Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba na Le Moya wa go Ithaopa

Ba na Le Moya wa go Ithaopa

Ba na Le Moya wa go Ithaopa

“BATHO ba gago ba tla ithaopa ka go rata.” (Pesalema 110:3) Mafoko ao a na le bokao jo bo kgethegileng mo baithuting ba le 46 ba tlelase ya bo118 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade. Ba ne ba ipaakanyetsa jang go tla sekolong seno, se se thapisetsang batho go nna barongwa gore ba ye go tlhokomela batho semoyeng kwa dinageng di sele? Mike le Stacie, baithuti ba tlelase ya bo118, ba ne ba tlhalosa jaana: “Tshwetso ya rona ya go tshela ka se re nang le sone e re thusitse go fokotsa dilo tse di re itayang tsebe le go dira gore dilo tsa semoya e nne tsone tse di tlang pele mo botshelong jwa rona. Re ne re ikemiseditse gore re se ka ra letlelela go atlega ga rona mo go tsa kgwebo gore go hupetse mekgele ya rona ya semoya.” Fela jaaka Mike le Stacie, baithuti ba bangwe ba tlelase eno ba ne ba ithaopa ka go rata mme gone jaanong ke baboledi ba Bogosi mo dikontinenteng tse nnè.

Ka Matlhatso, March 12, 2005, bareetsi ba le 6 843 ba ne ba reeditse thulaganyo ya kaloso ka boitumelo. Theodore Jaracz, leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa e ne e le modulasetulo. Fa a sena go amogela baeng ba ba neng ba le gone ka diatla tsoopedi ba ba tswang kwa dinageng tse 28, o ne a tlotla ka melemo ya thuto ya Baebele. Sebui se ne sa bua jaana fa se ne se nopola mafoko a ga William Lyon Phelps, e leng motlhatlheledi mongwe wa kwa Amerika: “Motho mongwe le mongwe yo o itseng Baebele sentle ruri a ka nna a bidiwa gore ke morutegi.” Fela jaaka thuto e e bapalwang kwa lefatsheng e le mosola, thuto ya Baebele yone e mosola go gaisa. E thusa batho go nna le kitso ka Modimo, e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. (Johane 17:3) Mokaulengwe Jaracz o ne a akgolela baalogi go bo ba ithaopetse go nna le seabe se se oketsegileng mo thulaganyong ya go ruta Baebele mo lefatsheng lotlhe, e e dirwang mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di fetang 98 000 lefatshe ka bophara.

Baalogi ba Newa Kgothatso E e Mo Nakong

Morago ga dikakgelo tse di bulang tsa modulasetulo, William Samuelson o ne a bua ka setlhogo se se reng, “Kafa o ka Nnang Jaaka Setlhare se se Golang Thata sa Motlhware mo Ntlong ya Modimo ka Gone,” se se neng se theilwe mo go Pesalema 52:8. O ne a tlhalosa gore setlhare sa motlhware se dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso mo Baebeleng go tshwantshetsa go ungwa, bontle le go nna le seriti. (Jeremia 11:16) Fa sebui se ne se bapisa baithuti le ditlhare tsa motlhware, se ne sa re: “Jehofa o tla lo leba lo le batho ba bantle ba ba nang le seriti fa lo dira ka boikanyegi mo tirong ya lona ya go rera ka Bogosi mo dikabelong tsa lona tsa borongwa.” Fela jaaka setlhare sa motlhware se tlhoka go nna le medi e e tsenelelang kwa teng gore se se ka sa swa ka nako ya komelelo, baithuti ba tlhoka go nonotsha medi ya bone ya semoya gore ba kgone go itshoka fa ba kopana le batho ba ba sa kgatlhegeng, ba ba ganetsang kgotsa fa ba kopana le diteko dipe mo tirong ya bone ya borongwa kwa dinageng di sele.—Mathaio 13:21; Bakolosa 2:6, 7.

