Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Bothata bo Fedile”

“Bothata bo Fedile”

“Bothata bo Fedile”

KA NGWAGA wa 2002, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tshwara kopano ya kgaolo kwa toropong ya Mbandaka, e e kwa bokonebophirima jwa Democratic Republic of Congo. Fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika e ne e gololwa ka Se-Lingala kwa kopanong eno, bareetsi ba ne ba tlola ka boitumelo, mme bangwe ba bone ba ne ba tsholola dikeledi. Moragonyana, batho ba ne ba tabogela kwa seraleng go ya go sekaseka Baebele eno e ntšha, ba ntse ba goa ba re: “Basuki, Basambwe,” mo go rayang go re: “Bothata bo Fedile! Ba swabile!”

Ke ka ntlha yang fa bareetsi ba ne ba itumetse jaana, mme ba ne ba kaya eng ka mafoko ao? Mo dikarolong dingwe tsa Mbandaka, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba sa kgone go nna le Dibaebele tsa Se-Lingala. Ka ntlha yang? Ke ka gonne dikereke di ne di gana go di rekisetsa Basupi ba ga Jehofa. Basupi ba ne ba tshwanetse go kopa mongwe yo e seng Mosupi gore a ba rekele tsone. Jaanong ba ne ba itumetse thata ka gonne dikereke di ne di ka se tlhole di kgona go ba thibela go nna le Dibaebele.

Baebele eno e ntšha ga e na go solegela Basupi ba ga Jehofa fela molemo mme gape e tla solegela le batho botlhe molemo. Monna mongwe yo o neng a kgona go utlwa thulaganyo ya kopano ka dibuelagodimo tse di neng di dirisiwa kwa lefelong la kopano a le kwa ga gagwe, o ne a kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa jaana: “Ke itumeletse thata go gololwa ga Baebele eno. E tla re thusa go tlhaloganya dilo di le dintsi thata. Ga ke Mosupi wa ga Jehofa, mme gone ke gakaletse thata go amogela Baebele eno e lo sa tswang go e gatisa.”

Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e setse e le gone e feletse ka dipuo di le 33, mme ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika yone e teng ka dipuo tse dingwe di le 19, go akaretsa le Se-Lingala. Fa e le gore o ka rata go nna le thanolo eno e e molemolemo, tsweetswee botsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore o dire eng gore o nne le yone.