Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Atolosa Tiro ya go Rera mo Nageng e Bokeresete bo Kileng Jwa Anama mo go Yone

Go Atolosa Tiro ya go Rera mo Nageng e Bokeresete bo Kileng Jwa Anama mo go Yone

Go Atolosa Tiro ya go Rera mo Nageng e Bokeresete bo Kileng Jwa Anama mo go Yone

ITALY, naga e e bopegileng jaaka setlhako sa botsu, e karolo ya yone e kgolo e dikologilweng ke Lewatle la Mediterranean, e nnile lefelo le mo go lone ditiragalo tsa bodumedi le tsa setso di ileng tsa ama hisitori ya lefatshe thata. Ke lefelo le le ngokang dimilione tsa bajanala ka ntlha ya naga ya yone e ntle, ditiro tse di itsegeng tsa botaki le dijo tsa yone tse di monate. Gape eno ke naga e tiro ya go ruta Baebele e anameng thata mo go yone.

Go ka direga gore Bokeresete jwa boammaaruri bo fitlhile la ntlha kwa Roma—motsemogolo wa puso ya lefatshe ya nako eo—fa Bajuda le basokologela Bojudeng ba ba neng ba nna Bakeresete ka Pentekosete ya 33 C.E. ba boela gae kwa Jerusalema. Mo e ka nnang ka 59 C.E., moaposetoloi Paulo o ne a etela Italy ka lekgetlo la ntlha. Fa a fitlha kwa Puteoli e e neng e le gaufi le lewatle, o ne a “fitlhela bakaulengwe” mo tumelong gone.—Ditiro 2:5-11; 28:11-16.

Fela jaaka Jesu le baaposetoloi ba ne ba boleletse pele, pele lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. le fela, ditlhopha tsa batlhanogi di ne tsa tlogela Bokeresete jwa boammaaruri. Le fa go ntse jalo, pele tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e fela, barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu ba anamisa dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe—go akaretsa le kwa Italy.—Mathaio 13:36-43; Ditiro 20:29, 30; 2 Bathesalonika 2:3-8; 2 Petere 2:1-3.

Bodiredi bo Simolotse Bo se Na Matswela

Ka 1891, Charles Taze Russell, yo o neng a eteletse pele tiro ya go rera ya lefatshe lotlhe ya Baithuti ba Baebele (jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo) o ne a etela metse mengwe ya kwa Italy ka lekgetlho la ntlha. O ne a bua jaana go bontsha gore bodiredi jwa gagwe koo bo ne bo se na matswela a magolo: “Ga go na sepe se se neng sa re bontsha gore re tla nna le matswela a magolo mo Italy.” Ka letlhabula la 1910, Mokaulengwe Russell o ne a boela Italy mme a neela puo ya Baebele mo jiminaseng e e neng e le mo bogareng jwa Roma. Matswela e ne ya nna afe? O ne a bega jaana: “Pokano eo e ne e kgoba marapo tota.”

Tota e bile, kwa tshimologong go rerwa ga dikgang tse di molemo go ne ga anama ka bonya kwa Italy, lebaka lengwe e le go bo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa ke puso ya Ba-Fascist. Ka nako eo, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba ba sa feteng 150 mo nageng eo, ba bontsi jwa bone ba neng ba ithutile boammaaruri jwa Baebele mo go ba losika kana ditsala tse di neng di nna kwa moseja.

Kgatelopele e e Gakgamatsang

Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, barongwa bangwe ba ne ba romelwa kwa Italy. Mme jaaka go ile ga bontshiwa ke makwalo a a fitlhetsweng mo bobolokelong jwa direkoto jwa Puso, batho bangwe ba ba nang le maemo mo pusong ya Vatican ba ne ba kopa puso gore e kobe barongwa. Barongwa ba ne ba patelediwa go tswa mo nageng, ga tlogelwa ba le mmalwa fela.

