Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa

Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa

Go Ithuta Ditsela Tsa ga Jehofa

“Ntira gore ke itse ditsela tsa gago, gore ke tle ke go itse.”—EKESODO 33:13.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa Moshe a ne a dira se a se dirileng fa a bona Moegepeto a sotla Mohebera? (b) Ke eng se Moshe a neng a tshwanetse go se ithuta gore a tshwanelegele go direla Jehofa?

MOSHE o ne a goletse mo ntlong ya ga Faro mme a rutilwe ka botlhale jo batho ba maemo ba Egepeto ba neng ba bo tseela kwa godimo. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a lemoga gore e ne e se Moegepeto. Batsadi ba gagwe e ne e le Bahebera. Fa a le dingwaga di le 40, o ne a tswa a ya go tlhola batho ba ga bone, bomorwa Iseraele. E ne ya re fa a bona Moegepeto mongwe a sotla mongwe wa Bahebera, ga a ka a itlhokomolosa seo. O ne a itaya Moegepeto a mmolaya. Moshe o ne a tlhopha go ema le batho ba ga Jehofa mme a akanya gore Modimo o ne a mo dirisa go golola batho ba ga bone. (Ditiro 7:21-25; Bahebera 11:24, 25) E ne ya re fa ba ntlo ya segosi ya Egepeto ba utlwalela ka tiragalo eno, ba ne ba leba Moshe e le seganana, mme ka gone o ne a tshwanelwa ke gore a tswe a tshabe. (Ekesodo 2:11-15) Moshe o ne a tshwanetse go itse ditsela tsa ga Jehofa sentle pele Jehofa a ka mo dirisa. A o ne a ka kgona go di ithuta?—Pesalema 25:9.

2 Mo dingwageng tse di latelang di le 40, Moshe o ne a fetoga mofaladi le modisa. Mo boemong jwa gore a nne pelo e bogalaka ka gonne go ne go bonala Bahebera ba gabone ba ne ba sa anaanele se a neng a se dira, o ne a amogela se Modimo a neng a letla gore se mo diragalele. Le mororo go ne ga feta dingwaga di le dintsi go bonala e kete o lebetswe, o ne a letla Jehofa gore a mo thapise. Moragonyana o ne a kwala jaana: “Monna yono Moshe e ne e le motho yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe ba ba neng ba le mo godimo ga lefatshe.” (Dipalo 12:3) Fa a ne a kwala mafoko ano, ga se gore o ne a ikgodisa, mme o ne a kwala se moya o o boitshepo o neng o mo tlhotlheletsa gore a se kwale. Jehofa o ne a dirisa Moshe ka ditsela tse di gakgamatsang. Le rona, fa re batla bopelonolo, Jehofa o tla re segofatsa.—Sefania 2:3.

O Newa Kabelo

3, 4. (a) Jehofa o ne a naya Moshe kabelo efe? (b) Moshe o ne a newa thuso efe?

3 Letsatsi lengwe moengele mongwe yo o neng a emela Jehofa o ne a bua le Moshe gaufi le Thaba ya Horeba kwa Pheninsuleng ya Sinai. O ne a raya Moshe a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang. Mme ke a fologa go ya go ba golola mo seatleng sa Baegepeto le go ba ntsha mo lefatsheng leo ke ba isa kwa lefatsheng le le molemo le le le bulegileng, kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.” (Ekesodo 3:2, 7, 8) Modimo jaanong o ne a na le tiro e a neng a batla gore Moshe a e dire, mme e ne e tshwanetse go dirwa ka tsela e Jehofa a neng a batla gore e dirwe ka yone.

4 Moengele wa ga Jehofa o ne a tswelela pele a re: “Jaanong tla mme mma ke go rome kwa go Faro, mme o ntshe batho ba me bomorwa Iseraele mo Egepeto.” Moshe o simolotse e kete ga a batle go amogela kabelo eno. O ne a sa tseye gore o a tshwanelega go e dira, mme gone ee, o ne a sa tshwanelege fa e le gore o ne a tla bo a e dira ka maatla a gagwe. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhomamisetsa Moshe jaana: “Ke tla nna le wena.” (Ekesodo 3:10-12) Jehofa o ne a naya Moshe maatla a go dira dikgakgamatso tse di neng di tla nna sesupo sa gore eleruri o romilwe ke Modimo. Moshe o ne a tlile go tsamaya le mogolowe, e bong Arone, mme o ne a tla nna mmueledi wa gagwe. Jehofa o ne a tla ba ruta se ba neng ba tshwanetse go se bua le go se dira. (Ekesodo 4:1-17) A Moshe o ne a tla kgona go diragatsa kabelo eo sentle?

5. Ke ka ntlha yang fa boikutlo jwa Baiseraele e ne e le kgwetlho mo go Moshe?

5 Kwa tshimologong banna ba bagolwane ba Iseraele ba ne ba dumela Moshe le Arone. (Ekesodo 4:29-31) Le fa go ntse jalo, e ne ya re go ise go ye kae, “badiredi ba bomorwa Iseraele” ba pega Moshe le mogolowe molato wa gore ke bone ba dirileng gore ba “nkge bosula” fa pele ga ga Faro le batlhanka ba gagwe. (Ekesodo 5:19-21; 6:9) Fa Baiseraele ba tswa kwa Egepeto, ba ne ba tshoga tota fa ba bona dikara tsa Baegepeto tsa ntwa di ba setse morago. E ne ya re fa ba bona Lewatle le Lehibidu mo pele ga bone le dikara tsa ntwa kwa morago ga bone, ba bona go se na jaaka fa ba ka falola, mme ba simolola go supa Moshe ka menwana. Wena o ka bo o ile wa itshwara jang? Le fa Baiseraele ba ne ba se na mekoro, Moshe, ka taelo ya ga Jehofa, o ne a laela batho gore ba phuthe dilwana tsa bone ba tsamaye. Go tswa foo Modimo a kgoromeletsa metsi a Lewatle le Lehibidu kwa matlhakoreng, mo e leng gore go ne ga sala go se na metsi mo boalong jwa lewatle gore Baiseraele ba kgone go kgabaganya.—Ekesodo 14:1-22.

Kgang e e Botlhokwa go Gaisa go Gololwa

6. Ke eng se Jehofa a neng a se gatelela fa a ne a roma Moshe?

6 Fa Jehofa a ne a roma Moshe, o ne a gatelela botlhokwa jwa leina la gagwe. Go ne go le botlhokwa gore batho ba tlotle leina leo ba bo ba tlotle le Mong wa lone. Fa Moshe a botsa Jehofa leina la gagwe, o ne a araba jaana: “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” Mo godimo ga moo, Moshe o ne a tshwanetse go bolelela bomorwa Iseraele jaana: “Jehofa Modimo wa borraalonamogologolwane, Modimo wa ga Aborahame, Modimo wa ga Isake le Modimo wa ga Jakobe, o nthomile kwa go lona.” Jehofa o ne a oketsa jaana: “Leno ke leina la me ka bosakhutleng, mme seno ke segopotso sa me go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.” (Ekesodo 3:13-15) Batlhanka ba ga Jehofa lefatshe ka bophara ba sa ntse ba mo itse ka leina leo le gompieno jaana.—Isaia 12:4, 5; 43:10-12.

7. Modimo o ne a laela Moshe gore a dire eng le fa Faro a ne a le lonyatso jaana?

7 Moshe le Arone ba ne ba ya go ema fa pele ga ga Faro go mmolelela molaetsa wa bone mo leineng la ga Jehofa. Mme ka lonyatso Faro o ne a re: “Jehofa ke mang, gore nka utlwa lentswe la gagwe mme ka lesa Iseraele a tsamaya? Ga ke itse Jehofa ka gope e bile, mo godimo ga moo, ga ke tle go lesa Iseraele a tsamaya.” (Ekesodo 5:1, 2) Faro o ne a le thamoethata e bile a le leferefere, mme le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a laela Moshe gore a nne a ye gangwe le gape go ya go mmolelela molaetsa wa gagwe. (Ekesodo 7:14-16, 20-23; 8:1, 2, 20) Moshe o ne a kgona go bona sentle gore seno se ne se galefisa Faro. A go boa a ya go lebana le ene gape go ne go tla thusa ka sengwe? Iseraele e ne e gakaletse go gololwa. Faro ene o ne a gana go ba golola. Wena o ka bo o ile wa dira eng?

8. Tsela e Jehofa a ileng a dirisana ka yone le kgang ya ga Faro e ne ya solegela batho molemo jang, mme rona ditiragalo tseno di tshwanetse go re ama jang?

