Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Badile “Meriri ya Ditlhogo Tsa Lona”

Jehofa o Badile “Meriri ya Ditlhogo Tsa Lona”

Jehofa o Badile “Meriri ya Ditlhogo Tsa Lona”

“Ga go le fa e le nngwe ya [dithaga] e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe.”—MATHAIO 10:29, 30.

1, 2. (a) Ke eng fa Jobe a ne a akanya gore Modimo o mo latlhile? (b) A mafoko a ga Jobe a ne a kaya gore o ne a tlhanogetse Jehofa? Tlhalosa.

“KE GOELA kwa go wena, Modimo, mme ga o nkarabe; fa ke rapela, ga o ntshekegele tsebe. O ntshwara ka tsela e e setlhogo; o mpogisa ka maatla otlhe a gago.” Monna yo o neng a bua mafoko ano o ne a le mo kutlobotlhokong e kgolo, mme ga go gakgamatse go bo a ne a le mo kutlobotlhokong e e kalo! O ne a latlhegetswe ke sotlhe se a nang naso, kotsi e e setlhogo e ne e bolaile bana ba gagwe, mme jaanong o ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo mo koafatsang. Leina la monna yoo e ne e le Jobe, mme masetlapelo a gagwe a kwadilwe mo Baebeleng gore a re solegele molemo.—Jobe 30:20, 21, Today’s English Version.

2 Mafoko ano a ga Jobe a ka dira gore go bonale e kete o ne a tlhanogetse Modimo, mme go ne go sa nna jalo. Jobe o ne a tlhalosa fela kutlobotlhoko e kgolo e a neng a le mo go yone. (Jobe 6:2, 3) O ne a sa itse gore ke Satane yo o neng a mo tsentse mo mahutsaneng ao, ka jalo o ne a tlelwa ke kakanyo e e phoso ya gore Modimo o ne a mo latlhile. Nako nngwe, Jobe o ile a bo a raya Jehofa a re: “Ke ka ntlha yang fa o fitlha sefatlhego sa gago o bo o ntsaya jaaka mmaba wa gago?” *Jobe 13:24.

3. Fa re boga, re ka tlelwa ke kakanyo efe?

3 Le gompieno, batho ba ga Jehofa ba le bantsi ba lebana le mathata a a sa feleng ka ntlha ya dintwa, dikhuduego tsa sepolotiki kana dintwa tsa semorafe, masetlapelo a tlholego, botsofe, bolwetse, khumanego le go thibelwa ke dipuso. Go ka direga gore go na le mathata mangwe a le wena o lebaneng le one. Ka dinako dingwe, o ka nna le kakanyo ya gore Jehofa o go fularetse. O itse mafoko ano a Johane 3:16 sentle: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi.” Le fa go ntse jalo, fa o boga mme go sa bonale o ka imologa, o ka nna wa ipotsa wa re: ‘A ruriruri Modimo o a nthata? A o bona go bogisega ga me? A o a amega ka nna?’

4. Ke bothata bofe jo bo sa kgaotseng jo Paulo a ileng a tshwanelwa ke go bo itshokela, mme seo se ka re ama ka ditsela dife?

4 Akanya ka se se neng sa diragalela moaposetoloi Paulo. O ne a kwala jaana: “Ke ne ka tsenngwa mutlwa mo nameng, moengele wa ga Satane, gore a nne a mphantse.” O ne a oketsa ka go re: “Ke ne ka rapela Morena gararo ka seno gore o tloge fa go nna.” Jehofa o ne a utlwa dikopo tsa ga Paulo. Le fa go ntse jalo, o ne a mmontsha gore o ne a se kitla a rarabolola bothata joo ka tsela ya kgakgamatso. Go na le moo, Paulo o ne a tla tshwanelwa ke go ikaega ka maatla a Modimo gore a mo thuse go itshokela “mutlwa mo nameng.” * (2 Bakorintha 12:7-9) Jaaka Paulo, le wena o ka tswa o na le bothata bongwe jo bo sa kgaotseng. Gongwe o ipotsa go re, ‘A kgang ya go bo go bonala Jehofa a sa dire sepe ka bothata jwa me e kaya gore ga a bone maemo a ke leng mo go one kana gore ga a nkgathalele?’ Ga go a nna jalo le e seng! Kgang ya gore Jehofa o amega thata ka mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe e gatelelwa ke se Jesu a neng a se bolelela baaposetoloi ba gagwe ka bonakonyana fela fa a sena go ba tlhopha. Mma re bone kafa mafoko a gagwe a ka re kgothatsang ka teng gompieno.

