“Yo o Botlhale o Akanyetsa Dikgato Tsa Gagwe”
“Yo o Botlhale o Akanyetsa Dikgato Tsa Gagwe”
MOTHO yo o botlhale o na le bokgoni jwa go rarabolola mathata, o dira ditshwetso ka tsela e e botlhale, o bonako go lemoga mathata ao e bile ke motho yo o dirisang temogo. Ga se motho yo o boferefere kgotsa yo o tsietsang ba bangwe. Diane 13:16 ya re: “Mongwe le mongwe yo o botlhale o tla dira ka kitso.” Ee, botlhale ke nonofo e e eletsegang.
Re ka bontsha jang gore re dira dilo ka tsela e e botlhale mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi? Re bontsha jang nonofo eno ka dilo tse re di tlhophang, tsela e re tshwarang ba bangwe ka yone le kafa re itshwarang ka teng mo maemong a a farologaneng? Batho ba ba botlhale ba bona melemo efe? Ba tila masetlapelo afe? Kgosi Solomone wa Iseraele wa bogologolo o naya dikarabo tse di mosola tsa dipotso tseno, jaaka fa re bala mo go Diane 14:12-25. *
Tlhopha Tsela ya Gago ka Botlhale
Go dira ditshwetso ka tsela e e botlhale le go atlega mo botshelong eleruri go tlhoka bokgoni jwa go farologanya se se siameng mo go se se sa siamang. Le fa go ntse jalo, Baebele e tlhagisa jaana: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.” (Diane 14:12) Ka jalo, re tshwanetse go ithuta go farologanya se tota se siameng mo go se se bonalang se siame. Polelwana e e reng “ditsela tsa loso” e bontsha gore go na le ditsela tse dintsi tse di ntseng jalo tse di tsietsang. Akanya ka dikarolo dingwe tse re tshwanetseng go di ela tlhoko le go di tila.
Gantsi batho ba ba humileng le ba ba itsegeng ba lefatshe ba lebiwa e le batho ba ba tlotlegang ba ba tshwanetseng go tseelwa kwa godimo. Go bo e le batho ba ba itsegeng mo setšhabeng e bile ba humile go ka dira gore go bonale e kete tsela e ba dirang dilo ka yone e siame. Le fa go le jalo, go tweng ka ditsela tse batho ba bantsi ba ba ntseng jalo ba di dirisang go bona khumo kgotsa botumo? A ditsela tsa bone ke tsa go dira dilo ka boikanyegi e bile a ke tse di siameng ka metlha? Gape, go na le batho bangwe ba ba tlhagafaletseng thata bodumedi jwa bone. A mme tlhoafalo ya bone e supa gore se ba se dumelang se siame?—Baroma 10:2, 3.
Gape, tsela nngwe e ka lebega e siame mo go rona ka go bo re itsietsa. Fa re dira ditshwetso tsa rona go ya ka se re dumelang gore se siame tota re a bo re ikaega ka pelo ya rona e e boferefere. (Jeremia 17:9) Segakolodi se se sa rutiwang sentle le se se sa thapisiwang se ka dira gore re akanye gore tsela e e phoso e siame. Jaanong he, ke eng se se tla re thusang go tlhopha tsela e e siameng?
Go botlhokwa gore re ithute ka tlhoafalo dithuto tse di boteng tsa Lefoko la Modimo fa re batla go nna le ‘bokgoni jwa go lemoga jo bo thapisitsweng gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.’ Mo godimo ga moo, re tshwanetse go thapisa bokgoni jono ‘ka go bo dirisa’, re dire jalo ka go dirisa melaometheo ya Baebele. (Bahebera 5:14) Re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra letlelela tsela e e bonalang e siame go re dira gore re tswe mo ‘tseleng e e pitlaganeng e e isang botshelong.’—Mathaio 7:13, 14.
Fa ‘Pelo e ka Tswa e Hutsafetse’
A re ka kgona go itumela fa re se na kagiso ya mogopolo? A go tshega le go ijesa monate go ka fokotsa bohutsana jo bogolo jo motho a nang le jone? A go botlhale go leka go fedisa go tshwenyega ga rona mo maikutlong ka go nwa bojalwa, go Diane 14:13a.
dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang kgotsa ka go tshela botshelo jwa boitshwaro jo bo sa siamang? Nnyaa. Kgosi e e botlhale ya re: “Mo setshegong pelo e ka nna ya bo e le mo khutsafalong.”—Go tshega go ka dira gore go se ka ga bonala gore motho o hutsafetse, mme ga go ka ke ga fedisa khutsafalo. Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” Eleruri, go na le “nako ya go lela le nako ya go tshega; nako ya go hutsafala le nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:1, 4) Fa go tshwenyega ga rona mo maikutlong go sa fele, re tshwanetse go tsaya dikgato go leka go laola bothata joo, re batle “kaelo e e botswerere” fa go tlhokega. (Diane 24:6) * Go tshega le go ijesa monate go na le molemo mongwe, mme ga go re tswele mosola go le kalo. Solomone o bolela jaana fa a tlhagisa ka mefuta e e sa siamang ya go itumela le boitlosobodutu jo bo feteletseng: “Boipelo bo felela ka khutsafalo.”—Diane 14:13b.