8 Moshe o ne a boa a isa molaetsa o mongwe gape, a re: “Jehofa Modimo wa Bahebera o buile jaana: ‘Lesa batho ba me ba tsamaye gore ba tle ba ntirele.’” Gape Modimo o ne a re: “Gone jaanong ke ka bo ke ntshitse seatla sa me gore ke go iteye wena le batho ba gago ka bolwetse jwa leroborobo gore o nyelediwe mo lefatsheng. Mme tota, ke go tlogetse o ntse o le gone ka lebaka leno, gore ke go bontshe maatla a me le gore leina la me le bolelwe mo lefatsheng lotlhe.” (Ekesodo 9:13-16) Ka ntlha ya se se neng se tlile go diragalela Faro yono yo o thamoethata, Jehofa o ne a ikaelela gore o tla bontsha maatla a gagwe ka tsela e e neng e tla tlhagisa le batho botlhe ba ba neng ba tla nna kgatlhanong le ene. Mongwe wa bone e ne e tla bo e le Satane Diabolo, yo Jesu Keresete moragonyana a mmitsang “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30; Baroma 9:17-24) Jaaka go boleletswe pele, leina la ga Jehofa le ne la bolelwa mo lefatsheng lotlhe. Bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa dira gore Baiseraele le batho ba bangwe ba bantsintsi ba ba kopakopaneng, ba ba neng ba kopanela le Baiseraele mo go obameleng Jehofa, ba bolokwe. (Ekesodo 9:20, 21; 12:37, 38) Fa e sa le ka nako eo, ba bangwe ba ba dimilionemilione ba ba amogetseng kobamelo ya boammaaruri ba solegetswe molemo ke go bolelwa ga leina la ga Jehofa.

Go Dirisana le Batho ba ba Tlhogoethata

9. Batho ba ga bone Moshe ba ne ba bontsha jang gore ga ba tlotle Jehofa?

9 Bahebera ba ne ba itse leina la Modimo. Moshe o ne a dirisa leina leo fa a ne a bua le bone, mme ga se ka metlha ba neng ba bontsha go tlotla Mong wa lone. Ka bonako fela fa Jehofa a sena go golola Baiseraele ka kgakgamatso kwa Egepeto, go ne ga direga eng fa ba sa bone metsi a ba ka a nwang ka nako eo? Ba ne ba ngongoregela Moshe. Go tswa foo ba ne ba ngongorega ka dijo. Moshe o ne a ba tlhagisa gore ka go ngongorega ga bone tota ba ne ba sa ngongoregele ene le Arone, mme ba ne ba ngongoregela Jehofa. (Ekesodo 15:22-24; 16:2-12) Jehofa o ne a naya Baiseraele Molao kwa Thabeng ya Sinai, mme ka nako ya fa a ba naya one o ne a ba direla le ditiragalo tse di sa tlwaelegang. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya go tlhoka kutlo batho ba ne dira namane ya gauta, ba e obamela, ba re ba keteka “moletlo wa ga Jehofa.”—Ekesodo 32:1-9.

10. Ke ka ntlha yang fa balebedi ba Bakeresete gompieno ba kgatlhegela kopo ya ga Moshe ka tsela e e kgethegileng jaana e e kwadilweng mo go Ekesodo 33:13?

10 Moshe o ne a tshwanetse go dirisana jang le batho ba Jehofa ka boene a ba bitsang batho ba ba thamo di thata? Moshe o ne a kopa Jehofa jaana: “Tsweetswee, fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, tsweetswee, ntira gore ke itse ditsela tsa gago, gore ke tle ke go itse, gore ke tle ke bone kamogelo mo matlhong a gago.” (Ekesodo 33:13) Balebedi ba Bakeresete gompieno fa ba ntse ba tlhokometse Basupi ba gompieno ba ga Jehofa, ba tlhokometse letsomane le le ikokobeditseng le go feta. Le fa go ntse jalo, le bone ba sa ntse ba rapela jaana: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago.” (Pesalema 25:4) Go itse ditsela tsa ga Jehofa go thusa balebedi go dirisana le maemo a a farologaneng ka tsela e e dumalanang le Lefoko la Modimo le ka tsela e e tsamaisanang le botho jwa gagwe.

