Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha, Bakang Jehofa!

Basha, Bakang Jehofa!

Basha, Bakang Jehofa!

“Bakang Jehofa go tswa mo lefatsheng, . . . lona makau le lona makgarebane.”—PESALEMA 148:7, 12.

1, 2. (a) Basha ba le bantsi ba itse dithibelo tsa mofuta ofe? (b) Ke ka ntlha yang fa basha ba sa tlhoke go tenwa ke dithibelo tse batsadi ba bone ba di ba beelang?

GANTSI basha ba itse sentle dilo tse ba iseng ba letlelelwe go di dira. Ba le bantsi ba ka go bolelela motlhofo fela gore ba tshwanetse go nna le dingwaga di le kae pele ba ka letlelelwa go kgabaganya mmila ba le bosi kgotsa go itisa go fitlha nako e e rileng maitseboa kgotsa go kgweetsa koloi. Ka dinako tse dingwe, mosha a ka akanya gore nako le nako fela fa a re o kopa sengwe ka tlhoafalo o arabiwa ka tsela e e tshwanang go twe, “O sa ntse o le monnye.”

2 Lona basha lo a itse gore batsadi ba lona ba bona go le mosola go lo thibela mo dilong tseno, gongwe e le go lo sireletsa. Gape lo tshwanetse lwa bo lo itse gore Jehofa o a itumela fa lo ikobela batsadi ba lona. (Bakolosa 3:20) Le fa go ntse jalo, a o tle o ikutlwe e kete o thibelwa go tswelela pele le botshelo? A o kganelwa go dira dilo tsotlhe tsa botlhokwa go twe o tla di dira fa o setse o godile? Tota ga go a nna jalo! Go na le tiro e e dirwang gompieno e e botlhokwa thata go feta tshiamelo epe e nngwe e o ka tswang o e emetse. A lona basha lo letleletswe go kopanela mo tirong eno? Kwa ntle ga gore lo letleletswe—tota lo lalediwa go dira jalo ke Modimo Mogodimodimo ka boene!

3. Jehofa o laletsa basha go dira tiro efe e e kgethegileng, mme jaanong re tla sekaseka dipotso dife?

3 Re bua ka tiro efe fano? Ela tlhoko mafoko a temana ya setlhogo seno: “Bakang Jehofa go tswa mo lefatsheng, . . . lona makau le lona makgarebane, lona bannabagolo mmogo le basimane.” (Pesalema 148:7, 12) Tshiamelo e kgolo e o nang le yone ke eo: O ka baka Jehofa. Jaaka mosha, a o itumelela go nna le seabe mo tirong eo? Ba le bantsi ba a itumela. Go bona gore ke ka ntlha yang fa go le mosola go ikutlwa jalo, a re sekasekeng dipotso tse tharo. Ya ntlha, ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go baka Jehofa? Ya bobedi, lo ka mmaka jang ka tsela e e nang le matswela? Ya boraro, nako e e siameng ya go simolola go baka Jehofa ke leng?

Ke ka Ntlha Yang fa o Tshwanetse go Baka Jehofa?

4, 5. (a) Go ya ka Pesalema ya bo148, re mo seemong sefe se se molemo? (b) Dibopiwa tse di sa kgoneng go bua le fa e le go akanya di ka baka Jehofa jang?

4 Lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go baka Jehofa ke gore ke ene Mmopi. Pesalema ya bo148 e re thusa go tlhoma mogopolo mo ntlheng eno ya boammaaruri. Akanya fela: O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka tla gaufi le lesomo la batho ba opela mmogo pina e e monate, e e amang maikutlo? Go tweng fa mafoko a pina eo e ne e le mafoko a o itseng gore a boammaaruri, a bua dilo tse o itseng di le botlhokwa, di itumedisa, e bile di kgothatsa? A o ne o ka rata go ithuta mafoko a pina eo le go opela le bone? Bontsi jwa rona re ne re ka rata go dira jalo. Mme Pesalema ya bo148 e bontsha gore o mo seemong se se tshwanang le seo, ke fela gore sone se molemo le go feta. Pesalema eo e tlhalosa boidiidi jo bogolo, botlhe ba baka Jehofa ba le seoposengwe. Mme fa o ntse o bala pesalema eno, o lemoga sengwe se se sa tlwaelegang. Ke eng seo?

