Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa go Se na Kutlwano mo Lefatsheng?

Ke Eng Fa go Se na Kutlwano mo Lefatsheng?

Ke Eng Fa go Se na Kutlwano mo Lefatsheng?

“E le la ntlha morago ga Ntwa ya Lefatshe II ditšhaba tsa lefatshe di a utlwana. . . . Ka jalo lefatshe le ka dirisa sebaka seno go diragatsa tsholofetso e e sa bolong go dirwa ya tsamaiso e ntšha ya lefatshe.”

MAFOKO ao a ne a buiwa ke poresidente wa United States ka bo1990. Ka nako eo, dilo tse di neng di direga mo ditšhabeng tse di farologaneng di ne di dira gore go bonale e kete go tla tloga go nna le kutlwano mo lefatsheng lotlhe. Dipuso tsa bobusaesi di ne di phutlhama ka go latelana. Lebota la Berlin le ne la wa, mme seo e ne e le tshimologo ya motlha wa diphetogo mo Yuropa. Soviet Union, e dinaga tse dintsi tsa Bophirima di neng di e tsaya e le yone e tlhotlheletsang dintwa tsa lefatshe, e ne ya phutlhama mme ditšhaba tsa sala di gakgametse. Ntwa ya Molomo e ne ya fela, mme ditšhaba di le dintsi di ne tsa solofetsa go latlha dibetsa go akaretsa le tsa nuklea. Ke boammaaruri gore go ne ga tsoga ntwa kwa Kgogometsong ya Peresia, mme go ne go lebega ntwa eo e le bothata jwa nakwana fela jo bo neng jwa dira gore dinaga tse dintsi mo lefatsheng di ititeye sehuba go dira gore go nne le kagiso.

Go ne go lebega go na le matshwao a go nna le tsholofelo mo go tsa bopolotiki le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo. Maemo a botshelo a ne a tokafala mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Kgatelopele e e dirilweng mo go tsa kalafi e dirile gore dingaka di kgone go dira dilo tse mo dingwageng di se kae tse di fetileng di neng di ka tsewa di ka se direge. Ikonomi ya dinaga di le dintsi e ne ya gola ka lobelo lo logolo mme go ne go lebega e kete seno se tla direga mo lefatsheng lotlhe. Go ne go lebega e kete dilo di a siama.

Gompieno, dingwaga di sekae fela moragonyana, re ipotsa jaana: ‘Go diragetseng? E kae kutlwano ya lefatshe lotlhe e go neng go bolelwa gore e tla nna teng?’ Go na le gore e nne teng, go lebega lefatshe le le kgakala le go bona kutlwano eo. Ka metlha mo dikgannyeng re utlwa ka go ithuntsha ga batho ka dibomo mo go bolayang le batho ba bangwe, ditlhaselo tsa dirukutlhi, go oketsega ga dibetsa tse di ganyaolang, le ditiragalo tse dingwe tse di ngomolang pelo. Go lebega ditiragalo tse di ntseng jalo di isa lefatshe kgakala thata le kutlwano. Bosheng jaana moitse mongwe wa tsa madi o ne a re: “Re tshelela mo thubakanyong e e nnang e etegela.”

Kutlwano ya Lefatshe Lotlhe Kana Lefatshe le le Makgaoganyane?

Fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne le tlhamiwa, mangwe a maikaelelo a lone e ne e le “go thusa ditšhaba gore di dirisane sentle ka go latela molaomotheo wa gore batho ba na le ditshwanelo tse di lekanang e bile ba na le tshwanelo ya go itlhophela puso.” Morago ga dingwaga di ka nna 60, a maikaelelo ao a maemo a a kwa godimo a fitlheletswe? Le e seng! Mo boemong jwa go ‘dirisana sentle,’ go lebega ditšhaba di kgatlhegela thata “tshwanelo ya go itlhophela puso.” Batho le ditlhopha tsa ditso tse di batlang go itshupa le go bontsha gore di ikemetse di kgaogantse lefatshe le go feta. Fa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne le tlhamiwa, le ne le na le ditšhaba di le 51 tse e neng e le maloko a lone. Gompieno le na le maloko a le 191.

Jaaka re bone, go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, go ne go lebega go na le tsholofelo ya gore lefatshe le tla nna le kutlwano. Fa e sa le go simolola ka nako eo, mo boemong jwa go nna le tsholofelo, batho ba itlhobogile fa ba ntse ba bona lefatshe le nna makgaoganyane. Dintwa tse di tlogetseng Yugoslavia e le makgaoganyane, dikgotlhang fa gare ga Chechnya le Russia, ntwa ya kwa Iraq le go ganyaolwa ga batho kwa Dinageng tsa Botlhabagare—tsotlhe ke bosupi jwa go tlhoka kutlwano mo go ntseng go oketsega.

Ga go na pelaelo gore maiteko a mantsi a a dirilweng go batla kagiso a dirwa ka bopeloephepa e bile a dirwa ka maitlhomo a mantle. Le fa go ntse jalo, go lebega kutlwano ya lefatshe e sa nne teng. Batho ba bantsi ba sala ba ipotsa jaana: ‘Ke ka ntlha yang fa kutlwano ya lefatshe e pala? Lefatshe le lebile kae?’

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

AP Photo/Lionel Cironneau

Arlo K. Abrahamson/AFP/ Getty Images