Motho Yo o Se Nang Tumelo Le yo O Molemo ba Kgotsofadiwa Jang?
Kgosi ya Iseraele e tswelela pele jaana: “Yo o se nang tumelo mo pelong o tla kgotsofadiwa ke diphelelo tsa ditsela tsa gagwe, mme motho yo o molemo o tla kgotsofadiwa ke diphelelo tsa ditiro tsa gagwe.” (Diane 14:14) Motho yo o se nang tumelo le yo o molemo ba kgotsofadiwa jang ke diphelelo tsa ditiro tsa bone?
Motho yo o se nang tumelo ga a tshwenyege ka go ikarabela mo Modimong. Ka jalo, mo mothong yo o se nang tumelo ga go botlhokwa go dira se se siameng fa pele ga ga Jehofa. (1 Petere 4:3-5) Motho yo o ntseng jalo o kgotsofaletse diphelelo tsa mokgwa wa botshelo jwa gagwe wa go rata dikhumo. (Pesalema 144:11-15a) Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o molemo, o kgatlhegela go dira se se siameng mo matlhong a Modimo. Mo ditirong tsotlhe tsa gagwe, o kgomarela melaometheo e e siameng ya Modimo. Motho yo o ntseng jalo o kgotsofaletse diphelelo tsa ditiro tsa gagwe ka gonne Jehofa ke Modimo wa gagwe e bile o tlelwa ke boitumelo jo bogolo thata ka ntlha ya go direla Mogodimodimo.—Pesalema 144:15b.
O se Ka wa “Dumela Lefoko Lengwe le Lengwe”
Solomone o bolela jaana fa a bapisa ditsela tsa motho yo o se nang maitemogelo le yo o botlhale: “Ope fela yo o se nang maitemogelo o dumela lefoko lengwe le lengwe, mme yo o botlhale o akanyetsa dikgato tsa gagwe.” (Diane 14:15) Motho yo o botlhale ga a tsiediwe motlhofo fela. Go na le gore a dumele sengwe le sengwe fela se a se utlwang kgotsa go letla ba bangwe gore ba mo direle ditshwetso, o ela tlhoko dikgato tsa gagwe ka botlhale. O dira gore a nne le dintlha tsotlhe mme go tswa foo, a bo a dira dilo ka botlhale.
Ka sekai, akanya ka potso eno, “A Modimo o Teng?” Gantsi motho yo o se nang maitemogelo o dira dilo tse di dirwang ke mongwe le mongwe kgotsa o dumela dilo tse batho ba ba itsegeng ba di dumelang. Kafa letlhakoreng le lengwe, motho yo o botlhale ene o tsaya nako go sekaseka dintlha tsotlhe. O akanya ka makwalo a a tshwanang le Baroma 1:20 le Bahebera 3:4. Mo dilong tsa semoya, motho yo o botlhale ga a amogele motlhofo fela se se buiwang ke baeteledipele ba bodumedi. O ‘tlhatlhoba dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di tswa mo Modimong.’—1 Johane 4:1.
A bo go le botlhale jang ne go utlwa kgakololo ya gore re se ka ra ‘dumela lefoko lengwe le lengwe’! Ba ba neilweng boikarabelo jwa go gakolola ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete ba tshwanetse go tsaya seno tsia. Motho yo o gakololang yo mongwe o tshwanetse go itse dintlha tsotlhe pele tsa se se diragetseng. O tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko mme a dire gore a nne le dintlha tsotlhe gore kgakololo ya gagwe e nne e e utlwalang sentle, e se ka ya nna e e theilweng mo go reetseng motho a le mongwe fela yo o nang le bothata.—Diane 18:13; 29:20.
“Motho yo o Nang le Bokgoni Jwa go Akanya o Tlhoilwe”
Kgosi ya Iseraele e bolela jaana fa e tlhalosa pharologanyo e nngwe gape fa gare ga batho ba ba botlhale le dieleele, ya re: “Yo o botlhale o a boifa mme o fapoga bosula, mme sematla se a shakgala e bile se a itshepa. Yo o bonako go galefa o tla dira boeleele, mme motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya o tlhoilwe.”—Diane 14:16, 17.
