Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’

‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’

‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’

“A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o . . . tlisang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka.”—ISAIA 52:7.

1, 2. (a) Go direga dilo dife tse di tshosang letsatsi le letsatsi? (b) Batho ba le bantsi ba amega jang ka ntlha ya go utlwa dikgang tse di bosula fela?

GOMPIENO go lebega e kete batho mo lefatsheng lotlhe ba utlwa dikgang tse di bosula fela. Fa ba bulela radio, ba utlwa dipego tse di tshosang tsa malwetse a a bolayang a a ntseng a tshwara batho. Fa ba lebelela dikgang mo thelebisheneng, ba bona ditshwantsho tse di sa phimogeng mo megopolong ya bone tsa bana ba ba bopameng ka ntlha ya tlala e bile ba lela ba kopa thuso. Fa ba bala makwalodikgang, ba utlwa ka go thunya ga dibomo tse di phamphamololang dikago, di bolaya batho ba le bantsintsi ba ba se nang molato.

2 Ee, go direga dilo tse di tshosang letsatsi le letsatsi. Eleruri seemo sa lefatshe leno se a fetoga, mme se nna maswe le go feta. (1 Bakorintha 7:31) Makasine mongwe wa dikgang wa kwa Yuropa Bophirima o ne wa bolela gore ka dinako tse dingwe, go bonala e kete lefatshe lotlhe le tla tloga le “jewa ke malakabe a molelo.” Ga go gakgamatse go bo batho ba le bantsi gompieno ba hutsafetse jaana! Motho mongwe kwa United States o ne a bua mafoko ano fa a ne a botsolodiwa kaga dikgang tsa thelebishene, mme ga go na pelaelo gore o ne a tlhalosa tsela e batho ba le dimilionemilione le bone ba ikutlwang ka yone fa a ne a re: ‘Ke tshwenyega thata mo maikutlong fa ke sena go lebelela dikgang. Tsotlhe fela di bosula. Di dira gore motho a kotlomane pelo.’

Dikgang Tse Mongwe le Mongwe a Tlhokang go di Utlwa

3. (a) Baebele e bolelela batho dikgang dife tse di molemo? (b) Ke ka ntlha yang fa o tsaya dikgang tse di molemo tsa Bogosi di le botlhokwa?

3 A go ka bonwa dikgang dipe tse di botoka mo lefatsheng le le hutsafatsang jaana? Ee, di ka bonwa! Go a gomotsa go itse gore Baebele e bolelela batho dikgang tse di molemo. Ke dikgang tsa gore Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa malwetse, tlala, bokebekwa, ntwa le dikgatelelo tsa mefuta yotlhe. (Pesalema 46:9; 72:12) A tseo ga se dikgang tse mongwe le mongwe a tlhokang go di utlwa? Ee, Basupi ba ga Jehofa ba dumela jalo. Ke gone ka moo ba itseweng gongwe le gongwe ka maiteko a ba a dirang ba sa kgaotse a go bolelela batho ba ditšhaba tsotlhe dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 24:14.

4. Re tla sekaseka dikarolo dife tsa bodiredi jwa rona mo setlhogong seno le mo go se se latelang?

4 Mme ke eng se re ka se dirang gore re tswelele pele re itumelela go nna le seabe ka botlalo mo go rereng dikgang tseno tse di molemo—tota le mo tshimong e mo go yone batho ba le bantsi ba sa kgatlhegeleng molaetsa wa rona? (Luke 8:15) Ruri go tlotla ka bokhutshwane dintlha tse tharo tsa botlhokwa malebana le tiro ya rona ya go rera go tla re thusa. Re tla sekaseka (1) maitlhomo a rona, kgotsa gore ke ka ntlha yang fa re rera; (2) molaetsa wa rona, kgotsa gore re rera kaga eng; le (3) mekgwa e re e dirisang, kgotsa gore re rera jang. Fa re rera ka maitlhomo a a siameng, molaetsa wa rona e le o o utlwalang sentle le mekgwa e re e dirisang ya go rera e le e e nang le matswela, re ka kgona go naya batho ba mefuta e e farologaneng mo lefatsheng lotlhe sebaka sa go utlwa dikgang tse di molemo go di gaisa tsotlhe gompieno—e leng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. *

Lebaka La go Bo re Rera Dikgang Tse di Molemo

5. (a) Ke eng sa botlhokwatlhokwa se se re tlhotlheletsang go rera? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka twe fa re ikobela taelo ya Baebele ya gore re rere re a bo re bontsha gore re rata Modimo?