Se Jehofa a se Lebeletseng mo Bathong ba Gagwe

11. Jehofa o ne a kaela Moshe gore a direng, mme ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela seo?

11 Batho ba ga Jehofa ba ne ba bolelelwa se Jehofa a se lebeletseng mo go bone fa ba ne ba le kwa Thabeng ya Sinai. Moragonyana Moshe o ne a newa matlapa a mabedi a go neng go kwadilwe Melao e e Lesome mo go one. E rile fa a fologa kwa thabeng, o ne a bona Baiseraele ba obamela namane ya gauta mme ka ntlha ya go galefa o ne a latlhela matlapa ano fa fatshe, a thubega. Jehofa o ne a boa gape a kwala Melao eno e e Lesome, mo matlapeng a Moshe a a setileng. (Ekesodo 32:19; 34:1) Melao eno e ne e sa farologana ka gope le e a neng a e neilwe la ntlha. Moshe o ne a tshwanetse go dira tumalanong le yone. Modimo gape o ne a bontsha Moshe gore ene, Modimo, ke motho wa mofuta mang, mme ka go dira jalo a bontsha Moshe gore o tshwanetse go itshwara jang jaaka fa e le moemedi wa ga Jehofa mo bathong. Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, mme se Jehofa a neng a se bolelela Moshe se sa ntse se na le melaometheo ya konokono e e iseng e fetoge e bile e sa ntse e dira mo bathong botlhe ba ba obamelang Jehofa. (Baroma 6:14; 13:8-10) Mma re sekaseke e se kae ya yone.

12. Ntlha ya gore Jehofa o batla gore go obamelwe ene fela e ne e tshwanetse go ama Baiseraele jang?

12 Obamela Jehofa a le esi fela. Setšhaba sa Iseraele se ne se le teng fa Jehofa a ba bolelela gore o ne a batla gore go obamelwe ene fela. (Ekesodo 20:2-5) Baiseraele ba ne ba na le bosupi jo bontsi thata jo bo bontshang gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri. (Duteronome 4:33-35) Le fa ditšhaba tse dingwe di ne di ka tswa di dirang, Jehofa o tlhalositse sentle gore ga a na go letla batho ba gagwe ba obamela medimo e sele kgotsa ba dirisana le badimona ka tsela le fa e le efe fela. Kobamelo ya bone e ne e sa tshwanela go nna seomodiro fela. Botlhe fela ba ne ba tshwanetse go rata Jehofa ka pelo yotlhe, ka moya otlhe le ka maatla otlhe a bone. (Duteronome 6:5, 6) Seno se ne se tla akaretsa puo ya bone, boitshwaro jwa bone—ee, karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa bone. (Lefitiko 20:27; 24:15, 16; 26:1) Jesu Keresete le ene o ne a tlhalosa sentle gore Jehofa o batla gore go obamelwe ene fela.—Mareko 12:28-30; Luke 4:8.

13. Ke ka ntlha yang fa Baiseraele ba ne ba tshwanetse go ikobela Modimo ka botlalo, mme ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go mo ikobela? (Moreri 12:13)

13 Ikobele Melao ya ga Jehofa ka botlalo. Batho ba Iseraele ba ne ba tlhoka go gakololwa gore fa ba ne ba dira kgolagano le Jehofa, ba ne ba ikana gore ba tla mo ikobela ka botlalo. Ba ne ba na le kgololesego ya go dira se ba ratang go se dira, mme fa go tsenwa mo dilong tse Jehofa a neng a ba neile ditaelo mo go tsone, ba ne ba tshwanetse go mo ikobela ka botlalo. Go mo ikobela jalo go ne go tla bo go bontsha gore ba a mo rata e bile go ne go tla solegela bone le bana ba bone molemo ka gonne melao yotlhe ya ga Jehofa e ne e diretswe gore ba solegelwe molemo.—Ekesodo 19:5-8; Duteronome 5:27-33; 11:22, 23.

14. Modimo o ne a gatelela jang mo Baiseraeleng gore go botlhokwa gore ba beye dilo tsa semoya kwa pele?

14 Dira gore dilo tsa semoya e nne tsone di tlang pele. Setšhaba sa Iseraele se ne se sa tshwanela go tshwarega thata ka dilo tsa senama mo ba feleletsang ba tlhokomologile dilo tsa semoya. Ba ne ba sa tshwanela go fetsa nako yotlhe ya bone ba lelekisana le dilo tse di sa reng sepe tsa letsatsi le letsatsi. Jehofa o ne a beela nako kwa thoko beke nngwe le nngwe, a re e dirisetswe dilo tse di boitshepo, ditiro tse di amanang le kobamelo ya Modimo wa boammaaruri. (Ekesodo 35:1-3; Dipalo 15:32-36) Ngwaga le ngwaga go ne go beilwe nako e nngwe kwa thoko e e neng e tla nna nako ya dikopano tse di rileng tse di boitshepo. (Lefitiko 23:4-44) Dinako tseno di ne di tla ba thusa go tlotla ka ditiro tsa ga Jehofa tse di gakgamatsang, go ikgakolola ka ditsela tsa gagwe, le go mo leboga ka ntlha ya molemo otlhe wa gagwe. Fa batho ba ntse ba tlhalosa ka boineelo jwa bone mo go Jehofa, ba ne ba tla gola mo go boifeng ga bone Modimo le mo go mo rateng e bile seno se ne se tla ba thusa go tsamaya mo ditseleng tsa gagwe. (Duteronome 10:12, 13) Melaometheo e e molemo e e mo ditaelong tseo e solegela batlhanka ba ga Jehofa molemo gompieno.—Bahebera 10:24, 25.

