Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Baka Jehofa Kwa Sekolong

Ba Baka Jehofa Kwa Sekolong

Ba Baka Jehofa Kwa Sekolong

MO LEFATSHENG lotlhe, basha ba Basupi ba ga Jehofa ba bona ditsela tsa go baka Modimo kwa sekolong—e ka tswa e le ka se ba se buang kgotsa ka boitshwaro jwa bone. Utlwa mangwe a maitemogelo a bone a a bontshang tlhoafalo ya bone ya bosha.

Mosha mongwe wa Mosupi kwa Gerika o ne a abelwa go kwala pego kaga go kgotlelwa ga atemosefere ya lefatshe. Fa a sena go leba Watch Tower Publications Index, o ne a fitlhela tshedimosetso e e mosola mo makasineng wa Tsogang!, mme kwa bofelong jwa tlhamo ya gagwe o ne a tlhalosa gore o tsere dintlha mo makasineng ono. Morutisi wa gagwe o ne a mmolelela gore e ne e le nngwe ya ditlhamo tse di gaisang tse dingwe tsotlhe tse a kileng a di bala. Moragonyana morutisi yono o ne a dirisa tshedimosetso eo kwa seminareng, mme ya itumelelwa ke ba le bantsi. Kgaitsadi yono yo mmotlana o ne a swetsa ka gore a neye morutisi dikgatiso tse di oketsegileng tsa Tsogang! go akaretsa e e neng e na le motseletsele o o reng “Barutabana—Re ne Re ka Kgona Jang Kwantle ga Bone?” Moragonyana morutisi o ne a baka makasine wa Tsogang! mo tlelaseng, mme bangwe ba baithuti ba simolola go ikopela makasine ono. Kgaitsadi yono o ne a tshwanelwa ke go tla ka dimakasine kwa sekolong gore baithuti ba kgone go bala dikgatiso tse dingwe tsa makasine oo.

Kwa Benin, mo Afrika, mosha mongwe wa Mokeresete o ne a lebane le kgatelelo ya mofuta o mongwe. Go ne go tlwaelegile gore batsadi ba baithuti ba le bantsinyana mo sekolong ba kopane mmogo go hira barutisi ba ba neng ba ka thusa bana ba bone ka dithuto tse di boima gore ba ipaakanyetse ditlhatlhobo. Le fa go ntse jalo, barutisi ba ne ba tlhopha gore ditlelase tseno di tsene ka boMatlhatso mo mosong. Mosupi yo mmotlana o ne a gana a re: “Matlhatso mo mosong ke nako ya gore phuthego yotlhe e rere mmogo. Ke yone nako e ke e itumelelang thata mo bekeng, mme nka se dire sepe se sele ka nako eo!” Rraagwe, yo e leng motsadi yo o esi e bile e le Mosupi le ene, o ne a dumalana le morwadie mme a leka go rulaganya setlhopha se sengwe sa batsadi le barutisi gore ba fetole thulaganyo. Mme botlhe ba ne ba gana. Mosetsanyana yono o ne a swetsa ka gore a tswelele fela a sa thusiwe ke barutisi bano. Mo boemong jwa seo, o ne a tsamaya le phuthego ya ga bone mo tirong ya go rera. Baithuti ka ene ba ne ba mo sotla, ba mo rotloetsa gore a tlogele go rera a bo a tlogele Modimo wa gagwe. Ba ne ba ipoleletse gore o tla tlholwa ke ditlhatlhobo. Le fa go ntse jalo, go feletse setlhopha se se neng se thusiwa se tlhotswe ke ditlhatlhobo mme kgaitsadi wa rona yo mmotlana ene a di falotse. Ee, lesotlo la bone le ne la fela. Jaanong baithuti ba mo raya ba re, “Tswelela pele o direla Modimo wa gago.”

Kwa Repaboliking ya Czech, mosetsana mongwe wa dingwaga tse 12 o ne a tshwanetse go ipaakanyetsa go tlhalosa buka nngwe. Mmaagwe o ne a mo rotloetsa gore a dirise buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. O ne a simolola pego ya gagwe ka dipotso tseno: “O akanyang? Motho yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela e ka tswa e le mang?” O ne a tlhalosa Jesu, botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, le dithuto tsa gagwe. Go tswa foo o ne a tlhalosa kgaolo ya setlhogo se se reng, “Thuto Kaga Boitshwarelo.” Morutabana wa gagwe o ne a re: “Eno ke tlhaloso ya buka e e di gaisang tsotlhe tse o kileng wa di dira!” mme a amogela khopi ya buka eo ka boitumelo. Bangwe ba baithuti ka ene le bone ba ne ba e batla. Letsatsi le le latelang, mosetsana yono o ne a itumelela go tsamaisa dibuka di le 18.

Basha ba ba ntseng jalo ba itumedisiwa thata ke go baka Jehofa kwa sekolong. Rotlhe re tshwanetse go etsa tlhoafalo ya bone ya bosha.