Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa ke “Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo”

Jehofa ke “Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo”

Jehofa ke “Moduedi Wa ba Ba Mmatlang ka Tlhoafalo”

“Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—BAHEBERA 11:6.

1, 2. Ke eng fa batlhanka bangwe ba ga Jehofa ba lwa le maikutlo a a kgobang marapo?

“KE NA le dingwaga di ka nna 30 ke le Mosupi wa ga Jehofa, mme ga ke ise nko ke ikutlwe ke tshwanelwa ke go nna Mosupi wa ga Jehofa,” go ne ga rialo Barbara. * “Le fa ke ile ka nna mmulatsela e bile ke ile ka newa le dikabelo tse dingwe tse di kgethegileng, ga go epe ya tsone e e neng ya ntira gore ke ikutlwe ke tshwanelwa ke go nna Mosupi.” Keith le ene o bua mafoko a a tshwanang. A re: “Ka dinako tse dingwe ke ile ka ikutlwa ke sa tshwanelege ka gonne batlhanka ba ga Jehofa ba na le mabaka a le mantsi a go itumela, mme nna ke ne ke sa itumela. Seno se ne sa dira gore ke ikutlwe ke le molato e leng se se neng se gakatsa dilo le go feta.”

2 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa, ba gone jaanong le ba nako e e fetileng, ba ile ba lwa le maikutlo a a tshwanang le ano. A le wena ka dinako tse dingwe o tle o ikutlwe jalo? O ka nna wa lebana le mathata a a sa feleng fa badumedi ka wena bone ba bonala ba itumetse ba se na mathata. Seo se ka dira gore o akanye gore Jehofa ga a go amogele le gore ga a na sepe le wena. O se ka wa potlakela go nna le maikutlo a a ntseng jalo. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “[Jehofa] ga a a nyatsa le fa e le go ila pogisego ya yo o bogisiwang; mme ga a a mo fitlhela sefatlhego, o ne a utlwa fa a goela kwa go ene a kopa thuso.” (Pesalema 22:24) Mafoko ao a boporofeti a a buang ka Mesia a bontsha gore ga se fela gore Jehofa o utlwa batho ba gagwe ba ba ikanyegang mme gape o a ba duela.

3. Ke eng fa rotlhe re lebana le dikgatelelo tsa tsamaiso eno ya dilo?

3 Ga go ope yo o sa lebaneng le dikgatelelo tsa tsamaiso eno ya dilo—tota le batlhanka ba ga Jehofa. Re tshela mo lefatsheng le le laolwang ke mmaba yo mogolo wa ga Jehofa, e bong Satane Diabolo. (2 Bakorintha 4:4; 1 Johane 5:19) Batlhanka ba ga Jehofa ga ba sirelediwe ka tsela ya kgakgamatso, go na le moo, ke bone ba Satane a ba tlhaselang thata. (Jobe 1:7-12; Tshenolo 2:10) Ka gone, go fitlha nako e Modimo a e beileng e fitlha, re tshwanelwa ke go ‘itshoka mo pitlaganong’ le ‘go nnela ruri mo thapelong,’ re se na pelaelo gore Jehofa o amega ka rona. (Baroma 12:12) Ga re a tshwanela go letla gore re nne le kakanyo ya gore Jehofa Modimo wa rona ga a re rate!

Dikai Tsa Bogologolo Tsa go Itshoka

4. Umaka dikai dingwe tsa batlhanka ba ga Jehofa ba ba ikanyegang ba ba ileng ba itshokela maemo a a ngomolang pelo.

4 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba tshwanelwa ke go itshokela maemo a a ngomolang pelo. Ka sekai, Hana o ne a le “moya o bogalaka” ka gonne a ne a se na ngwana—selo se a neng a se tsaya se tshwana le gore Modimo o mo lebetse. (1 Samuele 1:9-11) Fa Elija a ne a setswe morago ke Kgosigadi Jesebele yo o neng a batla go mmolaya, o ne a tsenwa ke poifo mme a rapela Jehofa jaana: “Go lekane! Jaanong tlhe Jehofa, tsaya moya wa me, gonne ga ke botoka mo go borremogologolwane.” (1 Dikgosi 19:4) Moaposetoloi Paulo o tshwanetse a bo a ne a ngomotswe pelo thata ke bosaitekanelang jwa gagwe fa a ne a re: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna.” O ne a oketsa jaana: “A nna motho yo o tlhomolang pelo!”—Baroma 7:21-24.

