Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Dibela Ba ba Mo Ikanyang

Jehofa o Dibela Ba ba Mo Ikanyang

Jehofa o Dibela Ba ba Mo Ikanyang

“A bopelonomi jwa gago jwa lorato le boammaaruri jwa gago di ntibele ka metlha.”—PESALEMA 40:11.

1. Kgosi Dafide o ne a kopa eng mo go Jehofa, mme kopo eo e arabiwa jang gone jaanong?

KGOSI DAFIDE wa Iseraele wa bogologolo o ne a “solofetse mo go Jehofa ka tlhoafalo” mme o ne a tlhotlheletsega go bolela gore Jehofa “o ne a [mo sekegela] tsebe mme a utlwa go goa ga [gagwe a] kopa thuso.” (Pesalema 40:1) Gangwe le gape o ne a iponela ka matlho kafa Jehofa a neng a dibela ka teng batho ba ba mo ratang. Ka jalo, Dafide o ne a ka kopa gore Jehofa a mo dibele ka metlha. (Pesalema 40:11) Dafide o balelwa mo gare ga banna le basadi ba ba ikanyegang ba ba solofeditsweng “tsogo e e botoka,” mme le gone jaanong Jehofa o sa ntse a mo gakologelwa e le mongwe wa ba ba tla amogelang tuelo eo. (Bahebera 11:32-35) Ga go pelaelo gore o tlile go nna le isagwe e e molemo tota. Leina la gagwe le kwadilwe mo ‘bukeng ya ga Jehofa ya kgakologelo.’—Malaki 3:16.

2. Dikwalo di re thusa jang go tlhaloganya se go dibelwa ke Jehofa go se kayang?

2 Le fa batho ba ba ikanyegang ba ba umakilweng mo go Bahebera kgaolo 11 ba ne ba tshela pele Jesu Keresete a tla go nna mo lefatsheng, ba ne ba tshela go dumalana le se Jesu a neng a se ruta fa a re: “Yo o ratang moya wa gagwe o a o senya, mme yo o tlhoileng moya wa gagwe mo lefatsheng leno o tla o dibelela botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 12:25) Ka jalo, go dibelwa ke Jehofa ruri ga go reye gore motho a ka se boge kgotsa a bogisiwa. Mme go raya gore o sirelediwa ka tsela ya semoya gore a kgone go nna a na le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo.

3. Go na le bosupi bofe jwa gore Keresete Jesu o ne a dibelwa ke Jehofa, mme seo se ne sa felela ka eng?

3 Jesu ka boene o ne a bogisiwa a ba a kgobiwa setlhogo, mme kgabagare baba ba gagwe ba ne ba kgona go mmolaya ka tsela e e tlhabisang ditlhong thata e bile e le botlhoko tota. Mme seno ga se reye gore Modimo ga a diragatsa tsholofetso ya gagwe ya gore o tla dibela Mesia. (Isaia 42:1-6) Go tsosiwa ga ga Jesu ka letsatsi la boraro morago ga go bolawa loso lwa matlhabisaditlhong go supa gore Jehofa o ne a mo utlwa fa a goa a kopa thuso—fela jaaka Jehofa a ne a utlwa Dafide. Mme Jehofa o ne a naya Jesu maatla a gore a nne a ikanyega. (Mathaio 26:39) E re ka Jesu a ne a dibetswe ka tsela eno, o ne a newa botshelo jwa bosasweng kwa legodimong, mme jaanong dimilione tsa batho ba ba bontshitseng tumelo mo thekololong ba solofetse go bona botshelo jo bo sa khutleng.

4. Bakeresete ba batlodiwa le ba “dinku tse dingwe” ba tlhomamisediwa eng?

4 Re ka tlhomamisega gore Jehofa o ikemiseditse e bile o kgona go dibela batlhanka ba gagwe jaanong fela jaaka mo motlheng wa ga Dafide le wa ga Jesu. (Jakobe 1:17) Bomorwarraagwe Jesu ba batlodiwa ba ba mmalwanyana fela ba ba sa ntseng ba setse mo lefatsheng ba ka ikaega ka tsholofetso eno ya ga Jehofa: “[Boswa] jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng . . . bo beetswe lona kwa magodimong, ba lo dibelwang ka maatla a Modimo ka tumelo lo dibelelwa poloko e e siametseng go senolwa mo lobakeng lwa bofelo.” (1 Petere 1:4, 5) Ba “dinku tse dingwe” ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, le bone ba ka ikanya Modimo le tsholofetso ya gagwe e a neng a e bua ka mopesalema a re: “Ratang Jehofa, lona lotlhe batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Jehofa o dibela ba ba ikanyegang.”—Johane 10:16; Pesalema 31:23.