“Se Boifeng”—Ka Ntlha Yang?

5, 6. (a) Jesu o ne a thusa baaposetoloi jang gore ba se ka ba boifa dilo tse di neng di tlile go ba diragalela? (b) Paulo o ile a bontsha jang gore o tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla mo tlhokomela?

5 Jesu o ne a abela baaposetoloi maatla a a sa tlwaelegang, go akaretsa le “taolo godimo ga meya e e seng phepa, gore ba e leleke le gore ba alafe bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.” Le fa go ntse jalo, seno se ne se sa bolele gore ba ne ba se kitla ba lebana le diteko le mathata. Go na le moo, Jesu o ne a tlhalosa ka botlalo dilo dingwe tse di neng di tla ba diragalela. Le fa go ntse jalo, o ne a ba kgothatsa jaana: “Lo se ka lwa boifa ba ba bolayang mmele mme ba sa ka ke ba bolaya moya; mme go na le moo boifang yo o ka senyang moya le mmele mo Gehena.”—Mathaio 10:1, 16-22, 28.

6 Go tswa foo Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ditshwantsho tse pedi go ba thusa go tlhaloganya lebaka la go bo ba ne ba sa tshwanela go boifa. O ne a ba raya a re: “A dithaga tse pedi ga di rekisiwe ka ledi la tshipi la tlhwatlhwa e e kwa tlase? Le fa go ntse jalo ga go le fa e le nngwe ya tsone e e tla welang fa fatshe kwantle ga kitso ya ga Rraalona. Mme meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe. Jalo se boifeng: lo botlhokwa go feta dithaga tse dintsi.” (Mathaio 10:29-31) Ela tlhoko gore Jesu o ne a amanya go se boife fa re lebane le mathata le go ikanya Jehofa gore o tla re tlhokomela. Go bonala moaposetoloi Paulo a ne a ikanya Jehofa ka tsela e e ntseng jalo. O ile a kwala jaana: “Fa e le gore Modimo o kafa go rona, ke mang yo o tla nnang kgatlhanong le rona? Yo o neng a se ka a dibela le Morwawe mme a mo neela ka ntlha ya rona rotlhe, ke ka ntlha yang gape fa ka bopelonomi a ka se ka a re naya dilo tsotlhe mmogo le ene?” (Baroma 8:31, 32) Le fa o ka lebana le mathata a a ntseng jang, le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o amega ka wena, fa fela o tswelela o ikanyega mo go ene. Seno se tla bonala le e leng go feta fa re sekaseka ka kelotlhoko kgakolo e Jesu a neng a e naya baaposetoloi ba gagwe.

Tlhwatlhwa ya Thaga

7, 8. (a) Dithaga di ne di tsewa jang mo motlheng wa ga Jesu? (b) Go bonala lebaka e le lefe la go bo Mathaio 10:29 e dirisa lefoko la Segerika le le kayang “thaga” e nnye?

7 Ditshwantsho tsa ga Jesu di bontsha sentle tsela e Jehofa a amegang ka batlhanka ba gagwe ka yone. Akanya pele ka kgang ya dithaga. Mo motlheng wa ga Jesu, dithaga di ne di jewa, le fa go ntse jalo, e re ka di ne di senya dijalo, di ne di tsewa di le letshwenyo. Dithaga di ne di le dintsi thata e bile di le tlhwatlhwatlase mo le tse pedi tota di neng di ka rekwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ga disente di le 30 go ya ka madi a gompieno. Tlhwatlhwa e e kalo gabedi e ne e ka reka dithaga di le tlhano e seng tse nnè—motho a newa eno ya botlhano mahala jaaka e kete ga e botlhokwa!—Luke 12:6.

8 Akanya le ka bogolo jwa nonyane eno e e tletsetletseng. Fa o e bapisa le dinonyane tse dingwe tse dintsi, tota le thaga e e setseng e godile e nnye thata. Le fa go ntse jalo, lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re “thaga” mo go Mathaio 10:29 le bua segolobogolo ka thaga e nnye. Go bonala Jesu a ne a batla gore baaposetoloi ba gagwe ba akanye ka nonyane e nnye go gaisa le e e tsewang e se botlhokwa.

9. Ke ntlha efe ya botlhokwa e Jesu a e gatelelang ka setshwantsho sa dithaga?

9 Setshwantso sa ga Jesu se se buang ka dithaga se gatelela ntlha ya botlhokwa: Dilo tse batho ba di tsayang di se botlhokwa Jehofa Modimo ene o di tsaya di le botlhokwa. Jesu o ne a gatelela boammaaruri jwa seno go ya pele ka go oketsa ka go re thaga e nnye e ne e ka se ‘wele fa fatshe’ mme Jehofa a bo a sa e tseye tsia. * Thuto eno e utlwala sentle e le tota. Fa Jehofa Modimo a kgona go tsaya tsia nonyane eo e nnye le e e tsewang e se botlhokwa, a ga a kitla a amega le e leng go feta ka mathata a batlhanka ba gagwe?