John E. Barr, mongwe wa maloko a mararo a Setlhopha se se Laolang a a neng a na le seabe mo thulaganyong, o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “Lona lo Letswai la Lefatshe.” (Mathaio 5:13) O ne a tlhalosa gore fela jaaka letswai la mmatota le sireletsa dijo gore di se ka tsa bola, go rera ka Bogosi jwa Modimo ga barongwa bano go tla boloka ba ba reetsang, go ba sireletsa gore ba se ka ba senyega mo boitsholong le mo semoyeng. Mokaulengwe Barr o ne a kgothatsa baalogi bano fela jaaka rre a kgothatsa bana ba gagwe gore ba “boloke kagiso” le ba bangwe. (Mareko 9:50) Sebui se ne sa ba kgothatsa sa re: “Lwelang go nna le maungo a moya mme lo tlhomamise gore ka dinako tsotlhe tsela e lo itshwarang ka yone le e lo buang ka yone e ntle e bile e bontsha gore lo akanyetsa ba bangwe.”

Wallace Liverance, mongwe wa batlhatlheledi ba kwa Gileade o ne a tlotla ka setlhogo se se reng, “Ithute Dilo Tse di Boteng Tsa Lefoko la Modimo.” Go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo”—e leng dithuto tse di amanang le maikaelelo a gagwe le kafa a tlileng go diragadiwa ka gone—go ka re thusa go gatela pele semoyeng. (1 Bakorintha 2:10) Go kgotsofalela fela “dilo tsa tshimologo tsa ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo” go tla kgoreletsa botswelelopele jwa rona e bile go ka nna ga dira gore re ‘senyegelwe ke tumelo jaaka go thubega ga sekepe.’ (Bahebera 5:12, 13; 1 Timotheo 1:19) Mokaulengwe Liverance o ne a konela jaana: “A ‘boteng jwa dikhumo tsa Modimo le botlhale le kitso’ di lo nonotshe mo dikabelong tsa lona tsa borongwa.”—Baroma 11:33.

Mark Noumair, motlhatlheledi yo mongwe wa kwa Gileade, o ne a tlotla ka setlhogo se se reng “A lo Tla Tshelela Boswa Jwa Lona?” Dingwaga di feta 60, Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade se itiretse leina le lentle tota ka ntlha ya ‘mokoa wa bosupi jo bo molemo’ jo bo neelwang ke baalogi ba sekolo seno. Boswa jono jwa Gileade bo ile jwa fetisediwa kwa baithuting ba tlelase ya bo118. Mokaulengwe Noumair o ne a kgothatsa baithuti gore ba etse Batekoa ba bogologolo ba motlha wa ga Nehemia mme ba dirisane ka boikokobetso le phuthego e ba tla bong ba kopanela le yone gape ba dirisane mmogo le barongwa ka bone. Ba ne ba kgothalediwa gore ba se ka ba nna le boikutlo jwa batho “ba ba tlotlometseng” ba ba ikgogomosang ba Nehemia a buileng ka bone mme ba dire tiro ya bone ka tidimalo kwantle ga go batla go bonwa ke ba bangwe.—Nehemia 3:5.

Maitemogelo le Dipotsolotso Tse di Rutang

Puo e e latelang mo thulaganyong e ne e na le setlhogo se se reng “Lefoko la Modimo la Tswelela le Gola.” (Ditiro 6:7) Mo puong e e neng ya neelwa ke motlhatlheledi yo mongwe wa kwa Gileade e bong Lawrence Bowen, baithuti ba ne ba dira dipontsho ka maitemogelo a ba nnileng le one mo bodireding jwa tshimo fa ba le mo sekolong. Maitemogelo ano a ne a bontsha gore baithuti ba ne ba bolela Lefoko la Modimo ka tlhoafalo le gore Jehofa o segofaditse maiteko a bone fela thata.

Richard Ashe o ne a botsolotsa bangwe ba maloko a lelapa la Bethele ba tiro ya bone e amanang ka tsela nngwe le sekolo seno. Dikakgelo tsa bone di ne tsa thusa bareetsi go tlhaloganya gore lelapa la Bethele le thusa baithuti ba Gileade gore ba solegelwe molemo mo sekolong. Morago ga moo, Geoffrey Jackson o ne a buisana le baalogi bangwe ba nako e e fetileng ba Gileade. Ba ne ba bua ka ditshono tse di farologaneng tse botshelo jwa go nna morongwa bo dirang gore motho a nne le tsone gore a kgone go galaletsa Jehofa le go mo tlotla. Mongwe wa bone o ne a akgela jaana: “Fa o le morongwa, batho ba ela tlhoko sengwe le sengwe se o se dirang. Ba reetsa sengwe le sengwe se o se buang, ba leba se o se dirang e bile ba gakologelwa dilo tseno tsotlhe.” Ka jalo, baithuti ba ne ba kgothalediwa gore ba ele tlhoko gore ba tlhoma sekao se se molemo ka dinako tsotlhe. Ga go pelaelo gore kgakololo eno e e molemo e tla ba solegela molemo mo malatsing a a tlang.

