Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go sa Dirise Tlhaloganyo—Ke Eng fa go Aname Jaana?

Go sa Dirise Tlhaloganyo—Ke Eng fa go Aname Jaana?

Go sa Dirise Tlhaloganyo—Ke Eng fa go Aname Jaana?

“KE ENG ka ene? O tshwanetse go itse gore ga a tshwanela go dira jaana,” go ne ga bolela jalo mongwe yo o neng a lebile sengwe se se neng se direga. Yo mongwe o tshikinya tlhogo a sa dumele, o tsamaya a ngunanguna a re, “Fa a ka bo a dirisitse tlhaloganyo, o ka bo a sa dira jalo.” A o kile wa utlwa dikakgelo tse di ntseng jalo? Le fa go le jalo, “go dirisa tlhaloganyo” ke eng?

“Go dirisa tlhaloganyo” go tlhalosiwa e le “go lemoga dilo sentle” le “go dirisa botlhale ka tsela e e ka go solegelang molemo kgotsa go dira tshwetso ka tsela e e botlhale.” Go raya gore motho o na le bokgoni jwa go sekaseka dilo ka kelotlhoko le go dira ditshwetso ka botlhale. Go bonala go dirisa tlhaloganyo go batla gore re dirise bokgoni jwa go akanya. Batho ba le bantsi ba rata gore ba bangwe ba ba akanyetse. Ba letlelela metswedi ya tshedimosetso, balekane ba bone kgotsa kgopolo e batho ba le bantsi ba nang le yone gore e nne tsone di laolang gore ba dire tshwetso efe.

Go bonala batho ba le bantsi ba sa tlhole ba dirisa tlhaloganyo mo lefatsheng la gompieno mo e leng gore monna mongwe yo o elang dilo tlhoko o kile a re, ‘Go bua boammaaruri, batho ba le bantsi ga ba dirise tlhaloganyo.’ Re ka bona jang bokgoni jwa go dirisa tlhaloganyo? Melemo ya go dirisa tlhaloganyo ke efe?

Re ka Bona Jang Bokgoni Jwa go Dirisa Tlhaloganyo?

Le fa gone go tsaya nako, motho a ka kgona go nna le bokgoni jwa go dirisa tlhaloganyo fa a akanyetsa dilo ka kelotlhoko le go leka ka dinako tsotlhe go akanya ka tsela e e tshwanetseng le go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale. Akanya ka dintlha tse tharo tse di ka re thusang go nna le bokgoni jwa go dirisa tlhaloganyo.

Ithute Baebele, mme o latele kgakololo ya yone. Baebele, e e kwadilweng ka puo e e molemo le e e tlhaloganyesegang sentle, ke sedirisiwa se se molemo se se ka re thusang go nna le botlhale le go dirisa tlhaloganyo ka tsela e e molemo. (Baefeso 1:8) Ka sekai, moaposetoloi Paulo o gakolola Bakeresete ka ene jaana: “Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, dilo le fa e le dife tse di tsewang ka masisi, dilo le fa e le dife tse di siameng, dilo le fa e le dife tse di itshekileng, dilo le fa e le dife tse di rategang, dilo le fa e le dife tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le selo le fa e le sefe se se tshwanelwang ke pako se se gone, tswelelang lo akanya ka dilo tseno.” (Bafilipi 4:8) Fa re dirisa kgakololo eno ka dinako tsotlhe, re ka kgona go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale le go dira dilo ka tsela e e nang le tlhaloganyo.

Ithute mo dilong tse di go diragaletseng. Fa mmoki mongwe wa kwa Sweden a ne a golaganya go dirisa tlhaloganyo le se se diragaletseng motho mo botshelong, o ne a re: “Go dirisa tlhaloganyo go . . . akaretsa se se diragaletseng motho mo botshelong le go lebela dilo kwa pele.” Eleruri, “ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Motho a ka nna le bokgoni jwa go dirisa tlhaloganyo ka go ela tlhoko dilo tse ba bangwe ba di dirang, ka go ithuta mo go bone le ka go ithuta ka se se mo diragaletseng. Re ka ithuta go dira dilo botoka fa nako e ntse e tsamaya. Le fa go ntse jalo, go tlhoka boikokobetso gore re ithute ka diphoso tse re di dirileng. Moya wa go ipega, wa go nna mabela le wa go nna tlhogo e thata wa batho mo motlheng ono wa bofelo ga o bontshe go dirisa tlhaloganyo.—2 Timotheo 3:1-5.

