Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mari—Motse wa Segosi wa Bogologolo o o Neng O le Mo Sekakeng

Mari—Motse wa Segosi wa Bogologolo o o Neng O le Mo Sekakeng

Mari—Motse wa Segosi wa Bogologolo o o Neng O le Mo Sekakeng

MOITHUTAMAROPE wa Mofora e bong André Parrot o gakologelwa jaana: “Ke ne ke itumetse tota fa ke goroga mo kamoreng ya me mo bosigong joo fa nna le ditsala tsa me re sena go keteka lesego la rona.” Ka January 1934, kwa Tell Hariri, gaufi le torotswana ya Abu Kemal mo Euferatese kwa Siria, Parrot le setlhopha sa gagwe ba ne ba epolola sefikantswe sengwe se se nang le mafoko a a gabilweng a a reng: “Lamgi-Mari, kgosi ya Mari, moperesiti yo mogolo wa ga Enlil.” Ba ne ba itumetse ka ntlha ya se ba se ribolotseng.

Kgabagare motse wa Mari o ne o bonwe! Ke ka ntlha yang fa go ribololwa ga one go tshwanetse ga kgatlha baithuti ba Baebele?

Ke ka Ntlha Yang fa Motse wa Mari o Kgatlha?

Le fa gone mekwalo ya bogologolo e ne e bontsha gore go ne go na le motse o o bidiwang Mari, go ne ga feta lobaka lo loleele go sa itsiwe gore o ne o le kwa kae. Go ya ka bakwadi ba Ba-Sumeri, motse wa Mari e ne e le motsemogolo wa puso e e kileng ya ne e busa mo Mesopotamia yotlhe. Motse wa Mari o ne o agilwe mo dintshing tsa Euferatese, o ntse sentle mo marakanelong a ditsela tse di neng di dirisiwa ke bagwebi tse di golaganyang Kgogometso ya Peresia le Asiria, Mesopotamia, Anatolia le Lotshitshi lwa Mediterranean. Ba ne ba feta ka motse ono ka dithoto tse di akaretsang dikgong, ditshipi le maje—e leng dilo tse di neng di bonwa sewelo fela mo Mesopotamia. Makgetho a dithoto tseno a ne a humisa motse wa Mari fela thata, mme seno sa dira gore motse ono o buse kgaolo yotlhe. Le fa go ntse jalo, puso eno e ne ya fela fa Siria e ne e thopiwa ke Sargon wa Akkad.

Dingwaga tse di ka nnang 300 fa Sargon a sena go fenya, motse wa Mari o ne wa busiwa ke balaodi ba le bantsi ba masole. Kafa tlase ga babusi bano, motse ono o ne wa boa wa atlega gape. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa motse ono o ne o busiwa ke mmusi wa bofelo, e bong Zimri-Lim, motse wa Mari o ne o sa tlhole o le maatla. Zimri-Lim o ne a leka go nonotsha mmusomogolo wa gagwe ka diphenyo di le mmalwa tsa sesole, ka go dira dikgolagano le merafe e mengwe le go dira dikgolagano tsa lenyalo le yone. Mme mo e ka nnang ka 1760 B.C.E., Kgosi Hammurabi wa Babelona o ne a thopa le go senya motse ono, a fedisa se Parrot a neng a se bitsa “nngwe ya ditlhabologo tse di tsweletseng pele tsa lefatshe la bogologolo.”

Fa masole a ga Hammurabi a ne a tlhasela motse wa Mari, ba ne ba thusa thata baithutamarope le bakwalahisitori ba gompieno ba sa lemoge. Fa ba ne ba phutlhamisa mabota a a dirilweng ka ditena tsa mmu tse di sa besiwang, ba ne ba khurumetsa meago mengwe bogodimo jwa dimetara di le tlhano mo mafelong mangwe, ka jalo ba e boloka gore e se ka ya senyega fa nako e ntse e tsamaya. Baithutamarope ba epolotse matlotla a ditempele le matlo a segosi, mmogo le dilwana di le dintsi tse di dirilweng ka diatla le mekwalo e mentsi e e neng e naya tshedimosetso ka mokgwa wa botshelo wa bogologolo.

Ke ka ntlha yang fa re kgatlhegela matlotla a motse wa Mari? Akanya ka nako ya fa tlhogo ya lotso Aborahame a ne a sa ntse a tshela. Aborahame o ne a belegwa ka ngwaga wa 2018 B.C.E., dingwaga tse 352 morago ga Morwalela o mogolo. Losika lwa gagwe e ne e le lwa bolesome go tloga kwa go Noa. Aborahame o ne a tswa kwa motseng wa gaabo wa Ure mme a ya kwa Harana ka taelo ya Modimo. Ka ngwaga wa 1943 B.C.E., fa Aborahame a le dingwaga tse 75, o ne a tswa kwa Harana a ya kwa nageng ya Kanana. Moithutamarope wa Montadiana e bong Paolo Matthiae a re: “Go fuduga ga ga Aborahame go tswa kwa Ure go ya kwa Jerusalema [kwa Kanana] go diregile ka nako ya fa motse wa Mari o sa ntse o le gone.” Ka jalo, go ribololwa ga motse wa Mari go botlhokwa ka gonne go ka re thusa go akanya ka lefatshe le motlhanka wa Modimo yo o ikanyegang e bong Aborahame a neng a tshela mo go lone. *Genesise 11:10–12:4.