5 A re sekasekeng karolo ya ntlha—maitlhomo a rona. Ke ka ntlha yang fa re rera dikgang tse di molemo? Re rera ka ntlha ya lebaka le le neng le dira gore Jesu le ene a rere. O ne a re: “Ke rata Rara.” (Johane 14:31; Pesalema 40:8) Seno se raya gore selo sa botlhokwatlhokwa se se re tlhotlheletsang go rera ke go bo re rata Modimo. (Mathaio 22:37, 38) Baebele e amanya go rata Modimo le bodiredi, ka gonne ya re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.” (1 Johane 5:3; Johane 14:21) A ditaelo tsa Modimo di akaretsa ya gore re ‘tsamaye re dira batho barutwa’? (Mathaio 28:19) Ee. Ke boammaaruri gore mafoko ao a ne a buiwa ke Jesu, mme totatota a ne a tswa kwa go Jehofa. Jang? Jesu o ne a tlhalosa a re: “Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile.” (Johane 8:28; Mathaio 17:5) Ka gone, fa re ikobela taelo ya gore re rere, re bontsha Jehofa gore re a mo rata.

6. Go rata Modimo go re tlhotlheletsa ka ditsela dife gore re rere?

6 Mo godimo ga moo, go rata Jehofa go re tlhotlheletsa go rera ka gonne re batla go ganetsa maaka a Satane a a buang kaga gagwe. (2 Bakorintha 4:4) Satane o ile a dira gore batho ba nne le dipelaelo malebana le gore a puso ya Modimo e siame. (Genesise 3:1-5) E re ka re le Basupi ba ga Jehofa, re batla go thusa mo go senoleng maaka a ga Satane le go itshepisa leina la Modimo mo bathong. (Isaia 43:10-12) Mo godimo ga moo, re rera ka gonne jaanong re itse dinonofo tsa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe. Re ikutlwa re atamalane le ene e bile re eletsa thata go bolelela ba bangwe kaga Modimo wa rona. Tota e bile, bomolemo jwa ga Jehofa le ditsela tsa gagwe tse di siameng di re itumedisa thata mo e leng gore ga re kgone go tlogela go bua ka ene. (Pesalema 145:7-12) Re ikutlwa re tshwanetse go mmaka le go bua ka ‘dinonofo tsa gagwe tse di molemolemo’ mo bathong ba ba ka reetsang.—1 Petere 2:9; Isaia 43:21.

7. Kwantle ga lebaka la go rata Modimo, ke lebaka lefe le lengwe gape la botlhokwa le le re tlhotlheletsang go rera?

7 Go na le lebaka le lengwe gape le le botlhokwa la go bo re tswelela pele re rera: Ruri re batla go gomotsa batho ba ka metlha ba utlwang dikgang tse di bosula tseno tse di sa feleng mmogo le ba ba bogang ka ntlha ya lebaka le fa e le lefe fela. Fa re dira jalo, re a bo re leka ka natla go etsa Jesu. Ka sekai, leba se se tlhalosiwang mo go Mareko kgaolo 6.