Ba Dibelwa Semoyeng

5, 6. (a) Batho ba Modimo ba ntse ba dibelwa jang mo metlheng ya gompieno? (b) Batlodiwa ba na le kamano efe le Jehofa, mme go tweng ka ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng?

5 Mo metlheng ya gompieno, Jehofa o rulaganyeditse go dibela batho ba gagwe ka tsela ya semoya. Le fa a sa ba sireletse mo pogisong kgotsa mo mathateng le mo masetlapelong a a tlwaelegileng a botshelo, ka metlha o ile a ba naya thuso le kgothatso e ba e tlhokang go dibela kamano ya bone e e gaufiufi le ene. Ba theile kamano eno mo tumelong e ba nang le yone mo thulaganyong ya Modimo e e lorato ya thekololo. Bangwe ba Bakeresete bano ba ba ikanyegang ba tloditswe ka moya wa Modimo gore e nne baruaboswa mmogo le Keresete kwa legodimong. Ba boletswe ba siame jaaka barwa ba Modimo ba semoya, mme mafoko ano a dira mo go bone: “O ne a re golola mo taolong ya lefifi a ba a re fetisetsa mo bogosing jwa Morwa wa lorato lwa gagwe, yo re gololwang ka ene ka thekololo, e leng boitshwarelo jwa maleo a rona.”—Bakolosa 1:13, 14.

6 Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang ba le dimilionemilione ba tlhomamisediwa gore le bone ba ka solegelwa molemo ke thulaganyo ya Modimo ya thekololo. Re bala jaana: “Morwa motho o ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mareko 10:45) Bakeresete bao ba lebile pele gore mo nakong e e tlang ba ipelele “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” (Baroma 8:21) Fa go ntse go le jalo, ba tseela botsalano jwa bone le Modimo kwa godimo mme ba leka ka tlhoafalo go nonotsha kamano eo.

7. Gompieno Jehofa o dibela jang boemo jo bo siameng jwa semoya jwa batho ba gagwe?

7 Tsela nngwe e Jehofa a dibelang boemo jo bo siameng jwa semoya jwa batho ba gagwe ka yone ke ka go dira thulaganyo ya go ba thapisa ka metlha. Seno se dira gore ba nne le kitso e e tlhomameng tota ka dithuto tsa boammaaruri. Gape Jehofa o ba naya kaelo ka metlha ka Lefoko la gagwe, phuthego ya gagwe le moya wa gagwe o o boitshepo. Batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba kaelwa ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale,” mme ba ntse jaaka lelapa le le lengwe la batho ba ditšhaba tse di farologaneng. Setlhopha sa motlhanka se naya lelapa leno la batlhanka ba ga Jehofa dilo tse ba di tlhokang tsa semoya mme fa go tlhokega se ba naya le dilo tsa nama—go sa kgathalesege gore ba tswa mo setšhabeng sefe kgotsa ke ba maemo afe.—Mathaio 24:45.

8. Jehofa o tlhomamisegile ka eng ka batho ba gagwe ba ba ikanyegang, mme o ba tlhomamisetsa eng?

8 Fela jaaka Jehofa a ile a se ka a sireletsa Jesu ka tsela ya mmatota mo ditlhaselong tsa baba ba gagwe, le gompieno ga a sireletse Bakeresete ka tsela eo. Mme seo ga se kaye gore Modimo ga a ba amogele. Nnyaa le eseng! Go na le moo, se supa kafa a tlhomamisegileng ka teng gore ba tla mo ema nokeng mo kgangkgolong ya lobopo lotlhe. (Jobe 1:8-12; Diane 27:11) Le ka motlha Jehofa a ka se latlhe batho ba ba ikanyegang mo go ene, “gonne Jehofa ke morati wa tshiamiso, mme ga a na go tlogela batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Ba tla disiwa ka bosakhutleng.”—Pesalema 37:28.