Matlotla Ano a Senola Eng?

Bodumedi bo ne bo aname kwa motseng wa Mari fela jaaka kwa Mesopotamia. Go direla Modimo go ne go tsewa e le boikarabelo jo batho ba nang le jone. Ka dinako tsotlhe, pele batho ba dira ditshwetso dipe tse di botlhokwa, ba ne ba batla go itse pele gore medimo ya bone e ne e batla gore ba dire eng. Baithutamarope ba ribolotse marope a ditempele tse thataro. Gareng ga tsone ke Tempele ya Ditau (e bangwe ba e tsayang e le tempele ya ga Dagane, e leng Dagone wa Baebele) le mafelo a a boitshepo a ga Ishetare, modimo wa sesadi wa tsalo, mmogo le modimo wa letsatsi Shamashe. Kwa tshimologong, ditempele tseno di ne di na le sefikantswe sa modingwana yo o neng a ntshediwa ditshupelo e bile a rapelwa. Batho ba ba neng ba obamela medimo eno ba ne ba rata go baya ditshwantsho tsa bone mo ditulong tse di mo lefelong le le boitshepo, tse mo go tsone ba neng ba rapela ba nyenya, ba dumela gore ditshwantsho tsa bone di dira gore kobamelo ya bone e nne ya lobaka lo loleele. Parrot a re: “Setshwantsho seno sa modumedi se ne se tsewa se emela modumedi ka boene, fela jaaka kerese e e tshubiwang mo bodumeding jwa Katoliki gompieno, e gone jaanong jaana e dirisiwang thata go gaisa mo nakong e e fetileng.”

Dilo tse dingwe tse di kgatlhang tota tse di neng tsa fitlhelwa mo matlotleng a Tell Hariri e ne e le marope a ntlo e kgolo ya kgosi, e e itsegeng ka leina la monni wa yone wa bofelo e bong Kgosi Zimri-Lim. Moithutamarope wa Mofora e bong Louis-Hugues Vincent a re ke “nngwe ya dikago tse dintle thata tsa kwa dinageng tsa Botlhaba.” Ntlo eo e ne e le ya bogolo jwa diheketara di le 2,5, mme e ne e na le diphaposi tse 300 le malwapa. Tota le bogologolo, ntlo eno ya segosi e ne e tsewa e le sengwe sa dilo tse di gakgamatsang mo lefatsheng. Georges Roux mo bukeng ya gagwe ya Ancient Iraq, o akgela jaana: “E ne e itsege tota mo e leng gore Kgosi ya Uragit, kwa lotshitshing lwa Siria, o ne a se ka a okaoka go romela morwawe dikilometara di le 600 gore a ye go etela fela ‘ntlo ya ga Zimri-Lim.’”

Pele ga baeng ba fitlha mo lolwapeng lo logolo, ba ne ba tsena mo ntlong e e nonofileng eno ya segosi ka kgoro e le nngwe fela e e nang le dipilara mo matlhakoreng oomabedi. Kgosi ya bofelo ya motse wa Mari e bong Zimri-Lim, a le mo setulong sa bogosi se se leng mo seraleng, o ne a laola sesole, kgwebo le merero ya dipolotiki; a atlhola; e bile a amogela baeng le baemedi ba dinaga di sele. Go ne go na le dikamore tsa baeng, ba ka metlha ba neng ba ja e bile ba nwa le kgosi ka nako ya meletlo e megolo. Nama ya kgomo, ya nku, ya tshephe, tlhapi kgotsa nama ya koko tse di neng di besiwa, di gadikiwa kgotsa di apewa ka metsi—tsotlhe di tsholwa ka sopo ya kaliki le merogo e e farologaneng le ditšhisi. Phuding e ne e le maungo a a foreshe, a a omisitsweng kgotsa a a tshasitsweng seedi se se botshe le dikuku tse di kgabisitsweng bontle. Baeng ba ne ba fiwa biri kgotsa beine go itimola lenyora.