8. Pego e e mo go Mareko kgaolo 6 e bontsha gore Jesu o ne a ikutlwa jang ka batho?

8 Baaposetoloi ba tswa go rera mme ba tlotlela Jesu sotlhe se ba se dirileng le dilo tse ba di rutileng batho. Jesu o lemoga gore baaposetoloi ba lapile, a bo a re ba tsamaye le ene ba ye go ‘ikhutsa go sekae.’ Ka jalo ba tsena mo mokorong mme ba ya kwa lefelong lengwe le le didimetseng. Batho ba ba sala morago, ba taboga fa losing lwa lewatle mme go ise go ye kae ba fitlha fa go bone. Jesu o dirang? Pego ya re: “A bona boidiidi jo bogolo, mme a tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba tshwana le dinku tse di se nang modisa. Mme a simolola go ba ruta dilo di le dintsi.” (Mareko 6:31-34) Le fa Jesu a lapile, o tswelela pele go bolelela batho dikgang tse di molemo ka gonne o ba tlhomogela pelo. Ee, ruri Jesu o utlwela batho bano botlhoko.

9. Pego e e mo go Mareko kgaolo 6 e re ruta eng malebana le go nna le maitlhomo a a siameng a go rera?

9 Pego eno e re ruta eng? Jaaka Bakeresete, re ikutlwa re tshwanetse go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. Re lemoga gore re na le boikarabelo jwa go bolelela batho dikgang tse di molemo, ka gonne thato ya Modimo ke gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe.” (1 Timotheo 2:4) Le fa go ntse jalo, ga re dire bodiredi jwa rona fela ka gonne re tshwanetse, mme gape re bo dira ka gonne re tlhomogela batho pelo. Fa re tlhomogela batho pelo tota jaaka Jesu, re tla tlhotlheletsega go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tswelele re ba bolelela dikgang tse di molemo. (Mathaio 22:39) Go nna le maitlhomo a a siameng jalo a go nna le seabe mo bodireding go tla re tlhotlheletsa go rera dikgang tse di molemo re sa kgaotse.

Molaetsa wa Rona—Dikgang Tse di Molemo Tsa Bogosi Jwa Modimo

10, 11. (a) Isaia o tlhalosa jang molaetsa o re o rerang? (b) Jesu o ne a tlisa jang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka, mme batlhanka ba Modimo mo metlheng ya gompieno ba ile ba latela sekao sa ga Jesu jang?

10 Go tweng ka karolo ya bobedi ya bodiredi jwa rona—molaetsa wa rona? Re rera kaga eng? Moporofeti Isaia o ne a tlhalosa bontle molaetsa o re o rerang a re: “A bo di le dintle jang ne mo dithabeng dinao tsa yo o tlisang dikgang tse di molemo, yo o itsiseng kagiso phatlalatsa, yo o tlisang dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka, yo o itsiseng poloko phatlalatsa, yo o rayang Siona a re: ‘Modimo wa gago jaanong ke kgosi!’”—Isaia 52:7.

11 Mafoko a konokono mo temaneng eo a a reng, “Modimo wa gago jaanong ke kgosi,” a re gopotsa molaetsa o re tshwanetseng go o rera, e leng, dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mareko 13:10) Gape, ela tlhoko gore temana eno e senola gore molaetsa wa rona o naya tsholofelo. Isaia o dirisa mafoko a a jaaka “poloko,” “dikgang tse di molemo,” “kagiso,” le “sengwe se se botoka.” Makgolo a sekae a dingwaga morago ga motlha wa ga Isaia, ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., Jesu Keresete o ne a diragatsa boporofeti jono ka tsela e e tlhomologileng ka go tlhoma sekao sa go anamisa ka tlhagafalo dikgang tsa sengwe se se botoka—e leng Bogosi jwa Modimo jo bo tlang. (Luke 4:43) Mo metlheng ya gompieno, segolobogolo fa e sale ka 1919, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba latela sekao sa ga Jesu ka go bolela ka tlhoafalo dikgang tse di molemo tsa Bogosi jo bo tlhomilweng jwa Modimo le masego a bo tla a tlisang.

12. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ama jang batho ba ba di amogelang?