Ba Dibelwa ke Bopelonomi Jwa Lorato le Boammaaruri

9, 10. (a) Boammaaruri jwa ga Jehofa bo dibela batho ba gagwe jang? (b) Baebele e bontsha jang gore Jehofa o dibela batho ba gagwe ba ba ikanyegang ka bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato?

9 Mo thapelong ya ga Dafide e e kwadilweng mo go Pesalema 40, o ne a kopa Jehofa gore a mo dibele ka bopelonomi jwa gagwe jwa lorato le boammaaruri. Lebaka la go bo Jehofa a le boammaaruri e bile a rata tshiamo le dira gore a bolele sentle gore melao ya gagwe ke efe. Batho ba ba tshelang ka melao eno ba dibelwa thata mo matshwenyegong, mo dipoifong le mo mathateng a a welang batho ba ba sa e lateleng. Ka sekai, re ka itshireletsa rona le baratiwa ba rona mo mathateng a mantsi a a utlwisang botlhoko fa re tila tiriso e e sa siamang ya diokobatsi le bojalwa, boitsholo jo bo botlhaswa jwa tlhakanelodikobo, le go tshela ka thubakanyo. Mme le ba ba fapogang tsela ya ga Jehofa ya boammaaruri—fela jaaka Dafide a ne a tle a dire—ba tlhomamisediwa gore Modimo o sa ntse a le ‘lefelo la go iphitlha’ mo bathong ba ba dirileng phoso mme ba ikwatlhaya. Bano ba ka goa jaana ka boipelo: “O tla ntibela mo matshwenyegong.” (Pesalema 32:7) A bo seo se bontsha bopelonomi jwa Modimo jo bo lorato jang ne!

10 Sekai se sengwe sa bopelonomi jwa Modimo jo bo lorato ke gore Modimo o tlhagisa batlhanka ba gagwe gore ba nne ba kgaogane le lefatshe le le boikepo, le a tla tlogang a le senya. Re bala jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.” Fa re ikobela tlhagiso eno mme re dira tumalanong le yone, re ka dibela botshelo jwa rona ka tsela ya mmatota ka bosakhutleng, ka gonne temana eno e tswelela e re: “Mo godimo ga moo, lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:15-17.

Ba Dibelwa ke Bokgoni Jwa go Akanya, Temogo le Botlhale

11, 12. Tlhalosa gore bokgoni jwa go akanya, temogo le botlhale di ka re dibela jang.

11 Morwa Dafide e bong Solomone o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana a kwalela batho ba ba solofetseng go amogelwa ke Modimo: “Bokgoni jwa go akanya bo tla nna bo go lebeletse, temogo e tla go dibela.” Gape o ne a rotloetsa jaana: “Bapala botlhale . . . O se ka wa bo tlogela, mme bo tla go boloka. O bo rate, mme bo tla go dibela.”—Diane 2:11; 4:5, 6.

12 Re dirisa bokgoni jwa go akanya fa re tlhatlhanya ka se re se ithutang mo Lefokong la Modimo. Fa re dira jalo re kgona go nna le temogo e kgolwane gore re tle re beye dilo tse di botlhokwa kwa pele. Seno se botlhokwa, ka gonne bontsi jwa rona re a itse—gongwe e le ka gonne dilo tseno di re diragaletse—gore fa batho ba sa beye dilo tsa botlhokwa kwa pele, e ka tswa e le ka boomo kgotsa ba sa ikaelela, go nna le mathata. Lefatshe la ga Satane le batla gore re nne le mekgele ya go batla dikhumo, go tuma le go nna le taolo, mme Jehofa o gatelela mekgele ya botlhokwa ya dilo tsa semoya. Go palelwa ke go baya dilo tsa semoya kwa pele go ka dira gore malapa a kgaogane, botsala bo fele, mme mekgele ya semoya le yone e ka felela mo phefong. Seo se ka felela ka gore motho a welwe ke ditlamorago tse di botlhoko tse di kaiwang ke mafoko ano a ga Jesu: “Motho o solegelwa molemo ke eng gore a gape lefatshe lotlhe mme a latlhe moya wa gagwe?” (Mareko 8:36) Fa re le botlhale re tla utlwa kgakololo eno ya ga Jesu: “Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:33.

Kotsi ya go Nna Moithati

13, 14. Boithati ke eng, mme ke ka ntlha yang fa go se botlhale go nna le moya oo?

