Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tiro—A e Lere Masego Kana Phutso?

Tiro—A e Lere Masego Kana Phutso?

Tiro—A e Lere Masego Kana Phutso?

“Ka ga motho ga go na sepe se se botoka fa e se gore a . . . bone molemo ka ntlha ya tiro ya gagwe ya bonatla.”—Moreri 2:24.

“FA O chaisa o fedile.” Mo patlisisong ya bosheng, mothapiwa a le 1 mo go ba le 3 o ne a tlhalosa gore gantsi o ikutlwa jalo. Seno ga se gakgamatse ka gonne gompieno batho ba gateletswe mo maikutlong; ba bereka nako e telele mme ba tsaya tiro e nngwe gape ba ya go e direla kwa gae—mme kafa letlhakoreng le lengwe beng ba bone ba ba akgolela tiro ya bone sewelo fela.

E re ka bathapi ba batla gore dilo di dirwe ka bontsi, seno se dirile gore badiri ba le bantsi ba ikutlwe ba se na mosola. Gantsi batho ba kgobiwa marapo fa ba leka go dira dilo ka ditsela tse disha. Seno se ama tsela e batho ba lebang tiro ka yone. Go motlhofo fela gore motho a se ka a kgothalela go kgatlhegela tiro ya gagwe. Motho a ka iphitlhela a kgobegile marapo a sa kgothalela go dira tiro ya gagwe ka matsetseleko. Dilo tse di ntseng jalo tse di diregang di ka dira gore motho a se ka a rata tiro, gongwe e bile a tlhoe tiro ya gagwe.

Go Sekaseka Tsela e re Lebang Dilo ka Yone

Ke boammaaruri gore ga se ka metlha re ka kgonang go fetola maemo a rona. Le fa go ntse jalo, a ga o dumele gore re ka fetola tsela e re lebang dilo ka yone? Fa o lemoga gore o tlhotlheleditswe ke maikutlo a go sa lebe tiro sentle ka selekanyo se se rileng, o ka thusiwa ke go sekaseka pono ya Modimo le melaometheo ya gagwe ka kgang eno. (Moreri 5:18) Batho ba le bantsi ba lemogile gore go sekaseka melaometheo eno go dirile gore ba itumele ka selekanyo se se rileng mme ba kgotsofalele tiro ya bone.

Modimo ke Modiri yo Mogolo go Feta Botlhe. Modimo ke modiri. Gongwe re ntse re sa mo lebe jalo, mme ke kafa a itlhalosang ka teng kwa tshimologong mo Baebeleng. Mafoko a ntlha a buka ya Genesise a bua ka nako ya fa Jehofa a ne a dira magodimo le lefatshe. (Genesise 1:1) Akanya ka ditiro tse dintsi tse Modimo a neng a di dira fa a ne a simolola go bopa—e le motlhami, morulaganyi, moenjenere, mokgabisi, motho yo o itseng go tlhopha didirisiwa, mosimolodi wa tiro, moitse wa khemiseteri, moitse thutotshelo, moitse wa diphologolo, motho yo o itseng dipuo, fa re umaka di sekae fela.—Diane 8:12, 22-31.

Tiro ya Modimo e ne e le ya boleng bofe? Baebele ya re e ne e le “molemo,” e le “molemo tota.” (Genesise 1:4, 31) Eleruri, popo e “bolela kgalalelo ya Modimo,” mme le rona re tshwanetse go mmaka!—Pesalema 19:1; 148:1.

Le fa go ntse jalo, tiro e Modimo a neng a e dira ga e a felela fela ka nako ya fa a ne a dira magodimo le lefatshe le batho ba ntlha ba babedi. Morwa Jehofa, Jesu Keresete, o ne a re: “Rre o ntse a dira go fitlha jaanong.” (Johane 5:17) Ee, Jehofa o ntse a tsweletse a naya dibopiwa tsa gagwe se di se tlhokang, e bile a boloka baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang. (Nehemia 9:6; Pesalema 36:6; 145:15, 16) E bile o dirisa batho ba gagwe, “badirimmogo le Modimo,” gore ba thuse ka go dira ditiro dingwe tse di rileng.—1 Bakorintha 3:9.