5 Bontsi jwa dilo tse di bakang Jehofa tse di umakilweng mo go Pesalema 148 ga di kgone go bua le fa e le go akanya. Ka sekai, re bala gore letsatsi, ngwedi, dinaledi, kapoko, phefo, dithaba le dithota di baka Jehofa. Dilo tseno tse di sa tsheleng di ka kgona go baka Jehofa jang? (Ps 148 Temana 3, 8, 9) Di ka kgona fela jaaka ditlhare, dibopiwa tsa lewatle le diphologolo di dira. (Ps 148 Temana 7, 9, 10) A o kile wa lebelela phirimo e ntle ya letsatsi kgotsa wa tsholetsa matlho wa bona ngwedi yo o tletseng a feta mo magodimong a a tletseng dinaledi, kgotsa wa tshegisiwa ke diphologolo di tshameka kgotsa wa gakgamadiwa ke naga e ntle? Mme he o “utlwile” pina ya pako e tswa mo dibopiweng. Sotlhe se Jehofa a se dirileng se re gopotsa gore ke Mmopi mothatayotlhe, gore ga go na ope mo lobopong lotlhe yo o maatla, yo o botlhale le yo o lorato jaaka ene.—Baroma 1:20; Tshenolo 4:11.

6, 7. (a) Pesalema ya bo148 e tlhalosa dibopiwa dife tse di botlhale di baka Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhotlheletsega go baka Jehofa? Tshwantsha.

6 Pesalema ya bo148 gape e tlhalosa gore dibopiwa tse di botlhale le tsone di baka Jehofa. Mo go Ps 148 temana 2, re bala ka “masomo” a ga Jehofa a legodimo, baengele, ba baka Modimo. Mo go Ps 148 temana 11, batho ba ba nang le taolo, ba ba jaaka dikgosi le baatlhodi ba lalediwa gore le bone ba kopanele mo go bakeng Modimo. Fa baengele ba ba maatla ba itumelela go baka Jehofa, ke motho ofe yo o ka reng o botlhokwa thata mo a ka se kang a dira jalo? Go tswa foo, mo Ps 148 temaneng ya 12 le ya 13, lona basha lo lalediwa gore le lona lo kopanele mo go bakeng Jehofa. A o ikutlwa o tlhotlheletsega go mmaka?

7 Akanya ka setshwantsho ke se. Fa nka bo o na le tsala e kgolo e e nang le bokgoni jo bo gakgamatsang—gongwe mo metshamekong, mo go takeng kgotsa mo mminong—a o ne o ka tlotla ka ene fa o na le ba lelapa la gaeno kgotsa o na le ditsala tse dingwe? Ee ruri. Mme go ithuta ka sotlhe se Jehofa a se dirileng go ka re ama fela jalo. Ka sekai, Pesalema 19:1, 2 ya re magodimo a a tletseng dinaledi a “dira gore go buiwe thata.” Mme rona fa re akanya ka dilo tse di gakgamatsang tse Jehofa a di dirileng, re ka se ka ra ikgogona go bua le ba bangwe kaga Modimo wa rona.

8, 9. Ke mabaka afe a Jehofa a batlang gore re mmake ka one?

8 Lebaka le lengwe le le tlhomologileng la gore re bake Jehofa ke gore o batla gore re dire jalo. Ka ntlha yang? A ke ka gonne o tlhoka go bakwa ke batho? Nnyaa. Rona batho re ka tlhoka go bakwa ka dinako tse dingwe, mme Jehofa o mogolo thata go re feta. (Isaia 55:8) Ga a na dipelaelo dipe ka se a leng sone kgotsa ka dinonofo tsa gagwe. (Isaia 45:5) Le fa go ntse jalo, o batla gore re mmake e bile o a itumela fa re dira jalo. Ka ntlha yang? Akanya ka mabaka a mabedi. La ntlha, o a itse gore re tlhoka go mmaka. O re dirile re tlhoka sengwe sa semoya, e leng go obamela. (Mathaio 5:3) Fa Jehofa a bona re diragatsa seo se re se tlhokang, o a itumela, fela jaaka batsadi ba gago ba itumela fa ba bona o ja dijo tse ba itseng gore di go siametse.—Johane 4:34.