10. Mafoko a a reng: “Meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe” a kaya eng?

10 Mo godimo ga setshwantsho se se buang ka dithaga, Jesu o ile a re: “Meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe.” (Mathaio 10:30) Mafoko ano a makhutshwane mme e le a botlhokwa a gatelela kgang ya setshwantsho sa ga Jesu se se buang ka dithaga. Akanya ka ntlha eno e e latelang: Tlhogo ya motho e na le dithiri di ka nna 100 000. Gantsi thiri e le nngwe e bonala e tshwana fela le tse dingwe e bile ga e bonale e tshwanelwa ke go tsewa tsia go le kalo. Le fa go ntse jalo, Jehofa Modimo o tsaya thiri nngwe le nngwe tsia e bile o a e bala. Fa o akanya ka seno, a o ka re go na le sengwe ka botshelo jwa rona se Jehofa a sa se itseng? Ga go pelaelo gore Jehofa o itse popego ya mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe. Ee ruri, “o bona se pelo e leng sone.”—1 Samuele 16:7.

11. Dafide o ne a bontsha jang gore o tlhatswegile pelo gore Jehofa o amega ka ene ka namana?

11 Dafide yo o neng a lebana le mathata a le mantsi o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla mo tsaya tsia. O ne a kwala jaana: “Wena Jehofa, o ntlhatlhobile, mme o a nkitse. O itse go nna ga me le go ema ga me. O akanyeditse kakanyo ya me go tswa kgakala.” (Pesalema 139:1, 2) Le wena o ka tlhomamisega gore Jehofa o go itse sentle. (Jeremia 17:10) O se ka wa nna bonako go akanya gore ga o botlhokwa mo go Jehofa yo o bonang gotlhe, gore a ka se ka a go tsaya tsia!

“O Tsenye Dikeledi Tsa me mo Modutwaneng wa Gago”

12. Re itse jang gore Jehofa o bona mahutsana a batho ba gagwe ba leng mo go one?

12 Ga se fela gore Jehofa o itse mongwe le mongwe wa batlhanka ba gagwe mme gape o bona matshwenyego a mongwe le mongwe wa bone a leng mo go one. Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba gateletswe e le makgoba, Jehofa o ne a raya Moshe a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekesodo 3:7) A bo go kgothatsa jang ne go itse gore fa re itshokela teko nngwe, Jehofa o a re bona mme o utlwa dilelo tsa rona! Ruri ga a itlhokomolose go boga ga rona.

13. Ke eng se se bontshang gore eleruri Jehofa o amega ka batlhanka ba gagwe?

13 Tsela e Jehofa a tlhokomelang batho ba ba nang le kamano le ene ka yone e bonala le mo tseleng e a neng a ikutlwa ka yone ka Baiseraele. Le mororo gantsi go boga ga bone go ne go bakwa ke go nna tlhogo e thata ga bone, Isaia o ile a kwala jaana a bua ka Jehofa: “Mo matshwenyegong otlhe a bone, go ne go mo tshwenya thata.” (Isaia 63:9) E re ka o le motlhanka wa ga Jehofa yo o ikanyegang, o ka tlhomamisega gore fa o le mo kutlobotlhokong, Jehofa le ene o utlwa botlhoko. A seo ga se go tlhotlheletse gore o lebane le mathata ka bopelokgale le gore o tswelele pele o mo direla ka bojotlhe jwa gago?—1 Petere 5:6, 7.

14. Go ne go diragala eng fa Pesalema 56 e ne e tlhamiwa?

14 Tsela e Kgosi Dafide a neng a tlhatswegile pelo ka yone gore Jehofa o amega ka ene le gore o mo utlwela botlhoko e bonala sentle mo go Pesalema 56, e Dafide a ileng a e tlhama fa a ntse a sia a tshaba Kgosi Saulo yo o neng a batla go mmolaya. Dafide o ile a tshabela kwa Gathe, mme le teng o ne a boifa gore fa Bafilisitia ba ka mo lemoga, ba ne ba tla mo tlhasela. O ne a kwala jaana: “Baba ba me ba nna ba mpharumela letsatsi lotlhe, gonne go na le ba bantsi ba ba lwang le nna ka go itseela kwa godimo.” Dafide o ne a kopa thuso mo go Jehofa ka ntlha ya boemo jo bo kotsi jo a neng a le mo go jone. O ne a re: “Letsatsi lotlhe ba nna ba utlwisa merero ya me botlhoko; dikakanyo tsa bone tsotlhe di kgatlhanong le nna gore ba ntirele bosula.”—Pesalema 56:2, 5.