Le fa go ne go na le mathata ano, batho ba le bantsi kwa Italy ba ne ba simolola go thologela kwa “thabeng” ya kobamelo ya ga Jehofa. (Isaia 2:2-4) Koketsego ya Basupi e nnile e e gakgamatsang tota. Ka 2004, go ne go na le baboledi ba le 233 527 ba dikgang tse di molemo, e leng mmoledi a le 1 mo baaging bangwe le bangwe ba le 248, mme go ne go na le batho ba le 433 242 kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Go ne go na le diphuthego di le 3 049 tsa Basupi ba ga Jehofa tse di kopanelang mo Diholong Tsa Bogosi tse di tshwanelang. Bosheng jaana, go nnile le koketsego e kgolo mo gare ga ditlhopha tse di rileng tsa batho.

Go Rera ka Dipuo Tse Dintsi

Bafudugi ba le bantsi go tswa Afrika, Asia le Yuropa Botlhaba ba fudugetse kwa Italy go ya go batla tiro kana botshelo jo bo botoka kana ka dinako dingwe e le go tshaba maemo mangwe a a seng monate. Dimilione tseno tsa batho di ka thusiwa jang semoyeng?

Basupi ba le bantsi ba kwa Italy ba ile ba amogela kgwetlho e e boima ya go ithuta dipuo di sele, tse di tshwanang le Se-Albania, Se-Amharic, Searabia, Se-Bengali, Se-China, Se-Punjabi, Se-Sinhala le Se-Tagalog. Go simolola ka 2001, go ne ga tshwarwa ditlelase tsa go ruta batho ba ba ithaopileng bano go neela bosupi ka puo e sele. Mo dingwageng tse tharo tse di fetileng, go nnile le ditlelase di le 79 tse di neng di tshwarwa ka dipuo di le 17 tse go neng ga rutwa Basupi ba le 3 711 mo go tsone. Seno se ne sa dira gore ba kgone go tlhoma le go nonotsha diphuthego di le 146 le ditlhopha di le 274 ba dirisa dipuo tse 25. Ka jalo batho ba le bantsi ba ba tlhoafetseng ba ile ba utlwa dikgang tse di molemo mme ba simolotse go ithuta Baebele. Gantsi go na le matswela a a gakgamatsang.

Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a tlotla ka Baebele le George, monna mongwe go tswa kwa India yo o buang Se-Malayalam. Le fa gone George a ne a na le mathata a go bona tiro, o ne a dumela ka boitumelo go ithuta Baebele. Morago ga malatsi a sekae, tsala nngwe ya ga George e e bidiwang Gil, e bong monna mongwe wa Moindia yo o buang Se-Punjabi, o ne a ya kwa Holong ya Bogosi, mme go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene. Gil o ne a dira gore David, monna wa Moindia yo o buang Se-Telugu, a kopane le Basupi. Ka bonako fela David le ene o ne a ithuta Baebele. Banna ba bangwe gape ba babedi ba Baindia, e bong Sonny le Shubash, ba ne ba nna mo ntlong e David a neng a nna mo go yone. Boobabedi ba ne ba kopanela le ene mo thutong ya Baebele.

Dibeke di sekae moragonyana, Basupi ba ne ba founelwa ke Dalip, e bong monna mongwe yo o buang Se-Marathi. O ne a re: “Ke nna tsala ya ga George. A lo ka nthuta Baebele?” Morago ga tla Sumit, monna mongwe yo o buang Se-Tamil, le ene a batla go ithuta Baebele. La bofelo, tsala e nngwe ya ga George e ne ya founa, le yone e batla go ithuta Baebele. Morago ga moo George o ne a tlisa lekawana le lengwe, e bong Max, kwa Holong ya Bogosi. Le ene o ne a kopa go ithuta. Gone jaanong, go tshwarwa dithuto di le thataro tsa Baebele, mme go rulaganngwa gore go tshwarwe tse dingwe tse nnè. Dithuto tseno di tshwarwa ka Seesemane, le fa gone go dirisiwa le dibuka tsa Se-Hindi, Se-Malayalam, Se-Marathi, Se-Punjabi, Se-Tamil, Se-Telugu le Se-Urdu.