Tiro e ka lere masego. A Baebele ga e re tiro ke phutso? Genesise 3:17-19 e ka nna ya lebega e raya gore Modimo o ne a otlhaya Adame le Efa ka ntlha ya botsuolodi jwa bone ka go ba rwesa tiro e se kana ka sepe. Fa Modimo a ne a atlhola batho bao ba ntlha ba babedi, o ne a raya Adame a re: “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung.” A ka go bua jalo o ne a kgala tiro yotlhe fela?

Nnyaa. Go na le moo, ka ntlha ya go sa ikanyege ga ga Adame le Efa, Paradaise ya Edene e ne e ka se atolosiwe ka yone nako eo. Modimo o ne a hutsa mmu. Motho o ne a tshwanetse go fufula phatla gore a tle a kgone go bona se a ka itshedisang ka sone mo mmung.—Baroma 8:20, 21.

Baebele ga e tlhalose tiro e le phutso mme e bontsha gore e lere masego a re ka a itumelelang. Jaaka go tlhalositswe fa godimo, Modimo ka boene o dira ka natla. Ka gonne Jehofa a bopile batho mo setshwanong sa gagwe, o ba neile bokgoni le taolo ya gore ba laole popo ya gagwe e e mo lefatsheng. (Genesise 1:26, 28; 2:15) Ba neilwe tiro eo pele ga Modimo a bua mafoko a a kwadilweng mo go Genesise 3:19. Fa e ne e le gore tiro ke phutso e bile ke sengwe se se sa siamang, Jehofa o ne a ka se ka a kgothaletsa batho ba gagwe gore ba e dire. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba na le tiro e ntsi e ba neng ba tshwanetse go e dira pele ga Morwalela o fitlha. Mo motlheng wa Bokeresete, barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba kgothalediwa gore ba dire.—1 Bathesalonika 4:11.

Mme le fa go ntse jalo, rotlhe re a itse gore mo malatsing a gompieno tiro e ka nna bokete. Go gatelelwa mo maikutlong, dikotsi, go lapisega, go kgobega marapo, kgaisano, tsietso le go sa tshwarwe ka tsela e e siameng ke mengwe ya “mitlwa le sitlwasitlwane” e jaanong e fitlhelwang mo tirong. Mme tiro ka boyone ga se phutso. Mo go Moreri 3:13, Baebele e bitsa tiro le maduo a yone e re ke mpho e e tswang kwa Modimong.—Bona lebokose le le reng, “Go Itshokela go Gatelelwa mo Maikutlong Kwa Tirong.”

O ka galaletsa Modimo ka tiro e o e dirang. Kwa tirong ka metlha fa motho a dira tiro ya boleng jo bo kwa godimo e bile a e dira ka manontlhotlho, o a bakwa. Baebele e bontsha gore go dira tiro e e duleng diatla go botlhokwa. Modimo ka boene o dira tiro ya gagwe ka matsetseleko. O re neile ditalente le bokgoni mme o batla gore re dirise bokgoni jwa rona ka tsela e e molemo. Ka sekai, fa go ne go agiwa motlaagana kwa Iseraele wa bogologolo, Jehofa o ne a tsenya botlhale, tlhaloganyo le kitso mo bathong ba ba tshwanang le Besalele le Oholiabe, mme seo sa ba thusa gore ba kgone go dira ditiro dingwe tse di dirwang ka botswerere le tse di mosola. (Ekesodo 31:1-11) Seno se bontsha gore Modimo o ne a kgatlhegela thata tiro ya bone, botswerere, go tlhama le dilo tse dingwe tse ba neng ba di dira.

