Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Malapa a Nonotshiwa ke go Nna le Kitso ka Modimo

Malapa a Nonotshiwa ke go Nna le Kitso ka Modimo

“Thuso Ya me E Tswa Kwa go Jehofa”

Malapa a Nonotshiwa ke go Nna le Kitso ka Modimo

“LEBOTA la Berlin.” Banyalani bangwe ba kwa Argentina ba ne ba bitsa jalo lebota la mmatota le ba neng ba le agile go kgaoganya ntlo ya bone! Ba ne ba itaana ka noga e utlwa; ba ne ba tlhoane tota.

Se se utlwisang botlhoko ke gore banyalani bano ga se bone fela ba ba leng mo boemong jono. Malapa a le mantsi a tletse dintwa, go se ikanyege le letlhoo. Seno se utlwisa botlhoko ka gonne lelapa ke thulaganyo e e simolotsweng ke Modimo ka boene. (Genesise 1:27, 28; 2:23, 24) Lorato lo lo boteng lo ka bontshiwa sentle mo lelapeng, le e leng mpho ya Modimo. (Ruthe 1:9) Maloko a lelapa a ka baka Jehofa mme a dire gore go nne le boitumelo mo lelapeng ka go diragatsa maikarabelo a bone a ba a neilweng ke Modimo. *

Fela jaaka Modimo a simolotse thulaganyo ya lelapa, re tshwanetse go letla tsela e a lebang dilo ka yone e nne yone e kaelang kafa re tlhaloganyang ka teng gore malapa a tshwanetse go dira dilo jang. Lefoko la gagwe le re naya kgakololo e ntsi e e mosola e e diretsweng go thusa malapa gore a atlege, segolobogolo fa go tsoga mathata. Baebele e bua jaana ka maikarabelo a banna: “Banna ba tshwanetse go rata basadi ba bone jaaka mebele ya bone.” Fa monna a diragatsa maikarabelo ano, mosadi wa gagwe o itumelela go “nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.”—Baefeso 5:25-29, 33.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le kamano ya batsadi le bana ba bone: “Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) Seno se tla dira gore go nne le lorato mo lapeng, mme se tla dira gore bana ba tlhofofalelwe ke go ikobela batsadi ba bone.—Baefeso 6:1.

Dintlha tse di fa godimo di bontsha gore Baebele e na le kaelo e e utlwalang mabapi le botshelo jwa lelapa. Batho ba bantsi ba itumetse mo malapeng a bone ka gonne ba dirisa melaometheo ya Modimo. Ka sekai, akanya ka banyalani ba kwa Argentina ba ba umakilweng kwa tshimologong. Fa ba sena go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka dikgwedi tse tharo, boobabedi ba ne ba simolola go dirisa kgakololo ya yone e e mosola ya lenyalo. Ba ne ba dira ka natla go tokafatsa puisano ya bone, go utlwelana botlhoko le go itshwarelana. (Diane 15:22; 1 Petere 3:7; 4:8) Ba ne ba ithuta go laola kgalefo ya bone le gore ba kope Modimo gore a ba thuse fa go lebega dilo di senyega. (Bakolosa 3:19) Go ise go ye kae “Lebota la Berlin” le ne la wa!

Modimo a ka Nonotsha Lelapa

Go itse le go dirisa melao ya Modimo go ka nonotsha lelapa gore le itshokele mathata. Seno se botlhokwa thata ka gonne go ne ga bolelwa e sale pele gore thulaganyo ya lelapa e ne e tla tlhaselwa setlhogo mo motlheng wa rona. Paulo o ne a bolelela pele ka go senyega ga maitsholo mo setšhabeng. O ne a re “metlha ya bofelo” e ne e tla tlala go se ikanyege, go tlhoka “lorato lwa tlholego,” go se utlwe batsadi, tota le mo go “ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo.”—2 Timotheo 3:1-5.