Go ne go na le dithulaganyo tsa go tlosa leswe la matlwana a boithomelo le go thibela malwetse mo ntlong ya segosi. Ba ne ba bona matlwana a botlhapelo a a neng a na le dibata tsa letsopa le matlwana a boithomelo a a se nang mo o nnang gone fa o a dirisa. Bodilo le karolo e e kwa tlase ya mabota a dikamore tseno di ne di tshasitswe bitumena gore di se ka tsa senyega. Metsi a a leswe a ne a ntshiwa ka mesele e e dirilweng ka ditena mme diphaepe tsa letsopa tse di tshasitsweng bitumena gore di se ka tsa dutlisa metsi di sa ntse di dirisiwa morago ga dingwaga tse di ka nnang 3 500. Fa basadi bangwe ba bararo ba ba neng ba nna mo ntlong ya segosi ba ne ba tshwerwe ke bolwetse jo bo kotsi, ba ne ba beelwa melao e e gagametseng. Mosadi yo o tshwarwang ke bolwetse jo bo ntseng jalo o tshwanetse go ntshiwa mo gare ga batho mme a nne a le esi kwa thoko. “Ga go na ope yo o neng a tshwanetse go nwa ka kopi ya gagwe, go jela mo tafoleng ya gagwe kgotsa go nna mo setulong sa gagwe.”

Ke Eng Se re Ka Ithutang Sone mo Mekwalong ya Teng ya Bogologolo?

Parrot le setlhopha sa gagwe ba ne ba ribolola matlapanakwalelo a cuneiform a a ka nnang 20 000 a kwadilwe ka Se-Akkadia. Matlapanakwalelo ano a ne a na le makwalo a puisano le mekwalo ya tsamaiso le ya ikonomi. Mo mekwalong ya teng ya bogologolo, go ne ga gatisiwa nngwetharong fela ya yone. Le fa go ntse jalo, e ne ya nna dibolumo di le 28. E botlhokwa go le kana kang? Jean-Claude Margueron, mokaedi wa Mari Archaeological Mission, a re: “Pele ga re ribolola mekwalo ya teng ya bogologolo ya motse wa Mari, re ne re sa itse sepe ka hisitori, ditheo le botshelo jwa letsatsi le letsatsi kwa Mesopotamia le Siria mo tshimologong ya mileniamo wa bobedi. Re a ba leboga ka gonne re kgonne go kwala dikgaolo tsa hisitori ya motlha oo.” Fela jaaka Parrot a akgetse, mekwalo eno ya bogologolo “e senola dilo tse di gakgamatsang tse di tshwanang fa gare ga batho ba ba ba umakang le se Tesetamente ya Bogologolo e re bolelelang sone ka motlha wa Ditlhogo tsa Lotso.”

Matlapanakwalelo a a fitlhetsweng kwa motseng wa Mari a re naya lesedi ka ditemana dingwe tsa Baebele. Ka sekai, matlapanakwalelo ano a bontsha gore go tsaya basadi le bagadingwana ba mmaba e ne e le “selo se dikgosi di neng di rata go se dira ka nako eo.” Kgakololo e Ahitofele wa mooki a neng a e naya Abesalome morwa Kgosi Dafide ya go lala le bagadingwana ba ga rraagwe e ne e se sengwe se sesha.—2 Samuele 16:21, 22.

Fa e sa le ka 1933 go ile ga nna le matsholo a le 41 a baithutamarope kwa Tell Hariri. Le fa go ntse jalo, go fitlha gone jaanong, go sekasekilwe fela diheketara di le robedi tsa motse wa Mari wa diheketara di le 110. Go bonala go sa ntse go tla ribololwa dilo di le dintsi tse di kgatlhang kwa motseng wa Mari, motse wa bogologolo o o neng o le mo sekakeng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Gape go ka direga gore batshwarwa ba Bajuda ba ba neng ba isiwa Babelona fa Jerusalema e sena go senngwa ka 607 B.C.E. ba ne ba feta gaufi le matlotla a motse wa Mari.

[Mmapa mo go tsebe 10]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Kgogometso ya Peresia

Ure

MESOPOTAMIA

Euferatese

MARI

ASIRIA

Harana

ANATOLIA

KANANA

Jerusalema

Lewatle la Mediterranean (Lewatle le Legolo)

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Mo lekwalong leno Kgosi Iahdun-Lim wa Mari o ikgantsha ka tiro ya gagwe ya go aga

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Go ribololwa ga sefikantswe seno sa Lamgi-Mari go ne ga felela ka go bonwa ga motse wa Mari

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ebih-Il, mookamedi wa motse wa Mari, a rapela

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Serala kwa ntlong ya segosi, kwa sefikantswe sa modimogadi se ka tswang se ne se eme gone

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Matlotla a motse wa Mari, a bontsha kago ya ditena tsa mmu tse di sa besiwang

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ntlwana ya botlhapelo ya ntlo ya segosi

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Letlapa la phenyo la Naram-Sin, mofenyi wa Mari

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Matlapanakwalelo a “cuneiform” a a ka nnang 20 000 a ne a fitlhelwa mo matlotleng a ntlo ya segosi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 10]

© Mission archéologique française de Tell Hariri - Mari (Syrie)

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 11]

Document: Musée du Louvre, Paris; statue: © Mission archéologique française de Tell Hariri - Mari (Syrie)

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Statue: Musée du Louvre, Paris; podium and bathroom: © Mission archéologique française de Tell Hariri - Mari (Syrie)

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 13]

Victory stele: Musée du Louvre, Paris; palace ruins: © Mission archéologique française de Tell Hariri - Mari (Syrie)