Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Go Itumela ba ba Tshwenyegileng ka Se ba Se Tlhokang Semoyeng”

“Go Itumela ba ba Tshwenyegileng ka Se ba Se Tlhokang Semoyeng”

“Go Itumela ba ba Tshwenyegileng ka Se ba Se Tlhokang Semoyeng”

FA DINONYANE di tsoga mo mosong, gantsi di tswirinya go se kae di bo di fofa di ya go batla dijo. Maitseboa di boela kwa dintlhageng tsa tsone, di tswirinya go se kae gape, di bo di robala. Mo setlheng sengwe di beela mae di bo di godisa mamphorwana a tsone. Diphologolo tse dingwe le tsone di latela mokgwa ono o o tlwaelegileng.

Ga go a nna jalo ka rona batho. Ke boammaaruri gore le rona re a ja, re a robala e bile re tshola bana, mme bontsi jwa rona ga re kgotsofalele dilo tseno fela. Re batla go itse gore re tlile go dira eng mo lefatsheng. Re batla go itse gore ke eng se re se tshelelang. Gape re batla go nna le tsholofelo ka isagwe. Dilo tseno tse di botlhokwa tse re di tlhokang di bontsha gore batho ba na le nonofo e e fitlhelwang fela mo go bone—e leng go nna le dilo tse ba di tlhokang semoyeng.

Re Dirilwe mo Setshwanong sa Modimo

Baebele e tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa batho ka tlholego fela ba eletsa go kgotsofatsa keletso ya bone ya dilo tsa semoya, ya re: “Mme Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.” (Genesise 1:27) Go bopiwa ga rona “mo setshwanong sa Modimo” go raya gore le fa gone re leswafaditswe ke boleo le bosaitekanelang, re ka kgona go bontsha dinonofo dingwe tse Modimo a nang le tsone. (Baroma 5:12) Ka sekai, re kgona go itlhamela dilo tse disha. Gape re na le selekanyo se se rileng sa botlhale, re kgona go bontsha tshiamiso e bile re kgona go bontshana lorato lo e seng lwa bopelotshetlha. Re kgona gape le go akanya ka dilo tse di diregileng mo nakong e e fetileng e bile re kgona le go rulaganyetsa isagwe kwa pele.—Diane 4:7; Moreri 3:1, 11; Mika 6:8; Johane 13:34; 1 Johane 4:8.

Motho o kgona go bona gore re dirilwe gore re rate dilo tsa semoya fa o leba ntlha ya gore ka tlholego fela re eletsa go obamela Modimo. Fa re sa kgotsofatse keletso e re nang le yone ya go nna le kamano le Mmopi wa rona ka tsela e e tshwanetseng, re ka se ka ra nna le boitumelo jo bo nnetseng ruri. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Le fa go ntse jalo re tshwanetse ra nna kelotlhoko gore re kgotsofatsa keletso eno ka dithuto tse di boammaaruri tsa semoya—dintlha tse di boammaaruri ka Modimo, melao ya gagwe le se a se ikaeletseng ka batho. Re ka bona kae dithuto tse di boammaaruri tsa semoya? Mo Baebeleng.

“Lefoko la Gago ke Boammaaruri”

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo.” (2 Timotheo 3:16) Mafoko a ga Paulo a dumalana le a ga Jesu, yo o neng a bolela jaana fa a ne a rapela Modimo: “Lefoko la gago ke boammaaruri.” Gompieno re a itse gore Lefoko leo ke Baebele e e Boitshepo, mme re tla bo re le botlhale fa re tlhatlhoba se re se dumelang le tsela e re tshelang ka yone go bona gore a di dumalana le lone.—Johane 17:17.

Fa re bapisa dilo tse re di dumelang le Lefoko la Modimo, re etsa batho ba Berea wa bogologolo, ba ba neng ba tlhomamisa gore a dithuto tsa ga Paulo di ne di dumalana le Dikwalo. Go na le gore a tshwaye Baberea bano phoso, Luke o ne a ba akgolela boikutlo jo ba neng ba na le jone. O ne a kwala jaana: “Ba ne ba amogela lefoko ka mogopolo o o tlhagafetseng thata, ba tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.” (Ditiro 17:11) E re ka gompieno go na le dithuto di le dintsi thata tsa bodumedi le tsa boitshwaro tse di ganetsanang, go botlhokwa gore re etse sekao sa Baberea ba ba neng ba na le mogopolo o o bulegileng.

Tsela e nngwe ya go lemoga dithuto tsa boammaaruri ke go ela tlhoko kafa di tlhotlheletsang botshelo jwa batho ka teng. (Mathaio 7:17) Ka sekai, go tshela tumalanong le dithuto tsa Baebele go tshwanetse ga dira gore motho e nne monna yo o nyetseng yo o botoka, rrabana yo o botoka, mosadi yo o nyetsweng yo o botoka kgotsa mmabana yo o botoka, mme seno se oketsa boitumelo mo lelapeng e bile se dira gore motho a ikutlwe a kgotsofetse. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka.”—Luke 11:28.

Mafoko a ga Jesu a re gakolola a ga Rraagwe wa kwa legodimong, yo o neng a raya Baiseraele ba bogologolo a re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe! Foo kagiso ya gago e ne e tla nna fela jaaka noka, le tshiamo ya gago jaaka makhubu a lewatle.” (Isaia 48:17, 18) Batho botlhe ba ba ratang se se molemo le tshiamo ruri ba tla tlhotlhelediwa ke boikuelo jono jo bo supang lorato!

Ba Bangwe ba Rata go ‘Tsikitliwa Ditsebe’

Modimo o ne a ikuela jalo mo Baiseraeleng, ka mafoko a a mo go Isaia 48:17, 18, ka gonne ba ne ba fapositswe ke maaka a bodumedi. (Pesalema 106:35-40) Le rona re tshwanetse ra nna re itisitse gore re se ka ra akediwa. Paulo o ne a kwalela batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete jaana: “Gonne go tla nna le lobaka lwa nako lo ba tla se keng ba iteseletse go amogela thuto e e itekanetseng, mme, tumalanong le dikeletso tsa bone, ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe; mme ba tla faposa ditsebe tsa bone mo boammaaruring, mme bone ba tla faposediwa kwa dipolelong tsa maaka.”—2 Timotheo 4:3, 4.

Baeteledipele ba bodumedi ba tsikitla ditsebe tsa batho ka go ba letlelela go dira dilo tse di kgotsofatsang dikeletso tse di sa siamang, tse di jaaka go tlhakanela dikobo le motho yo o sa nyalanang le ene, bosodoma le botagwa. Baebele e bolela ka tlhamalalo fela gore batho ba ba dumalanang le dilo tse di ntseng jalo le ba ba di dirang “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—1 Bakorintha 6:9, 10; Baroma 1:24-32.

Ga go pelaelo gore go tlhokega bopelokgale gore motho a tshele go dumalana le melao ya Baebele, segolobogolo fa a sotliwa ke ba bangwe, mme gone a ka kgona. Mo Basuping ba ga Jehofa go na le batho ba le bantsi ba ba kileng ba bo ba tshwakgotswe ke diokobatsi, e le matagwa, diaka, dikebekwa, magodu e bile ba bua maaka. Le fa go ntse jalo, ba ne ba reetsa Lefoko la Modimo mme ka thuso ya moya o o boitshepo, ba ne ba dira diphetogo mo botshelong jwa bone e le gore ba “tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa.” (Bakolosa 1:9, 10; 1 Bakorintha 6:11) E re ka ba agisane le Modimo, gape ba ile ba nna le kagiso ya mogopolo le tsholofelo ya mmatota ka isagwe, jaaka fa re tla bona.

Tsholofelo ya Bogosi

Kagiso e Baebele e e solofetsang, e e bontshang gore e tla nnela ruri, e tla leriwa ke Bogosi jwa Modimo. Mo thapelong ya sekao, Jesu o ne a re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Ee, ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo ka tlhomamisang gore thato ya Modimo e a diragadiwa mo lefatsheng. Ka ntlha yang? Ka gonne Bogosi joo jwa kwa legodimong—jo go tla bong go busa Jesu Keresete mo go jone—ke jone jo Modimo a tla bontshang ka jone gore go laola lefatshe go a mo tshwanela.—Pesalema 2:7-12; Daniele 7:13, 14.

