Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona

Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona

Batsadi, Tlamelang ba Malapa a Lona

“Fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, . . . o itatotse tumelo.”—1 TIMOTHEO 5:8.

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go kgothatsa go bona malapa a tla dipokanong tsa Bokeresete mmogo? (b) Mangwe a mathata a malapa a kopanang le one gore a nne kwa dipokanong ka nako ke afe?

FA O lebaleba mo phuthegong ya Bokeresete pele dipokano di simolola, o ka nna wa bona bana ba ba phepa ba ba apereng sentle ba nna mo ditulong go bapa le batsadi ba bone. A ga go itumedise go bona lorato lo lo leng teng mo malapeng ano—lorato lo ba ratang Jehofa ka lone le lo ba ratanang ka lone? Le fa go ntse jalo, go motlhofo go lebala gore go tlhokega boiteko jo bo kana kang gore lelapa le tle dipokanong ka nako.

2 Gantsi batsadi ba tlhola ba tshwaregile motshegare otlhe, mme fa e le maitseboa a dipokano, ba tshwarega le go feta mo dilong tse di amanang le lelapa. Go tshwanetse ga apewa, ga dirwa ditiro tsa mo gae, ga bo ga felelediwa tiro ya sekolo e e direlwang mo gae. Batsadi ba na le tiro e kgolo go gaisa ka gonne ke bone ba tlhomamisang gore mongwe le mongwe o phepa, o jele, e bile o siametse go tsamaya ka nako. Gone ke boammaaruri gore bana ba ka go dia ka sengwe se o neng o sa se lebelela ka motsotso wa bofelo. Yo mogolwane o gagola borokgwe fa a ntse a tshameka. Yo monnye o itshela ka dijo. Ba simolola go ngangisana. (Diane 22:15) Go felela ka eng? Tota le fa batsadi ba ne ba rulagantse dilo sentle, di ka nna tsa se ka tsa tsamaya ka tsela e ba rulagantseng ka yone. Le fa go ntse jalo, mo e ka nnang ka dinako tsotlhe, lelapa le nna le le kwa Holong ya Bogosi go sa ntse go setse nako gore dipokano di simolole. A bo go kgothatsa jang ne go ba bona koo beke le beke, ngwaga le ngwaga, bana ba ntse ba gola e bile ba direla Jehofa!

3. Re itse jang gore Jehofa o tsaya malapa a le botlhokwa thata?

3 Le fa tiro ya gago jaaka motsadi e le bokete ka dinako tse dingwe, e bile e lapisa, o ka tlhomamisega gore Jehofa o anaanela maiteko a gago fela thata. Jehofa ke Mosimolodi wa thulaganyo ya lelapa. Ke gone ka moo Lefoko la gagwe le bolelang gore lelapa lengwe le lengwe ‘le bidiwa ka ene’—e bile tota le teng ka ntlha ya gagwe. (Baefeso 3:14, 15) Ka jalo fa lona batsadi lo leka go dira maikarabelo a lona mo lelapeng ka tsela e e tshwanetseng, lo tlotla Morena Molaodimogolo wa lobopo. (1 Bakorintha 10:31) A eo ga se tshiamelo e kgolo? Ka jalo, go a tshwanela gore re sekaseke maikarabelo ano a Jehofa a a neileng batsadi. Mo setlhogong seno, re tla sekaseka maikarabelo ano ka go bua ka ga go tlamela lelapa. A re sekasekeng ditsela tse tharo tse Modimo a lebeletseng gore batsadi ba tlamele ba malapa a bone ka tsone.

Go ba Tlamela ka Dilo Tsa Nama

4. Mo lelapeng, Jehofa o dirile dithulaganyo dife gore bana ba tlamelwe?

4 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Eleruri fa motho a sa tlamele ba e leng ba gagwe, mme segolobogolo ba e leng maloko a ba ntlo ya gagwe, o itatotse tumelo e bile o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Fa Paulo a ne a re “motho” fano, o ne a bua ka mang? O ne a bua ka tlhogo ya lelapa, yo gantsi e a bong e le rre. Gape Modimo o naya mosadi seabe se se tlotlegang sa go nna mothusi wa monna wa gagwe. (Genesise 2:18) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele gantsi basadi ba ne ba thusa banna ba bone go tlamela lelapa. (Diane 31:13, 14, 16) Gompieno, malapa a motsadi a le mongwe fela a ntse a ata. * Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba ba se nang balekane ba tlamela ba malapa a bone sentle. Gone ke boammaaruri gore go botoka fa lelapa le na le batsadi ba babedi, rre a eteletse pele.