Seno se ama thata tsela e re lebang ka teng bokgoni jo re nang le jone le mekgwa ya rona ya go bereka. Se re thusa go leba dilo tseno e le dimpho tse di tswang kwa Modimong, tse re sa tshwanelang go di tsaya motlhofo. Ka jalo, Bakeresete ba kgothadiwa gore ba dire tiro ya bone jaaka e kete Modimo o lebile se ba se dirang: “Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa mme e seng batho.” (Bakolosa 3:23) Batlhanka ba Modimo ba laelwa gore ba dire ka natla, mme seo se tla dira gore batho ba ba berekang le bone le ba bangwe ba kgatlhegele molaetsa wa Bokeresete thata.—Bona lebokose le le reng, “Go Dirisa Melaometheo ya Baebele Kwa Tirong.”

Fa re sekaseka ntlha ya gore re ka galaletsa Modimo ka tiro e re e dirang, go molemo go ipotsa gore re dira tiro ya boleng jo bo ntseng jang le gore re e dira ka bonatla go le kana kang. A Modimo a ka itumelela tsela e re dirang ka yone? A tsela e re dirang ka yone tiro e re e neilweng e re kgotsofatsa ka botlalo? Fa go sa nna jalo, re ka tokafatsa.—Diane 10:4; 22:29.

Dira gore go nne le tekatekano magareng ga tiro le dilo tsa bomodimo. Le fa go dira ka natla go le molemo, go na le tsela e nngwe gape ya go bona kgotsofalo mo tirong le mo botshelong. Ke ka go amega ka dilo tsa bomodimo. Kgosi Solomone yo o neng a dira ka natla mme a itumelela dikhumo tsotlhe tsa gagwe le manobonobo a botshelo o ne a re: “Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho.”—Moreri 12:13.

Go bonala sentle gore re tshwanetse go akanya ka se e leng thato ya Modimo mo go sengwe le sengwe se re se dirang. A re dira tumalanong le thato ya gagwe kgotsa a re ka tswa re dira kgatlhanong le yone? A re leka ka natla go itumedisa Modimo kana re leka go iitumedisa rona? Fa re sa dire thato ya Modimo, kgabagare re tla utlwisiwa botlhoko ke boitlhobogo, go jewa bodutu le go ikutlwa re se na mosola.

Steven Berglas o ne a akantsha gore baokamedi ba ba nang le letsapa le le tseneletseng ‘ba batle sengwe se se mosola se ba ka se dirang mme ba dire gore e nne karolo ya botshelo jwa bone.’ Ga go na sepe se se botlhokwa go feta go direla Ene yo o re neileng botswerere le bokgoni jwa go dira tiro e e nang le mosola. Go dira tiro e e itumedisang Mmopi go ka se dire gore re tlhoke kgotsofalo. Jesu o ne a leba tiro e a e neilweng ke Jehofa e nonotsha, e kgotsofatsa e bile e lapolosa jaaka dijo. (Johane 4:34; 5:36) Gape o gakologelwe gore Modimo yo e leng Modiri yo Mogolo go feta botlhe, o re kopa gore re nne “badirimmogo” le ene.—1 Bakorintha 3:9.

Go obamela Modimo le go gola semoyeng go re baakanyetsa go dira tiro e e itumedisang le go rwala maikarabelo. E re ka gantsi kwa tirong go tletse mathata le dikgotlhang, e bile go lebelelwa dilo tse dintsi mo go rona, tumelo ya rona e e nonofileng le go rata dilo tsa bomodimo di ka re naya nonofo e re e tlhokang fa re ntse re leka go nna bathapiwa kana bathapi ba ba botoka. Gape, go bona kafa botshelo bo tsamayang ka teng mo lefatsheng leno le le boikepo go tla dira gore re nne re ntshitse matlho dinameng mme re bone mo re tlhokang go ntlafatsa tumelo ya rona teng.—1 Bakorintha 16:13, 14.

