Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Se Leseng go Dira se se Molemo

A re Se Leseng go Dira se se Molemo

A re Se Leseng go Dira se se Molemo

MOAPOSETOLOI PETERE o ne a kgothatsa jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng.” (1 Petere 2:12) Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “molemo” le kaya sengwe se “sentle thata, se se tlotlegang.” Mo nakong e re tshelang mo go yone, go ka nna ga lebega go sa utlwale go lebelela gore batho ka kakaretso ba nne le boitshwaro jo bontle kgotsa jo bo tlotlegang. Le fa go ntse jalo, gompieno batho ba ga Jehofa bone ba kgonne go latela kgothatso ya ga Petere. Mme e bile ba itsiwe lefatshe ka bophara ka boitshwaro jwa bone jo bo molemo.

Seno se a kgatlha segolobogolo fa re akanya ka mathata a re lebanang le one mo ‘dinakong tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.’ (2 Timotheo 3:1) Re lebana le diteko letsatsi le letsatsi, mme go tlwaelegile gore batho ba se ka ba rata tsela e Bakeresete ba tshelang ka yone. Mo godimo ga moo, le fa gone diteko dingwe e le tsa nakwana fela, tse dingwe di nnela ruri, di ntse di ketefalela pele. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Paulo o ne a gakolola jaana: “A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.” (Bagalatia 6:9) Mme gone re ka kgona jang go dira—le go tswelela pele re dira—se se molemo fa re lebane le diteko tse di ngomolang pelo le dikganetso tse di sa feleng?

Dilo Tse Di ka Re Thusang go Dira se se Molemo

Kwantle ga pelaelo go nna motho yo o “molemo, yo o tlotlegang” ke selo sa kafa teng, se se mo pelong. Ka jalo, go nna le boitshwaro jo bo molemo fa re lebane le diteko le mathata ga se selo se se itiragalelang fela, mme go diragala ka ntlha ya go latela le go dirisa melaometheo ya Baebele letsatsi le letsatsi mo dikarolong tsotlhe tsa matshelo a rona. Dingwe tsa dilo tse di ka re thusang go dira jalo ke dife? Akanya ka dilo tse di latelang.

Leka go nna le mogopolo wa ga Keresete. Go tlhokega gore motho a nne boikokobetso gore a itshokele sengwe se se lebegang e le tshiamololo. Ga se gantsi motho yo o boikgogomoso a ka itshokang fa a tshwarwa maswe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne “a ikokobetsa mme a nna kutlo go fitlha losong.” (Bafilipi 2:5, 8) Fa re mo etsa, ga re kitla re ‘lapa kana ra felelwa ke thata’ mo tirelong ya rona e e boitshepo. (Bahebera 12:2, 3) Ithute go nna boikobo ka go dirisana ka lorato le ba ba eteletseng pele mo phuthegong ya lona. (Bahebera 13:17) Ithute go leba ba bangwe ba le “kwa godimo” ga gago, o kgatlhegele dilo tse di amang bone go na le gore o kgatlhegele tse di amang wena fela.—Bafilipi 2:3, 4.

Gakologelwa gore Jehofa o a go rata. Re tshwanetse go tlhomamisega gore Jehofa “o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) O amega ka rona go tswa pelong mme o batla gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. (1 Timotheo 2:4; 1 Petere 5:7) Fa re gakologelwa gore ga go na sepe se se ka tlosang lorato lwa Modimo mo go rona, seno se tla re thusa gore re se ka ra tlogela go dira se se molemo fa re lebane le diteko.—Baroma 8:38, 39.

Ikanye Jehofa ka botlalo. Go botlhokwa thata gore re ikanye Jehofa, segolobogolo fa go bonala e kete diteko ga di fele kana di ka tsenya matshelo a rona mo kotsing. Re tshwanetse go tlhomamisega ka botlalo gore Jehofa ga a kitla a letla gore re welwe ke teko epe e e ‘fetang e re ka e itshokelang,’ gore ka metlha o tla “dira tsela ya go tswa.” (1 Bakorintha 10:13) Fa re ikanya Jehofa, re ka kgona go nna pelokgale le fa re lebane le loso.—2 Bakorintha 1:8, 9.

Nnelang ruri mo thapelong. Go botlhokwa gore re rapele go tswa pelong. (Baroma 12:12) Go rapela go tswa pelong ke nngwe ya ditsela tse di ka dirang gore re atamalane le Jehofa. (Jakobe 4:8) Dilo tse di re diragalelang di re ruta gore “go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang . . . , o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Fa Jehofa a letla teko gore e tswelele e le go leka bothokgami jwa rona, re tshwanetse go rapelela gore a re thuse go itshoka. (Luke 22:41-43) Thapelo e re ruta gore re lemoge gore ga re nosi, mme Jehofa o re eme nokeng le gore re tla fenya ka dinako tsotlhe.—Baroma 8:31, 37.

Ditiro Tse di Molemo—‘Lebaka la Pako le Kgalalelo’

Bakeresete botlhe ba a tle ba ‘hutsafadiwe ke diteko tse di farologaneng’ gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela “go tlogela go dira se se molemo.” Fa re le mo mathateng, re tshwanetse go nonotshiwa ke go itse gore boikanyegi jwa rona kgabagare e tla nna “lebaka ka pako le kgalalelo le tlotlo.” (1 Petere 1:6, 7) Dirisa ka botlalo dilo tsotlhe tse Jehofa a re nayang tsone gore o nonotshe tumelo ya gago. Fa o tlhoka thuso, kopa ba e leng badisa, barutisi le bagakolodi mo phuthegong ya Bokeresete gore ba go thuse. (Ditiro 20:28) Nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa phuthego, tse di “re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Bahebera 10:24) Go nna le thulaganyo ya go bala le go ithuta Baebele letsatsi le letsatsi go tla go thusa gore o nne o disitse e bile o nonofile semoyeng; ka jalo le go nna le seabe mo bodireding jwa Bokeresete ka metlha le gone go tla go thusa.—Pesalema 1:1-3; Mathaio 24:14.

Fa o ntse o bona kafa Jehofa a go ratang le go go tlhokomela ka gone, seo se tla go tlhotlheletsa le go feta gore o ‘tlhoafalele ditiro tse di molemo.’ (Tito 2:14) Gakologelwa gore “yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Ee, iketleeletse go ‘se lese go dira se se molemo’!

[Mafoko a a mo go tsebe 29]

Re tshwanetse go tlhomamisega ka botlalo gore Jehofa ga a kitla a letla gore re welwe ke teko epe e e ‘fetang e re ka e itshokelang,’ gore ka metlha o tla “dira tsela ya go tswa”

[Ditshwantsho mo go tsebe 30]

Go nna re tshwaregile mo ditirong tsa puso ya Modimo go tla re tlhomelela gore re kgone go lebana le diteko