Go leka go itumedisa Modimo go ka thusa lelapa gore le se ka la nna le diphelelo tseno tse di utlwisang botlhoko. Malapa a mantsi a ile a lemoga gore a tlhoka thuso ya Modimo gore a kgone go lebana le mathata a mantsi a a nang le one. Fa maloko a lelapa a batla go nna le kamano e e molemo le Modimo, sa botlhokwa ke gore botlhe ba dirise melaometheo ya Baebele mme ba lemoge gore “fa Jehofa a sa age ntlo, baagi ba yone ba diretse lefela ka natla mo go yone.” (Pesalema 127:1) Selo se segolo se se kgonang go tlisa boitumelo mo lelapeng, ke go baya Modimo kwa pele mo botshelong jwa lelapa.—Baefeso 3:14, 15.

Kwa Hawaii monna mongwe yo o bidiwang Dennis o ne a lemoga gore seo se boammaaruri tota. Le fa a ne a ipitsa Mokeresete, o ne a dirisa puo ya matlhapa e bile e le ntwadumela. Fa a sena go direla mo bosoleng, o ne a nna dikgoka le go feta e bile a tlala letlhoo. A re: “Ke ne ke lwa ka metlha. Ke ne ke sa kgathale ka sepe se se neng se ka ntiragalela, e bile ke ne ke sa tshabe go swa. Ke ne ka tswelela ka puo ya me ya matlhapa le ka go lwa. Mosadi wa me, yo e neng e le Mosupi wa ga Jehofa, o ne a nkgothatsa gore ke ithute Baebele.”

Dennis ga a ka a dira jaaka mosadi wa gagwe a ne a rata gore a dire. Le fa go ntse jalo, boitshwaro jwa Bokeresete jwa mosadi wa gagwe bo ne jwa mo nolofatsa. Kgabagare Dennis o ne a ya kwa pokanong ya Bokeresete le mosadi wa gagwe le bana. Morago ga foo, go ne ga simololwa thuto ya Baebele le Dennis mme a gatela pele sentle. O ne a tlogela mokgwa wa gagwe wa go goga motsoko morago ga dingwaga di le 28 a goga mme a kgaogana le ditsala tse di neng di dira dilo tsotlhe tse a neng a leka go di tlogela. Dennis o ne a bua jaana, a leboga Jehofa: “Botshelo jwa lelapa la me bo ne jwa tokafala. Re ne re ya dipokanong le kwa tshimong re le lelapa. Banake ba babedi ba ne ba sa tlhole ba ntshaba, ka gonne ke ne ke ithutile go laola bogale jwa me mme ka tlogela go dirisa puo ya matlhapa. Re ne re kgona go buisana e bile re itumelela go tlotla ka dilo tse di mo Baebeleng. Fa nkabo ke sa ithuta Baebele, nkabo ke seyo gompieno; ke ne ke le bogale jo bo boitshegang.”

Malapa a ka itumela fa a dira ka natla go dira thato ya ga Jehofa. Go lemogilwe gore le fa leloko le le lengwe fela la lelapa le dirisa melaometheo ya Baebele, seemo se nna botoka go feta fa go se na ope yo o e dirisang. Go nonotsha lelapa la Bokeresete go tlhoka gore motho a dire ka natla, gape go tlhoka bokgoni le nako. Mme maloko a malapa a a ntseng jalo a tlhomamisegile gore Jehofa o tla ba duela ka gore maiteko a bone a atlege. Ba ka bua mafoko a a tshwanang le ano a mopesalema: “Thuso ya me e tswa kwa go Jehofa.”—Pesalema 121:2.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Bona 2005 Calendar of Jehovah’s Witnesses, May/June.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

‘Lelapa lengwe le lengwe kwa legodimong le mo lefatsheng le bidiwa ka Modimo.’—BAEFESO 3:15

[Lebokoso mo go tsebe 8]

JEHOFA O TSEELA THULAGANYO YA LELAPA KWA GODIMO

“Modimo a ba segofatsa mme Modimo a ba raya a re: ‘Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.’”—Genesise 1:28.

“Go itumela mongwe le mongwe yo o boifang Jehofa . . . Mosadi wa gago o tla nna jaaka mofine o o ungwang mo dikarolong tse di kwa tengteng tsa ntlo ya gago.”—Pesalema 128:1, 3.