Nako ya fa Tiro e Tla bo e Lere Masego

Batho ba gone jaanong ba direlang Modimo ka natla ba ka leba pele kwa nakong e mo go yone a tla tsosolosang Paradaise le e ka yone lefatshe lotlhe le tla bong le tletse ka tiro e e nang le mosola. Isaia, moporofeti wa ga Jehofa, o ne a bolelela pele jaana ka botshelo jwa nako eo: “Ruri ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. . . . Batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”—Isaia 65:21-23.

A bo tiro e tla lere masego jang ne ka nako eo! Fa o ithuta gore thato ya Modimo ke eng ka wena e bile o dira tumalanong le yone, e kete o ka nna gareng ga batho ba Jehofa a ba segofaditseng mme ka metlha ‘o bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gago ya bonatla.’—Moreri 3:13.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Modimo ke Modiri yo Mogolo go Feta Botlhe: Genesise 1:1, 4, 31; Johane 5:17

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Tiro e ka lere masego: Genesise 1:28; 2:15; 1 Bathesalonika 4:11

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

O ka galaletsa Modimo ka tiro e o e dirang: Ekesodo 31:1-11; Bakolosa 3:23

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

Dira gore go nne le tekatekano magareng ga tiro le dilo tsa bomodimo: Moreri 12:13; 1 Bakorintha 3:9

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

GO ITSHOKELA GO GATELELWA MO MAIKUTLONG KWA TIRONG

Ba tsa kalafi ba re go gatelelwa mo maikutlong mo go nnang teng kwa tirong go kotsi. Go ka baka ditlhagala le go tshwenyega thata mo maikutlong mme go ka felela le ka gore motho a ipolaye. Bajapane ba na le lefoko le ba bitsang boemo jono ka lone—karoshi, “go bolawa ke go bereka mo go feteletseng.”

Go na le dilo tse di farologaneng tse di amanang le tiro tse di ka bakang go gatelelwa mo maikutlong. Dilo tseno e ka nna fa go nna le phetogo mo diureng tse motho a di berekang kana mo maemong a tiro, fa a nna le mathata le baokamedi ba gagwe, fa go nna le phetogo mo mofuteng wa tiro e motho a e dirang, go tlogela tiro le go kobiwa mo tirong. E re ka dilo tseno di dira gore motho a gatelelwe mo maikutlong, bangwe ba leka go batla ditiro tse disha kana go kopa lefelo le lengwe le ba ka berekelang mo go lone. Ba bangwe ba leka go itlhokomolosa boemo joo jwa go gatelelwa mo maikutlong mme go bo go fetela mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo jwa bone, gantsi mo lapeng. Batho ba bangwe ba ile ba nna le mathata a a amang maikutlo a a bakang go tshwenyega thata mo maikutlong le boitlhobogo.

Bakeresete ba na le dilo tse di ba thusang go lebana le go gatelelwa mo maikutlong mo go bakwang ke tiro. Baebele e na le melaometheo e mentsi e e ka re thusang fa re lebane le maemo a a thata mme seno se ka re nonotsha semoyeng le mo maikutlong. Ka sekai Jesu o ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.” Fano re kgothalediwa gore re tlhome mogopolo mo mathateng a gompieno, e seng a kamoso. Ka go dira jalo re tla tila go dira gore mathata a rona a lebege a le maswe go feta kafa tota go ntseng ka teng, mo go ka dirang gore re gatelelwe le go feta mo maikutlong.—Mathaio 6:25-34.

Go botlhokwa gore Bakeresete ba ikaege ka nonofo ya Modimo e seng ya bone. Fa re ikutlwa re gateletswe thata, Modimo a ka dira gore re nne le kagiso mme re itumele a bo a re naya botlhale jo bo ka re thusang go lebana le mathata le fa e le afe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tswelelang lo bona maatla mo Moreneng le mo thateng ya nonofo ya gagwe.”—Baefeso 6:10; Bafilipi 4:7.

