Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ikanyega mo Dilong Tsotlhe?

A o Ikanyega mo Dilong Tsotlhe?

A o Ikanyega mo Dilong Tsotlhe?

“Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo.”—LUKE 16:10.

1. Nngwe ya ditsela tse Jehofa a ikanyegang ka tsone ke efe?

AO KILE wa ela tlhoko se se diregang ka moriti wa setlhare? Fa diura tsa letsatsi di ntse di kgabaganya, o fetola popego ya one e bile o nna o ntse o suta! Gantsi maiteko a batho le ditsholofetso tsa bone le tsone di fetofetoga fela jaaka moriti. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa Modimo ene ga a fetoge fa nako e ntse e feta. Morutwa Jakobe o mmitsa “Rara wa masedi a selegodimo,” mme o bolela jaana ka ga gagwe: “Mo go ene ga go na go fetofetoga ga go menoga ga moriti.” (Jakobe 1:17) Jehofa ga a fetoge e bile a ka ikanngwa, tota le mo dilong tse dinnye thata. Ke “Modimo yo o ikanyegang.”—Duteronome 32:4.

2. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itlhatlhoba go bona gore a re a ikanyega? (b) Re tla sekaseka dipotso dife kaga go ikanyega?

2 Modimo o ikutlwa jang ka go ikanyega ga baobamedi ba gagwe? O ikutlwa ka tsela e Dafide a neng a ikutlwa ka yone, mme a bolela jaana ka bone: “Matlho a me a mo bathong ba ba ikanyegang ba lefatshe, gore ba tle ba nne le nna. Yo o tsamayang ka tsela ya go tlhoka molato, ke ene yo o tla ntirelang.” (Pesalema 101:6) Ee, ruri Jehofa o itumelela go ikanyega ga batlhanka ba gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a na le lebaka le le utlwalang la go kwala a re: “Se se batliwang mo balebeding ke gore motho a fitlhelwe a ikanyega.” (1 Bakorintha 4:2) Go ikanyega go akaretsa eng? Re tshwanetse ra ikanyega mo dikarolong dife tsa botshelo? Melemo ya ‘go tsamaya ka tsela ya go tlhoka molato’ ke efe?

Se se Kaiwang ke go Ikanyega

3. Ke eng se se bontshang gore a re a ikanyega?

3 Bahebera 3:5 ya re: “Moshe jaaka motlhokomedi o ne a ikanyega.” Ke eng se se neng sa dira gore moporofeti Moshe a ikanyege? Fa motlaagana o ne o agiwa le go tlhomiwa, “Moshe [o ne] a dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laoletse. A dira fela jalo.” (Ekesodo 40:16) Rona baobamedi ba ga Jehofa, re bontsha go ikanyega ka go mo direla ka kutlo. Ruri seno se akaretsa gore re nne re ikanyega mo go Jehofa fa re ntse re lebane le diteko tse di boima kgotsa tse di setlhogo. Le fa go ntse jalo, go fenya diteko tse dikgolo ga se gone fela go bontshang gore re a ikanyega. Jesu o ne a re: “Motho yo o ikanyegang mo go se sebotlana thata o ikanyega le mo go se segolo, le motho yo o sa siamang mo go se sebotlana thata ga a a siama le mo go se segolo.” (Luke 16:10) Re tshwanetse go nna re ikanyega tota le mo dilong tse di lebegang di le dinnye.

4, 5. Go ikanyega ga rona mo go “se sebotlana thata” go senola eng?

4 Go nna kutlo mo go “se sebotlana thata” letsatsi le letsatsi go botlhokwa ka mabaka a le mabedi. La ntlha, go senola gore re ikutlwa jang ka bolaodi jwa ga Jehofa. Akanya kafa banyalani ba ntlha e bong Adame le Efa ba ileng ba lekwa ka teng go bona gore a ba a ikanyega. Ba ne ba lekwa ka go laelwa gore ba dire sengwe se tota go neng go se bokete go se dira. Le fa ba ne ba letleletswe go ja dijo tsa mefuta yotlhe tsa tshimo ya Edene, ba ne ba sa tshwanela go ja loungo lwa setlhare se le sengwe fela—“setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:16, 17) Fa banyalani bao ba ntlha ba ka bo ba ile ba ikanyega ka go ikobela taolo eo e e motlhofo, seo se ka bo se bontshitse gore ba ne ba eme puso ya ga Jehofa nokeng. Go latela ditaelo tsa ga Jehofa mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi go bontsha gore re eme bolaodi jwa ga Jehofa nokeng.