5, 6. (a) Mangwe a mathata a batho ba lebanang le one fa ba leka go tlamela ba malapa a bone ka dilo tsa nama ke afe? (b) Batsadi ba Bakeresete ba ka kgona go itshoka fa ba nna ba na le boikutlo bofe ka tiro ya boitshediso?

5 Mo go 1 Timotheo 5:8, Paulo o ne a bua ka go tlamela ga mofuta ofe? Ditemana tse di dikologileng di bontsha gore tota o ne a bua ka dilo tsa nama tse di tlhokwang ke lelapa. Mo lefatsheng la gompieno, go na le dikgoreletsi tse dintsi tse tlhogo ya lelapa e ka lebanang le tsone gore e tlamele ba lelapa la yone ka tsela eo. Mathata a ikonomi a atile mo lefatsheng lotlhe, batho ba felelwa ke ditiro, ba le bantsi ga ba a hirwa, mme ditlhwatlhwa tsa dilo tse batho ba itshedisang ka tsone di ntse di tlhatloga. Ke eng se se ka thusang motsadi go itshokela mathata ano?

6 Motsadi o tshwanetse a gopola gore o dira maikarabelo a a a neilweng ke Jehofa. Mafoko a ga Paulo a a tlhotlheleditsweng a bontsha gore motho yo o ka kgonang go diragatsa taelo eo mme a gana go dira jalo o tshwana le motho yo o ‘itatotseng tumelo.’ Mokeresete o tshwanetse a dira bojotlhe jwa gagwe gore a se ka a nna mo seemong se se ntseng jalo fa pele ga Modimo wa gagwe. Le fa go ntse jalo, ka maswabi batho ba le bantsi mo lefatsheng la gompieno ‘ga ba na lorato lwa tlholego.’ (2 Timotheo 3:1, 3) Ee ruri, borre ba le bantsi ba itlhokomolosa maikarabelo a bone, ga ba tlamele ba malapa a bone. Banna ba Bakeresete ga ba nne le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go se kgathale fa go tliwa mo kgannyeng ya go tlamela ba malapa a bone. Batsadi ba Bakeresete ba farologana le batho ba le bantsi ba ba berekang le bone ka gonne ba tsaya le yone tiro ya maemo a a kwa tlase e na le seriti e bile e le botlhokwa, e le tsela ya go itumedisa Jehofa Modimo, ka gonne e ba thusa go tlamela baratiwa ba bone.

7. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore batsadi ba akanye ka sekao sa ga Jesu?

7 Gape ditlhogo tsa malapa di ka nna tsa thusiwa ke go akanya ka sekao se se molemolemo sa ga Jesu. Gakologelwa, Baebele e bua ka Jesu ka tsela ya boporofeti e re ke “Rara wa Bosakhutleng.” (Isaia 9:6, 7) E re ka Jesu e le “Adame wa bofelo,” tota o emisetsa “motho wa ntlha Adame” jaaka rre wa batho ba ba nang le tumelo. (1 Bakorintha 15:45) Jesu ke rre yo o molemo, ga a tshwane le Adame yo o neng a nna rre yo o bogagapa, yo o ikakanyetsang a le esi. Baebele e bolela jaana ka ga Jesu: “Re simolotse go itse lorato ka seno, ka gonne yoo o ne a neela moya wa gagwe mo boemong jwa rona.” (1 Johane 3:16) Ee, Jesu o ne a iketleeletsa go ntshetsa ba bangwe botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, le mo dilong tse di sa reng sepe o ne a baya dilo tse di tlhokwang ke batho ba bangwe kwa pele ga tsa gagwe letsatsi le letsatsi. Lona batsadi lo ka solegelwa molemo ke go etsa moya oo wa go intsha setlhabelo.

