Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe Le le Se Nang Lehuma le Gaufi

Lefatshe Le le Se Nang Lehuma le Gaufi

Lefatshe Le le Se Nang Lehuma le Gaufi

DITSHWANTSHO tsa Paradaise tse di tshwanang le se se mo tsebeng e e kafa ntle ya makasine ono, di kgatlha batho ba ba tshelelang mo lehumeng. Banyalani ba ntlha, Adame le Efa ba ne ba tshela mo paradaiseng. Legae la bone e ne e le tshingwana ya Edene. (Genesise 2:7-23) Le fa Paradaise eo e sa tlhole e le teng, go dumela mo paradaiseng e e tlang—lefatshe le lesha le le se nang lehuma—ga se toro fela. Go theilwe ka botlalo mo ditsholofetsong tse di mo Baebeleng.

Akanya ka se Jesu Keresete a neng a se solofetsa mo letsatsing la gagwe la bofelo mo lefatsheng. Mongwe wa badirabosula yo o neng a swa le Jesu o ne a bontsha tumelo mo bokgoning jwa Modimo jwa go rarabolola mathata a batho. O ne a re: “Jesu, o nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Mafoko ano a bontsha gore modirabosula yono o ne a dumela gore Jesu o tla busa e le Kgosi mme baswi ba tla tsosiwa. Jesu o ne a araba jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:42, 43.

Baebele e bolela jaana fa e bua ka batho ba ba tla tshelang kwa Paradaiseng: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one.” (Isaia 65:21) Ee, “ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.”—Mika 4:4.

Mme ke eng fa lehuma le letleletswe gore le nne teng gone jaanong? Modimo o thusa batho ba ba humanegileng jang? Lehuma le tla ba la fela leng?

Ke Eng fa Lehuma le Letleletswe go Nna Teng?

Adame le Efa ba ne ba latlhegelwa ke Paradaise e ba neng ba beilwe mo go yone ka ntlha ya botsuolodi jo bo simolotsweng ke moengele yo o bosula, Satane Diabolo. Satane o ne a dirisa noga go bua le Efa, a bo a mo raela gore a tlole molao wa Modimo wa gore ba se ka ba ja leungo la setlhare sengwe. O ne a mo tsietsa a dira gore a dumele gore go ipusa kwantle ga Modimo go tla dira gore a tshele botoka. Fa Efa a ne a naya Adame leungo le le ileditsweng, le ene o ne a ja, a furalela Modimo mme a reetsa mosadi wa gagwe.—Genesise 3:1-6; 1 Timotheo 2:14.

Go ne go tshwanela gore banyalani bano ba ditsuolodi ba ntshiwe mo Paradaiseng mme go simolola ka nako eo ba ne ba tshwanelwa ke go tshela ka mofufutso wa diphatla tsa bone. Go tla go fitlha gompieno, Jehofa o letleletse Satane gore a buse batho ba e leng baleofi, mme seno se dira gore matswela a go sa utlwe Modimo a bonale. Dilo tse di diregileng mo hisitoring ya batho di bontsha gore batho ba ka se dire gore lefatshe e nne Paradaise. (Jeremia 10:23) Go na le moo, go ipusa kwantle ga Modimo go feletse ka mathata a a seng kana ka sepe, go akaretsa lehuma.—Moreri 8:9.

Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng leno le le tletseng mathata, batho ba ba humanegileng ga ba a tlogelwa fela ba se na se se ka ba thusang. Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng, Baebele, le na le kaelo e e molemo e ba ka e latelang.

“Lo se Ka le Ka Motlha Lwa Tlhobaela”

Fa Jesu a ne a bua le batho ba bantsi ba go neng go na le bahumanegi mo gare ga bone, o ne a re: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone? . . . Jalo lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’ Gonne dilo tseno tsotlhe ke dilo tse ditšhaba di di gwalalelang. Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:26-33.

Motho yo o humanegileng ga a tlhoke go utswa. (Diane 6:30, 31) O tla newa dilo tse a di tlhokang fa a baya Modimo kwa pele mo botshelong jwa gagwe. Akanya ka Tukiso, monna yo o nnang kwa Lesotho. Ka 1998 masole a dinaga di sele a ne a tsena kwa Lesotho go ya go emisa go tsogologela puso. Ka ntlha ya ntwa eo, mabenkele a ne a thukuthiwa, batho ba latlhegelwa ke ditiro mme ga nna le tlhaelo e kgolo ya dijo.

Tukiso o ne a nna mo lefelong la batho ba ba humanegileng thata mo motsemogolo. Bontsi jwa baagelani ba gagwe ba ne ba thukuthile mabenkele gore ba tle ba itshedise. Fa Tukiso a ne a boela kwa ntlong ya gagwe ya kamore e le nngwe, o ne a fitlhela Maseiso, mosadi yo a neng a nna le ene, a tshotse dithoto tse dintsi tse a neng a di utswile. Tukiso o ne a bua jaana a tlhalosa gore go utswa go kgatlhanong le molao wa Modimo: “Ntshetsa dilo tseno kwa ntle.” Maseiso o ne a dira jalo. Baagelani ba bone ba ne ba ba kgoba mme ba itseela dijo tseo tse di neng di utswilwe.