E re ka Jesu Keresete e le Kgosi ya Bogosi joo jwa kwa legodimong, o tla golola batho ba ba kutlo mo mefuteng yotlhe ya bokgoba, a bo a ba golole le mo boleong jwa ga Adame jo bo ba ngaparetseng le ditlamorago tsa jone e leng bolwetse le loso. Tshenolo 21:3, 4 ya re: “Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme [Jehofa Modimo] o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

Lefatshe le tla tlala ka kagiso e e nnetseng ruri. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega ka seno? Lebaka le bolelwa mo go Isaia 11:9, e e reng: “[Babusiwa ba Bogosi] ga [ba] kitla [ba] utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” Ee, motho mongwe le mongwe mo lefatsheng o tla bo a na le kitso ya boammaaruri ka Modimo e bile a mo ikobela. A tsholofelo eno e a go kgothatsa? Fa e le gore go ntse jalo, gone jaanong ke nako ya gore o simolole go ithuta ka “kitso ya ga Jehofa” e e botlhokwatlhokwa.

A o Tla Reetsa Molaetsa wa Bogosi?

Modimo o tla dirisa Bogosi go dirolola ditiro tsotlhe tsa ga Satane a bo a ruta batho ka ditsela tsa gagwe tsa tshiamo. Ka gone ga go gakgamatse go bo Bogosi e ne e le setlhogo sa botlhokwa sa thuto ya ga Jesu. O ne a re: “Ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Keresete o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba bolelele ba bangwe one molaetsa oo. (Mathaio 28:19, 20) O ne a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Bokhutlo joo bo ntse bo atamela ka bofefo. Ka gone, a bo go le botlhokwa jang gore batho ba dipelo tse di phepa ba reetse dikgang tse di molemo tse di bolokang botshelo!

Albert, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a utlwa molaetsa wa Bogosi fa mosadi wa gagwe le morwawe ba ne ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Sa ntlha, Albert o ne a na le dipelaelo. O ne a ba a kopa moruti wa mo lefelong la bone gore a etele mosadi wa gagwe le morwawe gore a senole maaka a Basupi. Mme moruti yono o ne a sa batle go tsena kgang eno. Ka gone, Albert o ne a swetsa ka gore a reetse fela fa go ntse go tlotliwa ka Baebele gore a tle a senole maaka ape fela mo dithutong tsa Basupi. Morago ga thuto e le nngwe fela, le ene o ne a simolola go ithuta, ka gonne a batla go itse go le gontsi. Moragonyana o ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa a ile a fetoga. O ne a re: “Seno ke sone se ke sa bolong go se batla.”

Kwa bofelong, Albert o ne a simolola go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya dilo tse a di tlhokang semoyeng, mme ga a ka a ikwatlhaela seo. Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa mo naya se a sa bolong go se batla botshelo jotlhe jwa gagwe—e leng go itse gore ke eng se se ka khutlisang tshiamololo le ditiro tse di seng kafa molaong tse batho ba di dirang e bile o ne a nna le tsholofelo ka isagwe. Boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa dira gore a nne le kagiso ya mogopolo. A wena o kgotsofetse ka dilo tse o di tlhokang semoyeng? Ke eng fa o sa iphe nako ya go bala dipotso tse di kwadilweng mo lebokoseng le le mo tsebeng ya 6? Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng, Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

A O BONE DILO TSE O DI TLHOKANG SEMOYENG?

A o kgotsofalela dijo tsa semoya tse o di newang? Re go kopa gore o bale dipotso tse di latelang mme o tshwaye tse o kgonang go di araba sentle.

□ Modimo ke mang?

□ Jesu Keresete ke mang? Ke ka ntlha yang fa a ile a tshwanelwa ke go swa? Loso lwa gagwe lo ka go solegela molemo jang?

□ A Diabolo o teng? Fa e le gore o teng, o tswa kae?

□ Go direga eng ka rona fa re swa?

□ Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe le ka batho?

□ Bogosi jwa Modimo ke eng?

□ Melao ya Modimo ya boitshwaro ke efe?

□ Ke boikarabelo bofe jo Modimo a bo neileng monna le mosadi mo lelapeng? Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e dirang gore go nne le boitumelo mo lelapeng?

Fa e le gore ga o tlhomamisege ka dikarabo tsa dipotso tseno, o ka nna wa kopa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? Boroutšhara jono jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa ka dipuo di ka nna 300 bo tlotla ka ditlhogo tse di botlhokwa di le 16 tsa Baebele, mme bo na le dikarabo tsa Dikwalo tsa dipotso tsotlhe tse di kwadilweng fa godimo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Go farologana le diphologolo, batho ba na le dilo tse ba di tlhokang semoyeng

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

“Ba tla ikokoanyetsa barutisi gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe.”—2 Timotheo 4:3

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kagiso e e nnetseng ruri e tla tlisiwa ke Bogosi jwa Modimo ka Mesia