Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Fitlhela go le Thata go Laola Maikutlo a Gago?

A o Fitlhela go le Thata go Laola Maikutlo a Gago?

A o Fitlhela go le Thata go Laola Maikutlo a Gago?

MO E batlang e le dingwaga tsotlhe tsa botshelo jwa ga Lena, o ntse a lwa le maikutlo a a sa siamang a go inyatsa. O ne a re: “Go bo ke ile ka sotlwa ka lobaka lo loleele ka tsa tlhakanelodikobo ke sa le ngwana go dirile gore ke inyatse. Ke ne ke ikutlwa ke se motho wa sepe le e seng.” Simone le ene o akanya ka nako ya bosha jwa gagwe mme a re: “Ke ne ke ikutlwa ke hutsafetse tota, ke akanya e bile ke dumela gore ga ke na mosola.” Batho ba bantsi ba na le maikutlo a a ntseng jalo gompieno mme seno se dira gore ba tlhoke boitumelo ka selekanyo se se boitshegang. Mokgatlho mongwe o basha ba leletsang kwa go one go bona thuso wa re mo e ka nnang halofo ya basha ba ba founang, ba re ba “nna ba na le maikutlo a gore ga se batho ba sepe.”

Go ya ka baitse bangwe, batho ba nna le maikutlo a go inyatsa fa batho ba bangwe ba dira gore ba itseele kwa tlase. Motho a ka simolola go akanya jalo fa a omanyediwa ruri, a tshwaelwa diphoso ruri kana a sotliwa. Go sa kgathalesege gore ke eng se se bakang seo, diphelelo tsa teng di ka utlwisa motho botlhoko mme tsa mo gobatsa. Mo patlisisong nngwe e e dirilweng bosheng ya tsa kalafi go ne ga lemogiwa gore batho ba ba nang le maikutlo a a sa siamang a go sa itlotle, ga ba itshepe e bile ga ba tshepe batho ba bangwe, mme seno se ka dira gore ba se ka ba tlhola ba dirisana sentle le batho ba bangwe e bile se ka fedisa botsala jo ba nang le jone le bone. Mme seo ba se dira ba sa lemoge. Pego nngwe e bolela jaana ka patlisiso eo: “Ka tsela nngwe ba ‘ipakela’ one mathata a ba a tshabang thata.”

Gantsi batho ba ba ikutlwang jalo ke ba Baebele e tlhalosang gore ‘ba na le dikakanyo tse di tlhobaetsang.’ (Pesalema 94:19) Ba tsaya gore ga ba ke ba kgona go dira sepe sentle. Fa dilo di senyega, ba ipega molato. Le fa batho ba bangwe ba ba akgolela dilo tse ba di fitlheletseng, bone mo pelong ba dumela gore tota ga ba a dira sepe se ba ka se akgolelwang le gore ba tloga ba senoga. Ka gonne bontsi jwa bone ba dumela gore ga ba a tshwanela go itumela, ba a itshotla mme ba palelwa ke go tswa mo seemong seo. Lena, yo o umakilweng fa godimo, o ne a nna le bothata jo bogolo jwa go sa je sentle ka gonne a ne a inyatsa, mme a re: “Ke ne ke sa kgone go fetola boemo jo ke neng ke le mo go jone.”

A batho ba ba lwang le ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang’ ba tla ikutlwa jalo botshelo jwa bone jotlhe? A go na le sengwe se se ka dirwang go lwantsha maikutlo ao? Baebele e na le melaometheo le kgakololo e e molemo e e thusitseng batho ba le bantsi gore ba atlege go lwantsha maikutlo ao. Mengwe ya melaometheo eno ke efe, mme e thusitse jang batho ba ba nang le maikutlo ano gore ba itumelele botshelo? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa.