Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa go Nna le Dikgotlhang mo Lenyalong

Fa go Nna le Dikgotlhang mo Lenyalong

Fa go Nna le Dikgotlhang mo Lenyalong

GA GO na monna kgotsa mosadi ope yo o nang le tlhaloganyo yo o itumelelang dikgotlhang mo lenyalong, mme di teng mo manyalong a le mantsi. Gantsi, molekane yo mongwe o na le go bua sengwe se se kgopisang yo mongwe. Seno se dira gore ba simolole go omana le go galefa ba dirisa mafoko a a tlhabang. Morago ga moo balekane ba babedi bano ba a didimala, ga go na ope yo o batlang go bua le yo mongwe. Fa nako e ntse e ya, ba tlogela go galefelana mme ba a itshwarelana. Kagiso e boa e nna gone—go fitlha go nna le kgotlhang e nngwe gape.

Dikgotlhang tsa lenyalo ke selo se dithulaganyo tsa thelebishene di ratang go dira metlae ka sone, mme seno ga se selo se se tshegisang. Eleruri, seane sa Baebele sa re: “Mafoko a a buiwang go sa akanngwa a ka utlwisa botlhoko thata jaaka tšhaka epe fela.” (Diane 12:18, Today’s English Version) Ee, mafoko a a tlhabang a ka dira gore motho a sale a utlwile botlhoko thata mo maikutlong ka lobaka lo loleele fa ba sena go omana. Go ngangisana go ka nna ga felela ka ntwa.—Ekesodo 21:18.

Ee ruri, ka ntlha ya bosaitekanelang jwa batho, ka dinako tse dingwe ga go kgonege go tila mathata mo lenyalong. (Genesise 3:16; 1 Bakorintha 7:28) Le fa go ntse jalo, dikgotlhang tsa ka metlha ga di a tshwanela go tsewa di siame. Babatlisisi ba lemogile gore go rata go omana go ka felela ka gore kgabagare banyalani ba tlhalane. Ka jalo, go botlhokwa gore wena le molekane wa gago lo ithute go rarabolola dikgotlhang ka kagiso.

Go Batlisisa Gore Bothata bo Bakwa ke Eng

Fa go tletse dikomano mo lenyalong la gago, sekaseka boemo go bona gore ke eng se se dirang gore gantsi lo omane. Gantsi, go direga eng fa wena le molekane wa gago lo sa dumalane ka sengwe? A puisano ya lona e tswa mo taolong lo bo lo feleletsa lo tlhabana ka mafoko e bile lo latofatsana? Fa go le jalo, o ka dirang?

Sa ntlha, itlhatlhobe ka kelotlhoko gore wena o ka ne o baka bothata jang? A o tenega motlhofo fela? A o motho yo o ratang go omana ka tlholego? Molekane wa gago a ka reng ka wena mo ntlheng eno? Potso eno ya bofelo e botlhokwa go e akanyetsa, ka go bo wena le molekane wa gago lo ka tswa lo leba dilo ka tsela e e farologaneng ka se se bakang dikomano.

Ka sekai, a re re molekane wa gago ke motho yo o sa bueng thata, mme wena fa o bua o phatloga fela e bile o bua o tsholeditse lentswe. O ka nna wa re: “Fa ke gola, ke ka tsela e mongwe le mongwe mo lelapeng la gaetsho a neng a bua ka yone. Ga se go omana!” Mme gongwe le wena o go leba ka tsela e e ntseng jalo. Go ka direga gore se wena o ka tswang o se leba e le go bua puo phaa, molekane wa gago ene a ka tswa a se leba e le go dirisiwa ga mafoko a a tlhabang a a bontshang gore o a lwa. Go ela tlhoko fela gore wena le molekane wa gago lo bua ka ditsela tse di sa tshwaneng go ka thibela dikgotlhang fa gare ga lona.

Gakologelwa gape gore gantsi go ganetsana ga go akaretse go omana. Paulo o ne a kwalela Bakeresete jaana: “A . . . go goa thata le puo ya go kgoba di tlosiwe mo go lona.” (Baefeso 4:31) “Go goa” go bolela go tsholetsa lentswe, fa “puo ya go kgoba” yone e bolela molaetsa o o fetisiwang ke mafoko. Fa re akanya ka seno, tota le mafoko a a buelwang kwa tlase e ka nna a a tlhabang fa a kgopisa kgotsa e le a a supang lenyatso.

O akantse ka se go sa tswang go tlotlwa ka sone fano, lebelela gape gore o rarabolola dikgotlhang jang le molekane wa gago. A o motho yo o ratang go omana? Jaaka fa re bone, karabo ya mmatota ya potso eo e ikaegile thata ka tsela e molekane wa gago a lebang dilo ka yone. Go na le go tsaya gore molekane wa gago o kgopisega bonolo fela, leka go ipona ka tsela e molekane wa gago a go bonang ka yone, mme o dire diphetogo tse di tlhokegang. Paulo o ne a kwala jaana: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.”—1 Bakorintha 10:24.

“Tlhokomelang Kafa lo Reetsang ka Gone”

Ntlha e nngwe ya go rarabolola dikgotlhang e fitlhelwa mo mafokong a ga Jesu: “Tlhokomelang kafa lo reetsang ka gone.” (Luke 8:18) Ke boammaaruri gore Jesu o ne a sa bue ka go buisana mo lenyalong. Le fa go ntse jalo, molaomotheo ono o a dira. O reetsa molekane wa gago go le kana kang? A gone o a reetsa fa a bua? Kgotsa a o mo tsena ganong ka go mmolelela ditharabololo tsa mathata a o iseng o a tlhaloganye ka botlalo? Baebele ya re: “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele mo go ene le matlhabisa ditlhong.” (Diane 18:13) Fa go tsoga dikgotlhang, wena le molekane wa gago lo tshwanetse go tlotla ka seno mme lo reetsane.

Go na le go tsaya gore tsela e molekane wa gago a ikutlwang ka yone ga e botlhokwa go le kalo, leka go mo ‘utlwela botlhoko.’ (1 Petere 3:8) Go ya ka Segerika sa ntlhantlha, lefoko leno le bolela go boga le motho yo mongwe. Fa molekane wa gago a tshwentswe ke sengwe, le wena o tshwanetse go tshwenyega. Leka go leba kgang ka tsela e a e lebang ka yone.

Go bonala monna yo o boifang Modimo e bong Isake a ne a dira jalo. Baebele e re bolelela gore mosadi wa gagwe, e bong Rebeka, o ne a tshwentswe thata ke kgang nngwe ya lelapa e e amang morwawe, e bong Jakobe. O ne a raya Isake a re: “Ke simolotse go ila botshelo jono jwa me ka ntlha ya bomorwadia Hethe. Fa go ka diragala gore Jakobe a tseye mosadi mo go bomorwadia Hethe jaaka bano ba ba tswang mo go bomorwadia lefatshe leno, botshelo bo na le molemo wa eng mo go nna?”—Genesise 27:46.

Gone ke boammaaruri gore ka ntlha ya go tlalelwa, Rebeka o ne a feteletsa dilo. Tota e bile, a o ne a ila botshelo jwa gagwe? A tota o ne a tla batla go swa fa morwawe a ne a ka nyala bomorwadia Hethe? Ga go bonale jalo. Le fa go le jalo, Isake o ne a se ka a tlhokomologa kafa Rebeka a neng a ikutlwa ka teng. Go na le moo, Isake o ne a lemoga gore se Rebeka a neng a tshwenyegile ka sone se ne se utlwala, mme o ne a dira sengwe ka gone. (Genesise 28:1) Dira jalo le wena mo nakong e e tlang fa molekane wa gago a tshwenyegile ka kgang nngwe. Go na le gore o tseye se molekane wa gago a se buang e le selo se se sa reng sepe, mo reetse, o bo o tlotle tsela e a lebang dilo ka yone mme o bo o arabele ka tsela e e bontshang gore o dumalana le ene.

