4; 19:24-28) Go bonala seno se ne sa tena Dafide mme o ne a sa batle go utlwa sepe se sengwe ka kgang eno.

Se re Ithutang Sone:

11:2-15. Pego e e sa fitlheng sepe ya diphoso tsa ga Dafide e bontsha gore Baebele ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.

11:16-27. Fa re dira boleo bongwe jo bo masisi, ga re a tshwanela go bo fitlha jaaka Dafide a ne a dira. Go na le moo, re tshwanetse go ipolela maleo a rona mo go Jehofa mme re batle thuso mo bagolwaneng ba phuthego.—Diane 28:13; Jakobe 5:13-16.

12:1-14. Nathane o ne a tlhomela bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong sekao se se molemo. Ba tshwanetse go thusa ba ba welang mo boleong gore ba baakanye tsela ya bone. Bagolwane ba tshwanetse go dira boikarabelo jono jwa bone ka botswerere.

12:15-23. Go nna le pono e e siameng ya se se neng sa mo diragalela go ne ga thusa Dafide go itshwara ka tsela e e tshwanetseng ka nako ya masetlapelo.

15:12; 16:15, 21, 23. Fa go ne go bonala e kete Abesalome o tla busa, boikgodiso bo ne jwa dira gore mogakolodi yo o botlhale e bong Ahitofele e nne mooki. Go nna le botlhale kwantle ga boikokobetso le boikanyegi e ka nna seru.

19:24, 30. Mefiboshethe o ne a anaanela thata bopelonomi jwa lorato jwa ga Dafide. O ne a iketleeletsa go ikobela tshwetso ya kgosi ka Siba. Go anaanela Jehofa le phuthego ya gagwe go tshwanetse ga re tlhotlheletsa go mo ikobela.

20:21, 22. Botlhale jwa motho a le esi bo ka dira gore ba le bantsi ba se ka ba welwa ke masetlapelo.—Moreri 9:14, 15.

MMA RE WELE “MO SEATLENG SA GA JEHOFA”

(2 Samuele 21:1–24:25)

Go na le leuba la dingwaga tse tharo ka ntlha ya molato wa madi o Saulo a nang le one wa go bolaya Bagibeone. (Joshua 9:15) E le gore Bagibeone ba ipusulosetse mo molatong oo wa madi, ba kopa go bolaya bomorwa Saulo ba le supa. Dafide o ba tsenya mo diatleng tsa Bagibeone mme leuba le fela ka go na ga pula. Diganka tse nnè tsa Bafilisitia di “wa ka seatla sa ga Dafide le ka seatla sa batlhanka ba gagwe.”—2 Samuele 21:22.

Dafide o dira boleo jo bo masisi ka go laela gore go balwe batho e se kafa molaong. O a ikwatlhaya mme o tlhopha go ‘wela mo seatleng sa ga Jehofa.’ (2 Samuele 24:14) Ka ntlha ya seo, batho ba le 70 000 ba bolawa ke bolwetse jwa leroborobo. Dafide o utlwa taelo ya ga Jehofa mme sebetso seo se a emisiwa.

Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:

21:8—Go tla jang gore go twe morwadie Saulo e bong Mikale o ne a na le bana ba batlhano ba basimane, fa 2 Samuele 6:23 e re o sule a se na bana? Tlhaloso e e dumelwang thata ke ya gore bana bano e ne e le bomorwa kgaitsadie Mikale e bong Merabe, yo o neng a nyetswe ke Adiriele. Go bonala Merabe a tlhokafetse pele ga nako, mme Mikale yo o se nang bana o ne a godisa basimane bano.

21:9, 10—Risepa o ne a dira tebelelo ya lobaka lo lo kae ya bomorwawe ba babedi le ditlogolwana tse tlhano tsa ga Saulo ba ba neng ba bolailwe ke Bagibeone? Bano ba le supa ba ne ba kalediwa “mo malatsing a ntlha a thobo”—March kgotsa April. Ditopo tsa bone di ne tsa tlogelwa di namaletse mo thabeng. Risepa o ne a disa ditopo tseno tse supa motshegare le bosigo go fitlhela Jehofa a bontsha gore kgalefo ya gagwe e fokotsegile ka go fedisa leuba. Go ne go sa bonale go ka na pula epe pele go wediwa paka ya thobo ka October. Ka jalo, Risepa a ka tswa a ne a lebelela ditopo tseno lobaka lwa dikgwedi tse tlhano kgotsa tse thataro. Morago ga moo, Dafide o ne a fitlha marapo a banna bano.