5 Lebaka la bobedi ke gore, tsela e re itshwarang ka yone mo go “se sebotlana thata” e tla laola gore re tla itshwara jang “le mo go se segolo,” ke gore fa re lebana le dikgang tse dikgolwane mo botshelong. Mo ntlheng eno, ela tlhoko se se diragaletseng Daniele le balekane ba gagwe ba bararo ba ba ikanyegang ba Bahebera—Hanania, Mishaele le Asaria. Ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona ka 617 B.C.E. Basha ba banè bano ba gongwe ba neng ba le mo dingwageng tsa bolesome, ba ne ba tsenngwa mo ntlong ya segosi ya ga Kgosi Nebukadenesare. Fa ba le koo, “kgosi e ne ya ba abela gore letsatsi le letsatsi ba je dijo tsa maemo tsa kgosi le beine e kgosi e e nwang, le go ba otla dingwaga di le tharo, gore fa di fela ba tle ba eme fa pele ga kgosi.”—Daniele 1:3-5.

6. Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo tsa Bahebera ba ne ba lebana le teko efe kwa ntlong ya segosi ya kwa Babelona?

6 Le fa go ntse jalo, dijo tseno tsa kgosi ya Babelona di ne di bakela basha bano ba banè ba Bahebera bothata. Dijo tse di neng di ilediwa mo Molaong wa ga Moshe di tshwanetse tsa bo di ne di le teng mo dijong tsa maemo tsa kgosi. (Daniele 14:3-20) Diphologolo tse di tlhabilweng di ka tswa di ne di sa tshololwa madi sentle, mme go ja nama e e ntseng jalo e ne e tla bo e le go tlola Molao wa Modimo. (Duteronome 12:23-25) Gape, dijo tseo di ka tswa di ne di iseditswe medingwana tshupelo, jaaka baobamedi ba Babelona ba ne ba tlwaetse go dira pele ba a ja dijo mmogo.

7. Go ikobela molao ga ga Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo go ne go bontsha eng?

7 Kwantle ga pelaelo, batho ba ntlo ya segosi ya kgosi ya Babelona ba ne ba sa tseye dithibelo tsa dijo di le botlhokwa. Le fa go ntse jalo, Daniele le ditsala tsa gagwe ba ne ba ititeile sehuba gore ga ba na go iteswafatsa ka go ja dijo tse di ileditsweng Baiseraele mo Molaong wa Modimo. Kgang eno e ne e ama boikanyegi jwa bone mo Modimong. Ka jalo ba ne ba kopa gore dijo tsa bone e nne merogo le metsi, mme ba ne ba dumelelwa. (Daniele 1:9-14) Gompieno batho bangwe ba ka nna ba tsaya se makawana a manè ano a se dirileng se se botlhokwa. Le fa go ntse jalo, go utlwa Modimo ga bone go ne go bontsha gore ba eme fa kae mo kgannyeng ya bolaodi jwa ga Jehofa.

8. (a) Bahebera ba bararo ba ne ba lebana le teko efe e kgolo ya go ikanyega? (b) Teko eo e ne ya felela jang, mme seo se bontsha eng?