9 Lebaka la bobedi ke gore, Jehofa o itse gore batho ba bangwe ba tlhoka go re utlwa re mmaka. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala mafoko ano a a kwalela lekawana Timotheo: “Nna o itlhokometse e bile o tlhokometse go ruta ga gago. Nna mo dilong tseno, gonne ka go dira seno o tla ipoloka o bo o boloka ba ba go reetsang.” (1 Timotheo 4:16) Ee, fa o ruta ba bangwe kaga Jehofa Modimo, o mmaka, le bone ba ka nna ba simolola go itse Jehofa. Kitso e e ntseng jalo e ka gogela kwa polokong e e sa feleng!—Johane 17:3.

10. Ke ka ntlha yang fa re ikutlwa re tshwanetse go baka Modimo wa rona?

10 Go na le lebaka le lengwe gape la go baka Jehofa. Gopola setshwantsho sele sa tsala ya gago e e nang le bokgoni. Fa o ne o ka utlwa ba bangwe ba bua maaka kaga gagwe, ba mo senya leina, a o ne o ka se ititeye sehuba le go feta gore o mmue bontle? Ebu, Jehofa o senngwa leina tota mo lefatsheng leno. (Johane 8:44; Tshenolo 12:9) Ka jalo, ba ba mo ratang ba ikutlwa ba tshwanetse go bua boammaaruri kaga gagwe, go baakanya dikakanyo tse di phoso tse batho ba nang le tsone ka ene. A o ka rata go bontsha gore o rata Jehofa e bile o a mo anaanela le go bontsha gore o ka batla e nna ene Mmusi wa gago mo boemong jwa mmaba wa gagwe yo mogolo, Satane? O ka dira sotlhe seo ka go baka Jehofa. Ka jalo, potso e e latelang ke gore, o ka mmaka jang.

Kafa Basha Bangwe ba Ileng ba Baka Jehofa ka Teng

11. Ke dikai dife tsa mo Baebeleng tse di bontshang gore basha ba ka nna le matswela tota fa ba baka Jehofa?

11 Baebele e bontsha gore gantsi basha ba nna le matswela tota fa ba baka Jehofa. Ka sekai, go na le mosetsana mongwe wa Moiseraele yo o neng a gapilwe ke Basiria. O ne a bolelela mosadi wa mong wa gagwe ka bopelokgale kaga moporofeti wa ga Jehofa e bong Elisha. Mafoko a gagwe a ne a felela ka gore go diragale kgakgamatso, mme ga newa bosupi jo bo maatla. (2 Dikgosi 5:1-17) Jesu le ene o ne a rera ka bopelokgale fa a ne a sa le ngwana. Mo ditiragalong tsotlhe tsa bosha jwa gagwe tse di neng di ka begwa mo Dikwalong, Jehofa o ne a tlhopha e le nngwe fela, ya fa Jesu wa dingwaga tse 12 a ne a botsolotsa ka bopelokgale barutisi ba bodumedi kwa tempeleng kwa Jerusalema mme a ba tlogela ba jele kgakge ka tsela e a neng a tlhaloganya ditsela tsa ga Jehofa ka yone.—Luke 2:46-49.

12, 13. (a) Jesu o ne a dirang mo tempeleng pelenyana fela ga a swa, mme seo sa nna le diphelelo dife mo bathong koo? (b) Jesu o ne a ikutlwa jang ka pako e e neng e bolelwa ke basimanyana?

12 Fa Jesu a setse a godile, o ne a tlhotlheletsa le bana gore ba bake Jehofa. Ka sekai, malatsi a sekae pele Jesu a swa, o ne a nna nakonyana kwa tempeleng kwa Jerusalema. Baebele ya re o ne a dira “dilo tse di gakgamatsang” koo. O ne a leleka batho ba ba neng ba dira lefelo leo le le boitshepo logaga lwa magodu. Gape o ne a fodisa difofu le digole. Mongwe le mongwe yo o neng a le koo, bogolo jang baeteledipele ba bodumedi, ba ka bo ba ile ba tlhotlheletsega go baka Jehofa le Morwawe, Mesia. Mme ka maswabi, ba le bantsi mo motlheng oo ba ne ba sa mmake ka gope. Ba ne ba itse gore Jesu o ne a romilwe ke Modimo, mme ba ne ba tshaba baeteledipele ba bodumedi. Le fa go ntse jalo, setlhopha sengwe sa batho sone se ne sa bua ka bopelokgale. A o itse gore e ne e le bomang? Baebele ya re: “E rile baperesiti ba bagolo le bakwadi ba bona dilo tse di gakgamatsang tse [Jesu] a neng a di dira le basimane ba ba neng ba goa mo tempeleng ba re: ‘Boloka Morwa Dafide, re a rapela!’ ba galefa mme ba [raya Jesu] ba re: ‘A o a utlwa gore bano ba reng?’”—Mathaio 21:15, 16; Johane 12:42.

13 Baperesiti bao ba ne ba solofetse gore Jesu o tla didimatsa basimane ba ba neng ba mmaka. A mme o ne a ba didimatsa? Le e seng! Jesu o ne a araba baperesiti a re: “Ee. A lo ne lo ise lo ke lo bale fa go tweng, ‘O lerile pako ka se se tswang mo molomong wa masea le ba ba anyang’?” Go bonala sentle gore Jesu le Rraagwe ba ne ba itumelela pako ya basimanyana bao. Bana bao ba ne ba dira se se ka bong se dirilwe ke bagolo botlhe ba ba neng ba le foo. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba kgona go tlhaloganya dilo sentle ka megopolo ya bone ya bosha. Ba ne ba bona monna yono a dira dilo tse di gakgamatsang, a bua ka bopelokgale le ka tumelo e bile a bontsha go rata Modimo le batho ba gagwe ka lorato lo logolo. O ne a le se a ipolelang gore o sone—“Morwa Dafide” yo o solofeditsweng, Mesia. Basimanyana bano ba ne ba duelelwa tumelo ya bone ka gore ba nne le tshiamelo ya go diragatsa boporofeti.—Pesalema 8:2.

14. Bokgoni jo basha ba nang le jone bo ba thusa jang go baka Modimo?

14 Re ka ithuta eng mo dikaing tse di tshwanang le tseno? Gore basha ba ka baka Jehofa ka tsela e e nang le matswela tota. Gantsi ba na le bokgoni jwa go bona boammaaruri sentle ka tsela e e motlhofo le go bolela tumelo ya bone ka tlhoafalo. Gape ba na le mpho e e umakwang mo go Diane 20:29: “Bontle jwa makau ke maatla a bone.” Ee, lona basha lo na le maatla le matlhagatlhaga—dilo tsa botlhokwa mo go bakeng Jehofa. Mme o ka dirisa bokgoni joo ka ditsela dife?

O ka Baka Jehofa Jang?

15. E le gore o bake Jehofa ka tsela e e nang le matswela o tshwanetse wa nna le maitlhomo afe?

15 Go baka Jehofa ka tsela e e nang le matswela go ikaegile ka boemo jwa pelo ya gago. O ka se ka wa baka Jehofa ka tsela e e nang le matswela fa o go dira fela ka gonne ba bangwe ba batla gore o go dire. Gakologelwa, taelo e kgolo go gaisa tsotlhe ke eno: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) A o setse o itse Jehofa sentle ka go ithuta Lefoko la gagwe o le esi? Seo se tshwanetse go felela ka gore o ikutlwe o rata Jehofa. Tsela ya tlholego ya go bontsha lorato loo ke ka go mmaka. Fa maitlhomo a gago a tsepame, o ka baka Jehofa ka tlhagafalo.

16, 17. Boitshwaro bo na le seabe sefe mo go bakeng Jehofa? Tshwantsha.