12 Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di ama jang batho ba ba di amogelang? Gompieno dikgang tse di molemo di naya batho tsholofelo le kgomotso fela jaaka mo motlheng wa ga Jesu. (Baroma 12:12; 15:4) Di naya batho ba ba dipelo tse di ikanyegang tsholofelo ka gonne ba ithuta gore go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore go sa ntse go tla dinako tse di botoka. (Mathaio 6:9, 10; 2 Petere 3:13) Go nna le tsholofelo e e ntseng jalo go thusa batho ba ba boifang Modimo gore ba nne ba leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Mopesalema a re ‘ga ba kitla ba boifa le tsone dikgang tse di bosula.’—Pesalema 112:1, 7.

Molaetsa o o Tla ‘Hapang ba ba Dipelo di Phatlogileng’

13. Moporofeti Isaia o tlhalosa jang melemo e e tlang gone fela foo mo go ba ba amogelang dikgang tse di molemo?

13 Mo godimo ga moo, ba ba reetsang dikgang tse di molemo tse re di ba rerelang ba a thusiwa ba bo ba bona melemo ya tsone gone fela foo. Jang? Mengwe ya melemo eno e ne ya tlhalosiwa ke moporofeti Isaia fa a ne a bolelela pele jaana: “Moya wa Morena Molaodimogolo Jehofa o mo go nna, ka lebaka la gore Jehofa o ntloleditse go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo. O nthomile go tla go hapa ba ba dipelo di phatlogileng, go bolela kgololego mo go ba ba isitsweng botshwarwa le go bulela magolegwa matlho thata; go bolela ngwaga wa kamogelo wa ga Jehofa le letsatsi la pusoloso la Modimo wa rona; go gomotsa botlhe ba ba hutsafetseng.”—Isaia 61:1, 2; Luke 4:16-21.

14. (a) Polelwana e e reng go “hapa ba ba dipelo di phatlogileng” e kaya eng malebana le molaetsa wa Bogosi? (b) Re ka bontsha jang gore re amega jaaka Jehofa ka batho ba ba dipelo di phatlogileng?

14 Go ya ka boporofeti joo, Jesu o ne a tla “hapa ba ba dipelo di phatlogileng” ka go rera dikgang tse di molemo. A bo Isaia a dirisitse setshwantsho se se utlwalang sentle jang ne! Go ya ka dikishinare nngwe ya mafoko a Baebele, lefoko la Sehebera le fano le ranotsweng go twe go “hapa” “gantsi le dirisediwa go ‘hapa’ ka letsela le motho a hapiwang ka lone fa a gobetse, mme ka jalo a alafiwa gore a fole.” Mooki yo o pelotlhomogi a ka thusa motho yo o gobetseng ka go mo hapa fa a utlwileng botlhoko gone. Ka tsela e e tshwanang, fa baboledi ba ba pelotlhomogi ba rera molaetsa wa Bogosi, ba thusa botlhe ba ba amogelang molaetsa ono ba ba bogang ka tsela nngwe. Mme ka go thusa ba ba tlhokang thuso, ba bontsha gore ba amega fela jaaka Jehofa. (Esekiele 34:15, 16) Mopesalema o bolela jaana ka Modimo: “O fodisa ba ba pelo e phatlogileng, o ba hapa fa ba utlwileng botlhoko gone.”—Pesalema 147:3.

Kafa Molaetsa wa Bogosi o Thusang ka Teng

15, 16. Ke dikai dife tsa maitemogelo a a diragaletseng batho tse di bontshang kafa molaetsa wa Bogosi o thusang ka teng le go nonotsha ba ba tlhokang thuso?