5. (a) Hana, Elija le Paulo ba ile ba duelwa jang? (b) Re ka gomodiwa jang ke Lefoko la Modimo fa re lwa le maikutlo a a kgobang marapo?

5 Ke boammaaruri gore, Hana, Elija le Paulo ba ile ba itshoka mo tirelong ya ga Jehofa mme Jehofa o ile a ba segofatsa fela thata. (1 Samuele 1:20; 2:21; 1 Dikgosi 19:5-18; 2 Timotheo 4:8) Le fa go ntse jalo, ba ile ba lwa le maikutlo a a farologaneng go akaretsa a kutlobotlhoko, go kgobega marapo le a go boifa. Ka gone, ga re a tshwanela go gakgamala fa ka dinako tse dingwe re nna le maikutlo ano a a ngomolang pelo. Mme gone, ke eng se o ka se dirang fa ditlhobaelo tsa botshelo di dira gore o belaele gore a ruri Jehofa o a go rata? O ka gomodiwa ke Lefoko la Modimo. Ka sekai, mo setlhogong se se fetileng, re ile ra tlotla ka mafoko a ga Jesu a gore Jehofa o badile “meriri ya ditlhogo tsa rona.” (Mathaio 10:30) Mafoko ao a a kgothatsang a bontsha gore Jehofa o amega thata ka mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe. Gape, gopola setshwantsho sa ga Jesu sa dithaga. Fa Jehofa a tsaya tsia tota le nngwe ya dinonyane tseo tse dinnye e e welang fa fatshe, a ka itlhokomolosa jang maemo a rona?

6. Baebele e ka gomotsa jang batho ba ba lwang le maikutlo a a kgobang marapo?

6 A ruri go a kgonega gore rona batho ba ba sa itekanelang re nne botlhokwa mo matlhong a Mmopi yo o maatla otlhe, Jehofa Modimo? Ee, go a kgonega! Tota e bile, go na le ditemana di le dintsi mo Baebeleng tse di re tlhomamisetsang gore seo se a kgonega. Fa re akanya thata ka ditemana tseno, re ka bua mafoko ano a a ileng a buiwa ke mopesalema: “Fa dikakanyo tsa me tse di tlhobaetsang di ne di ntsifala mo teng ga me, dikgomotso tsa gago di ne tsa simolola go tshwara moya wa me ka tlekeetso.” (Pesalema 94:19) A re akanyetseng mangwe a mafoko ano a a gomotsang a a tswang mo Lefokong la Modimo a a tla re thusang go tlhaloganya ka botlalo gore Modimo o re tsaya re le botlhokwa le gore o tla re duela fa re nna re dira thato ya gagwe.

“Thuo e e Kgethegileng” ya ga Jehofa

7. Ke boporofeti bofe jo bo kgothatsang jo Jehofa a neng a dirisa Malaki go bo bolela ka setšhaba sa gagwe se se tletseng boikepo?

7 Go ne ga nna le maemo a a sa itumediseng mo Bajudeng mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E. Baperesiti ba ne ba amogela diphologolo tse di sa tshwanelang mme ba di ntshetsa Jehofa ditlhabelo mo sebesong. Baatlhodi ba ne ba atlhola ka go gobelela. Go ne go tletse ditiro tsa boloi, go bua maaka, tsietso le boaka. (Malaki 1:8; 2:9; 3:5) Malaki o ne a bua boporofeti jo bo gakgamatsang ka setšhaba seno se se neng se tletse ditiro tsa boikepo. Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a tla boa gape a dira gore batho ba gagwe ba amogelege. Re bala jaana: “‘Ruri ba tla nna ba me,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘ka letsatsi la fa ke tla bo ke tlhagisa thuo e e kgethegileng. Ke tla ba bontsha bopelotlhomogi, fela jaaka rre a bontsha bopelotlhomogi mo go morwawe yo a mo direlang.’”—Malaki 3:17.

8. Ke eng fa ka tsela nngwe mafoko a Malaki 3:17 a ka dirisiwa le mo boidiiding jo bogolo?

8 Boporofeti jwa ga Malaki bo na le tsela e bo diragadiwang ka yone mo motlheng wa rona mo Bakereseteng ba ba tloditsweng ka moya, ba e leng karolo ya setšhaba sa semoya sa ba ba 144-000. Ruri setšhaba seo ke “thuo e e kgethegileng” kana “setlhopha sa batho ba ba ruilweng,” ke Jehofa. (1 Petere 2:9) Boporofeti jono jwa ga Malaki bo ka kgothatsa le “boidiidi jo bogolo,” jo bo ‘emeng fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse di telele tse ditshweu.’ (Tshenolo 7:4, 9) Boidiidi jono le batlodiwa ba nna letsomane le le lengwe kafa tlase ga Modisa a le mongwe, e bong Jesu Keresete.—Johane 10:16.