Tukiso o ne a dira tshwetso eno ka ntlha ya se a neng a se ithutile le Basupi ba ga Jehofa mo Baebeleng. A go utlwa molao wa Modimo go ne ga felela ka gore a bolawe ke tlala? Nnyaa. Moragonyana bagolwane ba phuthego ya Basupi ba ga Jehofa e Tukiso a neng a kopanela le yone ba ne ba ikgolaganya le ene mme ba mo tlisetsa dijo. Tota e bile, Basupi ba ga Jehofa ba mo nageng ya Afrika Borwa e e bapileng le ya bone ba ne ba romeletse bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba Bakeresete ba kwa Lesotho ditone di feta tse pedi tsa dithoto tsa namolo. Maseiso o ne a itumedisitswe ke go bo Tukiso a ile a utlwa Modimo le ke thuso e e lorato ya phuthego. Le ene o ne a simolola go ithuta Baebele. Kgabagare ba ne ba nyalana kafa molaong mme ka jalo ba tshwanelega go kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Ba sa ntse ba direla Modimo ka boikanyego.

Jehofa Modimo o tlhokomela bahumanegi. (Bona lebokose le le nang le setlhogo se se reng “Modimo o Ikutlwa Jang ka Bahumanegi?”) O rulagantse ka lorato go thusa batho ba bangwe ba ba tshwanang le Tukiso le Maseiso gore ba ithute ka ene. Mme mo Lefokong la gagwe, o naya kgakololo e e mosola e e ka dirisiwang mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.

Thuso e e Molemo

Basupi ba ga Jehofa ga ba bolo go leka go etsa Modimo mo tseleng e ba amegang ka yone ka bahumanegi. (Bagalatia 2:10) Gantsi fa naga e welwa ke masetlapelo mme a ama Bakeresete ba boammaaruri, go dirwa dithulaganyo gore ba newe thuso e e tlhokegang. Sa botlhokwa le go feta ke gore Basupi ba bontsha gore ba amega ka dilo tsa semoya tse batho botlhe ba di tlhokang, go akaretsa le bahumanegi. (Mathaio 9:36-38) Mo dingwageng tse 60 tse di fetileng, badiredi ba le diketekete ba ba thapisitsweng ba ne ba ithaopela go ya go nna barongwa kwa dinageng di sele. Ka sekai, banyalani bangwe ba barongwa ba ba tswang kwa Finland ke bone ba neng ba kgona go ruta Tukiso le Maseiso gore ba nne barutwa ba ga Jesu, mme ba ne ba kgona go dira seo ka gonne ba ne ba ithutile puo ya Sesotho. (Mathaio 28:19, 20) Tiro e e ntseng jalo ya borongwa gantsi e dira gore batho ba tlogele botshelo jo bo manobonobo mo nageng e e humileng mme ba fudugele kwa nageng e e humanegileng.

Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go itshedisa ka go utswa. Go na le moo ba na le tumelo ya gore Jehofa Modimo o na le bokgoni jwa go ba naya se ba se tlhokang. (Bahebera 13:5, 6) Tsela e nngwe e Jehofa a nayang batho ba gagwe se ba se tlhokang ka yone ke ka phuthego ya lefatshe lotlhe ya baobamedi ba gagwe ba ba amegang ka ba bangwe.

Tsela e nngwe e Jehofa a thusang bahumanegi ka yone ke ka go ba naya kgakololo e e ba solegelang molemo mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi. Ka sekai, Baebele ya re: “A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla, a dira ka diatla tsa gagwe se e leng tiro e e molemo, gore a tle a nne le sengwe se a se abelang mongwe yo o tlhokang.” (Baefeso 4:28) Batho ba bantsi ba ba sa berekeng ba ile ba kgona go itshimololela ditiro, ba dira tiro e e bokete jaaka go lema le go tlhokomela tshingwana ya merogo. Baebele gape e thusa bahumanegi gore ba se ka ba senya madi ka go ba ruta go tila mekgwa e e maswe, e e jaaka go nwa bojalwa mo go feteletseng.—Baefeso 5:18.

Lefatshe Le le Se Nang Lehuma le Tla Tla Leng?

Baebele e bontsha gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” ya puso ya ga Satane. (2 Timotheo 3:1) Go ise go ye kae Jehofa Modimo o tla romela Jesu Keresete gore a tle go atlhola batho. Ke eng se se tla diregang ka nako eo? Jesu o ne a araba ka go dirisa setshwantsho sengwe. O ne a re: “Fa Morwa motho a goroga a le mo kgalalelong ya gagwe, le baengele botlhe ba na le ene, ka nako eo o tla nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang. Mme ditšhaba tsotlhe di tla phuthelwa fa pele ga gagwe, mme o tla kgaoganya batho mongwe mo go yo mongwe, fela jaaka modisa a kgaoganya dinku le dipodi.”—Mathaio 25:31-33.

