Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batlana le Kagiso ya Mogopolo

Go Batlana le Kagiso ya Mogopolo

Go Batlana le Kagiso ya Mogopolo

ALBERT o ne a na le lelapa le le itumetseng le bana ba babedi ba bantle. Mme o ne a utlwa go na le sengwe se se tlhaelang mo botshelong jwa gagwe. Ka nako ya fa a ne a batlana le tiro a sa e bone, o ne a tsenela dipolotiki a bo a simolola le go tshela ka tsela ya bokomonisi. O ne a bo a nna leloko le le tlhagafetseng la lekoko la Bokomonisi la mo lefelong la ga bone.

Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, Albert o ne a simolola go lemoga gore Bokomonisi ga bo mo thuse ka sepe. O ne a tlogela dipolotiki mme a simolola go tlhoma mogopolo mo go batleleng lelapa la gagwe boitumelo. Le fa go ntse jalo, Albert o ne a sa ntse a utlwa gore go na le sengwe se se tlhaelang mo botshelong jwa gagwe; o ne a sa ntse a sa kgone go nna le kagiso ya mogopolo.

Albert ga se ene fela a ileng a lebana le bothata jono. Batho ba le bantsi ba lekile go batla se ba se tshelelang ka go batlisisa mo dikgopolong tse di farologaneng, mo difilosofing le mo dikerekeng. Kwa dinageng tsa Bophirima, go ne go na le mokgatlho wa mahipi ka dingwaga tsa bo1960 o o neng o le kgatlhanong le mekgwa ya nako eo ya boitshwaro le maitseo a a neng a bontshiwa ke batho mo setšhabeng. Bogolo jang basha ba ne ba senka boitumelo le go batla go itse se ba se tshelelang ka go dirisa diokobatsi tse di senyang tlhaloganyo le difilosofi tsa ba go tweng ke bagakolodi le baruti ba mahipi. Le fa go ntse jalo, mokgatlho wa mahipi o ne wa palelwa ke go dira gore ba nne le boitumelo jwa mmatota. Go na le moo, o ile wa dira gore go nne le batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi le basha ba ba tsamayang ba tlhakanela dikobo le mongwe le mongwe fela yo ba kopanang le ene, e leng dilo tse di dirang gore batho ba sale ba sa itse gore tota boitshwaro jo bo siameng ke bofe.

Go ralala makgolokgolo a dingwaga, batho ba le bantsi ba ile ba senka boitumelo ka go nna le dikhumo, go nna le taolo mo go ba bangwe kgotsa go rutega. Dilo tseno kgabagare ga di a ka tsa ba naya se ba neng ba se batla. Jesu o ne a re: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Go na le moo, gantsi go gagamalela dikhumo go dira gore motho a se ka a itumela. Baebele ya re: “Le fa go ntse jalo, ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe . . . ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.”—1 Timotheo 6:9, 10.

Ka gone, motho a ka dira eng gore a nne le kagiso ya mogopolo a bo a itse le se a se tshelelang? A ke kgang ya gore motho a lekeletse dilo di le dintsi go fitlhelela a bona se a se batlang, jaaka e kete o thuntsha selo se a sa se boneng mo lefifing? Ka lesego ga go a nna jalo. Jaaka fa re tla bona mo setlhogong se se latelang, tharabololo e ka bonwa ka go kgotsofatsa keletso e e botlhokwa thata e batho e leng bone fela ba nang le yone.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

A go gagamalela dikhumo, go nna le taolo mo go ba bangwe le go rutega go tla go thusa gore o nne le kagiso ya mogopolo?