Go Tlhaloganya Dinonofo Tsa ga Jehofa Le go Di Anaanela

15. (a) Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore Moshe a tlhaloganye a bo a anaanele dinonofo tsa ga Jehofa? (b) Ke dipotso dife tse di ka dirang gore re akanyetse nngwe le nngwe ya dinonofo tseno tsa ga Jehofa kwa teng?

15 Go tlhaloganya dinonofo tsa ga Jehofa le go di anaanela le gone go ne go tla thusa Moshe mo tseleng e a dirisanang le batho ka yone. Ekesodo 34:5-7 e bontsha gore Modimo o ne a feta fa pele ga sefatlhego sa ga Moshe a ntse a bolela jaana: “Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo, mme a se kitla a golola mo kotlhaong ka gope, yo o tlisang kotlhao ya ditlolo tsa borre mo go bomorwabone le mo go bomorwa bana ba bone, mo kokomaneng ya boraro le mo kokomaneng ya bonè.” Iphe nako ya go akanya ka mafoko ano. Ipotse: ‘Nngwe le nngwe ya dinonofo tseno e kaya eng? Jehofa o ne a e bontsha jang? Balebedi ba Bakeresete ba ka bontsha jang nonofo eno? Nonofo e e rileng e tshwanetse go ama jang se mongwe le mongwe wa rona a se dirang?’ Akanya ka dikai di le mmalwa tse di latelang.

16. Re ka dira jang gore re tlhaloganye re bo re anaanele kutlwelobotlhoko ya Modimo botokanyana, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go dira jalo?

16 Jehofa ke “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle.” Fa o na le buka ya Insight on the Scriptures, gongwe o ka rata go bala se e se buang mo setlhogong sa “Mercy [Kutlwelobotlhoko].” Kgotsa gongwe o ka rata go batlisisa ka kgang eno o dirisa dilo tse di tshwanang le Watch Tower Publications Index kgotsa Watchtower Library (CD-ROM). * Dirisa khonkhodense go batla ditemana tse di buang ka kutlwelobotlhoko. O tla bona gore kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa ka dinako tse dingwe e akaretsa gore motho a se ka a newa kotlhao e e boima e a neng a tshwanetse go e newa, e bile gape e akaretsa gore a tlhomogelwe pelo. E tlhotlheletsa Modimo go dira sengwe go thusa batho ba gagwe. Ka sekai, Modimo o ne a tlamela Baiseraele ka se ba se tlhokang mo nameng le mo moyeng fa ba le mo tseleng go ya Lefatsheng le le Solofeditsweng. (Duteronome 1:30-33; 8:4) Jehofa o ne a nna kutlwelobotlhoko mo go bone ka go ba itshwarela fa ba dira diphoso. Seno se tshwanetse go dira gore batlhanka ba gagwe ba mo motlheng wa gompieno le bone ba bontshane bopelotlhomogi.—Mathaio 9:13; 18:21-35.

17. Go tlhaloganya ga rona bopelontle jwa ga Jehofa go ka re thusa jang go tsweletsa pele kobamelo ya boammaaruri?

17 Kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e tsamaisana le bopelontle. O ne o ka tlhalosa jang nonofo eno ya ‘bopelontle’? Bapisa seo le ditemana tse di buang ka Jehofa di mo tlhalosa a le pelontle. Baebele e bontsha gore bopelontle jwa ga Jehofa bo akaretsa go amega ka lorato ka batho ba gagwe ba ba mo mathateng. (Ekesodo 22:26, 27) Mo dinageng di le dintsi, batswakwa, le batho ba bangwe ba ka nna ba iphitlhela ba le mo tlalelong. Fa Jehofa a ne a ruta batho ba gagwe gore ba se ka ba nna le tlhaolele le gore ba bontshe batswakwa bopelonomi, o ne a ba gakolola gore le bone ba kile ba bo ba le batswakwa—fa ba ne ba le kwa Egepeto. (Duteronome 24:17-22) Go tweng ka rona batho ba Modimo gompieno? Fa re na le bopelontle re tla nna le kutlwano e bile bo tla re thusa go ngokela batho ba bangwe mo kobamelong ya ga Jehofa..—Ditiro 10:34, 35; Tshenolo 7:9, 10.

