Maikutlo a a Farologaneng ka Tiro
Maikutlo a a Farologaneng ka Tiro
“Tiro—Tiro! Go tlisa boitumelo jo bo seng kana ka sepe go itse gore re sa ntse re na le dilo tse di molemo tse re ka di dirang.”—Katherine Mansfield, mokwadi (1888-1923).
A MAFOKO a a fa godimo a tlhalosa tsela e le wena o tsayang tiro e itumedisa ka teng? Wena o leba tiro jang? A o ka tswa o tsaya go bereka e le selo se se sa itumediseng se o tshwanetseng wa se itshokela go fitlha mafelobeke a a monate a tla? Kana a o rata tiro ya gago thata mo o nnang o bereketse ruri?
Batho ba bantsi ba dirisa nako e ntsi thata ya bone ba bereka. Tiro e ka laola gore re nna kae le gore re tshela botshelo jwa mofuta ofe. Batho ba bantsi ba lemogile gore tiro e tsaya nako e ntsi ya matshelo a bone, go simolola ka nako ya fa motho a tsena mo dingwageng tsa bogolo go fitlha a tlogela tiro. Bangwe ba rona ba kgotsofadiwa thata ke go bereka. Ba bangwe ba lekanya botlhokwa jwa tiro go ya ka madi a ba a amogelang kgotsa ka gore ke ya maemo go le kana kang, fa ba bangwe ba e tsaya e le selo sa go tsamaisa nako fela kana le eleng selo se se senyang nako.
Go na le batho ba ba berekelang gore ba itshedise le ba ba tshelelang go bereka; ba bangwe ba swela kwa tirong kana ba swa ka ntlha ya tiro ya bone. Ka sekai, go ya ka pego ya bosheng ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng, tiro e baka kutlobotlhoko e ntsi le loso “go feta dintwa kana go sa dirise diokobatsi sentle le go nwa bojalwa mo go feteletseng, di kopantswe tsotlhe.” Fa lokwalodikgang lwa The Guardian lwa kwa Lontone lo ne lo akgela ka kgang eno lo ne lwa re: “Ngwaga le ngwaga go swa batho ba feta dimilione tse pedi ka ntlha ya dikotsi kgotsa malwetse a a amanang le tiro . . . Go bereka fa go nang le lorole, dikhemikale, modumo le marang a a kotsi go baka kankere, bolwetse jwa pelo le seterouku.” Dilo tse dingwe tse pedi tse di diragalang gompieno mo ditirong ke gore go berekisiwa bana mme batho ba patelediwa go bereka ka thata.
Gape, go na le sengwe se moithutatlhaloganyo Steven Berglas a se bitsang “letsapa le le feteletseng.” O tlhalosa motho yo o berekang ka natla yo o fitlheletseng maemo a a kwa godimo mo tirong ya gagwe mme a bo a ikutlwa “a na le letshogo le le sa feleng, a ngomogile pelo, a kgobegile marapo kana a gateletswe thata mo maikutlong ka ntlha ya go bo a bona e kete ga a na kgoro ya botso mo tirong ya gagwe, kana o bereka tiro e e ka se direng gore a ritibale mogopolo.”
Go Bapisa go Bereka ka Natla le go Berekela Ruri
Mo lefatsheng le mo go lone batho ba berekang ka natla ka lobaka lo loleele, go botlhokwa go kgona go farologanya batho ba ba berekang ka natla le ba ba bereketseng ruri. Batho ba bantsi ba ba bereketseng ruri ba tsaya tiro ya bone e le lefelo le ba ka bonang tshireletsego mo go lone mo lefatsheng leno le o ka se itseng gore le go tsholetse eng; batho ba ba dirang ka natla ba tsaya tiro e le boikarabelo jwa botlhokwa mme ka dinako tse dingwe e kgotsofatsa.
Batho ba ba bereketseng ruri ba dira gore tiro e tseele dilo tse dingwe tsotlhe tse di dirwang mo botshelong sebaka; batho ba ba dirang ka natla ba a lemoga fa e setse e le nako ya gore ba chaise, ba akanye ka dilo tse dingwe, mme ka sekai, ba dira gore ba bo ba se kwa tirong fa e le nako ya go keteka letsatsi la bone la lenyalo. Batho ba ba bereketseng ruri ba kgotsofadiwa ke go bereka mo go feteletseng mme seno se dira gore ba itumele thata; mme batho ba ba dirang ka natla bone ga ba lebe dilo jalo.Gompieno batho ba dira gore go nne thata go bona pharologanyo fa gare ga go berekela ruri le go bereka ka natla ka gonne ba dira gore go bereka mo go feteletseng go lebege go kgatlha. Difounu tsa selula le didirisiwa tse dingwe tsa eleketoroniki di ka nna tsa dira gore go nne thata go bona pharologanyo magareng ga fa motho a le kwa tirong le fa a le kwa gae. Fa go ka berekelwa mo lefelong lengwe le lengwe, e bile nako nngwe le nngwe e ka nna nako ya go bereka, batho ba bangwe ba tla ipolaya ka tiro.
Boikutlo jono jo bo sa itumediseng bo ama batho bangwe jang? Baithutaloago ba lemogile gore batho ba ba berekang ka tsela e e feteletseng le ba ba gateletsweng thata mo maikutlong ba na le mokgwa wa go tlisa dilo tsa bodumedi mo tirong ba bo ba kopanya matshelo a bone a sedumedi le a mo tirong. San Francisco Examiner e ne ya bega gore “batho ba le bantsi ba setse ba simolotse go tswakanya tiro le dilo tsa bodumedi.”
Pego nngwe ya bosheng e ne ya bolela jaana malebana le Silicon Valley, lefelo la konokono la kgatelopele ya botegeniki kwa United States: “Jaaka fa batsamaisi ba bala dikoloi tse di phakang kwa ditirong, ba fitlhela palo ya tsone e fokotsegile thata ka ntlha ya go fokodiwa ga batho kwa ditirong, mme jaanong bontsi jwa dikoloi tseno di phaka kwa mafelong a go ithutelwang Baebele kwa go one maitseboa.” Go sa kgathalesege gore bokao jwa seno ke eng, batho ba bantsi mo lefatsheng lotlhe ba lemogile gore Baebele e na le tlhotlheletso e e molemo mo tseleng e ba lebang tiro ka yone, mme seo se felela ka gore ba nne tekatekano mo botshelong.
Baebele e ka re thusa jang go leba tiro ka tsela e e tshwanetseng? A go na le melaometheo mengwe ya Dikwalo e e ka re thusang gore re lebane ka katlego le mathata a go kopanwang le one kwa ditirong gompieno? Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno.