Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Bogiseditswe Tumelo ya Gagwe”

“O Bogiseditswe Tumelo ya Gagwe”

“O Bogiseditswe Tumelo ya Gagwe”

KWA toropong ya Cernobbio kwa bokone jwa Italy go ne ga tlhomiwa lefelo la segopotso kwa parakeng nngwe go gopola batho ba ditshwanelo tsa bone tsa botho di ileng tsa gatakiwa. Sengwe sa difikantswe tse di neng tsa bulwa kwa lefelong leo la segopotso ke sa ga Narciso Riet. Riet, yo o tsholetsweng kwa Jeremane ke batsadi ba Bantadiana, o ne a nna Mosupi wa ga Jehofa ka bo1930. Ka nako ya puso ya ga Hitler, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa ka gonne ba ne ba gana go tlotlomatsa Hitler go feta Modimo wa boammaaruri, Jehofa.

Fa Ba-Gestapo ba ne ba lemoga gore Riet e ne e le mongwe wa batho ba ba tlisang dimakasine tsa Tora ya Tebelo kwa dikampeng tsa pogisetso, o ne a tshabela kwa Cernobbio. Fa a le koo o ne a kopiwa gore a ranole Tora ya Tebelo ka puo ya Sentadiana mme a e neye badumedi ka ene ba ba nnang gaufi. Ditiro tse a neng a di dira ka tlhoafalo di ne tsa lemogiwa. Lesole lengwe la SS le banna ba gagwe ba ne ba phuruphutsha legae la ga Riet, ba mo tshwara mme ba tsaya dilo tse ba neng ba re ke bosupi jwa dilo tse di sa letlelelwang kafa molaong—Dibaebele tse pedi le makwalo a le mmalwa! Riet o ne a kobelwa kwa Jeremane, a tsenngwa mo kgolegelong kwa kampeng ya pogisetso ya Dachau, mme a bolawa ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe II. Sefikantswe sa kwa Cernobbio se na le mafoko a a reng, “o bogiseditswe tumelo ya gagwe.”

Tumelo ya ga Narciso Riet le Basupi ba bangwe ba le makgolokgolo ba ba neng ba bogisiwa ke Banasi e kgothatsa Bakeresete gompieno gore ba nne ba ikanyega mo go Jehofa, yo e leng ene fela Motho yo o tshwanelwang ke kobamelo ya bone mo lobopong lotlhe. (Tshenolo 4:11) Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba bogiseditsweng tshiamo.” Modimo o tla gakologelwa ditiro tsa bone mme o tla ba segofatsa ka gonne ba nnile pelokgale.—Mathaio 5:10; Bahebera 6:10.