8, 9. (a) Batsadi ba ka ithuta eng mo dinonyaneng tse di tlamelang mamphorwana a tsone ka moya otlhe? (b) Batsadi ba le bantsi ba Bakeresete ba bontsha jang moya wa go intsha setlhabelo?

8 Batsadi ba ka ithuta go le gontsi ka lorato lo lo seng bogagapa mo mafokong a ga Jesu a a neng a a bolelela batho ba Modimo ba ba diganana: “A bo ke ne ka batla gantsi jang ne go phutha bana ba gago mmogo, ka tsela e koko e namagadi e phuthelang dikokwana tsa yone mmogo ka fa tlase ga diphuka tsa yone!” (Mathaio 23:37) Fano Jesu o ne a tlhalosa sentle kafa koko e namagadi e sireletsang dikokwana tsa yone ka diphuka ka teng. Ruri batsadi ba ka ithuta go le gontsi mo kokong e namagadi e ka tlholego fela e ipayang mo kotsing gore e sireletse dikokwana tsa yone. Mme le dilo tse dinonyane tse di nang le mamphorwana di di dirang letsatsi le letsatsi di a kgatlha go di lebelela. Di fofela kwa le kwa di sa kgaotse di batla dijo. Tota le fa di setse di lapile thata, di latlhela dijo mo melomong ya mamphorwana a tsone, a a di kometsang a bo a lela a batla tse dingwe gape. Dibopiwa tse dintsi tsa ga Jehofa di “botlhale ka tlholego” fa di tlamela bana ba tsone.—Diane 30:24.

9 Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba Bakeresete mo lefatsheng lotlhe ba bontsha moya o montle wa go intsha setlhabelo. Lo ka mpa lwa tsena mo kotsing go na le gore bana ba lona ba tsene mo kotsing. Mo godimo ga moo, letsatsi le letsatsi lo itima dilo dingwe gore lo kgone go tlamela bana ba lona. Bontsi jwa lona lo tsoga ka makuku lo ya tirong e e lapisang. Lo dira ka natla gore bana ba je sentle. Lo kgaratlhela gore bana ba nne le diaparo tse di phepa, bonno jo bo siameng le thutego e e lekaneng. Mme lo nna lo ntse lo dira jalo letsatsi le letsatsi, ngwaga le ngwaga. Ruri Jehofa o itumedisiwa ke moya o o ntseng jalo wa go intsha setlhabelo le go itshoka! (Bahebera 13:16) Le fa go ntse jalo, ga o lebale gore go na le ditsela tse dingwe tse di botlhokwa thata tsa go tlamela bana ba gago.

Go ba Tlamela ka Dilo Tsa Semoya

10, 11. Selo sa botlhokwa thata se batho ba se tlhokang ke sefe mme batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go dira eng pele gore ba neye bana ba bone seno se ba se tlhokang?

10 Sengwe sa botlhokwa go feta go tlamela ba lelapa ka dilo tsa nama ke go ba tlamela ka dilo tsa semoya. Jesu o ne a re: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4; 5:3) Lona batsadi lo ka dirang go tlamela bana ka dilo tsa semoya?

11 Gongwe mo kgannyeng eno ga go na mafoko ape a a nopolwang gantsi mo Dikwalong go feta a a mo go Duteronome 6:5-7. Tsweetswee bula Baebele ya gago o bale ditemana tseo. Ela tlhoko gore sa ntlha batsadi ba bolelelwa gore ba age bomoya jwa bone, ba rate Jehofa ba bo ba ise mafoko a gagwe pelong. Ee, o tshwanetse go nna moithuti yo o tlhoafetseng wa Lefoko la Modimo, o bala Baebele ka metlha e bile o tlhatlhanya ka yone gore o kgone go tlhaloganya ka botlalo ditsela tsa ga Jehofa, melao le melaometheo ya gagwe o bo o e rate. Seo se tla felela ka gore pelo ya gago e tlale ka dithuto tse di kgatlhang tsa boammaaruri jwa Baebele tse di tla go tlhotlheletsang gore o ikutlwe o ipela ka Jehofa, o mo tlotla e bile o mo rata. O tla nna le dilo tse dintsi tse o ka di abelang bana ba gago.—Luke 6:45.

