Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Fa barutwa ba utlwa gore Petere yo a neng a le mo kgolegelong o fa kgorong, ke ka ntlha yang fa ba ne ba re: “Ke moengele wa gagwe”?—Ditiro 12:15.

Go ka direga gore barutwa ba ne ba akanya ka phoso gore morongwa wa moengele yo o neng a emela Petere o ne a eme fa kgorong. Akanya ka se go buiwang ka sone mo kgaolong eno.

Petere o ne a tshwerwe ke Herode, yo o neng a bolaile Jakobe. Ka jalo barutwa ba ne ba na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Petere le ene o ne a tla bolawa. Fa Petere a ne a le mo kgolegelong, o ne a bofilwe ka dikeetane mme a disitswe ke masole a le manè a a neng a mo fapaanela. Mme go ne ga direga gore bosigo bongwe moengele a mo golole le go mo ntsha mo kgolegelong ka kgakgamatso. Fa kgabagare Petere a lemoga se se neng se direga, o ne a re: “Jaanong tota ke a itse gore Jehofa o ne a rometse moengele wa gagwe mme a nkgolola mo seatleng sa ga Herode.”—Ditiro 12:1-11.

Petere o ne a itlhaganelela go ya kwa ntlong ya ga Marea, e bong mmaagwe Johane Mareko, koo barutwa bangwe ba neng ba phuthegile gone. Fa a ne a kokota mo setswalong sa kgoro, mosetsana mongwe wa lelata yo o bidiwang Roda o ne a tla go utlwa gore ke mang yo o kokotang. Fa a utlwa lentswe la ga Petere, ga a bule mme o a siana go ya go bolelela ba bangwe! Kwa tshimologong, barutwa ba ne ba sa kgone go dumela gore Petere o ne a le fa kgorong. Go na le moo, ba ne ba akanya jaana ka phoso: “Ke moengele wa gagwe.”—Ditiro 12:12-15.

A barutwa ba ne ba dumela gore Petere o ne a setse a bolailwe le gore e ne e le moya wa gagwe o o neng o eme fa pele ga kgoro? Go ne go ka se nne jalo, ka gonne balatedi ba ga Jesu ba ne ba itse boammaaruri jwa Dikwalo malebana le baswi—gore “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5, 10) Fa go le jalo, barutwa ba ne ba rayang fa ba ne ba re: “Ke moengele wa gagwe”?

Barutwa ba ga Jesu ba ne ba itse gore go ralala hisitori, baengele ba ne ba thusa batho ba Modimo ka namana. Ka sekai, Jakobe o ne a bua ka “moengele yo o ntseng a nkgolola mo masetlapelong otlhe.” (Genesise 48:16) Mme Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe jaana malebana le ngwana mongwe yo monnye yo a neng a le mo gare ga bone: “Tlhokomelang gore lo se ka lwa nyatsa mongwe wa ba bannye bano; gonne ke a lo bolelela ka re baengele ba bone kwa legodimong ba bona sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.”—Mathaio 18:10.

Se se kgatlhang ke gore thanolo ya Young’s Literal Translation of the Holy Bible e tlhalosa lefoko le le reng agʹge·los (“moengele”) e le “morongwa.” Go bonala gore Bajuda bangwe ba ne ba dumela gore motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo o ne a na le moengele wa gagwe—e leng “moengele yo o neng a mo disa.” Mme gone, seno ga se selo se se rutiwang ka tlhamalalo mo Lefokong la Modimo. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore fa barutwa ba ne ba re, “Ke moengele wa gagwe,” ba ne ba akanya gore moengele yo o neng a emela Petere o ne a eme fa kgorong.