Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dithuto Tsa Boammaaruri—O ka Di Bona Kae?

Dithuto Tsa Boammaaruri—O ka Di Bona Kae?

Dithuto Tsa Boammaaruri—O ka Di Bona Kae?

MONNA mongwe kwa Tibet o dikolosa leotwana le le kwadilweng dithapelo. O dumela gore o boaboeletsa dithapelo tsa gagwe nako le nako fa a dikolosa leotwana leo. Kwa ntlong nngwe e kgolo kwa India, go dirisiwa kamore nngwe e nnye go dira kobamelo ya Sehindu ya puja—e e akaretsang go ntshetsa medimo le medimogadi e e farologaneng ditlhabelo tsa maswalo, dithunya le dilo tse dingwe. Kwa lefelong le lengwe le le sekgala sa dikilometara di le diketekete go tswa fano, kwa Italy, mosadi mongwe mo kerekeng e e kgabisitsweng thata o khubama fa pele ga setshwantsho sa ga Marea, mmaagwe Jesu, mme o rapela a tshwere dibaga tsa rosari.

Gongwe o ka tswa o iponetse kafa bodumedi bo tlhotlheletsang matshelo a batho ka teng. Buka ya The World’s Religions—Understanding the Living Faiths ya re: “Bodumedi . . . e sa le bo ntse bo tsewa bo le botlhokwa thata mo ditšhabeng tsa lefatshe lotlhe.” Mo bukeng ya God—A Brief History, mokwadi wa yone John Bowker a re: “Ga go na setšhaba sepe sa batho se Modimo a iseng a nne karolo ya sone ka tsela nngwe, gantsi e a bo e le ene a se laolang kgotsa a se bopileng. Go ntse jalo le mo ditšhabeng tse di ipoleletseng gore ga di batle go dumela mo Modimong.”

Eleruri bodumedi bo tlhotlheleditse matshelo a batho ba le bantsintsi. A seno ga se bosupi jo bo nonofileng jwa gore motho o tlhoka dilo tsa bodumedi e bile o a di tlhologelelwa? Moithutatlhaloganyo mongwe yo o itsegeng e bong Dr. Carl G. Jung mo bukeng ya gagwe ya The Undiscovered Self, a re batho ba tlhoka go obamela mongwe yo o maatla go gaisa botlhe e bile a re “seno se bonala mo hisitoring yotlhe ya batho.”

Le fa go ntse jalo, batho ba bantsi ga ba ipolele gore ba dumela mo Modimong e bile ga ba na kgatlhego mo bodumeding. Lebaka la konokono le le dirang gore bangwe ba belaele kana ba ganetse gore Modimo o teng ke ka gonne madumedi a bone a paletswe ke go ba naya se ba se tlhokang semoyeng. Bodumedi bo tlhalosiwa go twe ke “go ineela mo melaometheong mengwe; go ineela ka botlalo kgotsa ka boikanyegi; go emela se se siameng; go rata kgotsa go ikamanya le dilo tsa bomodimo.” Go ya ka tlhaloso eno, mo e ka nnang batho botlhe, go akaretsa le balatolamodimo ba bontsha gore ba ineetse ka tsela nngwe mo melaometheong e ba e dumelang, jaaka e kete ke bodumedi jwa bone.

Mo dingwageng di le diketekete tse motho a di tshetseng o ile a lekeletsa mefuta e e farologaneng ya kobamelo a leka go fitlhelela dilo tse a di tlhokang semoyeng. Seno se feletse ka gore go nne le dikgopolo di le dintsi thata tse di farologaneng tsa bodumedi mo lefatsheng lotlhe. Ka sekai, le fa mo e ka nnang madumedi otlhe a dumela gore go na le maatla mangwe a a fetang a motho, ga a dumalane ka gore maatla ao ke mang kgotsa ke eng. Gape ditumelo tse dintsi di buelela thata botlhokwa jwa go bolokwa kana jwa go gololwa. Mme ba ruta dilo tse di farologaneng malebana le se poloko e leng sone le kafa e ka bonwang ka teng. E re ka go na le ditumelo tse dintsi jaana tse di sa tshwaneng, re ka kgona jang go bona dithuto tsa boammaaruri tse di itumedisang Modimo?