15. (a) Dafide o ne a kaya eng fa a ne a kopa Jehofa gore a tsenye dikeledi tsa gagwe mo modutwaneng kana gore a di kwale mo bukeng? (b) Re ka tlhomamisega ka eng fa re lebane le maemo a a re gwetlhang tumelo?

15 Go tswa foo jaaka fa Pesalema 56:8 e bontsha, Dafide o bua mafoko ano a a kgatlhang: “O begile go nna mofaladi ga me. A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago. A ga di mo bukeng ya gago?” A mafoko a a amang pelo jang ne a a tlhalosang tlhokomelo e e lorato ya ga Jehofa! Fa re ngomogile pelo re ka lelela kwa go Jehofa. Tota le Jesu yo o itekanetseng o ne a lela. (Bahebera 5:7) Dafide o ne a tlhatswegile pelo gore Jehofa o ne a mo etse tlhoko le gore o ne a tla gopola mahutsana a gagwe jaaka e kete o tsenya dikeledi tsa gagwe mo modutwaneng kgotsa o di kwala mo bukeng. * O ka tswa o akanya gore dikeledi tsa gago di tla tlatsa modutwana oo kana gore di tla tlatsa buka e e ntseng jalo. Fa e le gore o ikutlwa jalo, o ka gomotsega. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; mme o boloka ba ba moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

Go Nna Tsala e Kgolo ya Modimo

16, 17. (a) Re itse jang gore Jehofa ga a itlhokomolose mathata a batho ba gagwe ba lebanang le one? (b) Jehofa o dirile eng gore batho ba nne le botsala le ene?

16 Kgang ya gore Jehofa o badile ‘meriri ya ditlhogo tsa rona’ e bontsha fela kafa Modimo yono yo re nang le tshiamelo ya go mo obamela a leng kelotlhoko le go nna lorato ka teng. Le fa re tla tshwanelwa ke go leta go fitlha lefatshe le lesha le re le solofeditsweng le goroga le go tla bong go sa tlhole go na le botlhoko le pogo mo go lone, Jehofa o direla batho ba gagwe sengwe se se molemo gone jaanong. Dafide o ile a kwala jaana: “Go atamalana thata le Jehofa ke ga ba ba mmoifang, le kgolagano ya gagwe, gore a ba dire gore ba e itse.”—Pesalema 25:14.

17 Go ka bonala go sa kgonege gore rona batho ba ba sa itekanelang re ka “atamalana thata le Jehofa.” Le fa go ntse jalo, Jehofa o laletsa batho ba ba mmoifang go nna balalediwa mo mogopeng wa gagwe. (Pesalema 15:1-5) Mme ke eng se Jehofa a se direlang balalediwa ba gagwe? Go ya ka mafoko a ga Dafide, o ba thusa go itse kgolagano ya gagwe. Jehofa o ba bulela mafatlha, o senolela baporofeti “sephiri sa gagwe” gore ba itse maikaelelo a gagwe le se ba tshwanetseng go se dira gore ba tshele go ya ka maikaelelo ao.—Amose 3:7.

18. Re itse jang gore Jehofa o batla gore re nne le kamano ya botsala le ene?

18 Ruri go itumedisa tota go itse gore rona batho ba ba sa itekanelang re ka nna ditsala tse dikgolo tsa Mogodimodimo, Jehofa Modimo. Tota e bile o re kopa gore re nne ditsala tsa gagwe. Baebele ya re: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Jehofa o batla gore re atamalane thata le ene. Mme e bile o setse a tsere kgato ya go dira gore re atamalane jalo le ene. Setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se re buletse tshono ya go nna ditsala tsa Modimo yo o Maatla otlhe. Baebele ya re: “Mme rona, re a rata, ka gonne a re ratile pele.”—1 Johane 4:19.