16 Jaanong, tota le pele o akanya ka se o tla se buang, akanya ka gore o tla itshwara jang. Fa mosetsana yole wa Moiseraele wa motlha wa ga Elisha e ne e le motho yo o itsegeng ka go bifela batho, go tlhoka tlotlo kgotsa a sa ikanyege, a o akanya gore Basiria ba ba neng ba mo tshwere ba ka bo ba mo reeditse fa a bua kaga moporofeti wa ga Jehofa? Ga go bonale ba ne ba ka mo reetsa. Le gompieno batho ba ka go reetsa motlhofo fa ba bona gore o motho yo o tlotlang ba bangwe, o a ikanyega e bile o na le maitshwaro a mantle. (Baroma 2:21) Akanya ka sekai seno.

17 Mosetsana wa dingwaga tse 11 kwa Portugal o ne a gatelelwa kwa sekolong gore a keteke malatsi a boikhutso a segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele se sa dumalaneng le one. O ne a tlhalosetsa morutabana wa gagwe ka tlotlo gore ke eng fa a gana, mme morutabana o ne a mo kgoba. Fa nako e ntse e feta, morutabana o ne a leka go mo tlhabisa ditlhong gangwe le gape, a mo kgoba ka bodumedi jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, mosetsana yono o ne a nna a ntse a na le tlotlo. Dingwaga moragonyana, kgaitsadi yono yo mmotlana o ne a nna mmulatsela wa ka metlha, modiredi wa nako e e tletseng. Kwa kopanong nngwe, o ne a lebelela batho ba kolobediwa mme a lemoga mongwe wa bone. E ne e le morutabana wa gagwe wa bogologolo! Morago ga go tlamparelana ka boitumelo, mmè yono o ne a bolelela kgaitsadi yono gore o ne a ise a tsamaye a lebale tlotlo e a neng a na le yone kwa sekolong. Morutabana yono o ne a ile a etelwa ke Mosupi mongwe, mme a tlhalosa boitshwaro jwa kgaitsadi yo a neng a kile a nna moithuti wa gagwe kwa sekolong. Ka ntlha ya seo morutabana yono o ne a simolola go ithuta Baebele, mme a amogela boammaaruri. Ee, boitshwaro jwa gago e ka nna tsela e e nang le matswela tota ya go baka Jehofa!

18. Mosha a ka dirang fa a tshaba go simolola metlotlo ka Baebele le kaga Jehofa Modimo?

18 A fa o le kwa sekolong o a tle o fitlhele go le thata go simolola metlotlo kaga se o se dumelang? Ga se wena fela o ikutlwang jalo. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse o ka di dirang gore batho ba bangwe ba go botse ka dilo tse o di dumelang. Ka sekai, fa e le gore go kafa molaong e bile go a letlelelwa, ke eng fa o sa tle ka dibuka tse di buang ka Baebele o bo o di bala ka nako ya dijo kgotsa ka dinako tse dingwe? Ba o tsenang sekolo le bone ba ka go botsa ka se o se balang. Fa o ntse o ba araba le go ba bolelela se o fitlhetseng se kgatlha ka setlhogo kgotsa buka e o e balang, o ka nna wa iphitlhela o simolotse motlotlo o o molemo o sa lemoge. Gopola go botsa dipotso, gore o bone se baithuti ka wena ba se dumelang. Reetsa ka tlotlo, mme o ba bolelele se o se ithutileng mo Baebeleng. Jaaka maitemogelo a a mo go tsebe 29 a bontsha, basha ba le bantsi ba baka Modimo kwa sekolong. Seno se dira gore ba ipele thata mme se ka thusa ba le bantsi go itse Jehofa.

19. Basha ba ka nna le matswela jang mo bodireding jwa ntlo le ntlo?

19 Bodiredi jwa ntlo le ntlo ke tsela e e nang le matswela tota ya go baka Jehofa. Fa e le gore ga o ise o simolole go bo dira, ke ka ntlha yang fa o sa ipeele mokgele oo? Fa e le gore o setse o simolotse, a go na le mekgele e mengwe gape e o ka ipeelang yone? Ka sekai, mo boemong jwa go bua selo se se tshwanang fela mo ntlong nngwe le nngwe, batla ditsela tsa go tokafatsa, o kope batsadi ba gago le ba bangwe ba ba nang le maitemogelo gore ba go fe dikakantsho. Ithute go dirisa Baebele ya gago thata, go dira maeto a go boela a a nang le matswela le go simolola dithuto tsa Baebele. (1 Timotheo 4:15) Fa o ntse o baka Jehofa ka ditsela tseo, o tla nna le matswela go feta pele, mme o tla ipelela bodiredi go feta pele.

O Tshwanetse wa Simolola go Baka Jehofa Leng?

20. Ke ka ntlha yang fa basha ba se na lebaka lepe la go akanya gore ba sa le bannye thata gore ba ka baka Jehofa?

20 Mo dipotsong tse tharo tse re tlotlang ka tsone, karabo ya potso ya boraro ke yone e motlhofo go di feta tsotlhe. Ela tlhoko karabo e e tlhamaletseng ya Baebele: “Jaanong, gakologelwa Mmopi wa gago yo Mogolo mo malatsing a bokau jwa gago.” (Moreri 12:1) Ee, nako ya go simolola go baka Jehofa ke gone jaanong. Go motlhofo gore o re: “Ke sa ntse ke le monnye thata gore nka baka Jehofa. Ga ke na maitemogelo. Ke tshwanetse go emela gore ke gole pele.” E tla bo e se wena wa ntlha go ikutlwa jalo. Ka sekai, Jeremia yo mmotlana o ne a raya Jehofa a re: “Ijoo, Morena Molaodimogolo Jehofa! Bona, ga ke itse go bua, gonne ke mosimanyana fela.” Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa gore o ne a sa tlhoke go boifa. (Jeremia 1:6, 7) Le rona ga re tlhoke go boifa sepe fa re baka Jehofa. Ga go na kotsi epe e e ka re tlelang e Jehofa a ka se kang a kgona go e dirolola gotlhelele.—Pesalema 118:6.

21, 22. Ke ka ntlha yang fa basha ba ba bakang Jehofa ba tshwantshiwa le marothodi a monyo, mme ke ka ntlha yang fa go tshwantshiwa le one go kgothatsa?

21 Ka jalo, re lo rotloetsa jaana lona basha: Lo se ka lwa tshaba go baka Jehofa! Gone jaanong lo sa le basha, ke nako e e molemo thata ya go dira tiro e e botlhokwa thata e e dirwang mo lefatsheng gompieno. Fa o dira jalo, o nna karolo ya sengwe se se molemo thata—lelapa la lefatshe lotlhe la bao ba bakang Jehofa. Jehofa o itumelela gore o mo lelapeng leno. Ela tlhoko mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a mopesalema a neng a a raya Jehofa: “Batho ba gago ba tla ithaopa ka go rata mo letsatsing la mophato wa gago wa sesole. Mo bontlentleng jwa boitshepo, go tswa mo sebopelong sa bosa, o na le setlhopha sa gago sa makau fela jaaka marothodi a monyo.”—Pesalema 110:3.

22 Marothodi a monyo fa a tsabakela mo leseding la moso a mantle thata, a ga go jalo? A a lapolosa, a a phatsima, mme a mantsi thata gore a ka balwa. Jehofa o lo leba jalo lona basha ba lo mmakang ka boikanyegi mo dinakong tseno tsa mathata. Go phepafetse gore, lebaka la go bo o tlhophile go direla Jehofa le ipedisa pelo ya gagwe. (Diane 27:11) Ka jalo he, lona basha, bakang Jehofa!

O ka Araba Jang?

• Mabaka mangwe a botlhokwa a go baka Jehofa ke afe?

• Ke dikai dife tsa Baebele tse di bontshang gore basha ba ka nna le matswela tota fa ba baka Jehofa?

• Basha ba ka baka Jehofa jang gompieno?

• Basha ba tshwanetse go simolola go baka Jehofa leng, mme ka ntlha yang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Fa tsala ya gago e ne e na le bokgoni jo bo tlhomologileng, a o ne o ka se bolelele ba bangwe ka jone?

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Baithuti ka wena ba ka kgatlhegela go itse dilo tse o di dumelang

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Fa o batla go tokafatsa bodiredi jwa gago, kopa Mosupi yo o nang le maitemogelo go go fa dikakantsho