Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tlotla le Baratiwa ba Gago?

A o Tlotla le Baratiwa ba Gago?

A o Tlotla le Baratiwa ba Gago?

LOKWALODIKGANG lwa kwa Poland lwa beke le beke lwa Polityka lwa re: “Bokgoni jo re nang le jone jwa go buisana le baratiwa ba rona bo fokotsega ka selekanyo se segolo.” Kwa United States, go fopholediwa gore balekane ba lenyalo ba dirisa metsotso e le merataro fela ka letsatsi ba tlotla ka dilo tse di mosola. Baitse bangwe ba akanya gore bontsi jwa dikgaogano le ditlhalo di bakwa ke go fokotsega ga puisano.

Go tweng ka go buisana ga batsadi le bana? Pego e e umakilweng fa godimo ya re gantsi puisano ya teng “e tshwana le potsolotso, ga se motlotlo: O tsamaile jang kwa sekolong? Ditsala tsa gago di tsogile jang?” Pego eo e botsa jaana: “Fa seemo se ntse jaana, bana ba rona ba tla ithuta jang go dirisana le batho ba ba ka ba tshololelang maikutlo?”

E re ka puisano e e molemo e sa itiragalele fela, re ka tokafatsa jang bokgoni jwa rona jwa go tlotla? Morutwa wa Mokeresete, Jakobe, o ne a re naya kgakololo eno ya botlhokwa: “Motho mongwe le mongwe o tshwanetse go nna bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.” (Jakobe 1:19) Ee, gore re nne le motlotlo o o agang, re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko mme re se ka ra tsena batho ganong ka go fela pelo kana ra itlhaganelela go dira ditshwetso ka sengwe re ise re utlwe dintlha tsotlhe. Tila go tshwayatshwaya diphoso ka gonne seno se ka senya puisano. Gape Jesu o ne a botsa batho dipotso ka botlhale, a sa ba thamathamise ka dipotso, mme a batla gore motho yo o mo reeditseng a ntshe se se mo mafatlheng a gagwe le go nonotsha kamano ya gagwe le batho bao.—Diane 20:5; Mathaio 16:13-17; 17:24-27.

Ka go dirisa melaometheo e e molemo e e mo Baebeleng, tsaya kgato pele go tlotla le go buisana le baratiwa ba gago. Seno se ka felela ka gore lo itumelele kamano e e lorato ka dingwaga di le dintsi—le eleng botshelo jotlhe.