Tlhopha ditsala ka botlhale. Gape, ditsala tsa rona di ka re thusa go dirisa botlhale le tlhaloganyo kgotsa di ka re kgoreletsa go dira jalo. Diane 13:20 ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” Ga re a tshwanela go amogela tsela ya go akanya kgotsa dikgopolo tsa ba ba sa ikobeleng Modimo le ba ba tlhokomologang Lefoko la gagwe. Diane 17:12 ya re: “A motho a kopane le bera e e amogilweng bana go na le go kopana le ope yo o sematla mo boeleeleng jwa gagwe.”

Melemo ya go Dirisa Tlhaloganyo ke Efe?

Go dirisa tlhaloganyo go ka re solegela molemo. Go dira gore botshelo bo itumedise e bile go ka re bolokela nako. Tota e bile, go dirisa tlhaloganyo go ka dira gore re se ka ra nna le mathata a a bakwang ke go dira dilo re sa akanya. Ba ba sa kgoneng go dira ditshwetso tse di molemo ba ithatafaletsa botshelo. Baebele ya re: “Tiro ya bonatla ya dimatla e a di lapisa.” (Moreri 10:15) Batho ba ba ntseng jalo ba ka bereka ka thata ba sa fetse ba bo ba lape; le fa go le jalo, ga ba fitlhelele sepe se se mosola.

Baebele e na le kgakololo e ntsi e e molemo ka bophepa, go buisana, go bereka ka natla, go itshokela khumanego le dintlha tse dingwe tse dintsi tsa botshelo. Batho ba le dimilione ba ka bolela gore go atlega kgotsa go palelwa mo botshelong jwa bone go ile ga ikaega ka tsela e e molemo e ba ileng ba dirisa melaometheo ya Baebele ka yone, e e ba thusitseng go bontsha botlhale.

Go dirisa tlhaloganyo go re thusa gore re se ka ra dirisa fela ditaelo le melao e le mentsintsi e re e newang. Go re thusa go diragatsa maikarabelo a rona. Le fa go ntse jalo, go dirisa tlhaloganyo ga go reye gore ga o tlhoke go ithuta. Diane 1:5 ya re: “Motho yo o botlhale o tla reetsa mme a amogele thuto e e oketsegileng.” Gape, re tshwanetse go ithuta go sekaseka tshedimosetso e re e amogelang, mme re e dirisetse go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Seno se re thusa go ‘tsamaya ka botlhale.’—Diane 28:26.

Go dirisa tlhaloganyo go amana thata le boikokobetso. Le fa re ka batla go tlhokomela maikarabelo a mantsi a re nang le one, re tshwanetse go dira tshwetso ka tsela e e botlhale mme re dire fela dilo tse re ka kgonang go di dira. Ke boammaaruri gore moaposetoloi Paulo o re bolelela gore re nne le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.” (1 Bakorintha 15:58) Le fa go ntse jalo, fa re dirisa kgakololo eno, re tshwanetse go gopola molaomotheo o o mo go Moreri 9:4: “Ntša e e tshelang e botoka go na le tau e e suleng.” Go tlhokomela botsogo jwa rona fa re ntse re direla Jehofa go ka dira gore re tshele lobaka lo loleele le go tswelela pele re tlhagafetse. Go dirisa tlhaloganyo go ka re thusa go dira dilo ka tekatekano e leng se se tla re thusang gore re dire dilo tse re tlhokang go di dira re sa latlhegelwe ke boitumelo jo re nang najo. Ee, go dirisa tlhaloganyo go lere melemo e le mentsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Baebele e na le kgakololo e ntsi e e molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Motho a ka nna le bokgoni jwa go dirisa tlhaloganyo ka go ela tlhoko se ba bangwe ba se dirang, ka go ithuta mo go bone le ka go ithuta ka se se mo diragaletseng