Bosusu ba “Utlwa” Dikgang Tse di Molemo

Go na le batho ba ba susu ba ba fetang 90 000 kwa Italy. Mo magareng a bo-1970, Basupi ba ne ba simolola go ba ruta boammaaruri jwa Baebele. Kwa tshimologong, bosusu ba e leng Basupi ba ne ba ruta badiredi ba bangwe ba Basupi Puo ya Diatla ya Sentadiana, ba ba neng ba iketleeleditse go ba thusa mo tshimong. Morago ga moo, bosusu ba bangwe ba ba oketsegileng ba ne ba simolola go kgatlhegela Baebele. Gone jaanong, go na le batho ba ba fetang 1 400 ba ba dirisang Puo ya Diatla ya Sentadiana e bile ba nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Go na le diphuthego di le 15 le ditlhopha di le 52 tse di tshwarang dipokano ka Puo ya Diatla ya Sentadiana.

Kwa tshimologong, go rerela bosusu go ne go ikaegile thata ka gore a Mosupi mongwe le mongwe o ne a ikaeletse go ba thusa. Mme ka 1978, ofisi ya lekala la kwa Italy ya Basupi ba ga Jehofa e ne ya simolola go rulaganyetsa bosusu dikopano tsa kgaolo. Ka May wa ngwaga oo, go ne ga itsisiwe gore mo kopanong e e latelang ya ditšhabatšhaba kwa Milan, go ne go tla nna le thulaganyo ya bosusu. Kopano ya ntlha ya potologo ya bosusu e ne ya tshwarelwa kwa Holong ya Dikopano ya kwa Milan ka February 1979.

Fa e sa le ka nako eo ofisi ya lekala e ile ya isa tlhokomelo e kgolo mo bathong ba e leng bosusu ka go kgothaletsa bareri ba ba oketsegileng go tokafatsa bokgoni jwa bone mo puong eno. Fa e sa le ka 1995, babulatsela ba ba kgethegileng (bareri ba nako e e tletseng) ba ile ba romelwa kwa ditlhopheng dingwe go thapisa bosusu ba e leng Basupi mo bodireding le go rulaganya dipokano tsa Bokeresete. Diholo di le tharo tsa Dikopano di na le thulaganyo ya maemo a a kwa godimo ya go tshameka dibidio go tokafatsa thulaganyo ya go bogela dipokano. Mme go na le dikhasete tsa bidio tsa dikgatiso tsa Bokeresete tse di dirisediwang go abela bosusu dijo tsa semoya.

Batho ba ba etseng dilo tlhoko ba lemogile gore Basupi ba tlhokomela sentle dilo tse bosusu ba di tlhokang semoyeng. Makasine wa P@role & Segni, o o gatisiwang ke Mokgatlho wa Bosusu wa Italy, o ne wa bua jaana ka lekwalo lengwe le le rometsweng ke mobishopo mongwe wa Mokatoliki: “Go nna susu go thata ka tsela ya gore motho yo o susu o tlhoka go tlhokomelwa ka dinako tsotlhe. Ka sekai, motho yono o fitlha kwa kerekeng a le nosi kwantle ga bothata, mme o tlhoka motho yo o tla mo ranolelang gore a kgone go tlhaloganya sengwe le sengwe se se balwang, se se buiwang kana fa go opelwa fa thulaganyo e ntse e tsweletse.” Makasine ono o ne wa oketsa ka go re mobishopo yono o “dumela ka maswabi gore kereke ga e ise e nne mo maemong a go lebana le bothata jono, mme o tlhalosa gore batho ba le bantsi ba tlhokomelwa botoka kwa Diholong Tsa Bogosi tsa Basupi ba ga Jehofa go feta kafa ba tlhokomelwang ka gone mo dikerekeng.”