Motho yo o botlhale o boifa diphelelo tsa go latela tsela e e phoso. Ka jalo, o kelotlhoko mme o anaanela kgakololo epe fela e e mo thusang go tila go dira se se sa siamang. Seeleele sone ga se boife sepe. E re ka se itshepa bobe, se tlhokomologa kgakololo ya ba bangwe. E re ka motho yo o ntseng jalo a rata go galefa motlhofo fela, o feleletsa a dirile dilo ka tsela ya boeleele. Mme ke ka ntlha yang fa motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya a tlhoilwe?
Polelwana e e reng “bokgoni jwa go akanya” e e ranotsweng go tswa mo puong ya ntlhantlha, e na le ditlhaloso tse pedi. Fa polelwana eno e dirisiwa ka tsela e e siameng, e ka raya temogo kgotsa botlhale. (Diane 1:4; 2:11; 3:21) Mme fa e dirisiwa ka tsela e e sa siamang, e ka raya dikgopolo tse di boikepo kgotsa go akanya ka go direla ba bangwe bosetlhogo.—Pesalema 37:7; Diane 12:2; 24:8.
Fa polelwana e e reng “motho yo o nang le bokgoni jwa go akanya” e raya motho yo o logang maano a a bosula, go motlhofo go bona lebaka la go bo motho yoo a ilwa. Le fa go ntse jalo, a ga go boammaaruri gore motho yo o nang le temogo le ene a ka nna a tlhoiwa ke ba ba se nang nonofo eno? Ka sekai, ba ba dirisang bokgoni jwa bone jwa go akanya ba bo ba tlhopha ‘go se nne karolo ya lefatshe’ ba tlhoiwa ke lefatshe. (Johane 15:19) Basha ba Bakeresete ba ba dirisang bokgoni jwa bone jwa go akanya le go ganana le kgatelelo e e sa siamang ya balekane gore ba tile boitshwaro jo bo sa siamang ba a sotliwa. Boammaaruri ke gore baobamedi ba boammaaruri ba ilwa ke lefatshe le le namaletseng mo maatleng a ga Satane Diabolo.—1 Johane 5:19.
“Batho ba ba Bosula ba Tla Tshwanelwa ke go Ikoba”
Batho ba ba botlhale ba farologana le ba ba se nang maitemogelo ka tsela e nngwe gape. “Ba ba se nang maitemogelo ruri ba tla rua boeleele, mme ba ba botlhale ba tla rwala kitso jaaka serwalo sa tlhogo.” (Diane 14:18) Ba ba se nang maitemogelo ba dira dilo tsa boeleele ka go bo ba se na temogo. Seno e nna tsela e ba dirang dilo ka yone mo botshelong jwa bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, kitso e kgabisa ba ba botlhale fela jaaka serwalo sa bogosi se kgabisa kgosi.
Kgosi e e botlhale ya re: “Batho ba ba bosula ba tla tshwanelwa ke go ikoba fa pele ga ba ba molemo, mme batho ba ba boikepo kwa dikgorong tsa mosiami.” (Diane 14:19) Ka mafoko a mangwe, bosula bo tla fenngwa ka molemo. Akanya ka koketsego le tsela e e molemo go di gaisa ya botshelo e batho ba Modimo ba e itumelelang gompieno. Fa baganetsi bangwe ba bona masego ano a tshololelwa mo batlhankeng ba ga Jehofa, ba tla patelesega go ‘ikobela’ mosadi wa ga Jehofa wa tshwantshetso yo o kwa legodimong, yo o emelwang ke masalela a batlodiwa mo lefatsheng. Le fa ba ka nna ba se ka ba dira jalo gone jaanong, go ka direga gore ka Haramagedona, baganetsi bao ba patelesege go dumela gore karolo ya phuthego ya Modimo e e mo lefatsheng ruri e emela karolo ya selegodimo.—Isaia 60:1, 14; Bagalatia 6:16; Tshenolo 16:14, 16.
‘Go Utlwela ba ba Bogisiwang Botlhoko’
Solomone o ne a bolela jaana fa a akgela ka tsela e batho ka tlholego fela ba ntseng ka yone: “Mohumanegi o tlhoilwe le ke mongwe ka ene, mme ditsala tsa mohumi di dintsi.” (Diane 14:20) A bo seno se le boammaaruri jang ne ka batho ba ba sa itekanelang! Ka go bo ba sekametse mo go nneng bogapapa, ba rata bahumi go na le bahumanegi. Le fa ditsala tsa mohumi di le dintsi, ke ba nakwana fela jaaka khumo ya gagwe. Ka jalo, go botlhokwa gore re tlogele go itirela ditsala le batho fela ka ntlha ya go bo ba na le madi kgotsa ka go dirisa mafoko a a tsietsang mo go bone gore ba nne ditsala tsa rona?