24:1—Ke ka ntlha yang fa go bala batho e ne ya nna boleo jo bo masisi jwa ga Dafide? Go bala batho ka bogone go ne go sa thibelwa mo Molaong. (Dipalo 1:1-3; 26:1-4) Baebele ga e re bolelele gore boikaelelo jwa ga Dafide e ne e le bofe fa a bala batho. Le fa go ntse jalo, 1 Ditiragalo 21:1 e kaya gore Satane o ne a mo tlhotlheletsa gore a dire jalo. Molaodi wa gagwe wa masole e bong Joabe, o ne a itse gore tshwetso ya ga Dafide ya go bala batho e ne e le phoso mme o ne a leka go thibela Dafide go dira jalo.

Se re Ithutang Sone:

22:2-51. A bo pina ya ga Dafide e bontsha sentle jang ne Jehofa e le Modimo wa boammaaruri, yo o tshwanelwang ke gore re mo ikanye ka botlalo!

23:15-17. Dafide o ne a tlotla thata molao wa Modimo malebana le botshelo le madi mo e leng gore ka nako eno o ne a tila go dira le eleng se se neng se tshwantshetsa gore o tlola molao oo. Re tshwanetse go tlhagolela boikutlo jo bo ntseng jalo malebana le ditaelo tsotlhe tsa Modimo.

24:10. Segakolodi sa ga Dafide se ne sa mo tlhotlheletsa gore a ikotlhaye. A le rona segakolodi sa rona se tsiboga ka bonako gore re ikwatlhaye?

24:14. Dafide o ne a itse sentle gore Jehofa o kutlwelobotlhoko go feta ka tsela e batho ba leng ka yone. A le rona re na le boikutlo jo bo ntseng jalo?

24:17. Dafide o ne a ikwatlhaela gore boleo jwa gagwe bo tlisitse pogo mo setšhabeng sotlhe. Modiraphoso yo o ikwatlhaileng o tshwanetse go swabela kgobo e a e tliseditseng phuthego.

Re ka Kgona ‘go Amogelwa ke Pelo ya Modimo’

Kgosi ya bobedi ya Iseraele e ne ya itshupa e le ‘monna yo o amogelwang ke pelo ya ga Jehofa.’ (1 Samuele 13:14) Dafide ga ise a ko a tsamaye a belaele ditekanyetso tse di siameng tsa ga Jehofa mme o ne a se ka a batla go itaola mo Modimong. Nako le nako fa Dafide a ne a leofa, o ne a amogela boleo jwa gagwe, a amogela kotlhao a bo a siamisa ditsela tsa gagwe. Dafide e ne e le monna yo o ikanyegang. A re tla bo re se botlhale fa re leka go tshwana le ene, segolobogolo fa re leofa?

Kgang ya botshelo jwa ga Dafide e bontsha ka phepafalo gore bolaodi jwa ga Jehofa bo bolela go amogela melao ya gagwe ya se se molemo le se se bosula le go leka go e ikobela jaaka baboloka bothokgami. Re ka kgona go dira jalo. Re itumelela thata se re se ithutileng mo dithutong tse di tswang mo bukeng ya Samuele wa Bobedi! Eleruri molaetsa wa yone o o tswang mo bukeng eno ya Baebele o a tshela e bile o na le maatla.—Bahebera 4:12.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Tota le fa Samuele a ne a se na seabe mo go e kwaleng, buka eno e bidiwa ka leina la gagwe ka gonne dibuka tse pedi tsa Samuele di simolotse e le momeno o le esi mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele tsa Sehebera. Samuele o ne a kwala karolo e kgolo ya Samuele wa Ntlha.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Dafide o ne a thusiwa go nna boikokobetso ke gore a gakologelwe yo o neng a mo tlhomile go nna kgosi

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

“Bona, ke go tsosetsa masetlapelo mo ntlong ya gago”

Bathesheba

Tamare

Amenone