Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re ka Kgona go Itshokela Teko Nngwe le Nngwe!

Re ka Kgona go Itshokela Teko Nngwe le Nngwe!

Re ka Kgona go Itshokela Teko Nngwe le Nngwe!

A O LEBANE le teko nngwe gone jaanong mo botshelong jwa gago? A o kgobegile marapo, ga o kgone go e itshokela? A gongwe ka dinako tse dingwe o ikutlwa e kete bothata jwa gago bo feta jwa ba bangwe botlhe e bile bo ka se rarabologe? Fa go le jalo, o se ka wa nyema mooko! Baebele e re tlhomamisetsa gore Modimo a ka dira gore re kgone go itshokela diteko dipe fela tse re ka lebanang le tsone.

Baebele ya dumela gore batlhanka ba Modimo ba tla “kopana le diteko tse di farologaneng.” (Jakobe 1:2) Ela tlhoko lefoko le le reng “farologaneng” (ka Segerika poi·kiʹlos). Go ya kafa le neng le dirisiwa ka gone bogologolo, lefoko la ntlhantlha le bolela “tse dintsi” kgotsa “tse di sa tshwaneng” mme le gatelela gore ke “diteko tsa mefutafuta.” Tota e bile, ka puo e e tlwaelegileng fela, lefoko leno le raya “tse di sa tshwaneng.” Ka jalo, “diteko tse di farologaneng” ke diteko tse di sa tshwaneng. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re thusa gore re kgone go itshokela nngwe le nngwe ya tsone. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega ka seo?

“Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo jo bo Bontshiwang ka Ditsela Tse di Farologaneng”

Moaposetoloi Petere o bontsha gore Bakeresete ba ‘hutsafadiwa ke diteko tse di farologaneng.’ (1 Petere 1:6) Moragonyana mo lokwalong lwa gagwe lo lo tlhotlheleditsweng, o bolela gore “bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo” bo ‘bontshiwa ka ditsela tse di farologaneng.’ (1 Petere 4:10) Polelwana e e reng “ka ditsela tse di farologaneng” e na le bokao jo bo tshwanang le jwa lefoko la ntlhantlha la Segerika. Fa mokanoki mongwe wa Baebele a akgela ka polelwana eno, a re: “Eno ke ntlha e e kgothatsang tota. . . . Go tlhalosa gore tshegofatso [kgotsa, bopelonomi jo bo sa re tshwanelang] jwa Modimo ke poikilos go bolela gore ga go na bothata bope jo Modimo a ka se kang a kgona go thusa motho mo go jone.” O tswelela ka go re: “Ga go na boemo, mathata, kgotsa maemo ape a tshoganyetso a Modimo a ka se kang a a kgona kgotsa go a rarabolola ka katlego. Ga go na bothata bope mo botshelong jo Modimo a ka se kang a kgona go bo rarabolola. Tlhaloso ya lefoko leno poikilos e dira gore re bone gore Modimo ga a palelwe ke sepe.”

Bopelonomi Jo bo Sa re Tshwanelang Jwa Modimo bo re Thusa go Itshokela Diteko

Go ya ka Petere, tsela e nngwe e bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo bo bontshiwang ka yone ke ka batho ba ba farologaneng mo phuthegong ya Bokeresete. (1 Petere 4:11) Motlhanka mongwe le mongwe wa Modimo o na le dimpho tsa semoya kgotsa bokgoni, jo bo ka kgothatsang ba ba lebaneng le diteko. (Baroma 12:6-8) Ka sekai, maloko mangwe a phuthego ke barutisi ba ba ditswerere ba Baebele. Mafoko a bone a a botlhale a tlhotlheletsa ba bangwe le go ba kgothaletsa go itshoka. (Nehemia 8:1-4, 8, 12) Ba bangwe ba dira maeto a bodisa ka metlha kwa malapeng a ba ba tlhokang kgomotso. Maeto a a ntseng jalo a a ba kgothatsa, a ba ‘gomotsa dipelo.’ (Bakolosa 2:2) Fa balebedi ba dira maeto a a ntseng jalo a a nonotshang tumelo, ba aba mpho ya semoya. (Johane 21:16) Ba bangwe mo phuthegong ba itsege ka go nna botsalano, kutlwelobotlhoko, pelonomi fa ba dirisana le badumedi ka bone ba ba hutsafaditsweng ke diteko. (Ditiro 4:36; Baroma 12:10; Bakolosa 3:10) Kutlwelobotlhoko le thuso ya bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ntseng jalo ba ba lorato ke bosupi jo bo tlhomologileng jwa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.—Diane 12:25; 17:17.

“Modimo wa Kgomotso Yotlhe”

Mo godimo ga moo, Jehofa o a re gomotsa. Ke “Modimo wa kgomotso yotlhe, yo o re gomotsang mo pitlaganong yotlhe ya rona.” (2 Bakorintha 1:3, 4) Botlhale jo bo fitlhelwang mo Lefokong le le tlhotlheleditsweng la Modimo le nonofo e re e fiwang ke moya wa gagwe o o boitshepo, ke ditsela tsa konokono tse Jehofa a arabang dithapelo tsa rona tsa go kopa thuso ka tsone. (Isaia 30:18, 21; Luke 11:13; Johane 14:16) Re gomodiwa ke tsholofetso eno e e tlhotlheleditsweng ya ga moaposetoloi Paulo. O ne a re: “Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakorintha 10:13.

Ee, go sa kgathalesege gore teko e re lebaneng le yone ke ya mofuta ofe, bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo bo tla kgona go re thusa go lebana le yone. (Jakobe 1:17) Thuso e e tswang kwa go Jehofa e e tlang ka nako e e tshwanetseng, e a e nayang batlhanka ba gagwe—go sa kgathalesege gore diteko kgotsa mathata a bone a kana kang—ke sesupo se le sengwe fela sa “botlhale jo bo methalethale jwa Modimo.” (Baefeso 3:10) A ga o dumalane le seno?

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Jehofa o re thusa go itshokela diteko tsa rona