8 Go ikanyega mo sengweng se se neng se ka lebega e se sa sepe go ne ga thusa Daniele le ditsala tsa gagwe tse tharo gore ba kgone go emelana le teko e kgolwane. Bula kgaolo 3 ya buka ya Baebele ya Daniele 3, mme o ipalele kafa Bahebera ba bararo bano ba neng ba lebana le katlholo ya loso ka gone ka gonne ba ne ba gana go obamela setshwantsho sa gouta se se neng se tlhomilwe ke Kgosi Nebukadenesare. Fa ba tlisiwa fa pele ga kgosi, ba ne ba tlhalosa boikemisetso jwa bone ka bopelokgale, ba re: “Fa e le gore go tla nna jalo, Modimo wa rona o re o direlang o tla kgona go re golola. O tla re golola mo leubelong le le tukang le mo seatleng sa gago, wena kgosi. Mme fa go sa nne jalo, o itse, wena kgosi, gore medimo ya gago ga se yone e re e direlang, e bile ga re na go obamela setshwantsho sa gouta se o se tlhomileng.” (Daniele 3:17, 18) A Jehofa o ne a ba golola? Batlhokomedi ba ba neng ba latlhela makawana ano a mararo mo molelong ba ne ba jewa ke molelo wa leubelo, mme Bahebera ba bararo ba ba ikanyegang ba ne ba tswa mo molelong ba tshela—molelo wa leubelo o sa ba kgoma le e seng! E re ka ba ne ba tlwaetse go nna ba ikanyega mo dilong tse dinnye, seno se ne sa ba thusa gore ba kgone go ikanyega mo tekong eo e kgolo. A seno ga se bontshe botlhokwa jwa go ikanyega mo dilong tse dipotlana?

Go Ikanyega Malebana le “Dikhumo Tse di sa Siamang”

9. Ditemana tse di dikologileng mafoko a ga Jesu a a mo go Luke 16:10 di bua ka eng?

9 Pele Jesu a bua molaomotheo wa gore motho yo o ikanyegang mo dilong tse di lebegang di le dinnye o ikanyega le mo go tsa botlhokwa, o ne a gakolola bareetsi ba gagwe a re: “Itireleng ditsala ka dikhumo tse di sa siamang, gore, fa tse di ntseng jalo di fela, di ke di lo amogelele mo mafelong a bonno a bosakhutleng.” Fa a sena go rialo o ne a bua kaga go ikanyega mo go se sebotlana. Go tswa foo Jesu o ne a re: “Jalo, fa lo sa itshupa lo ikanyega ka ga dikhumo tse di sa siamang, ke mang yo o tla lo sikarisang se se boammaaruri? . . . Ga go motlhanka ope wa ntlo yo o ka nnang motlhanka wa beng ba le babedi; gonne, o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.”—Luke 16:9-13.

10. Re ka bontsha jang go ikanyega fa re dirisa “dikhumo tse di sa siamang”?

10 Go ya ka ditemana tse di dikologileng Luke 16:10, se tota mafoko a ga Jesu a a mo temaneng eo a neng a bua ka sone se amana le go dirisiwa ga “dikhumo tse di sa siamang,” ke gore, dilwana kgotsa dithoto tsa rona tse di bonalang. Di bidiwa gore ke tse di sa siamang ka gonne dithoto tse di bonalang—bogolo jang madi—di laolwa ke batho ba ba nang le boleo. Mo godimo ga moo, go eletsa go huma go ka dira gore motho a felele a dira ditiro tse di sa siamang. Re bontsha boikanyegi ka go nna botlhale mo tseleng e re dirisang dithoto tsa rona ka yone. Mo boemong jwa go di dirisetsa maitlhomo a bopelotshetlha, re batla go di dirisetsa dilo tse di amanang le Bogosi le go thusa batho ba ba tlhokang. Fa re ikanyega ka tsela eno, re nna ditsala le Jehofa Modimo le Jesu Keresete, bone ba ba nang le ‘mafelo a bonno a bosakhutleng.’ Ba tla re amogela mo mafelong ano, ba re naya botshelo jo bo sa khutleng kwa legodimong kgotsa mo Paradaiseng mo lefatsheng.

11. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshaba go bolelela beng ba matlo gore re amogela meneelo e e thusang mo tirong e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe?

11 Ela tlhoko gape gore re a bo re naya batho eng ba re ba tsamaisetsang Dibaebele le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng fa re ba bolelela molaetsa wa Bogosi mme re ba tlhalosetsa gore re amogela meneelo e e ka thusang mo tirong e e dirwang ke batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Re a bo re ba naya sebaka sa gore ba dirise dithoto tsa bone sentle. Le fa tota mafoko a a mo go Luke 16:10 a amana le tsela e re dirisang dikhumo ka yone, molaomotheo wa temana eno o dira le mo dikarolong tse dingwe tsa botshelo.