Botlhokwa Jwa go Reetsa le go Dirisa Temogo

Seane sengwe sa Baebele sa re: “Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.” (Diane 19:11) Fa go omanwa, go motlhofo go araba o sa akanya fa molekane wa gago a go tlhaba ka mafoko. Le fa go le jalo, gantsi seno se gakatsa dilo fela. Ka jalo, fa o reeditse molekane wa gago, ikemisetse go utlwa e seng se a se buang fela mme le tsela e a ikutlwang ka yone. Go dirisa temogo ka tsela e e ntseng jalo go tla go thusa gore o se ka wa galefa mme o leke go rarabolola se tota se bakang bothata.

Ka sekai, a re re mosadi wa gago o go raya a re, “Ga o ke o ipha nako ya go nna le nna!” Go ka direga gore o kgopisege fela thata o bo o ganetse gotlhelele se a se buang. O ka nna wa araba jaana: “Ke tlhotse le wena letsatsi lotlhe kgwedi e e fetileng!” Mme fa o reetsa ka kelotlhoko, o ka nna wa fitlhela gore tota mosadi wa gago ga a kope metsotso e e oketsegileng kgotsa diura. Go na le moo, a ka ne a batla fela gore o mo tlhomamisetse gore o a mo rata, a leka go go bolelela gore o ikutlwa e kete o mo tlhokomologile le gore ga o mo rate.

A re re gongwe o mosadi mme monna wa gago o tshwentswe ke go bo o ile wa reka sengwe bosheng jaana. O botsa jaana a gakgametse: “Ke ka ntlha yang fa o rekile selo se se turang jaana?” Selo sa ntlha se o ka se dirang e ka nna go ntsha mabaka o tlhalosa gore o ne o sa bone go reka selo seo e le bothata kgotsa o ka nna wa mmolelela gore o se rekile ka gonne le ene a ne a rekile sengwe maloba. Le fa go ntse jalo, go dirisa temogo go tla go thusa go bona gore tota ga se gore monna wa gago o tshwenyegile ka madi. Go na le moo, a ka tswa a tshwenyegile ka gonne ga a ka a bolelelwa fa go ne go rekiwa selo seo se segolo.

Gone mme, banyalani bangwe le bangwe ba ka ne ba na le tsela ya bone ya go swetsa ka gore ba tla dirisa nako e e kana kang ba le mmogo le ya gore ditshwetso tsa go reka dilo di tla dirwa jang. Ntlha ya botlhokwa ke gore fa go tsoga dikomano, go dirisa temogo go tla fokotsa bogale jwa gago mme o kgone go lemoga gore tota bothata ke eng. Go na le go galefa, latela kgakololo ya mokwadi wa Baebele e bong Jakobe ya go nna “bonako go utlwa, bonya go bua, bonya go shakgala.”—Jakobe 1:19.

Fa o bua, ela tlhoko gore o bua jang le molekane wa gago. Baebele ya re “loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” (Diane 12:18) Fa wena le molekane wa gago lo sa utlwane ka sengwe, a mafoko a gago a utlwisa botlhoko kgotsa a a fodisa? A a dira gore lo palelane kgotsa a dira gore lo itshwarelane? Fela jaaka re setse re bone, go araba ka tsela e e bogale go baka dikomano.—Diane 29:22.

Fa selo se lo sa dumalaneng ka sone se feleletsa se dira gore lo itaane ka mafoko, leka thata gore lo rarabolole se tota se bakang bothata. Lo se ka lwa tlhaselana, tlhaselang bothata. Lwelang go bona gore ke eng se se siameng e seng gore ke mang yo o molato. Nna kelotlhoko gore mafoko a gago a se ka a dira gore lo omane. Baebele ya re: “Lefoko le le utlwisang botlhoko le tsosa bogale.” (Diane 15:1) Ee, se o se buang le kafa o se buang ka gone se tla bontsha gore a o tla dira gore molekane wa gago a arabele sentle kgotsa nnyaa.