13 Ka tlholego fela motho o amega ka ene ka boene. Le fa go ntse jalo, bothata e nna fa dilo tse motho a di eletsang le tse a di ratang e nna tsone tse di botlhokwa go feta sengwe le sengwe. Ka jalo, gore re dibele kamano ya rona le Jehofa, o re laela gore re tile moya wa boithati. Lefoko leno le kaya “go amega fela ka dilo tse wena o di eletsang, tse o di tlhokang le tse o di ratang.” A eo ga se yone tsela e batho ba le bantsi ba leng ka yone gompieno? Se se kgatlhang ke gore Baebele e boleletse pele gore “mo metlheng ya bofelo” ya tsamaiso ya ga Satane e e boikepo, “batho ba tla nna baithati.”—2 Timotheo 3:1, 2.

14 Bakeresete ba tlhaloganya kafa go leng botlhale ka teng go latela molao wa Baebele wa gore motho a amege ka batho ba bangwe, a ba rate fela jaaka a ithata. (Luke 10:27; Bafilipi 2:4) Batho ka kakaretso ba ka tsaya gore seno se ka se kgonege, mme le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re dire jalo e le gore manyalo a rona a atlege, malapa a rona a itumele re bo re kgotsofalele botsala jwa rona le ba bangwe. Ka jalo, le ka motlha motlhanka wa ga Jehofa wa boammaaruri ga a tshwanela go letlelela keletso ya tlholego ya go amega ka dilo tse di amang ene e fekeetsa dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe. Tota selo sa botlhokwatlhokwa mo botshelong jwa gagwe, ke tiro e a e direlang Jehofa, Modimo yo a mo obamelang.

15, 16. (a) Moya wa boithati o ka felela ka eng, mme seo se diragaletse bomang? (b) Totatota, motho o a bo a dira eng fa a itlhaganelela go atlhola ba bangwe?

15 Moya wa boithati o ka dira gore motho a ipone a siame, mme seo se ka dira gore a felele a sa amogele dikakanyo tsa ba bangwe, a le mabela. Baebele e bua sentle fa e re: “Ga o na seipato, motho ke wena, le fa o ka tswa o le mang, fa e le gore o a atlhola; gonne selo se o atlholang yo mongwe ka sone, o a ikatlhola, e re ka jaana wena yo o atlholang o tlwaetse go dira tsone dilo tseo.” (Baroma 2:1; 14:4, 10) Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba ipona ba siame mo ba neng ba itsaya ba tshwanelega gore ba ka bona molato ditiro tsa ga Jesu le balatedi ba gagwe. Ka go dira jalo, ba ne ba itira baatlhodi. E re ka ba ne ba sa lemoge makoa a bone, tota ba ne ba ikatlhola.

16 Judase, molatedi wa ga Jesu yo o ileng a mo oka, o ne a itetla go nna motho yo o atlholang ba bangwe. Kwa Bethani, ka nako ya fa Marea, kgaitsadia Lasaro, a ne a tlotsa Jesu ka leokwane le le nkgang monate, Judase o ne a sa dumalane le seo gotlhelele. O ne a tlhalosa kafa a neng a sa rate seo ka teng ka go ntsha mabaka a re: “Ke ka ntlha yang fa leokwane le le nkgang monate leno le ne le sa rekisiwe ka didenario di le makgolo a mararo mme tsa newa batho ba ba humanegileng?” Mme pego e tswelela pele ka go tlhalosa jaana: “Le fa go ntse jalo, o ne a bua seno, e seng ka gonne a ne a tshwenyegile ka bahumanegi, mme ka gonne a ne a le legodu e bile a ne a tshola letlole la madi mme a ne a tle a tseye madi a a tsentsweng mo go lone.” (Johane 12:1-6) A le ka motlha re se ka ra nna jaaka Judase kgotsa baeteledipele ba bodumedi, ba ba neng ba itlhaganelela go atlhola ba bangwe, mme ka go rialo ba ikatlhola.