19. Boitshoko bo ka nonotsha jang kamano ya rona le Jehofa?

19 Kamano eo ya botsala e nonotshiwa ke fa re itshokela maemo a a thata. Morutwa Jakobe o ile a kwala jaana: “Letlang boitshoko bo feleletse tiro ya jone, gore lo felele lo bo lo itekanele sentle ka ditsela tsotlhe, lo sa tlhaele mo go sepe.” (Jakobe 1:4) Go itshokela mathata go ka fitlhelela “tiro” efe? Gopola bothata jwa ga Paulo jo a neng a bo bitsa gore ke “mutlwa mo nameng.” Boitshoko bo ne jwa mo thusa jang? Paulo o ile a bua jaana ka diteko tsa gagwe: “Jalo, ke ka mpa ka ipelafatsa ka makoa a me ka go itumela thata, gore maatla a ga Keresete a tle a nnele ruri mo go nna jaaka mogope. Jalo ke itumedisiwa ke makoa, ke ditlhapatso, ke go tlhoka, ke dipogiso le mathata, ka ntlha ya ga Keresete. Gonne fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.” (2 Bakorintha 12:9, 10) Paulo o ne a itse gore fa go tlhokega, Jehofa o ne a tla mo naya maatla a o a tlhokang—“maatla a a fetang a a tlwaelegileng”—gore a kgone go itshoka. Seno se ne sa dira gore a atamalane thata le Keresete le Jehofa Modimo.—2 Bakorintha 4:7; Bafilipi 4:11-13.

20. Re ka tlhomamisega jang gore Jehofa o tla re ema nokeng le go re gomotsa fa re lebana le mathata?

20 Gongwe Jehofa o letlile diteko tsa gago gore di tswelele a sa di kgaotse. Fa go le jalo, se lebale tsholofetso eno e a e nayang ba ba mmoifang: “Ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” (Bahebera 13:5) Le wena a ka go ema nokeng le go go gomotsa jalo. Jehofa o ‘badile meriri ya tlhogo ya gago.’ O bona boitshoko jwa gago. O utlwa botlhoko jo o bo utlwang. Ruri o a amega ka wena. Mme le ka motlha ga a na go ‘lebala tiro ya gago le lorato lo o lo bontshitseng leina la gagwe.’—Bahebera 6:10.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 2 Dafide yo o molemo le barwa ba ba ikanyegang ba ga Kora le bone ba ne ba bua mafoko a a tshwanang le ano.—Pesalema 10:1; 44:24.

^ ser. 4 Baebele ga e tlhalose gore tota “mutlwa mo nameng” o Paulo a neng a na le one e ne e le eng. E ka nna ya bo e ne e le bokoa bongwe jwa mmele jo bo jaaka go se bone sentle. Kgotsa mafoko a a reng “mutlwa mo nameng” a ka tswa a kaya baaposetoloi ba maaka le batho ba bangwe ba ba neng ba ganetsa tiro ya boaposetoloi ya ga Paulo le bodiredi jwa gagwe.—2 Bakorintha 11:6, 13-15; Bagalatia 4:15; 6:11.

^ ser. 9 Bakanoki bangwe ba bolela gore fa go buiwa ka thaga e e welang fa fatshe seo se ka tswa se sa kaye fela go swa ga yone. Ba bolela gore mafoko a Segerika sa ntlhantlha a ka tswa a kaya go kotama ga nonyane eo fa fatshe e batla dijo. Fa e le gore go ntse jalo, seo se ne se tla bolela gore Modimo o tsaya tsia nonyane eo e bile o e tlhokomela mo ditirong tsa yone tsa letsatsi le letsatsi, e seng fela fa e swa.—Mathaio 6:26.

^ ser. 15 Mo metlheng ya bogologolo, medutwana e ne e dirwa ka matlalo a a sugilweng a dinku, dipodi le dikgomo. Medutwana eo e ne e dirisediwa go tsenya mashi, botoro, tšhisi le metsi. Medutwana e e neng e dirilwe ka letlalo le le sugilweng thata yone go ne go tshelwa oli kana beine mo go yone.

A o A Gakologelwa?

• Ke dilo dife tse di ka dirang gore motho a akanye gore Modimo o mo latlhile?

• Re ithuta thuto efe mo setshwantshong sa ga Jesu sa dithaga le sa gore meriri ya ditlhogo tsa rona e badilwe?

• Go tsenya dikeledi tsa rona mo “modutwaneng” wa ga Jehofa le mo “bukeng” ya gagwe go bolela eng?

• Re ka kgona jang go “atamalana thata le Jehofa”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ke eng fa Jehofa a ile a se ka a ntsha “mutlwa mo nameng” ya ga Paulo?

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Re ka ithuta eng mo setshwantshong sa ga Jesu sa dithaga?

[Motswedi wa Setshwantsho]

© J. Heidecker/VIREO

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Go bala Baebele ka metlha go ka re thusa go tlhomamisega gore Modimo o amega ka rona