Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele E ka Go Thusa go Bona Boitumelo

Baebele E ka Go Thusa go Bona Boitumelo

Baebele E ka Go Thusa go Bona Boitumelo

LE FA Baebele e se buka ya kalafi, e umaka kafa maikutlo—a a siameng le a a sa siamang—a ka amang ka teng botsogo jwa motho jwa tlhaloganyo le jwa mo mmeleng. Baebele ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi, mme moya o o hutsafetseng o omisa marapo.” Gape re bala jaana: “A o itshupile o kgobegile marapo mo letsatsing la matshwenyego? Maatla a gago a tla tlhaela.” (Diane 17:22; 24:10) Go kgobega marapo go ka monya nonofo ya rona, ga re dira gore re ikutlwe re le bokoa e bile re le batho ba ba ka tlhaselwang motlhofo, mme ga dira gore re se ka ra batla go fetoga kana go batla thuso.

Gape go kgobega marapo go ka ama motho semoyeng. Batho ba ba ikutlwang ba se na mosola gantsi ba nna le maikutlo a gore ba ka se nne le kamano e e molemo le Modimo le gore a ka se ba segofatse. Simone, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a belaela gore a ke “mofuta wa motho yo Modimo a mo amogelang.” Le fa go ntse jalo, fa re bala Lefoko la Modimo, Baebele, re bona gore Modimo o amogela batho ba ba lekang go mo itumedisa.

Ruri Modimo o Amega ka Wena

Baebele e re bolelela gore “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.” Modimo ga a nyatse “pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng,” mme o solofetsa go ‘rudisa moya wa ba ba kwa tlase le go rudisa pelo ya ba ba gateletsweng.’—Pesalema 34:18; 51:17; Isaia 57:15.

Nako nngwe, Jesu, Morwa Modimo, o ne a bona go tlhokega gore a tlhalosetse barutwa ba gagwe gore Modimo o bona molemo o batlhanka ba Gagwe ba o dirang. O ne a dirisa setshwantsho mme a tlhalosa gore Modimo o bona thaga fa e wela fa fatshe—selo se batho ba bantsi ba se tsayang se sa re sepe. Gape o ne a tlhalosa gore Modimo o itse le dilo tse dinnye thata ka batho, le palo ya meriri e e mo ditlhogong tsa bone. Jesu o ne a konela setshwantsho seno ka gore: “Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29-31) * Jesu o ne a bontsha gore go sa kgathalesege gore batho ka bongwe ba iteba jang, batho ba ba nang le tumelo ba tlhwatlhwakgolo mo matlhong a Modimo. Tota e bile moaposetoloi Petere o re gakolola gore, “Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.

Leba Dilo ka Tsela e e Tshwanetseng

Lefoko la Modimo le re kgothatsa gore re itebe ka tsela e e tshwanetseng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a tlhotlheleditswe: “Ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jo ke bo neilweng ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle, mongwe le mongwe kafa Modimo a mo abetseng selekanyo sa tumelo ka gone.”—Baroma 12:3.

Ee ruri ga re batle go itseela kwa godimo thata mo re tla felelang re ikgogomosa; mme gape ga re batle go feteletsa dilo re bo re itseela kwa tlase thata. Re tshwanetse go iteba ka tsela e e tshwanetseng, re akanyetsa dilo tse re dirang sentle mo go tsone le tse re tlhaelang mo go tsone. Mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Ga ke motho yo o bosula; mme gape ga ke motho yo o tlhomologileng thata. Ke na le diphoso fela jaaka mongwe le mongwe.”

Mme gone, ga go motlhofo go leba dilo jalo ka tsela e e tshwanetseng. Re ka nna ra tlhoka go tsaya matsapa a magolo gore re tlogele go iteba ka tsela e e sa siamang e re ka tswang re sa bolo go iteba ka yone ka lobaka lo loleele. Le fa go ntse jalo, Modimo a ka re thusa go fetola botho jwa rona le tsela e re lebang botshelo ka yone. Tota e bile, ke sone se Lefoko la Modimo le re kgothaletsang go se dira. Re bala jaana: “Lo latlhe botho jo bogologolo jo bo dumalanang le tsela ya lona ya pele ya boitshwaro le jo bo senngwang go ya ka dikeletso tsa jone tse di tsietsang; mme . . . lo dirwe basha mo maatleng a a tlhotlheletsang mogopolo wa lona, le gore lo apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.”—Baefeso 4:22-24.

Fa re leka go fetola ‘maatla a a tlhotlheletsang mogopolo wa rona,’ ke gore, tshekamelo ya mogopolo wa rona, re ka fetola botho jwa rona gore re se ka ra inyatsa thata mme re itebe ka tsela e e tshwanetseng. Lena yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a lemoga gore fa a sa fetole mogopolo ka kgang ya gore ga go na motho ope yo o ka mo ratang kana yo o ka mo thusang, ga go na sepe se se ka fetolang tsela e ene a itebang ka yone. Ke kgakololo efe e e molemo e e fitlhelwang mo Baebeleng e e thusitseng Lena, Simone le ba bangwe gore ba fetoge jalo?