Re tla dirang fa e re re sena go itshekatsheka, re bo re lemoga gore re rata batho ba ba humileng mme re nyatsa ba ba humanegileng? Re tshwanetse go lemoga gore Baebele e kgala go nna le moya o o ntseng jalo. Ya re: “Yo o nyatsang mongwe ka ene o a leofa, mme go itumela yo o utlwelang ba ba bogisiwang botlhoko.”—Diane 14:21.
Re tshwanetse go akanyetsa ba ba leng mo maemong a a boima. (Jakobe 1:27) Re ka dira seno jang? Ka go ba naya ‘dilo tsa lefatshe leno tse di tshegetsang botshelo,’ e leng dilo tse di akaretsang madi, dijo, bonno, diaparo le ka go ipha nako le bone. (1 Johane 3:17) Go itumela yo o ratang ba ba ntseng jalo ka go bo “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.
Dilo di ba Tsamaela Jang?
Molaomotheo o o reng “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape” o dira mo mothong yo o botlhale le yo o seng botlhale. (Bagalatia 6:7) Motho yo o botlhale o dira dilo tse di siameng; mme seeleele sone se loga maano a a sa siamang. Kgosi e e botlhale e botsa jaana: “A ba ba logang maano a a bosula ga ba na go kgarakgatshega?” Karabo ke gore ba a ‘timela.’ (Baebele e e Boitshepo) “Mme go na le bopelonomi jwa lorato le boammaaruri ka ga ba ba rerang go dira se se molemo.” (Diane 14:22) Ba ba dirang dilo tse di siameng ba itumelela go amogelwa ke ba bangwe e bile Modimo o ba bontsha bopelonomi jwa lorato.
Solomone o bolela jaana fa a amanya go atlega le go bereka ka natla le fa a amanya go palelwa ga motho le go bua thata a sa bereke: “Letsapa la mofuta mongwe le mongwe le solegela molemo, mme lefoko la dipounama le gogela kwa letlhokong.” (Diane 14:23) Eleruri molaomotheo ono o dira mo dilong tsa semoya tse re lekang go di fitlhelela. Fa re bereka ka natla mo bodireding jwa Bokeresete, re bona melemo ya go itsise ba bangwe ba le bantsi boammaaruri jo bo bolokang botshelo jwa Lefoko la Modimo. Fa re dira ka boikanyegi tiro epe ya puso ya Modimo e re e amogelang, seno se dira gore re itumele re bo re kgotsofale.
Diane 14:24 ya re: “Serwalo sa ba ba botlhale ke dikhumo tsa bone; boeleele jwa dimatla ke boeleele.” Seno se ka raya gore khumo e batho ba ba botlhale ba kgaratlhelang go nna le yone ke botlhale mme botlhale joo bo nna jaaka serwalo se sentle kgotsa mokgabo. Kafa letlhakoreng le lengwe, dieleele tsone di bapala boeleele fela. Go ya ka buka nngwe, seane seno se ka raya gape gore “khumo ke mokgabo mo go ba ba e dirisang sentle . . . [fa] dieleele tsone di na le boeleele fela.” Le fa bokao jwa seane seno e ka tswa e le bofe, motho yo o botlhale o atlega go gaisa seeleele.
Kgosi ya Iseraele ya re: “Mosupi wa boammaaruri o golola meya, mme yo o tsietsang o bilola maaka.” (Diane 14:25) Le fa seno se le boammaaruri fa re tla mo dilong tsa molao, akanya gore seno se kaya eng ka bodiredi jwa rona. Tiro ya rona ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa e akaretsa go neela bosupi ka boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. Bosupi joo bo golola batho ba dipelo tse di siameng mo bodumeding jwa maaka e bile bo boloka matshelo. Ka go nna re itlhokometse le go tlhokomela go ruta ga rona, re tla ipoloka re bo re boloke le ba ba re reetsang. (1 Timotheo 4:16) Jaaka fa re tswelela pele go dira seno, a re nneng re tlhagafetse go bontsha botlhale mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 3 Go bona setlhogo se se tlotlang ka Diane 14:1-11, bona makasine wa Tora ya Tebelo, ya November 15, 2004, tsebe 26-9.
^ ser. 11 Bona makasine wa Tsogang! wa October 22, 1987, tsebe 11–16 (ka Seesemane).
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go botlhokwa gore re ithute ka tlhoafalo dithuto tse di boteng tsa Lefoko la Modimo fa re batla go farologanya se se siameng le se se sa siamang
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
A tota botshelo jwa go rata dikhumo bo a kgotsofatsa?