15 Dikai tse dintsi tsa dilo tse di diragaletseng batho di bontsha kafa tota molaetsa wa Bogosi o thusang le go nonotsha batho ba ba dipelo di phatlogileng ka teng. Akanya ka Oreanna, mmè mongwe yo o godileng wa kwa Amerika Borwa yo o neng a sa tlhole a itumelela go tshela. Mosupi mongwe wa ga Jehofa o ne a simolola go nna a etela Oreanna le go mmalela Baebele le kgatiso ya setlhogo se se reng Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. * Kwa tshimologong, mosadi yono yo o tshwenyegileng thata mo maikutlong o ne a reetsa se a se balelwang a ntse a robetse mo bolaong a tswetse matlho, mme a tla a fegelwa gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae o ne a simolola go leka go nna mo bolaong fa a ntse a balelwa. Nako nngwe moragonyana, o ne a simolola go leta morutisi wa gagwe wa Baebele a ntse mo setulong mo phaposing ya bonno. Morago ga moo, mosadi yono o ne a simolola go ya dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi. E re ka a ne a kgothadiwa ke se a neng a se ithuta kwa dipokanong tseo, o ne a simolola go tsamaisa dibuka tsa Baebele mo go mongwe le mongwe yo o neng a feta fa ntlong ya gagwe. Oreanna o ne a kolobediwa a na le dingwaga tse 93, a nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Molaetsa wa Bogosi o ne o dirile gore a boe a itumelele botshelo gape.—Diane 15:30; 16:24.

16 Molaetsa wa Bogosi o kgothatsa thata le batho ba ba itseng gore ba tloga ba swa ba bolawa ke bolwetse bongwe. Ka sekai, akanya ka Maria wa kwa Yuropa Bophirima. O ne a tshwerwe ke bolwetse bongwe jo bo bolayang mme o ne a feletswe ke tsholofelo gotlhelele. Fa Basupi ba ga Jehofa ba kopana le ene, o ne a tshwenyegile thata mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a utlwa ka maikaelelo a Modimo, a simolola gape a nna le se a se tshelelang. O ne a kolobediwa mme a tlhagafala thata mo tirong ya go rera. Mo dingwageng tse pedi tsa bofelo tsa botshelo jwa gagwe, o ne a bonala sentle gore o na le tsholofelo e bile o itumetse. Maria o tlhokafetse a na le tsholofelo tota mo tsogong ya baswi.—Baroma 8:38, 39.

17. (a) Molaetsa wa Bogosi o tokafatsa jang matshelo a batho ba ba o amogelang? (b) Wena o bone ka ditsela dife gore Jehofa o “tsholetsa botlhe ba ba inameng”?

17 Dipego tse di ntseng jalo di bontsha kafa molaetsa wa Bogosi o ka tokafatsang ka teng matshelo a batho ba ba nyoretsweng dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele. Batho ba ba hutsafaditsweng ke loso lwa mongwe yo ba mo ratang ba boa ba tia mooko gape fa ba ithuta ka tsholofelo ya tsogo ya baswi. (1 Bathesalonika 4:13) Batho ba ba tshelelang mo lehumeng mme ba kgaratlha go tlamela ba malapa a bone, ba boa gape ba nna le seriti le tsholofelo fa ba utlwa gore Jehofa ga a kitla a bo a ba latlha fa ba nna ba ikanyega mo go ene. (Pesalema 37:28) Ka thuso ya ga Jehofa, batho ba le bantsi ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba nonofa gape ka iketlo, ba nna le maatla a ba a tlhokang a go itshoka mme ka dinako tse dingwe e bile ba kgona go fola mo bolwetseng jono. (Pesalema 40:1, 2) Ee ruri, gone jaanong Jehofa o “tsholetsa botlhe ba ba inameng” a dirisa maatla a Lefoko la gagwe. (Pesalema 145:14) Fa re bona kafa dikgang tse di molemo tsa Bogosi di gomotsang batho ba ba dipelo di phatlogileng ka gone ba ba leng mo tshimong ya rona le mo phuthegong ya Bokeresete, seno se nna se re gakolola nako le nako gore re tshwaretse batho dikgang tse di molemo go gaisa tsotlhe tse di leng teng gompieno!—Pesalema 51:17.