Stephen Lett, leloko la Setlhopha se se Laolang, o ne a neela puo ya bofelo e e nang le setlhogo se se reng “Tswelelang Pele Jaaka Batshodi ba ‘Metsi a a Tshelang.’” (Johane 7:38) O ne a tlhalosa gore mo dikgweding tse tlhano tse di fetileng, baithuti ba ne ba solegelwa molemo thata ke go nwa Lefoko la Modimo la boammaaruri. Mme ke eng se barongwa ba basha bano ba tla se dirang ka tshedimosetso e ba e amogetseng? Mokaulengwe Lett o ne a kgothatsa baalogi bano gore ba abele ba bangwe metsi ano a semoya kwantle ga bopelotshetlha gore ba nne “motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 4:14) Sebui se ne sa oketsa jaana: “Lo se ka lwa lebala go naya Jehofa, ‘motswedi wa metsi a a tshelang’ tlotlo le kgalalelo tse di mo tshwanelang. Nnang pelotelele fa lo ruta ba ba tswang mo go Babelona o Mogolo o o mo leubeng la semoya.” (Jeremia 2:13) Mokaulengwe Lett o ne a konela ka go kgothatsa baalogi go etsa ka tlhagafalo moya le monyadiwa mme ba nne ba re: “‘Tla!’ Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.”—Tshenolo 22:17.

Mokaulengwe Jaracz o ne a konela thulaganyo ka go bala ditumediso tse di tswang kwa dinageng tse di farologaneng. Morago ga moo, mongwe wa baithuti ba tlelase ya baalogi o ne a bala lekwalo la ditebogo tsa bone.

A o ka ithaopa go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo gone? Fa go le jalo, gagamalela mekgele ya semoya, fela jaaka baithuti bano ba baalogi ba dirile. Nna le boitumelo le kgotsofalo tse motho a nnang le tsone fa a ithaopa ka go rata mo tirong ya Modimo—e ka ne a ithaopela go nna morongwa mo nageng e sele kgotsa go nna moreri wa dikgang tse di molemo mo lefelong la gaeno.

[Lebokoso mo go tsebe 13]

DIPALOPALO TSA SETLHOPHA

Palo ya dinaga tse ba tswang kwa go tsone: 8

Palo ya dinaga tse ba abetsweng go ya kwa go tsone: 19

Palo ya baithuti: 46

Palogare ya dingwaga tsa bone tsa bogodi: 33,0

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo boammaaruring: 16,5

Palogare ya dingwaga tsa bone ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng: 12,9

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go Aloga ga Tlelase ya Bo118 ya Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago mme maina one a tlhomagantswe go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Brockmeyer, A.; Moloney, S.; Symonds, N.; Lopez, Y.; Howard, C. (2) Jastrzebski, T.; Brown, D.; Hernandez, H.; Malagón, I.; Jones, A.; Connell, L. (3) Howard, J.; Lareau, E.; Shams, B.; Hayes, S.; Brown, O. (4) Burrell, J.; Hammer, M.; Mayer, A.; Kim, K.; Stanley, R.; Rainey, R. (5) Jastrzebski, P.; Zilavetz, K.; Ferris, S.; Torres, B.; Torres, F. (6) Connell, J.; Hernandez, R.; Moloney, M.; Malagón, J.; Shams, R.; Hayes, J. (7) Ferris, A.; Hammer, J.; Stanley, G.; Kim, C.; Symonds, S.; Lopez, D.; Burrell, D. (8) Brockmeyer, D.; Mayer, J.; Rainey, S.; Zilavetz, S.; Jones, R.; Lareau, J.