12. Batsadi ba ka etsa sekao sa ga Jesu jang malebana le go jalela kwa teng dithuto tsa boammaaruri jwa Baebele mo baneng ba bone?

12 Batsadi ba ba nonofileng semoyeng ba iketleeditse go dirisa kgakololo e e mo go Duteronome 6:7, ya gore ba “jalele kwa teng” mafoko a ga Jehofa mo baneng ba bone nako le nako fa ba bulegelwa ke sebaka. Go ‘jalela kwa teng’ go kaya go ruta le go gatelela mo mogopolong ka go boaboeletsa dilo. Jehofa o itse gore rotlhe—bogolo jang bana—re tlhoka gore dilo di boaboelediwe gore re di ithute. Ka jalo, Jesu o ne a boaboeletsa dilo fa a ruta mo bodireding jwa gagwe. Ka sekai, fa a ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba ikokobetse ba se ka ba ikgogomosa le go gaisana, o ne a bona ditsela tse di farologaneng tsa go boeletsa yone ntlha eo. O ne a ruta ka go baya mabaka, ka go dira ditshwantsho, tota le ka go bontsha ka ditiro. (Mathaio 18:1-4; 20:25-27; Johane 13:12-15) Le fa go ntse jalo, se se gakgamatsang ke gore Jesu o ne a se ke a fela pelo. Ka tsela e e tshwanang, batsadi ba tshwanetse ba batla ditsela tsa go ruta bana ba bone dintlha tsa motheo tsa boammaaruri, ba boeletsa melaometheo ya ga Jehofa ka bopelotelele go fitlha bana ba kgona go e tlhaloganya le go e dirisa.

13, 14. Batsadi ba ka dirisa dinako dife go jalela kwa teng dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele mo baneng ba bone, mme ba ka dirisa eng go ba thusa go dira jalo?

13 Nako ya thuto ya lelapa ke yone e e siametseng go ruta jalo. Ee ruri, thuto ya lelapa ya Baebele e e tshwarwang ka metlha, e e agang e bile e le e e itumedisang, e botlhokwa thata gore lelapa le nne le nonofile semoyeng. Malapa a Bakeresete mo lefatsheng lotlhe a itumelela dithuto tse di ntseng jalo, a dirisa dibuka tse a di newang ke phuthego ya ga Jehofa mme a dira gore thuto e tshwanele dilo tse di tlhokwang ke bana. Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e ile ya thusa thata mo ntlheng eno, fela jaaka buka ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo. * Le fa go ntse jalo, thuto ya lelapa ga se yone fela nako ya go ruta bana.

14 Jaaka Duteronome 6:7 e bontsha, go na le dinako tse dintsi tse lona batsadi lo ka tlotlang dilo tsa semoya le bana ba lona ka tsone. Le fa lo ka tswa lo le mo mosepeleng mmogo, lo dira ditiro tsa mo gae mmogo, kgotsa lo iketlile mmogo, lo ka bona dinako tsa go tlamela bana ba lona ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Ee gone, ga go tlhokege gore lo tlhole lo ba emeletse ka dithuto tsa Baebele. Go na le moo, lekang gore motlotlo wa lelapa e nne o o agang, wa dilo tsa semoya. Ka sekai, makasine wa Tsogang! o na le ditlhogo di le dintsi tse di tlotlang ka dilo tse di farologaneng. Ditlhogo tse di ntseng jalo di ka dirisiwa go tlotla ka diphologolo tse Jehofa a di bopileng, mafelo a mantle a tlholego go dikologa lefatshe le kafa dingwao tsa batho le mekgwa ya bone ya botshelo e farologaneng bontle ka teng. Metlotlo e e ntseng jalo e ka tlhotlheletsa bana gore ba tlwaele go bala dibuka tse re di newang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.—Mathaio 24:45-47.

15. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go leba bodiredi jwa Bokeresete e le sengwe se se kgatlhang le se se itumedisang?