Melaometheo ya Baebele e e Thusang go Bona Boitumelo

“Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme ene o tla go tshegetsa.” (Pesalema 55:22) Sa ntlhantlha, thapelo e ka re thusa go bona boitumelo jwa mmatota. Simone a re: “Nako le nako fa ke ikutlwa ke kgobegile marapo, ke rapela Jehofa ke mo kopa gore a nthuse. Nako le nako fa ke mo kopa jalo ke bona tsela e a nnonotshang ka yone le e a nkaelang ka yone.” Fa mopesalema a re kgothaletsa gore re latlhele morwalo wa rona mo go Jehofa, tota o re gakolola gore Jehofa o amega ka rona e bile o re tsaya re le batho ba ba tshwanelwang ke gore a ba thuse le go ba tshegetsa. Mo bosigong jwa Tlolaganyo ya 33 C.E., barutwa ba ga Jesu ba ne ba utlwile botlhoko ka ntlha ya se Jesu a neng a se buile malebana le kgang ya gore o gaufi le go ba tlogela. Jesu o ne a ba kgothatsa gore ba rapele Rara mme gape a re: “Kopang mme lo tla amogela, gore boipelo jwa lona bo tle bo tladiwe.”—Johane 16:23, 24.

“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Jaaka Jesu a ile a ruta, go aba go dira gore motho a bone boitumelo jwa mmatota mo botshelong. Go dirisa boammaaruri jono jwa Baebele go re thusa gore re akanye thata ka dilo tse di tlhokwang ke batho ba bangwe e seng tse rona re tlhaelang mo go tsone. Fa re thusa ba bangwe mme re bona kafa ba itumelang ka teng, seo se a re kgotsofatsa. Lena o tlhatswegile pelo gore go rerela baagelani ba gagwe dikgang tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng go mo thusa ka ditsela tse pedi. A re: “Sa ntlha, go dira gore ke itumele ke bo ke kgotsofale jaaka Jesu a buile. Sa bobedi, batho ba bantsi ba arabela sentle mme seo se dira gore ke itumele.” Fa re ithaopa ka bopelotshweu, re tla diragalelwa ke mafoko ano a Diane 11:25: “Yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.”

“Malatsi otlhe a yo o bogisiwang a bosula; mme yo o nang le pelo e e thamileng o nna le modiro ka metlha.” (Diane 15:15) Mongwe le mongwe wa rona o itirela tshwetso malebana le kafa a itebang ka teng le kafa a lebang maemo a gagwe ka teng. Re ka nna ra tlhopha go nna motho yo o lebang dilo tsotlhe ka tsela e e sa siamang a ba a utlwa botlhoko, kana re ka itlhophela go akanya ka tsela e e siameng, ra nna le “pelo e e thamileng,” mme ra itumela jaaka e kete re mo moketeng. Simone a re: “Ke leka go leba dilo ka tsela e e siameng. Ke nna ke tshwaregile ke ithuta ke le esi e bile ke le mo bodireding, mme ke rapela ka metlha. Gape ke itsalanya le batho ba ba itumetseng, ba ba lebang dilo ka tsela e e tshwanetseng mme ke leka go thusa ba bangwe.” Go leba dilo ka tsela e e ntseng jalo go dira gore motho a itumele, fela jaaka le Baebele e re kgothatsa jaana: “Ipeleng mo go Jehofa mme lo itumele, lona basiami; mme lo goe ka boipelo, lona lotlhe ba lo thokgameng mo pelong.”—Pesalema 32:11.

“Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” (Diane 17:17) Go tshololela mongwe yo re mo ratang maikutlo kana mongwe yo re mo ikanyang yo o ka re nayang kgakololo go ka re thusa go lebana le maikutlo a a sa siamang le go a tlosa pele ga a re fekeetsa. Go bua le ba bangwe go ka re thusa go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng, e e siameng. Simone a re: “Go bulela ba bangwe sehuba go thusa tota. O tlhoka go bolelela mongwe kafa o ikutlwang ka teng. Gantsi o tlhoka fela go ntsha se se mo mafatlheng.” Go dira jalo go tla go thusa go bona boammaaruri jwa mafoko a seane se se reng: “Go tshwenyega ka tlhobaelo mo pelong ya motho ke gone go tla e obang, mme lefoko le le molemo le a e ipedisa.”—Diane 12:25.

Se o Ka se Dirang

Re sekasekile melaometheo e se kae fela e e molemo le e e mosola e e mo Baebeleng e e ka re thusang go fenya maikutlo a a sa siamang mme ya re thusa go bona boitumelo jwa mmatota. Fa e le gore o mongwe wa batho ba ba itsayang e se batho ba sepe, re go kgothatsa gore o tlhatlhobe Lefoko la Modimo, Baebele, thata. Ithute go iteba ka tsela e e tshwanetseng le go leba kamano ya gago le Modimo sentle. Ruri re solofela gore o tla kgona go bona boitumelo jwa mmatota mo go sotlhe se o se dirang, o kaelwa ke Lefoko la Modimo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Karolo eno ya Dikwalo e tlhalosiwa ka botlalo mo tsebe 22 le 23.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Go dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong go tlisa boitumelo