9. Ke eng fa Jehofa a tsaya batho ba gagwe e le “thuo e e kgethegileng”?

9 Jehofa o leba jang batho ba ba tlhophang go mo direla? Jaaka go boletswe mo go Malaki 3:17, o ba leba ka tsela e rre yo o lorato a lebang morwa wa gagwe ka yone. Mme ela tlhoko tsela e e lorato e a tlhalosang batho ba gagwe ka yone—a re ke “thuo e e kgethegileng.” Dithanolo tse dingwe di ranola mafoko ao di re “ba e leng ba me,” “thoto ya me e e tlhwatlhwakgolo” le “mabenyane a me.” Ke eng fa Jehofa a tsaya batho ba ba mo direlang ba le botlhokwa jalo? Lengwe la mabaka ke la go bo e le Modimo yo o anaanelang. (Bahebera 6:10) O atamalana le batho ba ba mo direlang go tswa pelong e bile o ba tsaya ba le botlhokwa thata.

10. Jehofa o sireletsa batho ba gagwe jang?

10 A o na le sengwe se o se tsayang e le thuo ya gago e e kgethegileng? A ga o leke ka bojotlhe go se sireletsa? Jehofa le ene o dira jalo ka ‘thuo ya gagwe e e kgethegileng.’ Ke boammaaruri gore ga a sireletse batho ba gagwe mo ditekong tsa botshelo le mo masetlapelong otlhe. (Moreri 9:11) Le fa go ntse jalo, a ka kgona go sireletsa batlhanka ba gagwe semoyeng e bile o tla dira jalo. O ba naya nonofo e ba e tlhokang gore ba itshokele teko nngwe le nngwe. (1 Bakorintha 10:13) Ka gone, Moshe o ile a raya setšhaba sa Modimo sa bogologolo sa Iseraele a re: “Lo nne pelokgale lo nonofe. . . . Jehofa Modimo wa gago ke ene a gwantang le wena. Ga a kitla a go latlha le fa e le go go tlogela gotlhelele.” (Duteronome 31:6) Jehofa o dirisana le batho ba gagwe ka tsela e e molemo. O ba tsaya e le ‘thuo ya gagwe e e kgethegileng.’

Jehofa ke “Moduedi”

11, 12. Go anaanela ga rona seabe sa ga Jehofa sa go nna Moduedi wa rona go ka re thusa jang go fenya maikutlo a go belaela?

11 Bosupi jo bongwe gape jo bo bontshang gore Jehofa o tsaya batlhanka ba gagwe ba le botlhokwa ke jwa gore o a ba duela. O ile a raya Baiseraele a re: “‘Ntekang, tsweetswee, ka ga seno,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘gore a ga nkitla ke lo bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo ke bo ke lo tshololela lesego go fitlha lo sa tlhole lo tlhoka sepe.’” (Malaki 3:10) Ke boammaaruri gore, kgabagare Jehofa o tla duela batlhanka ba gagwe ka botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 5:24; Tshenolo 21:4) Tuelo eno e e seng kana ka sepe e bontsha bogolo jwa lorato lwa ga Jehofa le bopelotshweu jwa gagwe. Gape e bontsha gore ruri o tsaya batho ba ba tlhophang go mo direla ba le botlhokwa. Go ithuta go leba Jehofa e le Moduedi yo o pelotshweu go ka re thusa go fenya dipelaelo dipe tse re ka nnang le tsone malebana le kamano ya rona le Modimo. Tota e bile, Jehofa o re kgothaletsa go mo tsaya e le Moduedi wa rona! Paulo o ile a kwala jaana: “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

12 Ke boammaaruri gore re direla Jehofa ka gonne re mo rata—e seng fela ka gonne a re solofetsa gore o tla re duela. Le fa go ntse jalo, ga go phoso e bile ga se bogagapa fa re nna re akanya ka tsholofelo eno ya gore o tla re duela. (Bakolosa 3:23, 24) Jehofa e nna ene yo o tsayang kgato pele e bile o duela batho ba ba mmatlang ka tlhoafalo ka gonne a ba rata le ka go bo a ba tsaya ba le botlhokwa thata.

13. Ke eng fa thekololo e Jehofa a re diretseng yone e le bosupi jo bogolo jwa gore o a re rata?

13 Selo se segolo se se bontshang kafa Jehofa a tsayang batho ba le botlhokwa ka teng ke thekololo e a ba diretseng yone. Moaposetoloi Johane o ile a kwala jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete se Jehofa a ileng a re ntshetsa sone ga se dumalane le kgang ya gore Jehofa ga a re tseye re le botlhokwa kana gore ga a re rate. Ee ruri, fa Jehofa a ile a re duelela tlhwatlhwa e kgolo jaana—a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi go nna setlhabelo—ruri o tshwanetse a bo a re rata thata.

14. Ke eng se se bontshang kafa Paulo a neng a leba thekololo ka teng?

14 Ka gone, fa go direga gore o nne le maikutlo a go inyatsa, tlhatlhanya ka thekololo. Ee, leba mpho eno e le mpho e Jehofa a go e abetseng ka namana. Ke sone se moaposetoloi Paulo a ileng a se dira. Gopola gore o ile a re: “A nna motho yo o tlhomolang pelo!” Mme go tswa foo a bo a oketsa ka go re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona,” yo o “o nthatileng a ba a ineela ka ntlha ya me.” (Baroma 7:24, 25; Bagalatia 2:20) Paulo o ne a sa itseele kwa godimo fa a ne a bua mafoko ano. O ne a bontsha fela gore o dumela a sa belaele gore Jehofa o mo tsaya a le botlhokwa. Jaaka Paulo, le wena o tshwanetse wa ithuta go tsaya thekololo e le mpho e Modimo a go abetseng yone ka namana. Jehofa ga se Mmoloki fela yo o maatla, mme gape ke Moduedi yo o lorato.

Ela Tlhoko ‘Maano a Boferefere’ a ga Satane

15-17. (a) Diabolo o dirisa jang maikutlo a a sa siamang go re kgoba marapo? (b) Re ka kgothadiwa jang ke se se neng sa diragalela Jobe?

15 Mme gone, o ka nna wa fitlhela go le thata go dumela gore kgothatso e e tlhotlheleditsweng e e mo Lefokong la Modimo le wena e a go ama. O ka nna wa akanya gore tuelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha la Modimo ke selo se batho ba bangwe ba ka se bonang mme wena ga e go tshwanele. Fa o ikutlwa jalo, ke eng se o ka se dirang?

16 Ga go pelaelo gore o tlwaelane le kgakololo eno e Paulo a neng a e naya Baefeso: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.” (Baefeso 6:11) Fa re akanya ka mekgwa ya ga Satane ya go tsietsa, se se tlang ka bonako mo megopolong ya rona ke dilo tse di jaaka, go rata dikhumo le boitshwaro jo bo maswe mme go a utlwala go bo re ka akanya ka tsone. Dilo tseno di ile tsa raela batho ba le bantsi ba Modimo ba bogologolo le ba motlha wa rona. Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go tlhaetsa matlho leano le lengwe gape le le boferefere la ga Satane—maiteko a gagwe a go dira gore batho ba akanye gore Jehofa Modimo ga a ba rate.

17 Diabolo ke setswerere mo go diriseng maikutlo a a ntseng jalo go dira gore batho ba tlhanogele Modimo. Gopola mafoko a Biledade a neng a a raya Jobe: “Motho yo o nang le go swa a ka nna yo o se nang molato jang fa pele ga Modimo, kgotsa motho yo o tsetsweng ke mosadi a ka nna phepa jang? Bona! Go na le ngwedi, mme ga e phatsime; le dinaledi ka botsone ga di phepa mo matlhong a gagwe. Go tweng he ka motho yo o nang le go swa, yo e leng seboko, le morwa motho, yo e leng seboko!” (Jobe 25:4-6; Johane 8:44) Mafoko ano a tshwanetse a bo a ile a kgoba Jobe marapo tota. Ka jalo o se ka wa letla Satane a go kgoba marapo. Kafa letlhakoreng le lengwe, ela tlhoko maano a ga Satane e le gore o nne le bopelokgale le maatla a go lwa ka natla go dira se se siameng. (2 Bakorintha 2:11) Le mororo Jehofa a ile a tshwanelwa ke go kgalema Jobe, o ile a mo duelela boitshoko jwa gagwe ka go mmusetsa sotlhe se se neng se mo latlhegetse go menagane gabedi.—Jobe 42:10.

Jehofa “o Mogolo go Feta Dipelo Tsa Rona”

18, 19. Modimo “o mogolo go feta dipelo tsa rona” ka tsela efe, mme o itse “dilo tsotlhe” ka tsela efe?