Go Ikanyega mo go Dueleng Dikoloto Tsa Rona, Makgetho le Kwa Tirong

12, 13. Re ka bontsha go ikanyega mo dilong dife?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Ruri ‘dilo tsotlhe’ di akaretsa sengwe le sengwe se se amanang le go dirisa madi. Re duela dikoloto tsa rona le makgetho ka bonako e bile re dira jalo ka boikanyegi. Ka ntlha yang? Re dira jalo ka ntlha ya segakolodi sa rona mme segolobogolo ka ntlha ya go rata Modimo le go ikobela ditaelo tsa gagwe. (Baroma 13:5, 6) Re itshwara jang fa re sela sengwe se e seng sa rona? Re leka go se busetsa kwa go mong wa sone. A bo e nna bosupi jo bo molemo jang ne fa re tlhalosa se se re tlhotlheleditseng go busa dilwana tsa motho yoo!

13 Go ikanyega mo dilong tsotlhe go akaretsa le go ikanyega kwa tirong. Fa re ikanyega mo tseleng e re dirang ka yone kwa tirong, seo se bontsha gore re obamela Modimo yo o ntseng jang. Ga re ‘utswe’ nako ka go nna botshwakga. Go na le moo, re dira ka natla, jaaka e kete re direla Jehofa. (Baefeso 4:28; Bakolosa 3:23) Go fopholediwa gore kwa nageng nngwe kwa Yuropa, nngwetharong ya bathapiwa ba ba kopang lekwalo la ngaka le le ba gololang gore ba se ka ba tla tirong, tota ba a bo ba sa lwale. Batlhanka ba Modimo ba boammaaruri ga ba dire diipato gore ba se ka ba ya tirong. Ka dinako tse dingwe, Basupi ba ga Jehofa ba tlhatlosiwa maemo kwa tirong ka gonne bathapi ba bona gore ba a ikanyega e bile ba dira ka natla.—Diane 10:4.

Go Ikanyega mo Bodireding Jwa Rona Jwa Bokeresete

14, 15. Dingwe tsa ditsela tse re ka ikanyegang ka tsone mo bodireding jwa Bokeresete ke dife?

14 Re bontsha boikanyegi jang mo bodireding jo re bo neilweng? Baebele ya re: “A ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo ka ene sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” (Bahebera 13:15) Tsela ya konokono ya go bontsha go ikanyega mo bodireding jwa tshimo ke ka go nna le seabe mo go jone ka metlha. Ruri ga go na lebaka la go letla kgwedi e feta re sa rera kaga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe. Go nna le seabe ka metlha mo tirong ya go rera go re thusa le gore re tokafatse bokgoni jwa rona.

15 Tsela e nngwe e e molemo ya go bontsha boikanyegi mo tirelong ya tshimo ke ka go dirisa dikakantsho tse di mo dikgatisong tsa Tora ya Tebelo le Tirelo ya Rona ya Bogosi. Fa re baakanyetsa re bo re dirisa dipuisano tse di akantshitsweng kgotsa tse dingwe tse di tshwanelang, ruri re tla nna le matswela a a molemo mo bodireding? Fa re kopana le mongwe yo o kgatlhegelang molaetsa wa Bogosi, a re itlhaganelela go boela kwa go ene? Mme go tweng ka batho ba ba kgatlhegang ba re simololang go ithuta Baebele le bone kwa magaeng a bone? A re a ikanyega ka go tshwara dithuto tseo ka metlha? Go itshupa re ikanyega mo bodireding go ka dira gore rona mmogo le ba ba re reetsang ba bone botshelo.—1 Timotheo 4:15, 16.

Go Nna re se Karolo ya Lefatshe

16, 17. Re ka bontsha ka ditsela dife gore re kgaogane le lefatshe?