Mo setshwantshong seno dinku ke batho ba ba ineelang mo bobusing jwa ga Jesu. Jesu o ne a ba tshwantsha le dinku ka gonne ba a mo latela jaaka e le Modisa wa bone. (Johane 10:16) Batho bano ba sekadinku ba tla tshela mo pusong ya ga Jesu e e sa tlhaeleng. E tla nna botshelo jo bo itumedisang mo lefatsheng le lesha le le se nang lehuma. Batho ba sekadipodi ba ba ganang puso ya ga Jesu, ba tla fedisediwa ruri.—Mathaio 25:46.

Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa boikepo. Lehuma le tla fela. Mo lefatsheng go tla bo go nna batho ba ba ratanang mongwe le mongwe a amega ka yo mongwe. Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba ratang bakaulengwe botlhe ba bone ka yone mo lefatsheng lotlhe e bontsha gore lefatshe le le ntseng jalo le lesha le ka nna teng, ka gonne Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.”—Johane 13:35.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 6, 7]

MODIMO O IKUTLWA JANG KA BAHUMANEGI?

Baebele e tlhalosa Mmopi wa batho e re ke, “yo o nayang ba ba tshwerweng ke tlala senkgwe.” (Pesalema 146:7) E na le ditemana di feta lekgolo tse di bontshang gore Modimo o amega ka bahumanegi.

Ka sekai, fa Jehofa a ne a naya setšhaba sa Iseraele wa bogologolo Molao, o ne a laela balemi ba Baiseraele gore ba se ka ba roba dintlha tsa masimo a bone gotlhelele. Ba ne ba sa tshwanela go phutha maungo a a setseng ka go photha setlhare sa bone sa motlhware le sa morara lekgetlho la bobedi. Melao eno e ne e bontsha lorato ka go naya batswakwa, dikhutsana, batlholagadi le ba bangwe ba ba bogang se ba se tlhokang.—Lefitiko 19:9, 10; Duteronome 24:19-21.

Mo godimo ga moo, Modimo o ne a laela Baiseraele jaana: “Lo se ka lwa bogisa motlholagadi ope kgotsa mosimane yo o se nang rre. Ruri fa lo ka mmogisa, e tla re fa a lelela kwa go nna, ruri ke tla utlwa selelo sa gagwe; mme bogale jwa me bo tla tuka, ke tla lo bolaya ka tšhaka, mme basadi ba lona e tla nna batlholagadi mme bomorwaalona e tla nna basimane ba ba se nang borre.” (Ekesodo 22:22-24) Go utlwisa botlhoko gore Baiseraele ba bantsi ba ba humileng ba ne ba tlhokomologa mafoko ao. Ka ntlha ya molato ono le e mengwe, Jehofa Modimo o ne a naya Baiseraele ditlhagiso ka baporofeti ba gagwe. (Isaia 10:1, 2; Jeremia 5:28; Amose 4:1-3) Kgabagare Modimo o ne a dira gore Baasiria, mme moragonyana Bababelona, ba gape naga ya Baiseraele. Baiseraele ba bantsi ba ne ba bolawa, mme bafalodi ba ne ba isiwa botshwarwa kwa dinageng di sele.

Morwa Modimo yo o rategang, Jesu Keresete, o ne a bontsha gore o amega ka lorato ka bahumanegi jaaka Rraagwe. Jesu o ne a bua jaana fa a ne a tlhalosa maikaelelo a bodiredi jwa gagwe: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo.” (Luke 4:18) Seno ga se reye gore Jesu o ne a rerela bahumanegi fela. Le bahumi o ne a ba thusa ka tsela e e lorato. Mme le fa Jesu a ne a thusa bahumi, gantsi o ne a bontsha gore o tshwenyegile ka bahumanegi. Ka sekai, o ne a naya mmusi mongwe yo o humileng kgakololo eno: “Rekisa dilo tsotlhe tse o nang le tsone mme o abele batho ba ba humanegileng, mme o tla nna le letlotlo kwa magodimong; mme o tle o nne molatedi wa me.”—Luke 14:1, 12-14; 18:18, 22; 19:1-10.

Jehofa Modimo le Morwawe ba amega tota ka bahumanegi. (Mareko 12:41-44; Jakobe 2:1-6) Jehofa o bontsha gore o amega ka bahumanegi, ka go nna a gakologetswe bahumanegi ba le dimilione ba ba suleng. Botlhe ba tla tsosediwa mo lefatsheng le lesha le le se nang lehuma.—Ditiro 24:15.

[Setshwantsho]

Bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe jwa Basupi ba ga Jehofa bo bontsha gore lefatshe le lesha le tla nna teng

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Tukiso le Maseiso ba na le morongwa yo o neng a ithuta Baebele le Tukiso

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Maseiso o eme fa kgorong ya legae la gagwe le morongwa yo o neng a ithuta Baebele le ene