Leka go Rarabolola Dikgotlhang e Seng Gore go Fenye Lefoko la Gago

Fa lo na le dikgotlhang, boikaelelo jwa lona e tshwanetse go nna go di rarabolola e seng gore go fenye lefoko la gago. O ka kgona jang go di rarabolola? Tsela e e molemo ke go batla le go dirisa kgakololo ya Baebele, mme banna ba ba nyetseng ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go leka go dira jalo. Go na le go itlhaganelela go tlhalosa gore mathata a ka rarabololwa jang, ke ka ntlha yang fa o sa a lebe ka tsela e Jehofa a a lebang ka yone? Mo rapele mme o batle kagiso ya Modimo e e tla disang dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo. (Baefeso 6:18; Bafilipi 4:6, 7) Leka ka tlhoafalo gore o se ka wa kgatlhegela dilo tse di amang wena fela mme le tse di amang molekane wa gago.—Bafilipi 2:4.

Gantsi se se gakatsang bothata ke go letla gore go utlwa botlhoko le go se laole maikutlo a gago go laole tsela e o akanyang ka yone le e o dirang dilo ka yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, go ikemisetsa go lolamisiwa ke kgakololo ya Lefoko la Modimo go lere kagiso, tumalano le masego a ga Jehofa. (2 Bakorintha 13:11) Ka jalo, kaelwa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo,” bontsha dinonofo tsa bomodimo mme o bone masego a a bonwang ke “ba ba dirang kagiso.”—Jakobe 3:17, 18.

Eleruri, batho botlhe ba tshwanetse go ithuta go rarabolola dikgotlhang ka kagiso, le fa seno se ka bolela gore dilo di se ka tsa dirwa ka tsela e re batlang ka yone. (1 Bakorintha 6:7) Ee, dirisang kgakololo ya ga Paulo ya go tlosa “tšhakgalo, bogale, bosula, puo ya go kgoba, le puo e e ferosang sebete e e tswang mo molomong wa lona. . . . Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo apare botho jo bosha.”—Bakolosa 3:8-10.

Gone mme, ka dinako tse dingwe o tla bua dilo tse o tla di ikwatlhaelang kwa morago. (Jakobe 3:8) Fa seno se direga, ikope maitshwarelo mo molekaneng wa gago. Tswelela pele o iteka. Fa nako e ntse e ya, wena le molekane wa gago lo tla bona tsela e lo rarabololang dikgotlhang ka yone e nna botoka.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ditsela Tse Tharo Tsa go Fedisa Dikomano

Reetsa molekane wa gago.—Diane 10:19

Tlotla pono ya gagwe.—Bafilipi 2:4

Arabela ka tsela e e lorato.—1 Bakorintha 13:4-7

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Se o Ka se Dirang Gone Jaanong

Botsa molekane wa gago dipotso tse di fa tlase mme o reetse dikarabo tsa gagwe o sa mo tsene ganong. Morago ga moo, molekane wa gago a ka dira se se tshwanang le ene.

• A ke rata go omana?

• A tota ke a reetsa fa o bua kgotsa ke araba ka bogale pele o fetsa go bua?

• A mafoko a me a utlwala a le bogale e bile a tlhaba?

• Ke eng se re ka se dirang go tokafatsa tsela e re buisanang ka yone—segolobogolo fa re sa dumalane ka sengwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

A o a reetsa?

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

“Ke ikutlwa ke tlhokomologilwe e bile ke sa ratiwe”

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

“Ga o ke o ipha nako ya go nna le nna!”

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

“Ke tlhotse le wena letsatsi lotlhe kgwedi e e fetileng!”