La bofelo, maemo a a thata a kgona go felela ka matswela a a molemo. Diteko di ka dira gore re kope thuso kwa go Jehofa, re mmatle mme re mo ikanye. Gape di ka re thusa gore re tswelele re tlhagolela botho jwa Bokeresete le bokgoni jwa go itshoka fa re le mo mathateng. Paulo o re gakolola jaana: “A re itumeleng fa re le mo dipitlaganong, e re ka re itse gore pitlagano e tsala boitshoko; boitshoko jone, boemo jo bo amogelesegang; boemo jo bo amogelesegang jone, tsholofelo.”—Baroma 5:3, 4.

Ka jalo, le go gatelelwa mo maikutlong tota go ka dira gore re gole ka bonako semoyeng go na le gore re itlhoboge mme re hutsafale.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

GO DIRISA MELAOMETHEO YA BAEBELE KWA TIRONG

Tsela e Mokeresete a lebang tiro ka yone le tsela e a itshwarang ka yone fa a le kwa tirong e ka dira gore batho ba a berekang le bone go akaretsa le batho ba bangwe ba kgatlhegele molaetsa wa Baebele. Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Tito, o ne a gakolola batho ba ba mo boemong jo bo tshwanang le jwa bathapiwa gore “ba nne mo taolong ya [baokamedi] ba bone mo dilong tsotlhe, ba bo ba ba itumedise sentle, ba sa iphetolele, ba sa utswe, mme ba bontsha boikanyego jo bo molemo ka botlalo, gore ba kgabise thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, mo dilong tsotlhe.”—Tito 2:9, 10.

Ka sekai, akanya ka rakgwebo mongwe yo o neng a kwalela kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa: “Ke kwala jaana ke kopa tetla ya go hira Basupi ba ga Jehofa. Ke batla go ba hira ka gonne ke tlhomamisegile gore ba a ikanyega e bile ba peloephepa mme ba ka se tsietse mothapi wa bone. Batho ba le bosi fela ba ke ba ikanyang tota ke Basupi ba ga Jehofa. Ke kopa thuso ya lona tsweetswee.”

Kyle ke Mokeresete yo o dirang tiro ya go amogela baeng mo sekolong sengwe se e seng sa puso. Ka ntlha ya go tlhoka kutlwisisano mo go rileng, mmereki mmogo le ene o ne a mo tlhapatsa fa pele ga baithuti bangwe. Kyle a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke gore ke ikele tlhoko gore ke se ka tlisa kgobo mo leineng la ga Jehofa.” Mo malatsing a matlhano a a neng a latela, Kyle o ne a akanya thata kafa a ka dirisang ka teng melaometheo ya Baebele. Molaomotheo o mongwe o mo go Baroma 12:18: “Fa go kgonega, kafa go ka kgonegang ka gone mo go lona, agisanang le batho botlhe.” O ne a romelela motho yoo yo a neng a bereka le ene lekwalo ka khomputara mme a ikopa maitshwarelo ka ntlha ya go tlhoka kutlwano mo go neng go le teng magareng ga bone. Kyle o ne a kopa mmereki mmogo le ene gore a se ka a tsamaya morago ga tiro gore ba tle ba bue mme ba rarabolole bothata joo. Fa ba ne ba bua, mmereki mmogo le Kyle o ne a nolofala mme a dumela gore Kyle o dirile dilo ka tsela e e botlhale. O ne a raya Kyle a re: “Bodumedi jwa gago e tshwanetse ya bo e le jone bo dirileng gore o dire dilo jaana,” mme go tswa foo a mo tlamparela ka lorato mme ba kgaogana. Kyle a reng ka seno sotlhe? “Ka metlha go dirisa melaometheo ya Baebele go a thusa.”

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Babereki ba bantsi ba ikutlwa ba se na mosola

[Motswedi wa Setshwantsho]

Japan Information Center, Consulate General of Japan in NY

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Kgolokwe ya lefatshe: setshwantsho sa NASA