15 Go nna le metlotlo e e agang le bana ba gago go tla go thusa go diragatsa selo se sengwe gape se se tlhokegang semoyeng. Bana ba Bakeresete ba tshwanetse ba ithuta go bolelela ba bangwe se ba se dumelang ka tsela e e utlwalang sentle. Fa lo ntse lo tlotla ka sengwe se se kgatlhang mo makasineng wa Tora ya Tebelo kgotsa Tsogang! o ka nna wa batla dinako tse o ka di dirisang go amanya se lo se ithutang le bodiredi. Ka sekai, o ka nna wa botsa wa re: “A go ne go ka se nne molemo fa batho ba bantsi ba ka bo ba itse seno kaga Jehofa? O akanya gore re ka dira jang gore motho a kgatlhegele kgang eno?” Metlotlo e e ntseng jalo e ka thusa basha gore ba kgatlhegele go bolelela ba bangwe se ba se ithutang. Mme fa bana ba gago ba tsamaya le wena mo bodireding, ba bona sekai sa mmatota sa kafa ba ka dirisang metlotlo eno ka teng. Gape ba ka ithuta gore bodiredi ke tiro e e kgatlhang e e itumedisang, e e tlisang kgotsofalo le boipelo.—Ditiro 20:35.

16. Bana ba ka ithuta eng ka go reetsa dithapelo tsa batsadi ba bone?

16 Gape batsadi ba tlamela bana ba bone semoyeng fa ba rapela. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela, mme o ne a rapela le bone ka makgetlho a le mantsi. (Luke 11:1-13) Akanya fela gore ba ne ba ithuta go le kana kang fa ba reetsa dithapelo tsa Morwa wa ga Jehofa ka boene! Bana ba gago le bone ba ka ithuta go le gontsi mo dithapelong tsa gago. Ka sekai, ba ka ithuta gore Jehofa o batla gore re bue le ene ka kgololesego re ntsha se se mo pelong, re mmolelela bothata bope fela jo re ka tswang re na le jone. Ee, dithapelo tsa gago di ka thusa bana ba gago go ithuta ntlha ya botlhokwa ya boammaaruri: Ba ka nna le botsalano le Rraabone yo o kwa legodimong.—1 Petere 5:7.

Go ba Tlamela ka Dilo Tse ba di Tlhokang mo Maikutlong

17, 18. (a) Baebele e senola jang botlhokwa jwa go bontsha bana lorato? (b) Borre ba tshwanetse go etsa Jehofa jang ka go bontsha bana ba bone lorato?

17 Ee, bana gape ba na le dilo tsa botlhokwa tse ba di tlhokang mo maikutlong. Lefoko la Modimo le bolelela batsadi kafa go leng botlhokwa ka teng go tlamela bana mo maikutlong. Ka sekai, makgarebe a rotloediwa go “rata bana ba bone.” Bommè ba ba sa leng basha ba dira jalo ka gonne ba tsibositswe, kgotsa ba thusitswe go akanya sentle. (Tito 2:4) Ee, go bontsha ngwana lorato go bontsha go akanya sentle. Go dira jalo go ruta ngwana gore a bontshe lorato e bile go na le melemo e e nnelang ruri botshelo jotlhe. Kafa letlhakoreng le lengwe, go se bontshe ngwana lorato ke boeleele. Go baka kutlobotlhoko e kgolo mme go bontsha gore o paletswe ke go etsa Jehofa, yo o re bontshang lorato lo logolo le fa re sa itekanela.—Pesalema 103:8-14.