18. Re ithuta eng go tswa mo dilong tse Jehofa a neng a di ruta Baiseraele tse di malebana le mekgwa ya batho ba ditšhaba di sele?

18 Le fa go ntse jalo, go amega ka batho ba setšhaba se sele, go ne go sa tshwanela go nna botlhokwa go feta tsela e Baiseraele ba ratang Jehofa le melao ya gagwe ya boitshwaro ka teng. Ka gone Baiseraele ba ne ba rutiwa gore ba se ka ba etsa ditsela tsa ditšhaba tse di neng di ba dikologile, ba se ka ba amogela ditumelo tsa bone le mekgwa ya bone ya boitshwaro jo bo sa siamang. (Ekesodo 34:11-16; Duteronome 7:1-4) Seno se a re ama le rona gompieno. Re tshwanetse go nna batho ba ba boitshepo, fela jaaka Modimo wa rona, e bong Jehofa, a le boitshepo.—1 Petere 1:15, 16.

19. Fa batho ba ga Jehofa ba tlhaloganya gore o leba jang go dira phoso, seno se ka ba sireletsa jang?

19 Jehofa o ne a thusa Moshe go tlhaloganya ditsela tsa gagwe ka go dira gore go bonale sentle gore le mororo a sa amogele boleo, gone o bonya go galefa. O naya batho nako ya go ithuta se a se batlang le go dira tumalanong le sone. Fa motho a ikwatlhaya, Jehofa o a mo itshwarela, mme gone o otlhaela motho maleo a a masisi fa a tshwanelwa ke kotlhao. O ne a tlhagisa Moshe gore tota le dikokomana tse di tlang di ne di ka nna tsa amega, e ka tswa e le ka tsela e e molemo kgotsa e e seng molemo, ka ntlha ya se Baiseraele ba se dirang. Go tlhaloganya ditsela tsa ga Jehofa le go di anaanela go ka thusa batho ba Modimo gore ba se ka ba bona Modimo molato ka ntlha ya maemo mangwe a bone ka bobone ba itereditseng one kgotsa gore ba se ka ba swetsa ka gore o bonya go tsaya kgato.

20. Ke eng se se tla re thusang go dirisana sentle le badumedi mmogo le rona le batho ba re kopanang le bone mo bodireding? (Pesalema 86:11)

20 Fa e le gore o eletsa go itse Jehofa le ditsela tsa gagwe botokanyana, tswelela pele o batlisise o bo o tlhatlhanye fa o bala Baebele. Tlhatlhoba dikarolo tse di farologaneng tse di kgatlhang tsa botho jwa ga Jehofa ka kelotlhoko. Akanyetsa ka thapelo gore o ka etsa jang Modimo le go dira gore botshelo jwa gago bo tsamaisane ka botlalo le maikaelelo a gagwe. Seno se tla go thusa gore o se ka wa wela mo mameneng, se tla go thusa gore o dirisane sentle le badumedi mmogo le wena, o bo o thuse batho ba bangwe gore ba itse ba bo ba rate Modimo wa rona yo o molemolemo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Tsotlhe di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

O Ithutile Eng?

• Ke ka ntlha yang fa go ne go le botlhokwa gore Moshe a bontshe bopelonolo, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore le rona re bo bontshe?

• Go ya ga ga Moshe kwa go Faro gangwe le gape ka lefoko la ga Jehofa go ne ga thusa ka eng?

• Melaometheo mengwe e e molemo e Moshe a neng a e rutwa, e bile e dira le mo go rona, ke efe?

• Re ka dira jang gore re anaanele dinonofo tsa ga Jehofa le go di tlhaloganya botokanyana?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Moshe o ne a isa lefoko la ga Jehofa kwa go Faro, fela jaaka a ne a laetswe

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jehofa o ne a bolelela Moshe melao ya gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Tlhatlhanya ka dinonofo tsa ga Jehofa