16 Fa Jesu a ne a rapela Modimo o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Ke ba neile lefoko la gago, mme lefatshe le ba tlhoile, ka gonne ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe. Ke a go kopa, e seng gore o ba ntshe mo lefatsheng, fa e se gore o ba tlhokomele ka ntlha ya yo o boikepo. Ga ba karolo ya lefatshe, fela jaaka nna ke se karolo ya lefatshe.” (Johane 17:14-16) Re ka tswa re ititeile sehuba gore re tla nna re ikgaogantse le lefatshe mo dikgannyeng tse dikgolo tse di jaaka boitlhaodi, malatsi a boikhutso le dingwao tsa bodumedi le boitsholo jo bo sa siamang. Mme go tweng ka dilo tse dinnye? A re ka tswa re tlhotlhelediwa ke ditsela tsa lefatshe, gongwe re sa lemoge? Ka sekai, fa re se kelotlhoko, a bo go ka nna motlhofo jang gore tsela e re aparang ka yone e nne e e se nang seriti le e e sa tshwanelang! Go ikanyega go tlhoka “boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo” mo dikgannyeng tse di amanang le moaparo le go ikgabisa. (1 Timotheo 2:9, 10) Ee, “ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopisa, gore bodiredi jwa rona bo se ka jwa bonwa molato; mme ka tsela nngwe le nngwe re itshupa re le badiredi ba Modimo.”—2 Bakorintha 6:3, 4.

17 E re ka re batla go tlotla Jehofa, re apara ka tsela e e nang le seriti fa re ya dipokanong tsa rona tsa phuthego. Go ntse jalo le fa re kopana re le bantsi kwa dikopanong tsa rona tse dinnye le tse dikgolo. Re tshwanetse go apara ka tsela e e tshwanelang le e e tlotlegang. Seno e nna bosupi mo go ba bangwe ba ba re bonang. Tota le baengele ba ela tiro ya rona tlhoko, fela jaaka ba ile ba dira ka tiro ya ga Paulo le ditsala tsa gagwe tsa Bakeresete. (1 Bakorintha 4:9) Tota e bile, re tshwanetse gore ka dinako tsotlhe re nne re apere ka tsela e e tshwanelang. Bangwe ba ka tsaya go ikanyega mo kgannyeng ya moaparo e le kgang e e sa reng sepe, mme mo matlhong a Modimo e botlhokwa.

Melemo ya go Ikanyega

18, 19. Go ikanyega go na le melemo efe?

18 Bakeresete ba boammaaruri ba tlhalosiwa e le “balebedi ba ba molemo ba bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo jo bo bontshiwang ka ditsela tse di farologaneng.” Ka jalo, ba “ikaegile ka nonofo e Modimo a e nayang.” (1 Petere 4:10, 11) Mo godimo ga moo, rona jaaka balebedi re neilwe dilo tse tota e seng tsa rona—e leng dilo tse di bontshang bopelonomi jwa Modimo jo bo sa re tshwanelang, go akaretsa le bodiredi. Fa re ntse re dira tiro ya go itshupa re le balebedi ba ba molemo, re ikaega ka maatla a re a newang ke Modimo, “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakorintha 4:7) A bo eo e le thapiso e e molemo jang ne e e tla re thusang go lebana le diteko le fa e ka nna dife mo isagweng!

19 Mopesalema o ne a opela jaana: “Ratang Jehofa, lona lotlhe batho ba gagwe ba ba ikanyegang. Jehofa o dibela ba ba ikanyegang.” (Pesalema 31:23) A re ititeyeng sehuba gore re ikanyege, re tlhomamisega thata gore Jehofa ke “Mmoloki wa batho ba mefuta yotlhe, segolobogolo wa ba ba ikanyegang.”—1 Timotheo 4:10.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ‘ikanyega mo go se sebotlana thata’?

• Re ka ikanyega jang

mo go dueleng dikoloto, makgetho le kwa tirong?

mo bodireding?

mo kgannyeng ya go nna re kgaogane le lefatshe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Ba ne ba ikanyega mo go se sebotlana; mme ba ikanyega le mo go se segolo

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

‘Itshwareng ka boikanyegi mo dilong tsotlhe’

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Tsela e e molemo ya go bontsha go ikanyega ke go baakanyetsa sentle fa o ya bodireding jwa tshimo

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Apara o bo o ipaakanye ka tsela e e nang le seriti