Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ba Ikanyegang ba Galaletsa Jehofa

Batho ba ba Ikanyegang ba Galaletsa Jehofa

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Batho ba ba Ikanyegang ba Galaletsa Jehofa

BASUPI BA GA JEHOFA go dikologa lefatshe—ba basha le ba ba godileng—ba itsiwe e le batho ba ba ikanyegang. Akanya ka dikai tseno tse di tswang kwa dikontinenteng tse tharo.

Letsatsi lengwe Olusola wa dingwaga tse 17, yo o nnang kwa Nigeria, o ne a ya gae a tswa sekolong fa a sela sepatšhe. O ne a se isa kwa mogokgong wa sekolo, yo o neng a bala madi a a mo go sone, a e neng e le diranta tse di ka nnang 280. Mogokgo o ne a busetsa sepatšhe mo morutabaneng yo o neng a latlhegetswe ke sone. Morutabana yoo o ne a leboga Olusola ka go mo naya diranta tse di ka nnang 45 mme a mo raya a re a duele madi a gagwe a sekolo ka one. Fa barutwana ba bangwe ba utlwa ka se se diragetseng, ba ne ba sotla Olusola. Dibeke di le mmalwa morago ga moo, morutwana mongwe o ne a bega gore madi a gagwe a utswilwe, ka jalo barutabana ba ne ba kopiwa gore ba phuruphutshe barutwana botlhe. Morutabana mongwe o ne a raya Olusola a re: “Wena, emela fano. Ke itse gore e re ka o le Mosupi wa ga Jehofa, ga o utswe.” Madi ao a ne a fitlhelwa mo basimaneng ba babedi ba ba neng ba sotlile Olusola, mme ba ne ba otlhaiwa botlhoko. Olusola o ne a kwala jaana: “Ke itumela thata go bo ke itsiwe ke le Mosupi wa ga Jehofa, yo o sa utsweng, mme ka go dira jalo ke galaletsa Jehofa.”

Letsatsi lengwe fa Marcelo, yo o tsholetsweng kwa Argentina, a tswa kwa gae, o ne a sela sutukeisi dimetara di le mmalwa go tswa mo kgorong e e kafa morago ya ntlo ya gagwe. O ne a tsena mo ntlong ka yone, mme ene le mosadi wa gagwe ba ne ba e bula ka kelotlhoko. Ba ne ba gakgamala thata fa ba fitlhela madi a mantsi mo go yone, dikarata tsa go reka, ditšheke di le mmalwa tse di saenilweng, e nngwe ya tsone e neng e le ya diranta di le dimilione tse pedi. Mo sutukeising eno, ba ne ba fitlhela go na le nomoro ya founo mo pampiring e e supang sekoloto se a neng a na le sone. Ba ne ba leletsa mong wa sutukeisi mogala mme ba rulaganya go kopana le ene kwa Marcelo a neng a bereka gone go mmusetsa yone le dilo tse di mo teng ga yone. Fa mong wa yone a goroga, o ne a lebega a tshwenyegile. Mothapi wa ga Marcelo o ne a mmolelela gore a ritibale, ka gonne Marcelo e ne e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Mong wa sutukeisi o ne a naya Marcelo diranta di le 40 fela e le tuelo ya go bo a bone sutukeisi. Seno se ne sa galefisa mothapi wa ga Marcelo fela thata ka gonne o ne a kgatlhilwe thata ke boikanyegi jwa ga Marcelo. Seno se ne sa naya Marcelo tshono ya go tlhalosa gore e re ka e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o batla go ikanyega ka metlha.

Go tswa kwa Kyrgyzstan go na le maitemogelo a a latelang. Rinat, e bong mosimanyana mongwe wa dingwaga di le thataro, o ne a sela sepatšhe sa mosadi mongwe yo o neng a nna gaufi le bone. Sepatšhe seo se ne se na le madi a a kana ka diranta di le 150. Fa Rinat a busetsa mosadi yono sepatšhe sa gagwe se se latlhegileng, mosadi yono o ne a bala madi ao mme a bolelela mmaagwe Rinat gore go ne go nyeletse madi a a kana ka diranta di le 30. Rinat o ne a mmolelela gore ga a tsaya madi ao. Morago ga moo ba ne ba tswela botlhe kwa ntle go ya go batla madi ao a a nyeletseng mme ba ne ba a fitlhela gaufi le fa sepatšhe se neng se fitlhetswe gone. Mosadi yono o ne a gakgametse. O ne a leboga Rinat le mmaagwe, sa ntlha ka go bo ba ile ba mmusetsa madi a a latlhegileng, mme sa bobedi, ka ntlha ya go bo mmaagwe Rinat a mo godisitse ka tsela ya Bokeresete.