17. Bontsha kafa go ka nnang kotsi ka teng go ikgogomosa kgotsa go itshepa mo go feteletseng.

17 Le fa Bakeresete bangwe ba bogologolo e ne e se magodu jaaka Judase, ka maswabi ba ne ba ikgogomosa, ba ikgodisa. Jakobe o ne a kwala jaana kaga bone: “Lo ikgogomosa mo maikgantshong a lona a go ipega.” Go tswa foo o ne a oketsa jaana: “Go ikgogomosa gotlhe mo go ntseng jalo go boikepo.” (Jakobe 4:16) Go ikgantsha ka se re se dirileng mo tirelong ya ga Jehofa kgotsa ka ditshiamelo tse re nang le tsone ga go na mosola wa sepe. (Diane 14:16) Re gakologelwa se se ileng sa diragalela moaposetoloi Petere, yo e rileng a itshepha mo go feteletseng a ikgantsha jaana: “Le mororo ba bangwe botlhe ba kgotšwa ka ga gago, nna ga nkitla ke kgotšwa! . . . Le e leng fa nka tshwanela go swa le wena, ga ke na go go itatola ka gope.” Tota ga go na sepe se re ka ikgantshang ka sone. Sengwe le sengwe se re nang le sone re na le sone ka ntlha ya bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa. Fa re gopola seno re ka se ka ra ikgantsha.—Mathaio 26:33-35, 69-75.

18. Jehofa o ikutlwa jang ka boikgodiso?

18 Re bolelelwa jaana: “Boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.” Ka ntlha yang? Jehofa o araba jaana: “Boikgodiso le boikgogomoso . . . ke di tlhoile.” (Diane 8:13; 16:18) Ke sone se Jehofa a neng a gakadiwa ke “go tlhoka maitseo ga pelo ya kgosi ya Asiria le boikgodiso jwa go ipega ga matlho a gagwe”! (Isaia 10:12) Jehofa o ne a mo otlhaela seo. Go ise go ye kae, lefatshe lotlhe la ga Satane, mmogo le baeteledipele ba lone ba ba ikgogomosang, ba ba itseelang kwa godimo, ba ba bonalang le ba ba sa bonaleng le bone ba tla otlhaiwa. A le ka motlha re se ka ra nna le boikutlo jwa go itaola jo bo tshwanang le jwa baba ba ga Jehofa!

19. Batho ba Modimo ba motlotlo mme gape ba ikokobeditse ka tsela efe?

19 Bakeresete ba boammaaruri ba na le mabaka a a utlwalang a go nna motlotlo ka go bo e le batlhanka ba ga Jehofa. (Jeremia 9:24) Mme gape ba na le mabaka a a utlwalang a go nna ba ikokobeditse. Ka ntlha yang? Ka gonne “botlhe ba leofile e bile ba tlhaela kgalalelo ya Modimo.” (Baroma 3:23) Ka jalo, gore re dibele seemo sa rona sa go nna batlhanka ba ga Jehofa, re tshwanetse ra nna le boikutlo jo moaposetoloi Paulo a neng a na le jone fa a re, “Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi,” a bo a oketsa a re: “Mo go bano ke kwa pelepele.”—1 Timotheo 1:15.

20. Jehofa o dibela batho ba gagwe jang gompieno, mme o tla ba dibela jang mo isagweng?

20 E re ka batho ba ga Jehofa ba itumelela go baya dilo tse ba di kgatlhegelang kwa morago gore ba kgone go baya dilo tsa Modimo kwa pele, re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla tswelela pele a ba dibela semoyeng. Gape re ka tlhomamisega gore fa sepitla se segolo se tla, Jehofa o tla dibela batho ba gagwe e seng fela semoyeng mme le mo nameng. Fa ba tsena mo lefatsheng la Modimo le lesha, ba tla kgona go goa ba re: “Bona! Yono ke Modimo wa rona. Re solofetse mo go ene, mme o tla re boloka. Yono ke Jehofa. Re solofetse mo go ene. A re ipeleng mme re itumelele go bolokwa ke ene.”—Isaia 25:9.

A o A Gakologelwa?

• Kgosi Dafide le Jesu Keresete ba ne ba dibelwa jang?

• Batho ba ga Jehofa gompieno ba dibelwa jang?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra tila moya wa boithati?

• Re ka nna motlotlo jang mme re ikokobeditse?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 9]

Jehofa o ne a dibela Dafide le Jesu jang?

[Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11]

Batho ba Modimo ba dibelwa semoyeng ka ditsela dife gompieno?

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Le fa re le motlotlo ka go direla Jehofa, re tshwanetse go nna re ikokobeditse ka dinako tsotlhe