“Mokokotlelo Wa me Ka Bone mo Modimong”

18. Paulo o ne a amega jang fa Bajuda ba gana dikgang tse di molemo, mme ka ntlha yang?

18 Le fa molaetsa wa rona o na le dikgang tse di molemo go gaisa tsotlhe, ba le bantsi ga ba o amogele. Seno se ka re ama jang? Se ka re ama ka tsela e se neng sa ama moaposetoloi Paulo ka yone. Gantsi o ne a rerela Bajuda, mme bontsi jwa bone ba ne ba gana molaetsa ono wa poloko. Seno se ne sa ama Paulo fela thata. O ne a bolela jaana: “Ke na le khutsafalo e kgolo le botlhoko jo bo sa kgaotseng mo pelong ya me.” (Baroma 9:2) Paulo o ne a tlhomogela Bajuda ba a neng a ba rerela pelo. O ne a utlwisiwa botlhoko ke gore ba ne ba gana dikgang tse di molemo.

19. (a) Ke ka ntlha yang fa go utlwala gore ka dinako tse dingwe re kgobege marapo? (b) Ke eng se se neng sa thusa Paulo gore a tswelele pele le tiro ya gagwe ya go rera?

19 Le rona re rera dikgang tse di molemo ka ntlha ya go tlhomoga pelo. Ka gone, go a utlwala go bo re ka kgobega marapo fa batho ba le bantsi ba gana molaetsa wa Bogosi. Tsela eo e re amegang ka yone e bontsha gore tota re amegile ka bomoya jwa batho ba re ba rerelang. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola sekai sa ga moaposetoloi Paulo. Ke eng se se mo thusitseng gore a tswelele ka tiro ya gagwe ya go rera? Le fa Paulo a ile a hutsafala a ba a utlwa botlhoko fa Bajuda ba gana go amogela dikgang tse di molemo, ga a ka a tlhoboga Bajuda botlhe, a akanya gore ba ka se tlhole ba thusega. O ne a solofela gore go ne go sa ntse go na le ba bangwe ba ba neng ba ka amogela Keresete. Ka gone, Paulo o ne a kwala jaana malebana le tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka Bajuda: “Keletso e e molemo ya pelo ya me le mokokotlelo wa me ka bone mo Modimong, eleruri, ke tsa gore ba bolokwe.”—Baroma 10:1.

20, 21. (a) Re ka latela sekao sa ga Paulo jang malebana le bodiredi jwa rona? (b) Re tla tlotla ka karolo efe ya bodiredi jwa rona mo setlhogong se se latelang?

20 Ela tlhoko dilo tse pedi tse Paulo a neng a di gatelela. O ne a eletsa gore batho bangwe ba ka bolokwa, mme o ne a kopa Modimo gore a ba thuse gore ba bolokwe. Gompieno, re latela sekao sa ga Paulo. Re nna re eletsa thata go bona bape fela ba ba sa ntseng ba ka rata go amogela dikgang tse di molemo. Re nna re rapela Jehofa gore e kete re ka bona batho ba ba ntseng jalo gore re ba thuse go latela tsela e e tla felelang ka gore ba bolokwe.—Diane 11:30; Esekiele 33:11; Johane 6:44.

21 Le fa go ntse jalo, fa re batla go bolelela batho ba le bantsi kafa re ka kgonang ka teng molaetsa wa Bogosi, re tshwanetse go ela tlhoko e seng fela gore ke ka ntlha yang fa re rera le gore re rera kaga eng mme gape le gore re rera jang. Setlhogo se se latelang se tla bua ka yone kgang eno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Setlhogo seno se tla tlhalosa dikarolo tsa ntlha tse pedi. Setlhogo sa bobedi se tla tlhalosa karolo ya boraro.

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

O Ithutile Eng?

• Re nna le seabe mo bodireding ka mabaka afe?

• Molaetsa wa konokono o re rerang ka one ke ofe?

• Ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi ba bona melemo efe?

• Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele pele mo bodireding jwa rona?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Molaetsa wa Bogosi o nonotsha ba ba dipelo di phatlogileng

[Ditshwantsho mo go tsebe 20]

Thapelo e re thusa gore re kgone go itshoka mo bodireding jwa rona