18 Ke boammaaruri gore, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go fenya maikutlo a go kgobega marapo fa a setse a nweleletse kwa teng. Le fa go ntse jalo, moya wa ga Jehofa o ka go thusa kgato ka kgato go fenya ‘dilo tse di nweleletseng kwa teng thata . . . tse di goleditsweng kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.’ (2 Bakorintha 10:4, 5) Fa o ikutlwa o fekeediwa ke maikutlo a a kgobang marapo, akanya ka mafoko ano a ga moaposetoloi Johane: “Re tla itse ka seno gore re tswa mo boammaaruring, mme re tla tlhomamisetsa dipelo tsa rona fa pele ga gagwe ka ga selo le fa e le sefe se dipelo tsa rona di ka re bonang molato mo go sone, ka gonne Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona e bile o itse dilo tsotlhe.”—1 Johane 3:19, 20.

19 Mafoko a a reng “Modimo o mogolo go feta dipelo tsa rona” a kaya eng? Ka dinako tse dingwe, pelo ya rona e ka re nyatsa, segolobogolo fa re lemoga bosaitekanelang le makoa a rona. Kana e ka nna ya bo e le gore ka ntlha ya tsela e re godileng ka yone re na le go inyatsa ka tsela e e feteletseng, jaaka e kete ga go sepe se re se dirang se Jehofa a ka se amogelang. Mafoko a ga moaposetoloi Johane a re tlhomamisetsa gore Jehofa o mogolo go feta seo! O kgona go bona ka kwa ga diphoso tsa rona e bile o kgona go lemoga le bokgoni jo re ka tswang re na le jone. Gape o itse maitlhomo le maikaelelo a rona. Dafide o ile a kwala jaana: “O itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) Ee, Jehofa o re itse botoka go feta kafa re ikitseng ka teng!

“Serwalo sa Bontle” le “Sethathelela Tlhogo sa Segosi”

20. Boporofeti jwa ga Isaia jo bo malebana le go tsosolosiwa ga naga ya Iseraele bo senola eng ka tsela e Jehofa a lebang batlhanka ba gagwe ka yone?

20 Jehofa o ne a dirisa moporofeti Isaia go naya batho ba gagwe ba bogologolo tsholofelo ya gore naga ya bone e ne e tla tsosolosiwa. Fa batho bano ba ba neng ba kgobegile marapo ba le kwa botshwarong kwa Babelona, ba ne ba tla tlhoka kgomotso le kgothatso eo! Jehofa o ne a bua jaana fa a ne a leba pele kwa nakong ya fa ba tla bo ba boetse kwa nagagaeng ya bone: “O tla nna serwalo sa bontle mo seatleng sa ga Jehofa, le sethathelela tlhogo sa segosi mo seatleng sa Modimo wa gago.” (Isaia 62:3) Ka mafoko ano, Jehofa o ne a tlotla batho ba gagwe le go ba naya seriti. O dirile jalo le ka setšhaba sa gagwe sa Iseraele wa semoya gompieno. Go ntse jaaka e kete o ba goleditse kwa godimo gore batho botlhe ba eletse maemo a bone.

21. O ka dira jang gore o tlhomamisege gore Jehofa o tla go duelela go itshoka ga gago ka boikanyegi?

21 Le fa boporofeti jono bo diragadiwa segolobogolo mo batlodiweng, bo bontsha tsela e e nang le seriti e Jehofa a tshwarang batho botlhe ba ba mo direlang ka yone. Ka gone, fa o na le maikutlo a go belaela, se lebale gore le fa o sa itekanela, Jehofa o go tsaya o le botlhokwa fela jaaka “serwalo sa bontle” le “sethathelela tlhogo sa segosi.” Ka jalo, tswelela pele o itumedisa pelo ya gagwe ka go dira thato ya gagwe ka tlhoafalo. (Diane 27:11) Ka go dira jalo, o ka tlhomamisega gore Jehofa o tla go duelela go itshoka ga gago ka boikanyegi!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 1 Maina mangwe a fetotswe.

A o A Gakologelwa?

• Re “thuo e e kgethegileng” jang mo go Jehofa?

• Ke eng fa go le botlhokwa go leba Jehofa e le Moduedi wa rona?

• Ke ‘maano afe a boferefere’ a ga Satane a re tshwanetseng go a ela tlhoko?

• Modimo “o mogolo go feta dipelo tsa rona” ka tsela efe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Paulo

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Elija

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Hana

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Lefoko la Modimo le na le mafoko a mantsi a a kgothatsang