18 Jehofa e bile o tsaya kgato pele go rata bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng. Jaaka 1 Johane 4:19 e bontsha, ‘o re ratile pele.’ Lona borre segolobogolo, lo tshwanetse lwa etsa sekao sa ga Jehofa, lo tsaya kgato pele go nna le kamano e e lorato le bana ba lona. Baebele e rotloetsa borrabana gore ba se ka ba galefisa bana ba bone, “gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.” (Bakolosa 3:21) Ga go na dilo tse dintsi tse di galefisang bana go feta go bona e kete motsadi ga a ba rate kgotsa ga a ba anaanele. Borre ba ba ikgogonang go bontsha maikutlo a bone ba tshwanetse ba gopola sekao sa ga Jehofa. O ile a ba a bua a le kwa legodimong a bontsha gore o amogela Morwawe e bile o a mo rata. (Mathaio 3:17; 17:5) A bo seo se tshwanetse sa bo se ne se kgothatsa Jesu jang ne! Ka tsela e e tshwanang, bana ba ka nonotshiwa thata le go kgothadiwa ke fa batsadi ba bone ba ba bolelela mafoko a a tswang pelong a a bontshang go ba rata le go ba anaanela.

19. Ke ka ntlha yang fa kotlhao e le botlhokwa, mme batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse ba leka go nna tekatekano ka tsela efe?

19 Gone ke boammaaruri gore lorato lwa batsadi ga lo bontshiwe ka mafoko fela. Lorato lo bontshiwa thata ka ditiro. Go tlamela bana ka dilo tsa nama le tsa semoya go ka bontsha lorato lwa batsadi, bogolo jang fa ba dira jalo ka tsela e e bontshang gore ba tlhotlhelediwa ke lorato. Mme kotlhao ke tsela e nngwe ya botlhokwa e e bontshang lorato lwa batsadi. Ee ruri, “yo Jehofa a mo ratang o a mo otlhaya.” (Bahebera 12:6) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa batsadi ba sa otlhaye bana ba bone, seo se bontsha gore ba ba tlhoile! (Diane 13:24) Ka metlha Jehofa o a lekanyetsa, o otlhaya “ka selekanyo se se tshwanetseng.” (Jeremia 46:28) Ga se ka metlha batsadi ba ba sa itekanelang ba kgonang go lekanyetsa jalo. Le fa go ntse jalo, go mosola tota gore o leke bojotlhe gore o lekanyetse dilo jalo. Go otlhaya ngwana o sa repisa seatla mme e le ka lorato, go dira gore a gole a itumetse a bo a atlege mo botshelong. (Diane 22:6) A seo ga se sone se motsadi mongwe le mongwe wa Mokeresete a se batlelang ngwana wa gagwe?

20. Batsadi ba ka naya bana ba bone sebaka se se molemolemo jang sa gore ba “tlhophe botshelo”?

20 Fa lona batsadi lo dira tiro ya botlhokwa e Jehofa a lo romileng go e dira—lo tlamela bana ba lona ka dilo tsa nama, tsa semoya le mo maikutlong—lo tla bona maduo a magolo. Ka go dira jalo lo naya bana ba lona sebaka se se molemolemo sa gore ba “tlhophe botshelo” mme ka jalo ba ‘nne ba tshela.’ (Duteronome 30:19) Bana ba ba tlhophang go direla Jehofa ba bo ba tswelela ba le mo tseleng ya botshelo fa ba ntse ba gola, ba itumedisa batsadi ba bone fela thata. (Pesalema 127:3-5) Boitumelo jo bo ntseng jalo bo tla nnela ruri! Le fa go ntse jalo, basha ba ka baka Jehofa jang gone jaanong? Setlhogo se se latelang se tla sekaseka kgang eo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Mo motlotlong ono, go tla buiwa ka motho yo o tshwanetseng go tlamela ba lelapa e le monna. Le fa go ntse jalo, melaometheo eno e ka dirisiwa le ke basadi ba Bakeresete ba e leng bone ba tlamelang ba malapa a bone.

^ ser. 13 Di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

O ka Araba Jang?

Batsadi ba ka dirang gore ba tlamele bana ba bone

• ka dilo tsa nama?

• ka dilo tsa semoya?

• mo maikutlong?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Dinonyane tse dintsi di dira ka natla go tlamela mamphorwana a tsone

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Batsadi ba tshwanetse ba simolola ka go godisa bomoya jwa bone pele

[Ditshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Batsadi ba ka dirisa dinako tse dintsi tsa go ruta bana ba bone kaga Mmopi

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Bana ba nonotshiwa le go kgothadiwa ke go bona ba anaanelwa ke batsadi ba bone