Dikgang Tse di Molemo di Rerelwa Magolegwa

A motho a ka gololesega a ntse a le mo kgolegelong? Ee, ka gonne Lefoko la Modimo le na le maatla a go ‘golola’ batho ba ba le amogelang ba bo ba le dirisa mo matshelong a bone. Molaetsa o Jesu a neng a o rerela “batshwarwa” e ne e le wa go gololwa mo boleong le mo bodumeding jwa maaka. (Johane 8:32; Luke 4:16-19) Kwa Italy go na le matswela a molemo ka ntlha ya go rera mo dikgolegelong. Basupi ba ga Jehofa ba ba ka nnang 400 ba letleletswe ke Puso go etela magolelwa go a thusa ka dilo tsa semoya. Basupi ba ga Jehofa e ne e le bone mokgatlho wa ntlha o e seng wa Katoliki o o neng wa kopa tetla e e ntseng jalo wa bo wa e newa.

Molaetsa wa Baebele o kgona go anamisiwa ka ditsela tse motho a ka se kang a di akanya. Magolegwa a tlotla le magolegwa a mangwe ka tiro ya go ruta Baebele ya Basupi ba ga Jehofa. Ka ntlha ya seo, mangwe a magolegwa ao a ile a kopa go etelwa ke modiredi wa Mosupi. Kana maloko mangwe a malapa a a ileng a simolola go ithuta Baebele a ile a kgothaletsa magolegwa go kopa gore Basupi ba ba etele. Magolegwa mangwe a a atlholetsweng go fetsa botshelo jotlhe jwa bone mo kgolegelong ka ntlha ya go bolaya kana ditiro tse dingwe tsa bokebekwa a ile a ikwatlhaya mme a dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone. Seno se ba baakanyetsa go ineela mo go Jehofa Modimo le go kolobediwa.

Mo dikgolegelong dingwe, go dirilwe dithulaganyo tsa gore go neelwe dipuo tsa Baebele, go ketekwe Segopotso sa loso lwa ga Jesu, le gore go bontshiwe dibidio tsa Baebele tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gantsi go nna le magolegwa a le mantsi mo dipokanong tseno.

Go thusa magolegwa ka tsela e e mosola, Basupi ba ile ba ba tsamaisetsa dimakasine di le dintsi tse di buang ka dilo tse di ka ba thusang thata. Makasine mongwe o o ntseng jalo ke wa Tsogang! ya May 8, 2001, o o neng o na le setlhogo se se reng, “A Totatota go Fetola Magolegwa go a Kgonega?” Makasine wa April 8, 2003, one o ne o na le setlhogo se se reng, “Tiriso E e Sa Siamang ya Diokobatsi mo Lelapeng—O ka Dirang ka Yone?” Magolegwa a ile a tsamaisetswa diketekete tsa dimakasine tseno. Ka ntlha ya seno, go tshwarwa makgolo a sekae a dithuto tsa Baebele. Batlhokomedi bangwe ba dikgolegelo le bone ba ile ba kgatlhegela molaetsa wa Baebele.

Fa mogolegwa mongwe yo o bidiwang Constantino a sena go newa tetla e e kgethegileng ke badiredibagolo, o ne a kolobediwa kwa Holong ya Bogosi kwa San Remo, mme go ne go na le Basupi ba le 138 ba lefelo leo gone. Constantino yo o neng a tseegile maikutlo thata o ne a re: “Ke ne ke ikutlwa ke ratiwa tota.” Lokwalodikgang longwe lwa lefelo leo lo ne lwa kwala mafoko ano a motlhokomedi mongwe wa kgolegelo: “Re ne re se na bothata bope . . . go mo naya tetla eo. Re tshwanetse go akanyetsa go dira sengwe le sengwe se se ka rotloetsang mogolegwa go dira diphetogo mo dikamanong tsa gagwe le batho ba bangwe, mo bothong jwa gagwe le mo semoyeng.” Mosadi wa ga Constantino le morwadie ba ne ba kgatlhilwe thata ke tsela e kitso ya boammaaruri ya Baebele e amileng botshelo jwa ga Constantino ka yone: “Re motlotlo ka ene ka ntlha ya diphetogo tse a di dirileng. E setse e le motho yo o kagiso, mme o re kgathalela go feta pele. Re a mo tshepa le go mo tlotla gape.” Le bone ba simolotse go ithuta Baebele le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete.

Sergio, yo o neng a tshwaretswe bogodu, go thukutha a tshwere tlhobolo, go tsamaisa diokobatsi ka bokhukhuntshwane, le go bolaya, o ne a atlholelwa go nna mo kgolegelong go fitlha ka 2024. Fa Sergio a sena go ithuta Dikwalo ka dingwaga di le tharo le go dira diphetogo tse dikgolo mo botshelong jwa gagwe, o ne a swetsa ka gore a kolobediwe. Ke ene mogolegwa wa bo15 mo kgolegelong ya Porto Azzurro, mo setlhaketlhakeng sa Elba, yo o neng a kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a kolobediwa mo letamong le lennye le le neng le beilwe mo mabaleng a metshameko a kgolegelo, go na le magolegwa mmogo le ene.

Leonardo, yo o atlholetsweng dingwaga di le 20 mo kgolegelong, o ne a newa tetla e e kgethegileng ya gore a kolobediwe mo Holong ya Bogosi ya kwa Parma. Fa Leonardo a botsolodiwa ke lokwalodikgang lwa mo lefelong leo, o ne a re o ne a batla gore “go itsiwe gore o sweditse go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, e seng gore a tle a gololwe mo kgolegelong, mme e le gore a bone sengwe se a se tlhokang thata mo semoyeng.” Leornardo o ne a re: “Botshelo jwa me e nnile jwa diphoso fela, mme ke bo tlogetse. Ke fetogile, le fa gone go ile ga ntsaya nako. Ke tla tshwanela gore ke tswelele ke le motho yo o siameng.”

Salvatore, yo o tshwaretsweng go bolaya, o mo kgolegelong ya kwa Spoleto e e nang le tshireletsego e e gagametseng thata. Batho ba le bantsi ba ile ba kgatlhiwa ke kolobetso ya gagwe, e e neng ya tshwarelwa mo kgolegelong. Motlhokomedi wa kgolegelo koo o ne a re: “Go botlhokwa gore batho ba kgothalediwe gore ba fetole mekgwa ya bone, gore magolegwa a mangwe le batho botlhe ba solegelwe molemo.” Ka ntlha ya go bona diphetogo tse di dirilweng ke Salvatore, gone jaanong mosadi wa gagwe le morwadie ba nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Mongwe wa magolelwa a a neng a rerelwa ke Salvatore o ne a kolobediwa go nna motlhanka yo o ineetseng wa ga Jehofa.

Go na le nako nngwe e Bokeresete jwa pele bo kileng jwa anama ka yone kwa Italy. (Ditiro 2:10; Baroma 1:7) Mo nakong eno ya thobo, koketsego ya semoya e ntse e tswelela mo go one mafelo a Paulo le Bakeresete mmogo le ene ba neng ba kgaratlhela go rera dikgang tse di molemo mo go one.—Ditiro 23:11; 28:14-16.

[Mmapa mo go tsebe 13]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

ITALY

Roma

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Holo ya Dikopano ya kwa Bintonto le phuthego ya kwa Roma ya Puo ya Diatla ya Sentadiana

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Magolegwa a ‘gololwa’ ke boammaaruri jwa Baebele

[Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Koketsego ya semoya e tswelela pele koo Bokeresete bo kileng jwa anama gone